LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/09 ts. 18-20
  • Nka Dirang go Nametsega Morago ga Gore re Kgaogane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang go Nametsega Morago ga Gore re Kgaogane?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo go Le Botlhoko
  • Go Tswelela ka Botshelo
  • Go Leba Kwa Pele
  • Nka Dira Eng Gore ke Gomotsege fa ke Sena go Kgaogana le Motho yo ke Neng ke Ratana le Ene?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Nka Dirang fa ke Kgaogane le Motho Yo ke Mo Ratang?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Fa Thatano e Fela
    Tsogang!—2015
  • O ne A Rata Se a Se Ithutileng
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 2/09 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana

Nka Dirang go Nametsega Morago ga Gore re Kgaogane?

“Re ne re ntse re intsha ka dikgwedi di le thataro e bile re ne re le ditsala ka dingwaga di le tlhano. Fa a ne a batla go fedisa thatano ya rona o ne a bile a sa kgone go nteba mo matlhong. O ne a tlogela fela go tlhola a bua le nna. Ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo. Ke ne ke fekeeditswe ke maikutlo a go swaba. Ke ne ke ipotsa gore ‘Ke dirile eng se se phoso?’”—Rachel.a

GO KGAOGANA le mongwe yo o mo ratang go ka senya boitumelo jwa gago mme ga dira gore o sale o tlaletswe e bile o lela. Akanya ka Jeff le Susan, ba ba neng ba ratana ka dingwaga di le pedi. Mo nakong eo, lorato lwa bone lo ne lwa gola. Letsatsi lotlhe, Jeff o ne a romelela Susan melaetsa e e mmontshang gore o a mo rata. Nako le nako o ne a mo naya dimpho tse di mmontshang gore o ne a akantse ka ene. Susan a re: “Jeff o ne a dira ka natla gore a ntheetse le go ntlhaloganya. O ne a dira gore ke ikutlwe ke le motho yo o botlhokwa.”

Go ise go ye kae, Jeff le Susan ba ne ba bua ka kgang ya go nyalana le gore ba ne ba tla nna kae fa e setse e le monna le mosadi. Jeff o ne a bile a botsa gore Susan o rwala palamonwana e e kana kang. Mme a sa lebelela, Jeff o ne a fedisa thatano ya bone! Susan o ne a utlwile botlhoko thata. O ne a tswelela ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi, mme o ne a gamaregile thata. A re: “Ke ne ka ikutlwa ke lapile mo mogopolong le mo mmeleng.”b

Lebaka La go Bo go Le Botlhoko

Fa o kile wa nna mo seemong se se tshwanang le sa ga Susan, o ka nna wa ipotsa gore ‘A ke tla kgona go tswelela ka botshelo jwa me?’ (Pesalema 38:6) Go a tlhaloganyesega go bo o tlaletswe ka tsela e e ntseng jalo. Go kgaogana le mongwe yo o mo ratang e ka nna boitemogelo jo bo botlhoko go gaisa jo o kileng wa tshwanela ke gore o bo itshokele. Tota e bile, bangwe ba kile ba bolela gore fa o kgaogana le mongwe yo o mo ratang go nna jaaka e kete karolo nngwe ya gago e a swa. O ka nna wa bo wa iphitlhela o na le maikutlo ano a go hutsafala gongwe le ditsela tse dingwe tsa go hutsafala e leng:

Go sa dumele. ‘Go ka se ka ga bo go fedile. O tla fetola mogopolo mo letsatsing le le lengwe kgotsa a mabedi.’

Go galefa. ‘Ke eng a ntira jaana? Ga ke batle le go mmona!’

Go tshwenyega thata mo maikutlong. ‘Ga ke ratege. Ga go na ope yo o tla tlholang a nthata.’

Go amogela. ‘Ke tla siama. Go kgaogana ga rona go botlhoko, mme ke ikutlwa botoka.’

Dikgang tse di molemo ke gore o ka kgona go fitlha mo boemong jwa go amogela. Gore go tla go tsaya nako e e kana kang gore o amogele go ikaegile ka mabaka a le mmalwa, a a akaretsang gore lo na le nako e e kana kang lo ratana le gore thatano ya lona e fitlhile bokgakaleng bofe. Fa go sa ntse go ntse jalo, o ka kgona jang go lepalepana le kutlobotlhoko ya gago?

Go Tswelela ka Botshelo

Gongwe o ka tswa o utlwile batho ba re, E a tla e re fa nako e ntse e ya dintho di fole. Fa e sa ntse e le gone lo kgaoganang, mafoko ao a ka tswa a sa go kgothatse. Seno ke ka go bo go feta ga nako ke karolo fela ya tharabololo ya bothata. Ka sekai: Fa o segilwe, letlalo la gago le tla fola fa nako e ntse e tsamaya mme go botlhoko gone jaanong. O tlhoka gore o emise go dutla ga madi mme o okobatse botlhoko. Gape o tlhoka gore o dire gore ntho eno e se ka ya tsenwa ke megare. Seno ke se se diregang le ka ntho e e mo maikutlong. E botlhoko gone jaanong. Mme go na le dikgato tse o ka di tsayang go fokotsa botlhoko le go dira gore o se ka wa shakgala. Nako e tla dira tiro ya yone, mme wena o ka dira ya gago jang? Leka go dira dilo tse di latelang.

