Go Atamelana Le Modimo Go Ile ga Nthusa Go Emelana Le Mathata A Me
KE NE ke sena sepe le bodumedi. Ke ne ke bona boitimokanyi mo madumeding otlhe a a teng. Ke ne ke sa bone a solegela batho molemo ka tsela epe, fa ese go ba dira gore ba ile ba bangwe fela. Nako eo e ne e le mo bofelong jwa bo1960. Go ne go bolailwe tautona ya U.S., mme diketekete di ne di swa mo ntweng ya Vietnam. Lefatshe le ne le le madubedube. Mme botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakane. Tota go ne go ka nna jang le Modimo o o nkgatlhegelang kana o o kgatlhegelang setho?
Ke ne ke na le dingwaga di le 27, ke nyetswe ke na le bana ba bannye ba le babedi, mme ke bereka nako e e tletseng mo lefelong la batho ba ba tsenwang fa moagisani mongwe wa me a simolola go bua le nna ka Bibela. Se se gakgamatsang, ke ne ka iphitlhela ke reeditse. O ne a bua ka se a neng a se bitsa metlha ya bofelo. O ne a utlwala a farologane, mme ke ne ke batla dikarabo. O ne a ntlogelela buka ya setlhogo se se reng Boamarure jo bo Isang Boshelong Jo Bosakhutleng. Ke ne ka e bala mo bosigong bo le bongwefela, ka lebelela dikwalo tsotlhe, mme ka ipotsa gore, ‘A ga se gore tota ke bone boammaaruri?’
Mme fa e le gore go ne go ntse jalo, go ne ga tsosa mathata. Ke ne ke le Mojuta, ke nyetswe ke Mojuta ke na le bana ba babedi, ke na le losika lwa Bajuta. Ke ne ke itse gore ba tla kgopega fa ke ne ke ka nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa batle go utlwisa lelapa la gaetsho botlhoko go sa tlhokafale; Ke ne ke tshwanelwa ke go tlhomamisa tota. Ke ne ka simolola go bala dikgatiso tse di buang ka Bibela ka tlhoafalo. Morago ga beke fela ke fa ke setse ke tlhatswegile pelo gore seno ke boammaaruri. Go ithuta boammaaruri e ne e le selo se ke neng ke tshwanela go se dira. Ka jalo ke ne ka simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Mo dibekeng di sekaenyana fela ke fa ke setse ke rerela mongwe le mongwe. Ke ne ka itumedisiwa ke go ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa, le gore o a nkgatlhegela le setho sotlhe, le gore botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise bo ka kgonega. Ke ne ka kolobediwa ka June 12, 1970.
Fela jaaka ke ile ka belaela, balelapa la me le bomatsale ba ne ba kgopega thata, mme ebile bangwe ba bone ba bile ba ikgaola mo go nna. Monna wa me o ne a ithuta a lesa ka dingwaga di le dintsi mme lefa go le jalo ga a ka a tswa modumedi. Lefa go le jalo, bana ba me bone ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa. Go tswa fela kwa tshimologong ke ne ke batla go nna moreri wa nako e e tletseng, ke rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka ntlo le ntlo. Mme le fa go le jalo ke ne ke na le lelapa le le oketsegang le monna yo o sa dumeleng. Lefa ke ne ke bereka nako e e tletseng, re ne ra latlhegelwa ke magae gabedi, mme ka makgetlho a le mantsi re ne re sena fa re ka latsang tlhogo teng. Botshelo bo ne bo le bokete.
Nako nngwe ntlo ya rona e kile ya gapiwa. Re ne re tshwanelwa ke gore re bo re dule mo ntlong eo ka motshegare wa sethoboloko ka Sontaga, mme re ne re sena kwa re ka yang teng. Ke ne ka dira sengwe le sengwe se ke neng ke ka se kgona, mme kgabagare mo mosong wa Matlhatso, letsatsi pele ga la bofelo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke dire se Jesu a ileng a se bua mo go Mathaio 6:33—go batla pele Bogosi me ke bo ke emela gore Jehofa a rulaganye ka tse ke neng ke di tlhoka. Ke ne ka ya bodiheding jwa phatlalatsa. Ke gakologelwa gore ke ne ka lela ka ntlha ya go gatelelwa ke seemo seo, mme lefa go le jalo erile mo metsotsong e le metlhano fela ke ne ka ikutlwa ke le botoka. Ka metlha ke ile ka lemoga gore go rera go ne go nkgomotsa; go ntira gore ke seka ka hupediwa ke mathata a me, mme le mowa wa ga Jehofa o ntira gore ke nne ke itumetse le go nna ke tshwaregile mo tirong le go dira gore botshelo jwa me bo nne monate. Legale fa ke ne ke boela gae letsatsi leo re ne re ntse re sena kwa re ka yang teng, mme le fa go le jalo ke ne ke ikutlwa botoka.
Maitseboeng a lone letsatsi leo re ne ra lelediwa mogala ke khampani nngwe e e rekisang ditsha le dikago e e neng e tshwere kgang ya rona. E ne e le 11:30 p.m., mme modiredi wa khampani eo o ne a tshwenyegile ka go bo re sena kwa re ka yang teng mo eleng gore o ne a re batlela bonno jwa nakwana go fitlhelela ntlo e re neng re tshwanetse go tsena mo go yone e siama. Ka jalo Basupi ka rona ba ne ba re thusa go fudugela mo ntlong eo ka Sontaga. Re ne ra nna moo, re ntse re phuthile, ka dibeke di le tharo go fitlhelela re fudugela kwa ntlong ya rona fa e se na go siama. Go ne go se motlhofo, mme legale Jehofa o ne a re fa tse re di tlhokang. Seno se ne sa nnonotsha thata mme sa aga le tumelo ya me. Go ne go ntse fela jaaka Kgosi Dafide a ile a bolela mo go Pesalema 37:25: “Nkile ka ne ke le lekau, me yana ke cohetse; leha go nntse yalo, ga ke e se nke ke bone mosiami a latlhilwe, leha e le bana ba gagwè ba lègalègèla diyō.”
Go ne go na le bothata jwa go sa dirise madi sentle. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tsaya maikarabelo a tiriso ya madi le go baya dilo mo maemong. Ke ne ka leka bojotlhe go boloka lenyalo ka dingwaga tseno tsotlhe, bogolo thata ke dirwa ke gore ke rata Jehofa le mokgwa o a lebang thulaganyo ya lenyalo ka one, mme ebile gape totatota ke ne ke solofela gore monna wa me o ne a tla fetoga mme a amogele boammaaruri.
Ka metlha ke ne ke rapela mabapi le go nna mmulatsela wa ka metlha, mme ke ne ke nna mmulatsela yo o thusang nako le nako fa ke bulegelwa ke sebaka.a Ke ne ke itse gore go rera e ne e le yone tsela e e molemo go gaisa ebile e le e e botlhokwa e ke neng ke ka dirisa botshelo jwa me ka yone. Ke ne ke rata Jehofa mme ke batla go mo direla ka peloyotlhe. Gape ke ne ke rata batho mme ebile ke batla go ba thusa. Ke ne ke lemoga ka botshelo jwa me jo bo thata ka fa melaometheo ya Bibela e leng mosola ka teng mme ebile gape ke itse gore batho ba tlhoka tsholofelo e e neelwang ke Bogosi. Mme lefa go le jalo ke ne ke tshoga gore lelapa la me le tla pharama fa ke ka se ke ke bereke. Re ne re setse re ntse re le mo seemong se se tlhobaetsang.
Ke ne ka Goa, Mme Mmeteledi a Le Botsa Phokoje
Mme sengwe se ne sa diragala mo botshelong jwa me se se neng sa dira gore ke dumele tota gore ka metlha Jehofa o tla mpha le go ntlhokomela. Mongwe o ne a thuba mo lelapeng la me a leka go mpetelela. O ne a ntlhasela ke santse ke robetse, mme fa ke thanya, o ne a ntshosetsa ka gore o tla mpolaya fa ke ka kua kana ke ka suta. Le mororo ke ne ke tshogile, Jehofa o ne a nthusa gore ke wele dibete le go nna mogopolo wa me o bulegetse go rapela le go sekaseka gore kgato ke ka tsaya efe. Ke ne ke itse se Bibela e se bolelang ka go goa, mme gape ke ne ke akanya gore o ka nna a mpolaya fa ke ka goa, mme bana ba me ba bo ba tsoga, mme le bone a bo a ba bolaya. Ke ne ka bona leina la me le kgabola mo ditatolong tsa baswi mme ke ne ka rapela gore Jehofa a sireletse bongwanake fa ke ka swa. Lefa go le jalo ke ne ka dira se Bibela e neng e se akantsha—ke ne ka goa. (Duteronome 22:26, 27) Mmeteledi o ne a tswa a sia. Ke ne ke dumela ka mmatota gore ke tlile go swa mo bosigong joo. Ke ne ka atamelana le Jehofa le go feta.
Ke ne ka tlogela tiro mme ka simolola go bulatsela ka 1975. Ke ne ka bulatsela ka dingwaga di le thataro, mme monna wa ene a duela dikoloto. Ka maswabi, ke ne ka tsenwa ke bolwetsi jwa sukiri ke santse ke le monnye. Mme nako nngwe ke ne ka lwala fela thata. Gore ke kgone go emelana le seo, ke ne ka tswelela ka go ikanya Jehofa le go feta. Go sa kgathalesege seemo se ke neng ke le mo go sone, tseo e ne e le dingwaga tse ke neng ka itumela go gaisa thata mo go tsone le tse ka tsone ke neng ke dira tiro sentle go gaisa go tla go fitlha ka nako eo. Jehofa o ne a ntshegofatsa ka baithuti ba Bibela ba ba ileng ba gatela pele go fitlhelela ba kolobediwa. Bangwe ba bone ba bile ba felela e le babulatsela.
Mme lefa go le jalo, ka 1980, lenyalo la rona le ne la phutlhama. Go ne go na le go tlhoka kutlwisisano gareng ga me le monna wa me. Bongwanake ba ne ba tshwenyegile, mme ka ntlha ya bone ke ne ka leka go somarela lenyalo, lefa go le jalo monna wa me o ne a sena sepe le maiteko a me. Fa go tsena fano ke ne ka bona gore ke nako ya gore ke mo tlhale go ya ka Dikwalo. Go tsamaya ga gagwe go ne ga ama bongwanake fela thata.
Ke ne ke leka bojotlhe go tswelela ke bulatsela ka nako eno mme ke ne ka tshwarelela selekanyo sa ngwaga. Lefa go le jalo, morwadiake o ne a simolola go tsuologela sengwe le sengwe, go akaretsa le nna le boammaaruri, ka ntlha ya go retelelwa ke go emelana le seemo. Ke ne ka emisa go bulatsela ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe. Seno se ne sa mpolaya le go feta; sedibana sa me se ne se kgadile. Ke ne ka iphitlhela ke tshwana le katse ya letlotla, go ntse jaaka ekete sengwe le sengwe se ile fa e se Jehofa fela.
E ne e le ka yone nako eo Jehofa a ileng a rulaganya ka bakaulengwe ba le babedi ba ba rategang ba ba ileng ba nthusa ka tsela e ba se kitlang ba e tlhaloganya. Mongwe wa bone e ne e le mopotologi, mme yo mongwe e le mogolwane mo phuthegong e nngwe yo o neng a itse seemo se ke mo go sone, ereka a ne a kile a ithuta le monna wa me. Ga go na malebo ape a a lekaneng go leboga Jehofa ka dimpho tseno tsa banna. Ga ke kitla ke ba lebala.
Nako e e seng kae morago ga moo, morwadiake a santse a le monnye, o ne a nyalwa kwa lefatsheng. Seno se ne sa ama lelapa thata mme sa dira gore go itlhoboga ga rona go befe le go feta. Moragonyana ga moo morwaake o ne a fuduga a ya go nna a le nosi. Ke ne ka rapela ka metlha gore Jehofa a thuse lelapa la me gore le ngaparele boammaaruri. Ke ne ke ba rata thata, mme selo se ke neng ke se tlhoka thata e ne e le gore ba tswelele ba ikantse Jehofa. Eno e ne e ntse e le thapelo ya me ya ka metlha mo botshelong fa ke setse ke le mo boammaaruring. Nako eo e ne e le maswe mo go nna go gaisa dingwaga tse 20 tsa lenyalo—mme dingwaga tseo tsa lenyalo di ne di le maswe eleruri. Lefa go le jalo, ke ne ke itse gore ka tsela nngwe Jehofa o ne a tla re thusa gore re kgone go emelana le seo, mme go sa kgathalesege gore go ne go tla nkama jang, ke ne ke tshwanelwa ke go dira thato ya gagwe.
Go na le tiragalo nngwe e ke e gakologelwang sentle. Ke ne ke santse ke bulatsela, mme re ne re sena madi mme re tlhoka R200 go mo dirisa mo bekeng eo le go nna le madi a sepalamo a beke e e tlang a go ya tirong. Ke ne ke berekile jaaka mmereki wa nakwana malatsi a le mabedi. Ka tlwaelo, ke ne ke ema beke yotlhe pele ga ke amogela—ke ne ke amogela madi a a ka nang ka R114. Ke ne ke sena madi a dijo, ke sa bue ka a sepalamo. Mo bosigong jo bo latelang ke ne ka tshwara thuto ya Bibela le mosadi yo o neng a nthusa ka madi a go duelela diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe.
Moso o o latelang e ne e le Labotlhano. Ke ne ka ya go tsaya poso, mme go ne go na le makwalo a le mabedi. Le lengwe e ne e le tšheke e ke neng ke e solofetse go tla mo bekeng e e tlang. E ne ya ya kwa bankeng kwa toropong mme ya tsenngwa mo akhaontong ya me mo nakong e e ka fa tlase ga malatsi a le mararo fela. Go ne ga nkgakgamatsa thata. Ke ne ke santse ke tlhoka R86 kana R87 go bona tse ke di tlhokang. Mo lekwalong la bobedi go ne go na le tšheke ya R86, ene yo ke neng ke mo tlhoka tota. Selo se se neng se gakgamatsa le go feta ke gore ka February wa ngwaga eo, puso e ne ya mpha madi a go reka oli ya go thuthafatsa ntlo ya me. Mme jaanong e ne e le August, mme ba ne ba swetsa ka gore ba ne ba nkolota R86—sekoloto sa August, sa go thuthafatsa? Ke eng se se dirileng gore ba akanye gore ba nkolota sengwe, se se bileng se ne se gakgamatsa ke gore e bo e le ole ka August? Abo seno se ile sa nnonotsha tumelo jang ne!
Dilo tse di Bonalang Ga Se Tsone Tharabololo
Ke ne ka simolola go bereka nako e e tletseng mme ka ithuta go dirisa dikhomputara mo ditirong tse ke neng ke di dira. Dingwaga tsa ke sa bule tsela di ne di le bokete. Le mororo ke ne ke na le tiro e e siameng mme ebile ke eme sentle mo go tsa madi le dilo tse di bonalang, ke ne ke sa itumele. Ke ne ke sa nne le bongwanake mme ba ne ba na le mathata a magolo. Morwadiake o ne a boela gape mo boammaaruring mme o ne a santse a na le mathata a a rileng. Morwaake le ene o ne a na le mathata a gagwe. Morago ga nako ke ne ka lemoga gore ke ne ke latlhegelwa ke kamano ya me le Jehofa e ke neng ke e lebogela fela thata. Ke ne ke utlwa gore ke katoga Jehofa le mororo go ne go sena ope o sele yo o neng a lemoga seo. Ke ne ke nna teng mo dipokanong tsotlhe, ke ithuta, ke ya tshimong, mme go ne go sa lekana. Ke ne ka leka go itisa nako e ntsinyana le ditsala, mme seo le sone ga se a ka sa thusa.
Ke ne ka simolola go ikutlwela botlhoko. Ke ne ka simolola go nna ke akantse ka botshelo jwa me. A ke ne ke ronwa ke go bona se se botoka? Kwantle ga pelaelo, megopolo eo e ne e le se se neng se batliwa ke Satane. E le lantlha, ke ne ka simolola go ipona ke kgatlhegela badiri ka nna. Ke ne ka ipolelela jaana, ‘Ke tla ba rerela.’ Ke ne ka dira jalo. Mme ke ne ka simolola go lemoga gore pelo ya me e ne e simolola go itlhokomolosa dilo tse ke neng ke sa tshwanela go di itlhokomolosa. E ne e le bothata jo bo mo go nna. E ne e le nna mathata. Ke ne ke ka se ka ka itlhokomolosa segakolodi sa me se se rutintshitsweng ka Bibela. Ke ne ka rapela Jehofa.
Ke ne ke bereka nako e e tletseng. Ke ne ke tlhoka go kgaogana le dilo tse di bonalang tse ke neng ke na le tsone. Ke ne ke tsamaya diura di le tharo letsatsi le letsatsi go tswa Long Island go ya Wall Street. E ne e le nako e ntsi thata! Gape go dirisana le batho ba lefatshe mo ditereneng go ne go sa ntokafaletse seemo. Ke ne ka simolola go bua le bagolwane le go ya kwa dikopanong ka mafelobeke gore ke thusege go leba dilo tse di botlhokwa thata. E ne e le la ntlha mo botshelong jwa me ke sa tshwenyege ka dilo tse di bonalang, jaanong ke eng fa ke ne ke batla go sotlega gape? Morago ga ngwaga yotlhe ke ntse ke rapela, ke sekaseka ka kelotlhoko gore a ke fetole seemo sa me kana nnyaa, ke ne ka dira jalo.
Ke ne ka fudugela kwa karolong ya Brooklyn Heights. Ke ne ke kile ka etela phuthego ya koo mme ke ne ke itse gore bomoya jwa koo ke jone jo ke neng ke bo tlhoka. Go ne go na le Basupi ba ba ikanyegang, ba le bantsi ba ba dirileng ka metlha ka dingwaga tse ditelele—ba ne ba nkgorosa ka pula. Mo dikgweding di le thataro fela ke ne ke setse ke feditse mogopolo go tlogela tiro ya me ke bo ke simolola go bula tsela. Ke ne ka bereka tiro e e neng e se ya letsatsi lotlhe, mme erile ka 1984, ke ne ka boa ka tlhomiwa go nna mmulatsela wa ka metlha gape.
Mo dingwageng tse tsotlhe, Jehofa o ile a ntshegofatsa fela thata, le go nthuta ka ditsela tse dintsi fela thata. Ke lekile gore ke se ka ka kgobega marapo le gore ke ithute sengwe mo tekong nngwe le nngwe. Go nna le mathata go ga go tlhabise ditlhong; mathata ke fa o palelwa ke go dirisa melaometheo ya Bibela go a rarabolola. Mono mo Brooklyn, ga ke na mathata a ke neng ke na le one mo dingwageng tsa fa ke santse ke le mosha mo boammaaruring. Ga ke tlhole ke na le mathata a madi. Ga ke tlhole ke na le mathata a monna yo o sa dumeleng. Pelo ya me e fodile. Ke segofaditswe ka bana ba le bantsi ba semoya.
Mme lefa go le jalo go nna go ntse go na le mathata a masha le dikgwetlho. Ka 1987 morwaake ebong Marc o ne a tlhakatlhakana tlhaloganyo mme a tshwenyega mo maikutlong fela thata, mme le fa go le jalo Jehofa o ne a re thusa mo go seno sotlhe. Marc o gatetse pele mme o tla sentle le phuthego. Morwadiake ebong Andrea o ne a boela gape mo boammaaruring mme a kolobediwa mme ebile o godisetsa bana ba gagwe mo boammaaruring. Ereka re atamela ka lobelo sepitla se segolo, ke solofela gore mathata a tla tswelela gongwe le gone go gola tota, mme lefa go le jalo Jehofa o teng ka metlha go re thusa go fenya dikgoreletsi dipe fela kana dikgwetlho dipe fela tse di ka tlang.
Ka boammaaruri, Jehofa o nthusitse go tshela botshelo jo bo nang le mosola ebile bo itumedisa. Ke solofela go tshela jo bo setseng ke atamelane le ene le go dira thato ya gagwe.—Go boletse jalo Marlene Pavlow.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Go bulatsela” ke lefoko le le dirisiwang go tlhalosa tiro ya go lebagana le go rera fela.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Marlene Pavlow, moreri wa nako e e tletseng wa mafoko a a molemo a Bogosi