Botshelo—Mpho E E Tshwanetseng Go Somarelwa
ABO e ne e le mpho e e molemo jang ne fa Jehofa Modimo a ne a a fa batho tshiamelo ya go tshola bana! Leseanyana le le ntlenyane le ne le tla gorogela mo diatleng tsa banyalani ba ba itumetseng ba ba ratanang mme ba ikemiseditse go somarela le go tlhokomela leungo la sebofo sa bone sa lenyalo. Go ne go tla nna boitumelo mo lelapeng fa ngwana a ntse a gola.
Mme lefa go ntse jalo boleo jwa ga Adame le Efa bo ne jwa tlisetsa maseanyana a a neng a tla tsholwa ke batho matlhotlhapelo. Ka ntlha ya boleo, mmaarona wa ntlha o ne a hutsiwa ka tlhobaelo le ditlhabi tsa mmele fa a tla go belega. Mme maemo a bana ba bone ba neng ba tla tsholelwa mo go one a ne a tla dira gore go tshola bana e nne boikarabelo jo bo bokete. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo mo lefatsheng leno le le matswakabele, go ima e bo e le selo se se sa itumediseng gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Mmopi ene o leba jang ngwana yo o iseng a tsholwe? A ka fa a mo lebang ka teng go fetogile le diphetogo tsa boitsholo jwa batho? Gotlhelele nnyaa. Mokgwa o a lebang le go tshwenyega ka one ka bana ba ba iseng ba tsholwe mo lefatsheng ga o fetoge.
Dikwalo di papamatsa gore mo teng ga ga mmè go gola motho yo o nang le botho jwa gagwe a le nosi fela. Go tshela go simologa fela fa lee le kopana le peo. Seo go belega go se dirang fela ke go bontsha motho se Modimo o saleng o se bone go le pele. Esekiele o bua ka ‘ngwana mongwe le mongwe yo o bulang popelo.’ (Esekiele 20:26) Yobe o tlhalosa ka ‘ditswalo tsa sebopelo sa ga mmè,’ mme o bitsa go senyegelwa a re ke ‘banyana ba ba iseng ba ke ba bone le lesedi.’—Yobe 3:10, 16.
Ela tlhoko ka fa Jehofa Modimo a lebang ka boipelo ka teng botshelo jo bo santseng bo gola mo sebopelong. O ne a raya Yeremia a re: “E rile ke e se ke gu bopele mo mpeñ ka bo ke gu itse, le u e se u cwe mo sebopeloñ ka bo ke gu itshepisitse.” (Yeremia 1:5) Dafide o ne a re: “Popègō ea me ga ea ka ea gu hitlhègèla, yale ka ke dihwa mo bosaitsiweñ, ka ke bopiwa ka maatlametlo kwa tlhatse tlhatse ga lehatshe. Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege.” (Pesalema 139:15, 16) Yobe o bitsa Modimo a re ke “eo o ntihileñ mo sebopeloñ,” le yo o ‘re dirileng mo sebopelong.’—Yobe 31:15.
Mme jaanong gone Modimo o ikutlwa jang ka mmangwana yo o itsholofetseng yo o tshwenyegileng yo o sa batleng ngwana? Mo bathong botlhe, Mmopi ke ene a itseng botoka maikarabelo a a bokete a go nna motsadi. Lefa gongwe maemo a ka tswa a le bokete, a mmè yo o moimana fa a ka tlhopha go boloka ngwana wa gagwe fela ka ntlha ya go tsaya tsia se Modimo a se batlang, a o ka se ke a segofatse tshwetso e a e dirileng? Motsadi o ka rapela mme ebile o na le tshwanelo ya go rapela gore o mo thuse go godisa ngwana yo o itumetseng. Mo teng ga Lefoko la gagwe, Modimo o setse a neetse kgakololo e e molemo go di gaisa tsotlhe mabapi le go godisa bana. Go dirisa melaomotheo ya Bibela mabapi le botshelo jwa lelapa go tla lere masego kwa bofelong. Boipelo le maungo a go godisa bana ba ba ratang Modimo di fetela kgakala go intsha setlhabelo gope fela mo o ka tswang o go dirile fa o ntse o ba godisa, selo se batsadi ba ba ipelang ba ka se supelang.
