Kgang ya Botshelo
Go Godisetsa Bana ba le Robedi mo Ditseleng tsa ga Jehofa Go ne Go Itumedisa Mme go se Bonolo
JAAKA GO BOLETSE JOYCELYN VALENTINE
Ka 1989 monna wa me o ne a ya go bereka kwa nageng nngwe kwa moseja. O ne a ntsholofetsa gore o tla nna a nthomelela madi gore ke kgone go tlhokomela bana ba rona ba le robedi. Go ne ga feta dibeke ke sa utlwe sepe go tswa kwa go ene. Go ne ga ba ga feta dikgwedi ke sa utlwe sepe go tswa kwa monneng wa me. Ke ne ka nna ka ikgomotsa ka go re, ‘Fa maemo a se na go mo siamela o tla boela gae.’
KE NE ka simolola go tlalelwa gonne ke se na madi a go tlhokomela ba lelapa la me. Fa ke ntse ke tlhobaela masigo a le mantsi, ke ne ke ntse ke ipotsa jaana ke sa dumele, ‘Ke ka ntlha yang fa a dira lelapa la gagwe jaana?’ Kgabagare ke ne ka tshwanelwa ke go amogela kgang eno e e botlhoko ya gore monna wa me o re latlhile. Gompieno, dingwaga di le 16 a ntse a re tlogetse, ga a ise a boe. Mme ka ntlha ya seo, ke ne ka godisa bana ba me kwantle ga thuso ya molekane wa me. Go ne go le thata tota mme fa ke bona bana ba me ba tshela ka tsela e Jehofa a e batlang, seno se ne sa intumedisa tota. Le fa go ntse jalo, pele ke go tlotlela gore re ne ra kgona jang, mma ke go tlotlele ka kgolo ya me.
Go Batla Kaelo ya Baebele
Ke tshotswe ka 1938 mo setlhaketlhakeng sa Caribbean kwa Jamaica. Le fa gone rre a ne a sa tsene kereke, o ne a itsaya e le motho yo o boifang Modimo. Gantsi bosigo o ne a nkopa gore ke mmalele buka ya Baebele ya Dipesalema. Go ise go ye kae, ke ne ke kgona go bua dipesalema di le dintsi tse ke neng ke di tshwere ka tlhogo. Mmè o ne a tsena kereke nngwe mo lefelong la rona mme o ne a tle a tsamaye le nna kwa dipokanong tsa bone tsa bodumedi.
Kwa dipokanong tseo, re ne re bolelelwa gore Modimo o tsaya batho ba ba siameng o ba isa legodimong, mme ba ba boikepo o ba fisa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Gape, re ne re bolelelwa gore Jesu ke Modimo le gore o rata bana. Ke ne ka tlhakana tlhogo tota e bile ka simolola go tshaba Modimo. Ke ne ke ipotsa gore, ‘Go tla jang gore Modimo yo o re ratang a tlhokofatse batho mo molelong?’
Kgang fela ya molelo wa dihele, e ne e dira gore ke lore ditoro tse di maswe. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka dira khoso ya go ithuta Baebele ka go kwalelana le Kereke ya Sabata. Bone ba ne ba ruta gore batho ba ba bosula ga ba kitla ba tlhokofadiwa ka bosakhutleng, go na le moo, ba tla sha mo molelong go fitlha e nna molora. Se bone ba se buang e ne e kete se a utlwala, ka jalo ke ne ka simolola go ya dipokanong tsa bone tsa bodumedi. Ke ne ka fitlhela dithuto tsa bone di tlhakanya tlhogo mme se ke neng ke ithuta sone se ne se sa baakanye tsela e e sa siamang e ke neng ke leba kgang ya boitsholo ka yone.
Ka nako eo, batho ka kakaretso ba ne ba dumela gore kgokafalo ga e a siama. Le fa go ntse jalo, nna le batho ba bangwe ba bantsi re ne re dumela gore motho yo o tlhakanelang dikobo le batho ba bantsi ke ene yo o gokafalang. Re ne re tsaya gore batho ba babedi ba ba sa nyalanang mme ba robala mmogo ba sa robale le batho ba bangwe, ba ne ba sa leofe. (1 Bakorintha 6:9, 10; Bahebera 13:4) Ka jalo go dumela seo, ke gone go neng ga dira gore ke nne mmè yo o sa nyalwang wa bana ba le barataro.
Go Gatela Pele Semoyeng
Ka 1965, Vaslyn Goodison le Ethel Chambers ba ne ba tla go nna mo motseng wa rona o o bidiwang Bath. E ne e le babulatsela, kana badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa mme letsatsi lengwe ba ne ba tlotla le rre. O ne a dumela go ithuta Baebele le bone. Fa ba fitlhetse ke le teng mo lapeng, ba ne ba tlotla le nna. Le fa gone, ke ne ke belaela Basupi ba ga Jehofa thata, ke ne ka swetsa ka gore ke ithute Baebele le bone gore ke ba bontshe mo ba leng phoso teng.
Ke ne ke botsa dipotso di le dintsi fa re ntse re ithuta, mme Basupi ba ne ba di araba tsotlhe ba dirisa Baebele. Ba ne ba nthusa go itse gore baswi ga ba utlwe sepe e bile ga ba utlwisiwe botlhoko kwa diheleng. (Moreri 9:5, 10) Ke ne ka ithuta gape le ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. (Pesalema 37:11, 29; Tshenolo 21:3, 4) Le fa rre a ne a tlogela go ithuta Baebele, nna ke ne ka simolola go ya dipokanong tsa phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la rona. Tsela e e ritibetseng le e e nang le thulaganyo e dipokano tseo di neng di tshwarwa ka yone e ne ya ntlhotlheletsa gore ke ithute go le gontsi ka Jehofa. Gape ke ne ka nna gone kwa dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo, e leng dikokoano tse dikgolo tse Basupi ba neng ba di rulaganya. Go ya ga me kwa go ithutiwang Baebele gone go ne ga dira gore ke nne le keletso e e nonofileng ya go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Le fa go ntse jalo, go ne go na le sengwe se se neng se nkgoreletsa.
Ka nako eo, ke ne ke nna le rraagwe bana ba le bararo ba ba le barataro ba me mme re ne re sa nyalana. Ke ne ka ithuta go tswa mo Baebeleng gore Modimo o kgala tlhakanelodikobo ya batho ba ba sa nyalanang, mme segakolodi sa me se ne sa simolola go ntshwenya. (Diane 5:15-20; Bagalatia 5:19) Fa tsela e ke ratang boammaaruri ka yone e ntse e gola, ke ne ke batla go dumalanya botshelo jwa me le molao wa Modimo. Kgabagare ke ne ka dira tshwetso. Ke ne ka bolelela molekane yono wa me gore re tshwanetse go nyalana go sa nneng jalo kamano ya rona e tshwanetse go fela. Le fa molekane yono wa me a ne a sa dumele mo dilong tse nna ke di dumelang, re ne ra nyalana semolao ka August 15, 1970, dingwaga di le tlhano Basupi ba sena go bua le nna lekgetlho la ntlha. Ka December 1970 ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing.
Ga ke na go tsamaya ke lebala letsatsi le ke simolotseng go nna le seabe mo tirong ya go rera ka lone. Ke ne ke tshogile tota e bile ke sa itse gore ke tla simolola jang go buisana le ba bangwe ka Baebele. Totatota, ke ne ka wela makgwafo fa mong wa ntlo yo ke buileng le ene la ntlha a ne a kgaosetsa puisano ya rona ka bonako. Mme go ise go ye kae, ke ne ke sa tlhole ke tshogile. Kwa bofelong jwa letsatsi, ke ne ke itumetse thata ka gonne ke ne ke buile ka bokhutshwanyane le batho ba le mmalwa ka Baebele e bile ke ba tlogeletse dikgatiso tsa Baebele.
Go Boloka Lelapa La me Le Nonofile Semoyeng
Ka 1977 ke ne ke setse ke na le bana ba le robedi. Ke ne ke ikemiseditse go dira bojotlhe jwa me go boloka lelapa la me le direla Jehofa. (Joshua 24:15) Ka jalo ke ne ke dira ka thata gore ke tshware thuto ya ka metlha ya lelapa ya Baebele. Ka dinako dingwe, ke ne ke otsela ka ntlha ya go lapa fa mongwe wa bana a ntse a balela dirapa kwa godimo, mme ba ne ba tshwanelwa ke go ntsosa. Mme go lapa moo ga go a ka ga re thibela go ithuta Baebele re le lelapa.
Gape ke ne ke rapela ka metlha le bana ba me. Fa ba setse ba godile, ke ne ka ba ruta gore le bone ba ithapelele mo go Jehofa. Ke ne ke tlhomamisa gore mongwe le mongwe wa bone o a rapela pele a robala. Ke ne ke rapela le ngwana mongwe le mongwe yo o neng a sa ntse a le monnye gore a ka kgona go ithapelela.
Kwa tshimologong, monna wa me o ne a sa batle gore ke ye le bana kwa dipokanong tsa phuthego. Le fa go ntse jalo, kgang ya gore o ne a tla tshwanelwa ke go sala a ba tlhokometse fa nna ke ile dipokanong e ne ya dira gore a se ka a tlhola a gana ke ya le bone. Bosigo o ne a rata go ya go etela ditsala tsa gagwe mme o ne a ema tlhogo fa a akanya ka go tsamaya le bana ba le robedi! Ka jalo moragonyana o ne a simolola go nthusa go baakanya bana gore re ye Holong ya Bogosi.
Go ise go ye kae, bana bano ba ne ba tlwaela go nna gone mo dipokanong tsotlhe tsa phuthego le go nna le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. Ka nako ya malatsi a boikhutso a selemo gantsi ba ne ba ya go rera le babulatsela kana badiredi ba nako e e tletseng ba phuthego. Seno se ne sa thusa banake gore ba rate phuthego thata, le tiro ya go rera.—Mathaio 24:14.
Dinako Tsa Teko
Monna wa me o ne a simolola go ya go bereka kwa dinageng tse dingwe e le go tokafatsa maemo a rona a tsa madi. O ne a nna a seyo mo lelapeng ka nako e telele mme gone a boa gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, o ne a tsamaela ruri ka 1989. Jaaka ke tlhalositse pelenyana, go tsamaya ga monna wa me go ne ga ntlogela ke tlaletswe. Ke ne ka fetsa masigo a le mantsi ke lela le go rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a nkgomotse a bo a nthuse go itshoka, mme ke ne ke utlwa gore o araba dithapelo tsa me. Ditemana tse di jaaka Isaia 54:4 le 1 Bakorintha 7:15 di ne tsa dira gore ke ritibale le gore ke nne le nonofo ya go tswelela ka botshelo. Gape, ba losika le ditsala tse di mo phuthegong ya Bokeresete ba ne ba ntshegetsa mo maikutlong le ka dilo tse ke neng ke di tlhoka. Ke leboga Jehofa thata le batho ba gagwe ka tsela e ba neng ba nthusa ka yone.
Re ne re na le diteko tse dingwe gape. Mongwe wa bomorwadiake o kile a ntshiwa mo phuthegong ka ntlha ya go itshwara ka tsela e e sa dumalaneng le dikwalo. Ke rata bongwanake thata, mme gone boikanyegi jwa me mo go Jehofa bo tla pele. Ka jalo mo nakong eo, nna le bana ba me ba bangwe re ne ra boloka kaelo ya Baebele ya gore re tshwanetse go itshwara jang mo bathong ba ba kgaotsweng. (1 Bakorintha 5:11, 13) Batho ba ba neng ba sa tlhaloganye boemo jwa rona ba ne ba re tshwayatshwaya diphoso. Le fa go ntse jalo, fa morwadiake a sena go busediwa mo phuthegong, monna wa gagwe o ne a mpolelela gore tsela e re neng re reetsa melaometheo ya Baebele re sa ineele ka yone e mo kgatlhile tota. Gone jaanong o direla Jehofa le ba lelapa la gagwe.
Go Lebana le Mathata a Madi
Fa monna wa me a re tlogela, ke ne ke se na madi a a lekaneng a go itshedisa, mme le ene o ne a sa tlhole a re romelela madi. Boemo jono bo ne jwa re ruta gore re kgotsofalele botshelo jo bo motlhofo jo re neng re bo tshela mme re tseye dilo tsa semoya di le botlhokwa go feta dikhumo. Fa bana ba me ba ntse ba ithuta go ratana le go thusana, ba ne ba atamalana thata. Fa ba bagolwane ba simolola go bereka, ba ne ba tlamela bomonnaabone. Morwadiake yo mogolo e bong Marseree o ne a thusa monnawe e bong Nicole gore a feleletse dithuto tsa gagwe tsa sekolo se segolwane. Mo godimo ga moo, ke ne ke na le lebenkele le lennye le le rekisang korosari. Madinyana a ke neng ke a bona foo a ne a nthusa gore ke reke dilo tse re di tlhokang.
Jehofa ga a ise a ko a re latlhe. Nako nngwe ke ne ka bolelela kgaitsadi mongwe wa Mokeresete gore re ne re se na madi a go ya kopanong ya kgaolo. O ne a araba ka go re: “Kgaitsadi Val, fa o utlwa fela go buiwa ka kopano e kgolo, o simolole go ipaakanya! Jehofa ene o tla go tlamela ka dilo tse o di tlhokang.” Ke ne ka reetsa kgakololo ya gagwe. Jehofa o ne a re tlamela mme a tswelela a ntse a re tlhokometse. Lelapa la me ga le ise le ko le foswe ke kopano e nnye kana e kgolo ka ntlha ya go tlhoka madi.
Ka 1988, Kgwanyape e e bidiwang Gilbert e ne ya senya Jamaica mme re ne ra tlogela legae la rona go ya go batla bonno kwa lefelong lengwe le le sireletsegileng. Fa setsuatsue seo se sena go kokobela ka nakwana, nna le morwaake re ne ra tswa mo lefelong la botshabelo go ya go leba legae la rona le le senyegileng. Fa re ntse re phuruphutsa mo ntlong ya me e e neng e sentswe ke kgwanyape, ke ne ka bona sengwe se ke neng ke batla go se boloka. Ka tshoganyetso fela, phefo e ne ya simolola go tsubutla gape ka modumo o mogolo, mme ke ne ka nna ke ntse ke tshwere sone selo sele se ke neng ke batla go se boloka. “Mmè, tlogela thelebishene eo. A o mosadi wa ga Lote?” (Luke 17:31, 32) Mafoko ao a a neng a buiwa ke morwaake a ne a dira gore ke itharabologelwe. Ke ne ka tlogela thelebishene eno e e neng e tletse metsi mme ra tshabela kwa lefelong le le bolokesegileng.
Ke a tshoga fa ke gakologelwa gore ke ne ka tsenya botshelo jwa me mo kotsing ka ntlha ya thelebishene. Mme ke ikutlwa ke itumetse fa ke akanya ka se morwaake a neng a se bua se se neng sa mpontsha gore o thantse semoyeng. Ka ntlha ya thapiso ya Baebele e a e amogetseng mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a kgona go nthusa go tila kotsi e e neng e ka nna ya ntlhagela mo mmeleng gongwe le mo semoyeng.
Kgwanyape e ne e sentse legae la rona le dithoto tsa rona mme e ne ya re tlogela re kgobegile marapo. Mme bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba goroga. Ba ne ba re kgothatsa gore re lebane le tatlhegelo ya rona re ntse re ikantse Jehofa mme re tswelele re tlhagafetse mo bodireding mme ba ne ba re thusa go aga legae la rona sesha. Tiro eno e Basupi ba ba ithaopileng ba mo Jamaica le ba mafelo a mangwe ba neng ba e dira ka lorato le ka go intsha setlhabelo e ne ya re ama thata.