◼ Itetle go hutsafala. Ga go na sepe se se phoso ka go lela. Kana e bile Baebele ya re go na le “nako ya go lela” le “nako ya go hutsafala.” (Moreri 3:1, 4) Go lela ga go reye gore o motho yo o bokoa. Tota le Dafide yo e neng e le lesole le le pelokgale fa a ne a le mo tlalelong e kgolo o ne a dumela jaana: “Ka masigo otlhe ke kolobetsa bolao jwa me ka ntlha ya go lela; ke kolobetsa mosamo wa me ka dikeledi.” (Pesalema 6:6, Today’s English Version.)

◼ Tlhokomela boitekanelo jwa gago jwa mmele. Go ikatisa mmele le go ja dijo tse di nang le dikotla go tla go thusa go busetsa maatla a a go latlhegetseng ka ntlha ya kutlobotlhoko ya go kgaogana. Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola.”—1 Timotheo 4:8.

Ke dilo dife tse di amang boitekanelo jwa gago tse o tlhokang go di tlhokomela?

․․․․․

◼ Nna o na le se o ka se dirang. O se ka wa tlogela go dira dilo tse o neng o ntse o di kgatlhegela. Tota e bile gone jaanong go feta le fa e le leng pele, o se ka wa itlhaola. (Diane 18:1) Go nna le kamano le batho ba ba amegang ka wena go tla dira gore o nne le sengwe se se molemo se o ka tlhomang mogopolo mo go sone.

Ke mekgele efe e o ka ipeelang yone gore o nne o ntse o na le se o ka se dirang?

․․․․․

◼ Rapela Modimo malebana le maikutlo a gago. Seno e ka nna kgwetlho. Morago ga go kgaogana le mongwe yo ba neng ba mo rata, batho ba bangwe ba ikutlwa e kete Modimo o ba tsieditse. Ba re, ‘Ke rapetse ka makgetlho gore ke bone mongwe yo nka ratanang le ene, mme jaanong bona gore go diragetse eng!’ (Pesalema 10:1) Le fa go ntse jalo, a go tla bo go siame go akanya gore Modimo ke ene a kopanyang batho? Le e seng, tota e bile ga se ene a dirang gore mongwe wa lona a batle go fedisa thatano ya lona. Se re se itseng ka Jehofa ke gore “O a [go] kgathalela.” (1 Petere 5:7) Ka jalo, mmulele mafatlha a gago ka thapelo. Baebele ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

Ke dilo dife tse di kgethegileng tse o ka di rapelelang mo go Jehofa fa o ntse o lwa le go lepalepana le go tlalelwa ka ntlha ya go kgaogana ga lona?

․․․․․

Go Leba Kwa Pele

Fa o sena go nna le nako ya go wela makgwafo, go ka nna molemo gore o sekaseke se se diragetseng mo thatanong ya lona. Fa o setse o siametse go dira jalo, o ka nna wa fitlhela gore go kwala dikarabo tsa gago tsa dipotso tse di latelang go tla go thusa.

◼ A o go neile lebaka la go bo lo tshwanetse go kgaogana? Fa go ntse jalo, kwala lebaka leo fa tlase, go sa kgathalesege gore o akanya gore le a utlwala kgotsa nnyaa.

․․․․․

◼ O akanya gore ke mabaka afe a mangwe a a ka tswang a dirile gore lo kgaogane?

․․․․․

◼ Fa o akanya ka se se diragetseng, a go na le sengwe se o ka bong o se dirile gore o fetole se se ileng sa diragala? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng?

․․․․․

◼ A maitemogelo ano a bontsha ditsela dingwe tse o ka batlang go gola mo semoyeng le mo maikutlong ka tsone?

․․․․․

◼ Fa go ne go na le sengwe se o neng o tla se dira ka tsela e e farologaneng mo thatanong ya gago e e latelang e ne e tla nna eng?

․․․․․

Gone ke boammaaruri gore thatano ya gago ga ya ka ya nna se o neng o se solofetse. Mme gone gakologelwa seno: Ka nako ya setsuatsue, go motlhofo go tlhoma mogopolo mo marung a mantsho le mo puleng. Le fa go ntse jalo, kgabagare pula e a kgaotsa mme loapi lo bo lo apoga. Basha ba ba umakilweng pelenyana mo setlhogong seno ba ne ba fitlhela gore fa nako e ntse e ya, ba ne ba kgona go tswelela ka botshelo jwa bone. Tlhomamisega gore go ka nna jalo le ka wena!

Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

b Le fa batho ba ba nopotsweng mo setlhogong seno e le basetsana, melaometheo e go tlotliwang ka yone e ama le basimane.

DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE

◼ O ithutile eng ka ga gago mo thatanong ya gago e e fetileng?

◼ O ithutile eng ka batho ba bong bo sele?

◼ Ke mang yo o ka mmulelang mafatlha fa o ikutlwa o tlalelwa ka ntlha ya go kgaogana ga lona?

[Lebokoso mo go tsebe 20]

KAKANTSHO

Susan yo o umakilweng pelenyana o ne a dira lenaane la makwalo mme a nna a ntse a le gaufi gore a a bale fa a palelwa ke go laola maikutlo a gagwe. Gongwe le wena o ka dira ka tsela e e tshwanang ka makwalo mangwe a a umakilweng mo setlhogong seno.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go kgaogana le mongwe yo o mo ratang go tshwana le fa o segilwe—go botlhoko mme fa nako e ntse e ya go tla fola

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela