Ke Ka Lebana Jang le Go Tlogelwa ke Moratiwa?
“ONE a ntira gore ke ikutlwe e le nna fela mo lefatsheng. Ke ne ka nna le maikutlo a ke neng ke ise ke ko ke nne le one pele. Mme e bo e re go tswa foo a bo a mpolelela gore ga a bone gore re ka tswelela pele. Ke ne ka ikutlwa ekete botshelo jwa me bo fedile. Ke ne ka lela bosigo le motshegare. Ke ne ke sa je, ke sa robale, mo dikgweding di sekaenyana fela ke fa ke setse ke latlhegetswe ke mmele ka [dikilogarama di le 15], ke bile ka tsenwa ke bolwetsi jwa mometso. Ke ne ke sa tlhole ke natefelelwa ke botshelo.”—Renee.
Fa e le gore o kile wa utlwisiwa botlhoko ke go kgaogana le motho o mo rata, selelo seno o tshwanetse o bo o se tlhaloganya sentle. O itse sentle gore go ntse jang go rata motho, mme ditsholofelo tsa gago di bo di re phutlha. Boikutlo jwa go tlogelwa bo bokete, ebile bo a nyenyefatsa. Fa o ntse o lwa le mahutsana, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘Ke eng ke sa lese go akanya ka gone—ke mo lebale mme ke tswelele pele le botshelo jwa me?’ Ga se gantsi go leng motlhofo jalo.
Ke Ka Ntlha Yang Go le Bokete Jaana?
Patlisiso nngwe e bontshitse gore go rata motho ke selo se se maatla. Go bile ga tshwantshanngwa le kamano ya motsadi le ngwana. Le fa gone go tla tsaya nako gore o rate motho ka selekanyo se se kalo, o ka nna wa nna le maikutlo a a boteng fela di tloga. Ga o kake wa a tima kana wa a tshuba jaaka ekete ke lebone la motlakase. Mme fa o le mo seemong se Bibela e se bitsang ‘bosha,’ dikeletso tsa tlhakanelodikobo di ka nna tsa go fekeetsa fela thata. (1 Bakorintha 7:36) Seo se bo se dira gore go latlhegelwa ke moratiwa go nne thata go metsega.
Tshekamelo ya go ijesa dijo tsa ditoro le yone e ka nna le seabe. Tshekatsheko nngwe ka babatlisisi e tlhalosa gore basha ba “tshabelelwa thata ke mahutsana a go latlhiwa ka gore fa ba simolola go ratana, ba na le go ijesa dijo tsa ditoro ka isagwe ba na le baratiwa ba bone. Ditoro tseno di akaretsa go nyalwa, go nna le bana, le go nna mmogo botshelo jwa bone jotlhe.” Go ka nna thata go tlogela ditoro tse di ntseng jalo, lefa gongwe di le kgakala le boammaaruri ka botshelo.
O Santse O Ratiwa
Ka jalo tshekatsheko yone eo e bolela gore “go latlhiwa ke motho yo o mo ratang . . . go dira gore o ikutlwe gore o a palelwa le gore o a tlhaela.” Jeanette o gakalogelwa jaana: “O ikutlwa o kgobegile marapo, ekete ga go na ope yo o ka go gomotsang. Ga o sa tlhole o natefelwa ke sepe. O ikutlwa o le mo sebakeng.” Fela jaaka ene, bontsi bo ikutlwa bo kgobegile marapo, bo ipona molato, bo se na mosola, bo sa kgone go tlhoma mogopolo mo go sepe. Bangwe ba bile ba ipolaya.
Ka jalo eno e ka nna nako e e diphatsa thata mo go wena. Legale, o gakologelwe kgothatso ya ga Jesu ya gore “u ratè moñwe ka wèna yaka u ithata.” (Mareko 12:31) Go ithata ka selekanyo se se rileng go a tlhokega e bile go siame. Go bo motho mongwe yo o mo ratang a se ka a go rata ga go reye gore ga o kake wa ratiwa, gakere? Ga o ka ke wa tsaya gore ga go ka ke ga nna le ope yo o tla go ratang kana yo o tla mo kgatlhang, a ga go jalo? A ga o na maloko a lelapa la gaeno le ditsala tsa gago tse di go ratang?
Se se botlhokwa le go feta, Modimo o ne o ikutlwa jang ka wena? Mosadi yo o tshedileng mo metlheng ya Bibela ebong Lea, o tshwanetse a bo a ile a hutsafadiwa thata ke go tlhokomologiwa. O ne a itse sentle gore monna wa gagwe ebong Jakobe, o ne a tsieditswe gore a mo nyale, le gore o ne a rata monnawe ebong Ragele thata go na le ene. Ga go gakgamatse go bo a ne a ikutlwa a “ilwa,” jaaka go ka tualo, le go nna molatlhegi. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne a bona dilo tse di molemo mo go Lea. O ne a mo segofatsa ka bana ba le bantsi, mme losika lwa seperesiti lwa Iseraele le lwa segosi—leo Mesia a ileng a tla ka lone—le ne la tla ka ene, e seng ka Ragele.—Genesise 29:30-35.
Ga go na selekanyo sepe sa go tlhokomologwa se se ka fetolang boammaaruri jwa go segofadiwa le go ratiwa ke Modimo. O gakologelwe gore, Mmopi wa lobopo o go rata mo a bileng a letlelela Morwawe go boga ka ntlha ya gago le go go swela. (Yohane 3:16) Ga se gore ga o kake wa ratiwa, mme ebile gotlhelele ga se gore o motho yo o se nang mosola ope.
Fa Go Kgaogana e Leng Lesego
O ka nna wa tsaya gore go kgaogana moo e ka nna ya bo e le selo se se maswe se se kileng sa go diragalela, mme o ka nna wa fitlhela gore kante go diragetse sentle. Lefa e le gore go thata jang go go dumela, go ka nna ga nna gore go kgaogana le moratiwa wa gago ke lesego. Jang tota? Bontsi jwa maratonyana a basha ga go tlhomamisege gore a tla atlega. Basha ba santse ba gola le go fetoga; ba tshabelelwa ke dikeletso tse di fetang le phefo le marato a a phoso. Lefa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga basha ba le diketekete ba a nyalana, mme e re ba setse ba ipofile ba bo ba lemoga gore ba dirile phoso. Mookamedi mongwe wa pampiri ya dikgang o ne a bolela jaana morago ga tlhalo ya gagwe: “E ne e le phoso go nyala ke santse ke le monnye thata. Ke ne ke sa itse gore kante re na le mekgwa le kgodiso e e farologaneng thata jaana.”
Manyalo a basha a thubega ka palo e e tsitsibanyang mmele fela thata. Lefa gongwe o ka nna wa bo o hutsafetse gone jaanong, tlhomamisa selo ke se—o ne o tla lela sa mmaiyoo fa o ne o ka iphitlhela o ikgameletse ka lenyalo le le sa itumediseng. Ipotse gore a mme gone o ne o ipaakanyeditse botshelo jotlhe o nyetse kana o nyetswe, ka maikarabelo a jone, go akaretsa le go godisa bana. A mme ene yo o neng o mo rata o ne a ipaakantse ebile a godile sentle mo tlhaloganyong? Itse gore, go thubega ga thatano go gaisiwa fela thata ke go thubega ga lenyalo ka mahutsana.
Go kgaogana go nna lesego bogolo jang fa ele gore o ne o ratana le motho yo o se nang sepe le melaomotheo ya bomodimo le ditekanyetso tsa gagwe. (2 Bakorintha 6:14) Shana o gakologelwa dikotsi tsa boitsholo ka go ratana le mosimane wa lefatshe: “O ne a aga a re o a nthata. Mme go tsweng foo a bo a re ke tlhakanele le ene dikobo. Ke bo ke gana. Ke ne ke itse gore go dira jalo go phoso. Moragonyana, o ne a emisa go tlhola a nteletsa. Ke ne ke lela bosigo bongwe le bongwe—go ntlogela ga gagwe go ne go nkhutsafaditse thata!” Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore, go kgaogana moo go thusitse Shana gore a se ka a welwa ke matlhotlhapelo a semoya.
Ka jalo o ka dirisa go kgaogana moo jaaka thuto. Fela jaaka Diane 22:3 e re, “motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla, me ba utlwe botlhoko ka gōna.” A tiragalo eno e tla go dira gore o nne botlhale, gore o tle o tile mathata mo isagweng?
Go Lwantshana le Maikutlo
Le fa go ntse jalo, le fa go kgaogana go ne go le mosola mo go wena, seno ga se go dire gore go se ka ga hutsafatsa. Jaanong o ka lwantshana jang le maikutlo a lebegang a sa ikaelele go go tlogela? Itse gore, ga go kake ga go thusa go ipolelela gore ga o a hutsafala. Jaaka makasine wa ’Teen o ile wa bolela jaana bosheng ka kgang eno, “maikutlo ga se selo se o ka se tshabelang kana wa se iphitlhela. Kgabagare, a tla go kapa.”
Ke ga tlholego fela gore o ikutlwe o kgopegile, o tennwe ke seno. Mme legale o se ka wa a hupetsa, o ya go robala bosigo bongwe le bongwe pelo e tutetse. Dirisa kgakololo eno e e botlhale ya Bibela: “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha: a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale.” (Baefesia 4:26) Bolelela tsala e o e tshepang maikutlo a gago. Diane 15:22 ya re, “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle.” Batsadi ba gago kana bagolwane ba Bakeresete ba ka go tswa thuso mo maemong ano. O ka nna wa fitlhela gore le bone ba kile ba diragalelwa ke se se tshwanang fa ba santse ba le basha.
Sengwe se se ka go thusang gore o lwe le maikutlo a gago ke go nna o tshwaregile ka sengwe. O ka nna wa nna le tshekamelo ya go itlhaola, go ikgogona, go lora, o sa kgatlhegele botshelo. Jeanette o gakologelwa jaana: “O fitlhela go go raya gore o se ka wa tshwara le fa e le sepe. Sa gago e le boroko fela.” Mme fela jaaka Diane 18:1 e tlhagisa, “eo o itomololañ o batla keleco ea gagwè ka esi, me a shakgalèle botlhale yotlhe yo bo itekanetseñ.” Ka jalo, go na le go dira jalo nna o tshwaregile ka sengwe. Kopana le bao ba tla go kgothatsang gore o tsamaye mo tseleng e e siameng.
Tsela e e molemo ya go dirisa maatla a gago ke go dira ka natla mo bodiheding jwa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Me ke gōna ba ga echo ba ba ratègañ, lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.” (1 Bakorintha 15:58) Ga go tlhokafale gore o ikutlwe o le loleya kana o sena mosola mo botshelong. Go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo go lere boitumelo le kgotsofalo.—Ditihō 20:35.
Gape o gakologelwe gore, mo nakong e e rileng ka malatsi a mangwe o tla tsoga ka la molema a mangwe o tsoge go sena mathata. Mo malatsing a e seng one o ka nna wa ikutlwa ekete bohutsana ga bo ka ke jwa go tlogela. Mme boammaaruri ke gore, o tla tokafala. Gore ntho e fole—ya mofuta mongwe le mongwe—go tsaya nako. O se ka wa itiya go fola ka go nnela go letsa mmino wa marato kana o o gogomosang maikutlo le go nna o lora ka fa o kileng wa bo o ratana ka teng le motho yo o ileng. Ikaege ka Jehofa go bona nonofo. O itse sentle seemo se o mo go sone le ka fa o ikutlwang ka teng. “Yehofa o gauhi le ba ba pelo e phatlogileñ, o boloka ba ba moèa o o ñomogileñ.”—Pesalema 34:18.
Dinako tsa Monate Di Sa Tla
Jaaka mosha, mangwe a masego a o nang nao ke nako. O na le nako e ntsi thata ya go ithuta le go nna le maitemogelo. Ka jalo dirisa letlotlo leno ka botlhale; o nonotshe dinonofo tse di tla go dirang mogolo yo o nitameng ebile a sena tlhobaelo. Ka tsela eo o tla kgona go tsaya ditshwetso tse di botlhale ka go ratana le lenyalo mo isagweng.
Le ntswa go le thata jaana, nako eno ya mahutsana e tla feta, mme e ka nna ya re kwa bofelong o bo o le botlhale le go feta ka ntlha ya gone. Renee, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ke kgona go lebagana le maikutlo a me botoka jaanong. Ke ithutile mo gontsi. Ke ithutile gore ke fela ka go dira dilo go ya ka tsela ya ga Jehofa dilo di ka go tsamaelang sentle.”