Go Baya Jehofa Kwa Pele
Morwadiake wa bobedi e bong Melaine o ne a nna mmulatsela fa a sena go fetsa dithuto tsa gagwe. Mme o ne a amogela taletso ya go ya go thusa kwa phuthegong e nngwe, se se neng se raya gore o ne a tla tshwanelwa ke go tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso. Le fa gone tiro eo e ne e dira gore a kgone go thusa lelapa la rona ka madi, re ne ra ikanya Jehofa gore o tla re tlhokomela fa mongwe le mongwe wa rona a baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:33) Moragonyana, morwaake e bong Ewan le ene o ne a amogela taletso ya go nna mmulatsela. O ne a tlamela lelapa ka madi mme re ne ra mo kgothaletsa gore a amogele taletso eno ra ba ra mo eleletsa masego a a tswang kwa go Jehofa. Ga ke ise ke tsamaye ke thibele banake go oketsa tirelo ya bone ya Bogosi mme le rona ba re neng ra sala kwa gae re ne re sa tlhoke sepe. Go na le moo, re ne re itumetse le go feta mme ka dinako tse dingwe re ne re kgona le go thusa batho ba bangwe ba ba tlhokang.
Gompieno, ke itumela thata fa ke bona bana ba me ba “tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Gone jaanong, mongwe wa bomorwadiake e bong Melaine, o pata monna wa gagwe yo e leng molebedi wa potologo mo tirong ya gagwe ya go etela diphuthego. Morwadiake yo mongwe e bong Andrea le monna wa gagwe ke babulatsela ba ba kgethegileng mme le ene o pata monna wa gagwe fa a etela diphuthego mo tirong ya go thusa molebedi wa potologo. Morwaake e bong Ewan, le mosadi wa gagwe ke babulatsela ba ba kgethegileng e bile ke mogolwane mo phuthegong. Morwadiake yo mongwe e bong Ava-Gay o dira le monna wa gagwe kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jamaica. Jennifer, Genieve mmogo le Nicole ba dira ka tlhagafalo le banna ba bone le bana ba bone mo diphuthegong tsa bone. Marseree ene o nna le nna mme re kopanela mo Phuthegong ya Port Morant. Ke segofaditswe thata ka gonne bana botlhe ba me ba le robedi ba ntse ba tsweletse ba direla Jehofa.
E re ka ke setse ke godile, ke na le mathata a botsogo. Ke tshwanelwa ke go itshokela bolwetse jwa ramatiki mme gone ke sa ntse ke itumelela go nna mmulatsela. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le nako e ke neng ke utlwa ke thatafalelwa ke go tsamaya mo lefelong la rona le le dithaba la Jamaica. Go ne go le thata go ya bodireding. Ke ne ka leka go dirisa baesekele mme ka fitlhela go le botoka go na le fa ke tsamaya ka dinao. Ka jalo ke ne ka reka baesekele mme ka dirisa yone. Kwa tshimologong, banake ba ne ba ngomolwa pelo ke go bona mmaabone yo o nang le ramatiki a palame baesekele. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itumela thata fa ba bona ke tswelela ka go rera fela jaaka pelo ya me e ne e eletsa.
Ke itumela thata fa ke bona batho ba ke ithutileng le bone ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Ka metlha ke rapela Jehofa gore a thuse ba lelapa la me gore ba nne ba ikanyega mo go ene mo nakong eno ya bofelo le ka bosakhutleng. Ke baka Jehofa le go mo leboga, ene yo e leng ‘Moutlwi yo Mogolo wa thapelo’ go bo a ne a nthusa gore ke kgone go lebana le kgwetlho ya go godisetsa bana ba me ba le robedi mo ditseleng tsa gagwe.—Pesalema 65:2.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ke na le banake, balekane ba bone ba lenyalo le ditlogolwana tsa me
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Gone jaanong, ke dirisa baesekele fa ke le mo bodireding