A Jehofa o leba dilo ka tsela e e farologaneng fa e le gore ngwana o imilwe ka ntlha ya petelelo ya motho o sele kana wa losika? Le mororo tiro e e diretsweng mmangwana e le tlolomolao, ga se molato wa ngwana. Go fedisa botshelo jwa gagwe e tla bo e le go lwantsha thubakanyo ka e nngwe. Kwa ntle ga pelaelo Jehofa o lemoga go sula pelo mo go diragaletseng motho yo o wetsweng ke seru seo mme o ka thusa mmangwana le ngwana go dirisana le ditlamorago ka tsela e e lekalekaneng.
Go tweng fa ngaka e bolelela mosadi gore fa a ka ima ngwana wa gagwe nako yotlhe e e tlhokegang o ka nna a tsenya botshelo jwa gagwe [mosadi] mo kotsing? Dr. Alan Guttmacher o ne a bolela jaana: “Mo motlheng ono go a kgonega gore molwetsi mongwe le mongwe a falole boimana a tshela, fa e se fela fa a lwala bolwetsi jo bo maswe jaaka kankere kana leukemia, mme fa seemo e le seo, ga go lebege fa go senya mpa go ka lelefatsa botshelo, re sa bue sepe ka go bo boloka.” The Encyclopedia Americana ya re: “E re ka basadi ba le bantsi ba ka kgona gore ba falole boimana ba tshela lefa ba na le mathata a magolo a botsogo, ke go senya mpa go se gontsi mo go tlhokegang gore go dirwe go sireletsa botsogo jwa mmangwana. Bontsi jwa go senya mpa go direlwa go tila go nna le ngwana.” Ka jalo mabaka a a ntseng jalo ga a mantsi. Lefa go le jalo, fa go ka direga ka nako ya go belega, batsadi ba tshwanetse go tlhopha magareng a botshelo jwa ngwana le jwa mmangwana. Ke tshwetso ya bone.
A go ka gakgamatsa go bo Mmopi wa botshelo a re neetse dikaelo tse di papametseng mabapi le go dirisa nonofo ya rona ya go tshola? Mo matlhong a gagwe, go dira botshelo jo motho a sa ikaeleleng go bo tlhokomela ke boleo, fela jaaka go fedisa botshelo e le boleo.
Kwa ntle ga pelaelo, kgang eno ya moruthutha e tla tswelela go fitlhelela kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. Mme fa e le ka Mmopi wa botshelo, Jehofa Modimo, le ba ba ratang melao ya gagwe, ga go na kgang gotlhelele. Botshelo bo botlhokwa—ke mpho e e tshwanetseng go tlhokomelwa le go somarelwa go tswa fela kwa tshimologong ya yone.
Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)
[Lebokoso mo go tsebe 32]
Go Leba Go Senya Mpa Jaaka Modimo A go Leba
GO TWENG ka mosetsanyana yo o imang a sa nyalwa mme a sa ipaakanyetsa le fa go le kana go nna motsadi? A o tshwanetse go lesiwa gore a lere ngwana mo lefatsheng? Boikutlo jwa Modimo ka ngwana ga bo fetolwe ke go bo mmaagwe a ile a se ka a dira dilo ka botlhale le go itshola ka tsela e e sa siamang. Tota e bile go tsholwa ga ngwana yoo go ka nna ga thusa mmaagwe go lemoga ditlamorago tsa boitsholo jwa gagwe jo bo sa siamang mme ka jalo go gatisetse mo go ene botlhale jwa go sala morago melao ya Modimo. Go tlosa ditlamorago tsa gore a tlhakanele dikobo a sa tshwanela go ka nna ga mo sadisa ka mahutsana a go ipona molato, kana ga mo dira gore a tsene ka tlhogo le go feta mo ditirong tsa gagwe tsa boitsholo jo bo sa siamang.
Fa e le gore ga go na rre go mo thusa morwalo, go godisa ngwana ga go ye go nna motlhofo. Mme go nna le kamano e e nonofileng le Rraarona wa selegodimo go ka neela mmangwana nonofo ya maikutlo, kemonokeng, le kaelo ya ka fa a ka dirang seo ka teng. Gape o na le phuthego ya Bokeresete e a e re neileng go tlhofofatsa mokgweleo wa go nna motsadi yo o senang molekane.