LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/15 ts. 10-11
  • Fa Thatano e Fela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Thatano e Fela
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Nka Dirang fa ke Kgaogane le Motho Yo ke Mo Ratang?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Nka Dira Eng Gore ke Gomotsege fa ke Sena go Kgaogana le Motho yo ke Neng ke Ratana le Ene?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Nka Dirang go Nametsega Morago ga Gore re Kgaogane?
    Tsogang!—2009
  • Ke Ka Lebana Jang le Go Tlogelwa ke Moratiwa?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 7/15 ts. 10-11
Lekau le akanya ka mosetsana yo le kgaoganeng le ene

GO THUSA LELAPA | BASHA

Fa Thatano e Fela

KGWETLHO

“Ke ne ke ithaya ke re ke bone motho yo o ntshiametseng. Mo pelong ke ne ka re, ‘Ke tlile go fetsa botshelo jwa me jotlhe le lekawana leno.’ Mme morago ga dikgwedi tse pedi re intsha, re ne ra kgaogana. Ke ne ke sa dumele!”—Anna.a

“Go ne go lebega re rata dilo tse di tshwanang. Ke ne ke setse ke lora re nyalane. Fa nako e ntse tsamaya, ke ne ka lemoga gore go na le dilo tse dintsi tse re sa tshwaneng ka tsone. Fa ke lemoga gore ke ne ke dira phoso e kgolo, ke ne ka kgaogana le ene.”—Elaine.

A o kile wa diragalelwa ke se se tshwanang? Fa go le jalo, setlhogo seno se ka go thusa.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go kgaogana go ka utlwisa botlhoko, tota le fa e le wena o kopileng gore lo kgaogane. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Sarah, le le neng la kgaogana le lekau la lone morago ga dikgwedi tse thataro la re, “Ke ne ke tlhakatlhakane! Ke ne ke ratana le motho, ke akanya fela re le babedi botshelo jotlhe; go ise go ye kae, ke fa re kgaogana. Ke ne ke tle ke utlwe dipina tse re neng re di rata, seo se bo se nkgopotsa dinako tse di monate tse re nnileng le tsone. Ke ne ke tle ke ye kwa mafelong a re neng re a rata, ke bo ke utlwisiwa botlhoko ke gore ga re mmogo. Ke ne ka ikutlwa jalo le fa e ne e le nna ke rileng re kgaogane!”

Go kgaogana go ka nna molemo le fa go utlwisa botlhoko. Elaine a re: “Ga o batle go utlwisa motho yo mongwe botlhoko. Mme o a lemoga gore fa lo ka tswelela ka thatano ya lona, lo tla feleletsa lo ikutlwisitse botlhoko.” Sarah o dumalana le seo. A re: “Ke akanya gore fa o sa itumela fa lo ratana, o ka se itumele fa lo nyalane, ka jalo go molemo gore lo kgaogane.”

Go kgaogana ga go reye gore o paletswe. Ke boammaaruri gore ga se ka metlha thatano e felelang ka gore lo nyalane. Fa go na le dilo tse di masisi tse wena le motho yo o ratanang le ene lo sa dumalaneng ka tsone, go ka tswa go le molemo gore lo kgaogane. Mme fa thatano ya lona e sa atlega ga go reye gore o paletswe. O ka atlega! Jang?

SE O KA SE DIRANG

Amogela se se diragetseng. Elaine yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “E ne e se tsala fela; e ne e le tsala ya botlhokwa.” Fa o kgaogana le motho yo o neng o atamalane le ene jalo, go tla go utlwisa botlhoko. Lekawana lengwe le le bidiwang Adam la re: “Fa thatano e fela, o utlwa botlhoko le fa gone o itse gore go molemo go bo lo kgaogane.” O ka tswa o ikutlwa jaaka Kgosi Dafide yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. O ne a kwala jaana fa a ne a utlwile botlhoko: “Bosigo jotlhe ke dira gore sekanamelo sa me se nne metsimetsi.” (Pesalema 6:6) O se ka wa itlhokomolosa gore o utlwile botlhoko, go na le moo amogela gore seo se ka utlwisa botlhoko. Go amogela gore o utlwile botlhoko go tla dira gore o fole.—Molaomotheo wa Baebele: Pesalema 4:4.

Atamalana le batho ba ba amegang ka wena. Boammaaruri ke gore seo se ka tswa se se motlhofo. Anna yo go builweng ka ene pelenyana a re: “Kwa tshimologong ke ne ke sa batle go kopana le batho. Ke ne ke tlhoka nako ya go akanya ka se se diragetseng.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Anna o ne a solegelwa molemo ke go atamalana le ditsala tse di neng di tla mo kgothatsa. A re: “Jaanong ke leba dilo sentle e bile ga ke tlhole ke utlwile botlhoko jaaka pele.”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 17:17.

Ithute mo go se se diragetseng. Ipotse jaana: ‘A se se diragetseng se bontsha gore ke tlhoka go tokafatsa mo dilong dingwe? Nka dira dilo jang ka tsela e e farologaneng fa ke ratana gape?’ Lekgarebe lengwe le le bidiwang Marcia la re: “Ke ne ka kgona go akanya sentle ka se se diragetseng morago ga lobaka lo lo rileng. Le fa go ntse jalo, go ntsere lobaka gore ke akanye sentle ke sa tseega maikutlo.” Adam yo go builweng ka ene pelenyana le ene o ikutlwa jalo. A re: “Go ntsere ngwaga gore ke siame fa re sena go kgaogana, ga bo ga ntsaya lobaka lo loleele gore ke ithute mo go se se diragetseng. Se se ntiragaletseng se nthutile go le gontsi ka nna, batho ba bong bosele le ka go ratana. Jaanong ga ke tlhole ke utlwa botlhoko thata ka go bo re kgaogane.”

Rapela ka gone. Baebele ya re Modimo “o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.” (Pesalema 147:3) Le fa Modimo a ka se go tlhophele molekane e bile a ka se tshwaiwe phoso fa thatano e fela, o a go kgathalela. Bua le ene ka thapelo o mmolelele kafa o ikutlwa ka gone.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Petere 5:7.

a Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Fuduegang . . . Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona.”—Pesalema 4:4.

  • ‘Molekane wa boammaaruri . . . o tsholetswe nako ya fa go na le matshwenyego.’—Diane 17:17.

  • ‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene [Modimo], ka gonne o a lo kgathalela.’ —1 Petere 5:7.

“PELO E KGONA GO FOLA”

“Fa lekau la me le ntlogela, ke ne ke ikutlwa ke le molato, ke tlhakane tlhogo, ke jewa ke bodutu e bile ke se motho wa sepe. Kutlobotlhoko ke sengwe sa dilo tse di botlhoko thata go lebana le tsone. Modimo o dirile gore lorato e nne selo se se itumedisang. Tota le fa thatano e fela, re ka kgona go fola. Go tsaya nako gore o rate motho e bile go tsaya nako gore o fole fa lo sena go kgaogana. Mme go a kgonega. Pelo e kgona go fola.”—Marcia.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 31 mo bukeng ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1.  Leba DIKGATISO > DIBUKA & DIBUKANA.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela