Go Bona Phenyo Le O Lebane Le Loso
“Mme se se ileng sa gakgamatsa Manasi ke gore, go ne go sa kgonege go nyeletsa [Basupi]. Go ba patika thata go ne go ba dira gore ba nne ba nitame le go feta, ba nne thata jaaka teemane mo go ganeng ga bone. Hitler o ne a ba latlhela mo ntweng ya makgaolakgang, mme ba ne ba boloka bothokgami. . . . Tiragalo e e ba diragaletseng ke tshedimosetso e e botlhokwa thata mo go botlhe ba ba ithutang ka botshelo mo maemong a a thata. Ka gore ka boammaaruri ba ile ba itshoka.”—Ke mafoko a go tweng a builwe ke Dr. Christine King, yo e leng mmaditiragalo, mo lokwalodikgannyeng lwa Together.
BASUPI BA GA JEHOFA ba tshwanetse go lejwa jaaka setlhopha sa bodumedi se se ileng sa bogisiwa le go tlontlololwa thata mo lefatsheng mo hisitoring ya lekgolo leno la bo20. Ba ile ba se ka ba tlhaloganngwa mme gantsi le go sa tshwarwe sentle ka ntlha ya boemo jwa bone jwa boitlhaodi jwa Bokeresete le go gana go ithuta kana go nna le seabe mo ntweng. Ba ile ba ilwa lebaibai ke mebuso ya sereophate ka ntlha ya go ikgaoganya ga bone le sepolotiki mo dinageng di le dintsi. Mme le fa go ntse jalo, sengwe sa diabe tsa bone mo hisitoring ya motlha ono e ile ya nna go itsiwe ka go itlhaola gotlhelele le go nitama ga bone jaaka babolokabothokgami.a
Rahisitori wa Moborithane ebong Arnold Toynbee o ile a kwala jaana ka 1966: “Mo motlheng wa rona kwa Jeremane go ile ga nna le baswelatumelo ba Bakeresete ba ba ileng baa swa go na le go ema nokeng Boratanaga jo bo feteletseng jo bo neng bo tshwantshediwa ke motho sekamodimo ebong Adolf Hitler.” Bosupi bo bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira karolo e kgolo ya baswelatumelo bao. Dilo dingwe tse di ba diragaletseng di tla thusa go bontsha ka fa ba ileng ba bogisiwa ka teng le go bolawa ka ntlha ya bothokgami jwa bone—mme tseno ga se ka nako ya Bonasi fela. Mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, bosupi jwa go fenya ga bone le ntswa ba lebane le loso bo papametse mme ebile ga bo ka ke jwa tshwantshanngwa le bope.
Polelo ka ga Ananii Grogul wa Ukraine
“Batsadi ba me ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, ka 1942, fa ke ne ke santse ke le dingwaga tse 13. Moragonyana fela ga foo, rre o ne a tshwarwa, a tlhatlhelwa mo kgolegelong, mme kwa morago o ne a isiwa kwa dikampeng tsa Soviet kwa Dithabeng tsa Ural. Fa ke le dingwaga di le 15, ka 1944, baeteledipele ba sesole ba ne ba mpiletsa tirelo ya go ipaakanya mo sesoleng. Mme e re ka ke ne ke setse ke na le tumelo e e nitameng mo go Jehofa, ke ne ka gana go ithuta ntwa. Ka lebaka leo, ke santse ke le mmotlana jalo, ke ne ka tlhatlhelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.
“Mme ga tla ngwaga e e bokete ya 1950. Ke ne ka tshwarwa gape le go atlholelwa dingwaga tse di 25 mo kgolegelong ka ntlha ya ditiro tsa me jaaka ke le Mosupi. Ke ne ke na le dingwaga di le 21. Ke ne ka bewa dingwaga di supa le dikgwedi di le nnè kwa dikampeng tsa pogisetso. Ke ne ka bona batho ba le bantsi ba a swa, ba tlhotlhorilwe ke tlala le go fediwa ke go bereka bokete.
“Morago ga loso lwa ga Stalin ka 1953, maemo a ne a fetoga, mme erile ka 1957 babusi ba ne ba nkgolola mo kgolegelong. Ke ne ka boa ka ‘gololesega.’ Mme mo nakong eno ba ne ba nkobela kwa Siberia ka dingwaga di le some.”
Go Bogisiwa Setlhogo ga ga Kgaitsadiake
“Kwa Siberia, ke ne ka boa ka kopana gape le kgaitsadiake wa ga mmè, yo ka nako eo e neng e setse e le segole. O ne a tshwarwa dibeke di le pedi morago ga ke sena go tshwarwa ka 1950. Ditlhotlhomiso mo kgetsing ya gagwe di ne tsa dirwa ka tsela e e neng e se ka fa molaong gotlhelele. Ba ne ba mo tswalela a le nosi mme go tsweng foo ba bo ba bulela dipeba mo a tlhatlhetsweng teng. Di ne tsa mo kokona dinao le go mo palamakaka mo mmeleng. Kwa bofelong, babogisi ba gagwe ba ne ba mo emisa mo metsing a a tsididi a a neng a mo ema mo mafatlheng fa ka fa ba mo lebeletse jaaka fa a ntse a boga. O ne a atlholetswe dingwaga di le 25 mo kgolegelong ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go rera. Maoto a gagwe ka bobedi a ne a swa, mme legale o ne a kgona go dirisa diatla le matsogo a gagwe. Mo dingwageng di le tlhano ba ne ba mmaya mo sepateleng sa kampa mme kgabagare ba swetsa ka gore ga a tlhole a tshwanelwa ke tlhokomelo epe jaaka ekete o ne a sule. Mme go tsweng foo ba ne ba mo romela kwa batsading ba rona, ba ba neng ba kobetswe kwa Siberia botshelo jotlhe jwa bone ka 1951.”
Go Boela kwa Ukraine le Dipogiso tse di Oketsegileng
“Kwa Siberia ke ne ka kopana le Nadia, yo ke neng ka mo nyala mme a tshola bana ba rona ba banè. Le kwa Siberia re ne ra tswelela ka tiro ya go rera. Ke ne ka neelwa maikarabelo a go dira le go kopisa dibuka tsa Bibela. Bosigo bongwe le bongwe nna le nnake ebong Jacob re ne re tshwere ka thata mo lefelong le le ka fa tlase ga lefatshe, re kopisa Tora ya Tebelo. Re ne re na le metšhine e e tlanyang e le mebedi le o o kopisang o o itiretsweng mo gae o le mongwefela. Legae la rona le ne le phuruphutsiwa gangwe le gape ke mapodisi. Ka dinako tsotlhe ba ne ba tswa ba sa bona sepe.
“Go isiwa lejwa ga me go ne ga khutla. Ke ne ka fudugela kwa Ukraine le lelapa la me lotlhe, mme le fa go ntse jalo re ne ra nna ra bogisiwa. Ke ne ka abelwa go direla jaaka molebedi yo o etang. Ke ne ka tshwanelwa ke go senka tiro gore ke tle ke kgone go tshedisa ba lelapa la me. Ka makgetlo a le mantsi ka kgwedi, maloko a Tshireletso ya Mmuso ba ne ba tla kwa ke berekang teng mme ba bo ba leka go ntira gore ke itatole bodumedi jwa me. Nako nngwe ke ne ka thusiwa ke Jehofa ka tsela e e kgethegileng tota. Ba ne ba ntshwara mme ba nkisa kwa diofising tsa Tshireletso ya Mmuso kwa Kiev, koo ke ileng ka tlhatlhelwa malatsi a le marataro teng. Mo nakong eo yotlhe ba ne ba leka go ntlhakanya tlhogo ka dithuto tsa go sa dumeleng mo Modimong. Ka tsela ya bone ya go nyatsa Modimo, ba ne ba akgela mabapi le Tora ya Tebelo le dikgatiso tse dingwe tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Kgatelelo eo e ne e setse e batla go mphekeetsa. E ne ya re ke le mo ntlwaneng e go tlhapelwang mo go yone, ke we ka mangole ke thubege ka selelo, ke bitse Jehofa. Legale, eseng ka go batla go gololwa mme e le go kopa nonofo ya go itshoka le gore ke seka ka tswa bakaulengwe ba me.
“Go tsweng foo ke fa moeteledipele wa mapodisi a tla go mpona, mme fa a se na go nna mo setilong fa pele ga me, o ne a mpotsa gore a tota ke tlhatswegile pelo ka se ke se emelang. Ke ne ka mo rerela ka lobaka lo lokhutshwane mme ka mmolelela gore ke ikemiseditse go swela boammaaruri. O ne a araba ka gore: ‘O motho yo o itumetseng. Fa ke ne ke tlhatswegile pelo gore seno ke boammaaruri, ke ne ke tla se ke ke ikemisetse go tlhatlhelwa dingwaga di le 3 kana 5 mo kgolegelong fela mme le gone go ema ka leoto le le lengwe mo kgolegelong ka dingwaga di le 60 tota.’ O ne a ja tlhogo ka sebakanyana a didimetse mme go tsweng foo a bo a tswelela jaana: ‘Ke kgang ya botshelo jo bo sa khutleng. A o kgona go akanya gore tota botshelo jo bo sa khutleng bo raya eng?’ Morago ga go didimala ka lobakanyana, o ne a re: ‘Ya gae!’ Mafoko ao a ne a mpha nonofo e kgolo thata go feta selekanyo. Ke ne ke sa tlhole ke utlwa tlala. Se ke neng ke se batla e ne e le go tsamaya. Ke ne ka tlhwatswega pelo gore e ne e le Jehofa yo o neng a nnonotsha.
“Mo dingwageng tsa bosheng dilo di fetogile kwa go se e kileng ya bo e le Soviet Union. Jaanong dibuka tsa Bibela ke ntletsentletse fela. Re kgona go ya dikopanong tsa potologo le tsa kgaolo, mme re nna le seabe mo mefuteng yotlhe ya go rera, go akaretsa go tsamaya ka ntlo le ntlo. Ka boammaaruri Jehofa o re neile phenyo mo ditekong tse dintsi tse di neng di re lebanye!”
Bothokgami Bo A Lekwa mo Afrika
Mo bofelong jwa bo1960, go ne go na le ntwa e e masisi ya bana ba mpa kwa Nigeria. Ka ntlha ya go latlhegelwa thata, masole a kgaolo e e neng e batla go kgaogana le Nigeria, e ka nako eo ba neng ba e bitsa Biafra, a ne a patelela makawana go tsena mo sesoleng sa bone. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba sa nne le seabe mo dipolotiking e bile ba gana go lwa, ba le bantsi ba bone kwa Biafra ba ne ba tsongwa, ba bogisiwa, le go bolawa. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a re: “Re ne re tshwana fela le dipeba. Re ne re tshwanelwa ke go iphitlha nako le nako fa re utlwa masole a tla.” Gantsi go ne go se na nako ya go iphitlha.
Labotlhano mongwe ka 1968, Philip, yo e neng e le modihedi wa nako e e tletseng wa dingwaga tse 32, o ne a rerela rre mongwe yo o godileng kwa motseng wa Umuimo fa masole a Biafra a tsena mo jarateng ba batla ba ba ka ba isang sesoleng.
Moeteledipele wa setlhopha o ne a botsa jaana, “O dirang?” Philip o ne a bolela gore o ne a bua ka Bogosi jwa ga Jehofa jo bo tlang.
Lesole le lengwe le ne la bolela jaana le goa, “Ga se nako ya go rera eno! Go a lowa, mme ga re batle go bona banna fela ba ba itekanetseng ba ntse fela ba sa dire sepe.” Go tsweng foo masole a ne a tsola Philip gore a sale a le segwere fela, ba bo ba mmofaganya diatla, mme ba bo ba mo tsaya. Israel le ene, yo e neng e le mogolwane wa Mokeresete yo o dingwaga di le 43, o ne a tlhoka nako ya go iphitlha. O ne a tshwarwa a santse a re o direla bana ba gagwe dijo. Ka 2:00 p.m. masole a ne a setse a phuthile banna ba feta lekgolo. Ba ne ba patelela batshwarwa ba bone go taboga sekgala sa dikilomitara di le 25 go ya kwa kampeng ya sesole ya Umuacha Mgbedeala. Ope fela yo o neng a tlhaela o ne a shapiwa.
Israel o ne a bolelelwa gore o tla tsholetsa tlhobolo e e bokete ya kgotlamoreoitirise; Philip o ne a tla rutiwa go dirisa tlhobolo ya kgotlamoreoitirise e e motlhofo. Fa ba ne ba tlhalosa gore ga ba ka ke ba tsena mo sesoleng ka gore Jehofa o iletsa go dira jalo, molaodi o ne a laela gore ba tlhatlhelwe. Ka 4:00 p.m., bosetlabosheng botlhe, le ba ba tlhatlhetsweng tota, ba ne ba bolelelwa gore ba dire mola. Go tsweng foo masole a ne a kopa mongwe le mongwe gore a saene pampiri e e bontshang gore ba ne ba rata go tsena mo sesoleng. Fa go tla nako ya gagwe ya gore a saene, Philip o ne a nopola mafoko a ga 2 Timotheo 2:3, 4 mme a bo a raya molaodi a re: “Ke setse ke le ‘lesole la motiya la ga Keresete.’ Ga ke ka ke ka lwela Keresete le motho yo mongwe gape. Fa nka dira jalo, Keresete o ka ntsaya jaaka lenweenwee.” Molaodi o ne a mo itaya mo tlhogong a bolela gore: “Go nna lesole la ga Keresete ga gago go fedile! Jaanong o lesole la Biafra.”
Philip o ne a fetola ka gore: “Nna Jesu ga a ise a nkitsise gore go nna lesole la gagwe go fedile, mme go fitlhelela ke bona kitsiso eo ke tla bo ke ntse ke le lesole la gagwe.” Gone fela foo, masole ke fa a tsholeletsa Philip le Israel mo phefong ba bo ba ba latlhaganya fa fatshe. Ba ne ba gogelwa kwa thoko ba le mo sediding ba bile ba dutla madi ka matlho, dinko, le ka molomo.
Fa Pele ga Masole A A Ipapanneng ka Ditlhobolo
Nako nngwe moragonyana mo letsatsing leo, Israel le Philip ba ne ba iphitlhela ba lebane le masole a a ipapanneng ka ditlhobolo. Mme masole ga a aka a bo hula. Go na le moo, ba ne ba ba pholea ka mabole le ka marago a ditlhobolo. Go tsweng foo molaodi wa kampa a bo a fetsa mogopolo gore ba kgwathe go fitlhelela ba a swa. Tiro eo o ne a e abela masole a le 24 go e dira. Ba le barataro ba ne ba tshwanetse go kgwathisa Philip, fa ba le barataro ba bangwe ba ne ba tla kgwathisa Israel. Ba bangwe ba le 12 ba ne ba tla lere dithupa fa di fela le go emisetsa ba ba neng ba tla lapa ke go kgwathisa.
Philip le Israel ba ne ba bofiwa diatla le dinao. Israel o bolela jaana: “Ga ke ka ke ka go bolelela gore re kgwathile dithupa di le kae bosigo joo. Fa lesole le lengwe le ne le lapa, go ne go tsaya yo mongwe. Ba ne ba nna ba re itaya le morago ga gore re idibale.” Philip a re: “Ke ne ka gakologelwa Mathaio 24:13, e e buang ka go itshoka go fitlhelela bokhutlo, ka nako ya pogiso, mme e ne ya nnonotsha. Ke ne ka utlwa botlhoko jwa dithupa ka metsotswana e sekae fela. Go ne go ntse jaaka ekete Jehofa o ne a romela mongwe wa baengele ba gagwe go tla go re thusa, jaaka a ile a dira ka nako ya ga Daniele. E seng jalo re ka bo re se ka ra falola bosigo joo jo bo maswe.”
Fa masole a emisa go betsa, ba ne ba tsaya gore Israel le Philip ba sule. Pula e ne e na. Bakeresete ba babedi bao ba ne ba thanya ka moso o o latelang. Fa masole a lemoga gore ba santse ba tshela, ba ne ba ba gogela gape kwa kgolegelong.
“Lo Setse Lo Bile Lo Nkga Jaaka Ditopo”
Go kgwatha go ne go dirile gore nama ya bone e nne khibidu le go rurubala, ba tletse dintho gongwe le gongwe mo mmeleng. Israel o gakologelwa jaana: “Re ne re sa letlelelwe go tlhapisa dintho tsa rona. Morago ga malatsi ke fa dintsi di ipusa mo go rona. Ka ntlha ya pogiso eo re ne re sa kgone go ja. E ne ya nna morago ga beke re ileng ra kgona go metsa sengwe kwa ntle ga metsi.”
Moso mongwe le mongwe masole a ne a ba kgwathisa ka seme—dithupa di le 24 mongwe le mongwe wa bone. Ka bopeloethata masole a ne a bitsa seo a re ke “sefitlholo” kana “tee e e bolelo ya moso.” Nako le nako ka motshegare wa sethoboloko, masole a ne a ba ntshetsa mo letsatsing le le mogote go fitlhelela ka 1:00 p.m. Morago ga malatsi a sekae ba ntse ba tshwarwa jalo, molaodi o ne a ba bitsa mme a ba botsa gore a ba itatotse boemo jwa bone. Ba mo raya ba re nnyaa.
Molaodi o ne a re, “Lo tla swela mo seleng. Tota e bile, lo setse lo nkga jaaka ditopo.”
Philip o ne a araba ka gore: “Le fa re ka swa re itse gore Keresete, yo re mo lwelang, o tla re tsosa.”
Ba kgonne jang go falola nako eo e e bosula? Israel a re: “Nna le Philip re ne re kgothatsana mo tekong eo yotlhe. Kwa tshimologong ke ne ka mo raya ka re, ‘O seka wa boifa. Go sa kgathalesege gore eng ke eng, Jehofa o tla re thusa. Nna ka bonna, ga go na sepe se se tlileng go ntira gore ke tsene mo bosoleng. Le fa e le gore go tla raya loso, ga ke kitla ke tshwara tlhobolo ka diatla tse tsa me tse.’” Philip o ne a re le ene ke sone se a neng a se ipoleletse. Ba ne ba gakololana ba bo ba buisana ka dikwalo tse di farologaneng.
Molaodi yo mosha o ne a isa bosetlabosheng ba ka nna lekgolo kwa Ibema, e leng kampa ya thutuntsho e e kwa tikologong ya Mbano ya se jaanong se bidiwang Imo State. Israel o tlhalosa se se ileng sa diragala: “Koloi ya mogobagoba e ne e eme sentle, mme bosetlabosheng ba ne ba palame. Mosadi wa me ebong June, o ne a ipeta pelo a tabogela kwa masoleng mme a kopa gore re se ka ra isiwa koo. Fa ba ne ba mo gana, o ne a khubama fa thoko ga koloi, a rapela, mme a bo a fetsa ka amene yo o kwa godimo. Go tswa foo koloi ya bo e tsamaya.”
Go Kopana le Lesole la Khiro le le Pelotlhomogi
Koloi ya masole e ne ya goroga kwa kampeng ya Ibema mo thapameng ya letsatsi le le latelang. Monna yo go neng go lebega a ikarabela koo e ne e le lesole la khiro la Moiseraele. Fa a ne a lemoga ka fa Philip le Israel ba neng ba tlhofofetse le go swafala ka teng, o ne a tla kwa go bone mme a ba botsa gore ke ka ntlha yang fa ba le mo seemong se se tlhobaetsang jaana. Ba ne ba tlhalosa gore ke Basupi ba ga Jehofa mme ba ganne go rutiwa sesole. O ne a lebagana le masole a mangwe ka bogale, ba ba neng ba le teng foo. O ne a re, “Kwa ntle ga pelaelo Biafra e tlile go fenngwa. Lefatshe lengwe le lengwe le le lwang ntwa e e kgokgontshang Basupi ba ga Jehofa ga le ka ke la fenya. Ga le a tshwanela go tsenya Basupi ba ga Jehofa mo sesoleng. Fa Mosupi a dumela go ya ntweng, moo ga gore sepe. Mme fa a gana, mo tlhokomologeng.”
Ngaka ya kampa e ne ya botsa gore a Basupi ba babedi bao ba ne ba kentilwe le go neelwa setlankana se se bontshang gore ba nonofetse go ka ya ntweng. Mme e re ka go ne go sa nna jalo, lesole la khiro le ne la gana botlhe bosetlabosheng mme a bo a laela gore ba busediwe kwa Umuacha.
“Tsamayang, Lo Ye Go Direla Modimo Wa Lona”
Moragonyana, mosadi wa ga Israel le mmaagwe Philip ba ne ba fetsa ka gore ba etele kampa ya Umuacha ka tsholofelo ya go utlwa dikgang dingwe. Fa jaaka ba atamela, ba ne ba utlwa letlatlaatlaa mo kampeng. Kwa kgorwaneng, modisa o ne a re: “Mosupi wa ga Jehofa! Dithapelo tsa gago di arabilwe. Setlhopha se se neng sa romelwa mo malatsing a mararo a a fetileng se busitswe.”
Philip le Israel ba ne ba gololwa mo kampeng ka lone letsatsi leo. Molaodi o ne a raya June a re: “A o itse gore ke thapelo ya gago e e dirileng gore maiteko a rona a seka a a atlega?” Go tsweng foo a bo a raya Israel le Philip a re: “Tsamayang, lo ye go direla Modimo wa lona, mme lo tswelele ka go boloka bothokgami mo go Jehofa wa lona.”
Mme Israel le Philip, ba ne ba fola mme ba tswelela mo tirong ya Bokeresete. Morago ga ntwa, Israel o ne a tsenelela tiro ya go rera ka nako e e tletseng ka dingwaga di le pedi mme o tsweletse pele e le mogolwane wa Mokeresete. Philip o ne a direla jaaka molebedi yo o etang ka dingwaga di le some mme le gone jaanong o santse a dira tiro ya go rera ka nako e e tletseng. Le ene ke mogolwane mo phuthegong.
Go Gana go Kolekela Dibetsa
Zebulan Nxumalo le Polite Mogane ke badihedi ba basha ba ba direlang ka nako e e tletseng kwa Afrika Borwa. Zebulan o tlhalosa jaana: “Sontaga mongwe mo mosong, setlhopha sa banna se ne sa tla kwa ntlong ya rona mme ba batla R20 go reka dibetsa. Ka maitseo re ne ra ba kopa gore ba tle ka maabanyane, e re ka thulaganyo ya rona ya Sontaga e ne e ka se ke e re fe nako ya go buisana ka kgang eo gone foo. Se se gakgamatsang ke gore ba ne ba dumela. Mo maabanyaneng ao, banna ba le 15 ba ne ba goroga. Difatlhego tsa bone di ne di bontsha gore ga baa tlela go tshameka. Morago ga go ba ikitsise ka botho, re ne ra batla go itse gore ba batla eng. Ba ne ba re ba tlhoka madi a go reka dibetsa tse ditona le tse di botoka tse ka tsone ba ka kgonang go lwantsha lekgamu la sepolotiki le le kgatlhanong le bone.
“Ke ne ka ba botsa jaana: ‘A go a kgonega go tima molelo ka peterole?’
“‘Nnyaa, moo ga go ka ke ga kgonega,’ ba ne ba araba jalo.
“Re ne ra tlhalosa gore ka tsela e e tshwanang, thubakanyo e tla tsala thubakanyo le go ipusolosetsa.
“Mafoko ano a ne a lebega a kgopisa banna ba le mmalwa mo go bao ba neng ba le teng. Selo se ba neng ba se batla jaanong se ne sa fetoga kgwetlho e e tshosetsang. Ba ne ba bobora ba re, ‘Go fetolana mo go senya nako. Go ntsha koleke mo mongwe le mongwe a patelesegang go go dira ga go buisanwe ka gone. O a duela kana o di gama o sa di tlhapela!’”
Zebulan o gakologelwa gore, “Mo nakong eo, fa dilo di simolola go tsaya phekelo e sele, moeteledipele wa bone o ne a tsena. O ne a batla go itse gore ga twe mathata ke eng. Re ne ra mo tlhalosetsa boemo jwa rona, mme o ne a reetsa ka kelotlhoko. Re ne ra dirisa boineelo jwa bone mo go se ba se dumelang sa sepolotiki go ba tshwantshetsa ka sone. Re ne ra batla go itse gore ba ne ba ka solofela gore lesole le le tswang mo letlhakoreng la bone le itshware jang fa le tshwerwe mme le patelelwa go ineela. Ba ne ba re motho yoo o tshwanetse go ikemisetsa go swela se a se dumelang. Ba ne ba nyenya fa re ne re ba akgolela karabo ya bone; ba ne ba sa lemoge gore ba re file sebaka se se molemo sa go tshwantsha kgang ya rona. Re ne ra ba tlhalosetsa gore re farologane le dikereke tsa Labokeresete. Jaaka baemanokeng ba Bogosi jwa Modimo, ‘molaotheo’ wa rona o ikaegile ka Bibela, e e nyatsang mekgwa yotlhe ya go bolaya motho. Ka lebaka leo, ga re ikaelele le fa e le go ntsha sente go kolekela go reka dibetsa.
“Mo nakong eno, fa jaanong puisano e setse e ile magoletsa, batho ba ba oketsegileng ba ne ba setse ba tsena ka monokela mo ntlong ya rona, mo e leng gore re ne re setse re bua le setlhopha se se tona sa batho. Ba ne ba sa lemoge gore re ne re rapelela gore e re fa kgang e ya go fela e bo e sa re wela.
“Morago ga go tlhalosa boemo jwa rona ka botlalo, go ne ga nna setu ka sebakanyana. Kgabagare moeteledipele wa bone o ne a bua le setlhopha jaana: ‘Borra, ke tlhaloganya seemo sa banna bano. Fa re ne re tlhoka madi a go agela batsofe legae, kana mongwe wa baagisani a ne a tlhoka madi a go ya kwa sepateleng, banna bano ba ka bo ba itlhotlhora dipata. Mme ga ba a ikemisetsa go re fa madi gore re bolaye. Nna ka bonna, ga ke kgatlhanong le tumelo ya bone.’
“Ka mafoko ao, botlhe ba ne ba ema ka dinao. Re ne ra tshwarana ka matsogo mme ra ba lebogela bopelotelele jwa bone. Se se simologileng e le seemo se se tshosetsang se se neng se ka nna sa baka gore re latlhegelwe ke matshelo se ne sa felela ka phenyo e kgolo.”
Digopa Tse Di Eteletsweng Pele ke Baruti
Go boletse jalo Mosupi wa kwa Poland ebong Jerzy Kulesza:
“Fa go buiwa ka tlhagafalo le go baya kwa pele dilo tse di amanang le Bogosi, rre ebong Aleksander Kulesza, e ne e le sekao se se ka salwang morago. Mo go ene, tirelo ya tshimo, dipokano tsa Bokeresete, le thuto ya motho ka esi le ya lelapa di ne di le boitshepo eleruri. O ne a sa kgoreletswe ke sepe e ka tswa go ole kapoko kana go tsogile ledimo kana go le mogote. Mo marigeng o ne a rwala disekii tsa gagwe, a bo a belega kgetsi e tletse ka dibuka tsa Bibela, a bo a leba kwa dikarolong tse di kwa thoko tsa Poland ka malatsi a le mmalwa. O ne a aga a kopana le diphatsa tse di farologaneng, go akaretsa le ditlhopha tsa diingaodi tse di tletseng thubakanyo.
“Ka dinako tse dingwe baruti ba ne ba tsogologela Basupi, ba tlhotlheletsa digopa. Ba ne ba aga ba ba sotla, ba ba ngata ka maje, kana ba ba itaya. Mme ba ne ba tle ba boele gae, ba itumeletse go bo ba kgonne go itshokela matlhapa ka ntlha ya leina la ga Keresete.
“Mo dingwageng tseo tsa ntlha morago ga Ntwa ya Lefatshe II, babusi ba ne ba sa kgone go baya dilo mo taolong le go di lolamisa mo lefatsheng leo. Go ne go na le tlhakatlhakano le tshenyo. Mapodisi le mapodisi a sephiri ba ne ba na le taolo motshegare, fa diingaodi le makgamu a a farologaneng a ne a dira bosigo. Bogodu le borukhutlhi di ne tsa befa, me go ne go na le dikatlholo tse di neng di se ka fa molaong di le dintsi thata. Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba sa sireletsega ba ne ba sa le bona, bogolo jang ka jaana ditlhopha dingwe tse di neng di eteletswe pele ke baruti di ne di itebagantse le Basupi. Ba ne ba tlhasela magae a rona ka seipato sa gore ba femela tumelo ya Sekatoliki ya borraabo. Mo ditiragalong tseo ba ne ba thuba difensetere, ba utswa diruiwa, le go senya diaparo, dijo le dibuka. Ba ne ba latlhela Dibibela mo sedibeng.”
Boswelatumelo Jo Bo Neng bo sa Solofelwa
“Letsatsi lengwe ka June 1946, pele ga re kopana gore re tle re tsamaye ka baesekele go ya kwa lefelong lengwe le le kwa thoko, mokaulengwe mongwe yo mmotlana ebong Kazimierz Kądziela, o ne a re etela mme a bua le rre ka lentswe le le kwa tlase. Rre o ne a re re tsamaye, mme o ne a se ka a tsamaya le rona, selo se se ileng sa re gakgamatsa. Re ne ra utlwa mabaka morago. Fa re boa, re ne ra utlwa gore mo bosigong jo bo fetileng booraKądziela ba ne ba itewa setlhogo, ka jalo rre o ne a ile go tlhokomela bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba gobetse thata.
“Fa ke ne ke tsena mo kamoreng e ba neng ba le mo go yone, se ke neng ka se bona se ne sa ntira gore ke lele. Dipota le siling di ne di gasakilwe ke madi. Batho ba ba neng ba le mo dibantising ba ne ba robetse mo malaong, ba iteilwe ebile ba na le motšadi a a bontsho le botala, ba rurugile, ba robegile dikgopo le maoto le matsogo. O ne o sa kgone go itse gore yo ke mang yo ke mang. Kgaitsadi Kądziela, ene mmalelapa, o ne a iteilwe setlhogo. Rre o ne a ba thusa, mme pele ga a tsamaya o ne a bua mafoko ano a a utlwalang: ‘Ao, Modimo wa me, ke motho yo o itekanetseng yo o nonofileng [ka nako eo o ne a na le dingwaga di le 45 mme a ise a ko a lwale], mme ga ke ise ke ko ke nne le tshiamelo ya go boga ka ntlha ya gago. Ke eng fa go tshwanetse gore go diragalele kgaitsadi yono yo o godileng?’ O ne a ise a itse gore o emetswe ke eng.
“Fa letsatsi le phirima re ne ra boela kwa gae, sekgala sa [dikilomitara di le tharo] go tswa foo. Setlhopha sa banna ba le 50 se ne se dikanyeditse ntlo ya rona. BooraWincenciuk le bone ba ne ba tlisitswe moo, ka jalo re ne re robabongwe ka palo. Mongwe le mongwe wa rona o ne a bodiwa potso eno: ‘A o Mosupi wa ga Jehofa?’ Fa re araba ka ee, re ne ra betswa. Go tsweng foo, banna ba le babedi ba banna bao ba ba bosula ba ne ba fapaanela go betsa rre fa ka fa ba ntse ba mmotsa gore o tla emisa go bala Bibela le go rera ka yone. Ba ne ba batla go itse gore a o tla ya kwa kerekeng go ya go ipolela dibe. Ba ne ba mo kgoba, ba re: ‘Gompieno re tla go tlhoma go nna bishopo.’ Rre le eseng go tswa molomo, le fa e le gore ishh. O ne a itshokela dipogiso tsa bone, a didimetse fela jaaka nku. Fa letsatsi le tlhaba, metsotso e ka nna 15 morago ga fa diganka tsa bodumedi di sena go tsamaya, o ne a swa, ba mo teketile mo go botlhoko. Mme pele ga ba tsamaya, ba ne ba re ke nna yo ba tlileng go nteketa go tswa foo. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le 17 fela. Fa ba ntse ba mpetsa ke ne ka idibala gantsinyana. Mmele wa me o ne o le montsho go tswa fa lothekeng go ya kwa godimo ka ntlha ya dipaputla. Re ne ra tshwarwa makgwakgwa ka diura di le thataro. Fela ka go bo re le Basupi ba ga Jehofa!”
Kemonokeng ya Mosadi Yo o Ikanyegang
“Ke ne ke le mo setlhopheng sa Basupi ba le 22 ba ba neng ba tlhatlhetswe ka dikgwedi di le pedi mo seleng e e lefifi ya bogolo jo bo ka fa tlase ga [disekweremitara di le some]. Kwa bokhutlong jwa nako eo, selekanyo sa dijo tsa rona se ne se fokoditswe. Letsatsi le letsatsi, re ne re fiwa borothonyana bo le bonnye le kopi e nnye ya kofi e e botlhoko. Go ne go kgonega go rapama mo bodilong jwa konkereiti fa mongwe a tserwe a ile go botsakwa dipotso mo bosigong.
“Ke ne ka tlhatlhelelwa ditiro tsa Bokeresete ga tlhano mo kgolegelong, ka lobaka lo lo tshwarang dingwaga tse di robangbobedi fa di kopantswe. Ke ne ke tsewa jaaka legolegwa le le kgethegileng. Go ne go na le ntlha e e tlhalosang seo mo pegong ya me: ‘Lo tene Kulesza go ya bokgakaleng jwa gore a latlhegelwe ke keletso ya gagwe ya go tsweledisa tiro ya gagwe.’ Lefa go ntse jalo, nako le nako fa ke gololwa, ke ne ke tsenelela tirelo ya Bokeresete. Babusi gape ba ne ba thatafaletsa mosadi wa me, Urszula, le barwadiake ba babedi botshelo. Ka sekai, ka dingwaga di le some modiredi wa molao o ne a tseela mosadi wa me mangwe a madi a a a bereketseng ka bokete. Seno go ne go twe ke lekgetho la me ka go bo ke kwala dibuka tsa sephiri tsa Bibela. Go ne go gapilwe sengwe le sengwe fa e se tse go neng go tsewa gore ke dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Ke leboga Jehofa ka ntlha ya mosadi wa me yo o pelokgale, yo o ileng a itshoka le nna ka pelotelele mo dipogisong tseo tsotlhe yo gape a neng a ntshegetsa ka metlha.
“Re ile ra bona phenyo ya semoya mono mo Poland; jaanong re na le ofisi ya lekala e e ka fa molaong ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Nadarzyn, gaufi le Warsaw. Morago ga go bogisiwa ka masome a dingwaga, jaanong go na le Basupi ba feta 108 000, ba ba kopanelang mo diphuthegong di le 1 348.”
Ke Ka Ntlha Yang go na le Baswelatumelo ba le Bantsi Jaana?
Pego ka go boloka bothokgami ga Basupi ba ga Jehofa mo lekgolong leno la bo20 e ka tlala ka dibukabuka ka tsela ya mmatota—diketekete tsa bone di ne tsa swa jaaka baswelatumelo kana ba tlhatlhelwa le go bogisiwa ka tsela e e ka se keng ya tlhalosiwa, go betelelwa le go thopiwa ga dilo tsa bone, mo mafelong a a etsang Malawi le Mozambique, kwa Spain mo pusong ya Bofasi, kwa Yuropa mo pusong ya Bonasi, kwa Yuropa Botlhaba mo pusong ya Bokomanisi, le kwa United States ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. Potso ke gore, Ke ka ntlha yang? Ke ka ntlha ya go bo baeteledi ba bodumedi le ba sepolotiki ba ile ba se ka ba itetla go tlotla segakolodi se se thapisitsweng ka Bibela sa Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ba ganang go ithuta go bolaya bao gape ba sa tseneng mo ditirong tsa sepolotiki. Go ntse fela jaaka Keresete a rile go tla nna, jaaka go begilwe mo go Yohane 15:17-19: “Dilō tse kea di lo laolèla, gore lo ratanè. Ha lehatshe le lo ila, loa itse ha le nkidile pele, le e se le lo ile. Ha lo no lo le ba lehatshe le ne le tla rata ba e leñ ba yeōna: me ereka lo se ba lehatshe, me ke lo itshenketse mo lehatshiñ, ke gōna lehatshe le lo ilañ.”
Go sa kgathalesege go bogisiwa thata jaana mo lefatsheng, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba oketsega—go tswa mo go ba le 126 000 mo dinageng di le 54 ka 1943 go ya go ba ba omelang 4 500 000 mo dinageng di le 229 ka 1993. Ba bone phenyo le fa ba ne ba lebane le loso. Ba ikemiseditse go tsweledisa thuto ya bone e e kgethegileng ya go bolela mafoko a a molemo a Bogosi go fitlhelela Jehofa a ntsha taolo ya gore go emisiwe.—Isaia 6:11, 12; Mathaio 24:14; Mareko 13:10.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bothokgami ke “go ngaparela ka thata mokgwa mongwe wa boitshwaro kana wa go dira sengwe.”—The American Heritage Dictionary, Poeletso ya Boraro.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Boswela-tumelo kwa Jeremane
AUGUST DICKMANN o ne a na le dingwaga di le 23 fa mookamedi wa SS ebong Heinrich Himmler a ne a ntsha taolo ya gore a hulwe a lebilwe ke Basupi ba bangwe ba ba neng ba le mo kampeng ya pogisetso ya Sachsenhausen. Gustav Auschner, yo o neng a bona tiragalo eo ka matlho, o ne a bega jaana: “Ba ne ba hula Mokaulengwe Dickmann mme ba bo ba re bolelela gore le rona re tla hulwa fela jalo fa re ka se ka ra saena go itatola tumelo ya rona. Re tla isiwa kwa lehuting la motlhaba re le 30 kana 40 ka nako e le nngwe, mme ba tla re hula rotlhe. Letsatsi le le latelang, SS e ne ya neela mongwe le mongwe wa rona pampitshana go e saena kana eseng jalo re hulwe. O ka bo o ile wa bona ka fa ba neng ba senyegile difatlhego ka teng fa ba tsamaya go se na ope yo o saenneng. Ba ne ba akantse gore gongwe ba tla re tshosa ka gore ba tla re bolaya re lebilwe ke batho. Mme re ne re boifa go kgopisa Jehofa go na le go tshaba marumo a bone. Ga ba ise ba tlhole ba hula ope wa rona phatlalatsa.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]
Loso
KA DINAKO dingwe, phenyo le o lebanye le loso e ka nna ya raya go latlhegelwa ke botshelo. Lekwalo le le amogetsweng go tswa kwa Phuthegong ya Nseleni, mo karolong e e mo bokone jwa Kgaolo ya Natal ya Afrika Borwa, le bolela ka tiragalo e e tlhomolang pelo: “Re lo kwalela lekwalo leno go lo itsise ka loso lwa ga mokaulengwe wa rona yo o rategang ebong Moses Nyamussua. Tiro ya gagwe e ne e le go lomaganya ditshipi le go baakanya dikoloi. Nako nngwe o ne a kopiwa ke setlhopha sengwe sa sepolotiki go lomaganya ditlhobolo tsa bone tsa maitirelo, mme o ne a gana. Mme, erile ka di 16 tsa February, 1992, ba ne ba tshwara phuthego ya bone ya sepolotiki, koo ba ileng ba lwa le setlhopha se se kgatlhanong le sa bone. Maitseboa ao fa ba boa kwa ntweng ya bone, ba ne ba bona mokaulengwe a ya kwa dishopong. Mme ba ne ba mmolaela gone foo ka digai tsa bone. Ba ne ba mmolaela eng? ‘O ganne go lomaganya ditlhobolo tsa rona, mme jaanong maloko a rona a swetse mo ntweng.’
Mokaulengwe Dumakude, yo e leng mokwaledi wa phuthego, a re, “Seno se ne sa kgaola bakaulengwe pelo thata.” O tlatsa jaana, “Mme legale re tla tswelela ka bodihedi jwa rona.”
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
Boswela-tumelo kwa Poland
KA 1944, fa masole a Jeremane a ne a tshaba ka bofefo mme jaanong ntwa e atamela toropo nngwe e e ka fa botlhaba kwa Poland, babusi ba ba neng ba e gapile ba ne ba patelela batho ba eseng masole go epa mesele e e tla thibelang digaigai tsa ntwa. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go nna le seabe. Stefan Kieryło, Mosupi yo mmotlana—yo o neng a sa tswa go kolobediwa mo dikgweding tse pedi tse di fetileng—o ne a patelelwa go tsena mo lekokong la badiri mme o ne a boloka boitlhaodi ka bopelokgale. Go ne ga dirwa maiteko a a farologaneng go mo robisa bothokgami jwa gagwe.
Ba ne ba mmofelela a le segwere mo setlharing se se mo makgobokgobong a metsi gore a tle a akolwe ke monang le ditsiane tse dingwe. O ne a itshokela seo le mefuta e mengwe ya pogiso, mme ka jalo ba ne ba mo lesa. Le fa go ntse jalo, fa modiredi wa maemo a a kwa godimo a ne a tlhatlhoba lekoko, mongwe o ne a mo raya a re go na le monna mongwe yo o neng a ka se ka a dira se a se mo laelang le fa a ne ka leka jang. Stefan o ne a laelwa gararo gore a epe mosele. O ne a bo a gana le go tshwara garawe ka seatla sa gagwe tota. O ne a hulwa a swela ruri. Makgolokgolo a ba ba neng ba lebeletse tiragalo eo ba ne ba mo itse ka namana. Boswelatumelo jwa gagwe bo ne jwa neela bosupi jwa nonofo e kgolo e Jehofa a ka e neelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ananii Grogul
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Jerzy Kulesza