Go Ithwala ga Bana Ba Ba mo Dingwageng Tsa Bolesome—Mosetsanyana O Tshwanetse go Dira Eng?
Go ithwala ga bana ba ba leng mo dingwageng tsa bolesome le go ntsha dimpa ke mathata a a mo lefatsheng lotlhe. Lemororo bontsi jwa babadi ba dikgatiso tsa rona e le basha ba Bakeresete bao ka botlhale ba ithibang mo go tlhakaneleng dikobo pele ga lenyalo, Tsogang! e balwa gape ke dimilione tsa batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng. Ka gone, puisano e e latelang e diretswe go thusa mosha mongwe le mongwe yo o lebaneng le bothata jwa go nna motsadi yo o sa nyalwang, fa ka nako e e tshwanang e tlhomolola matswela ao a utlwisang botlhoko ao a nnang gone ka go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.
“KE NE ke na le dingwaga di le 15 ebile ke ithwele,” go ne ga bua jalo Ann. “Ke ne ke sa itse gore ke dire eng—ke ntshe mpa, ke ise ngwana kwa batsading ba sele gore ba mo ikgodisetse.” Ann e ne e le mongwe wa basetsana ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba fetang milione mo United States bao ba neng ba ithwala mo ngwageng oo.
Lemororo mo makgetlong a se mantsi ao a utlwisang botlhoko mosetsana a ithwala ka gonne a ne a thubediwa, go ithwala ga bana ba ba mo dingwageng tsa bolesome gantsi ke ka ntlha ya go bo ba ne ba tlhakanela dikobo fela ka go rata pele ga lenyalo.a Lefa lebaka e ka tswa e le lefe, go ithwala go dira gore mosetsana yo a iseng a nyalwe a lebane le ditshwetso tse di bokete tse di mmalwa: A a nyalwe? A a ise ngwana kwa batsading ba sele gore ba mo ikgodisetse? A go ntsha mpa ke yone tharabololo? Lefa re sa tlhokomologe gore ngwana o dirwa ke batho ba babedi, rraagwe ngwana o tshwanetse go rwala boikarabelo jwa gagwe. (Bona lebokoso.) Mme gantsi, ke mosetsana (gongwe a thusiwa ke batsadi ba gagwe) yo a tlogelwang go dira ditshwetso tseno tse di bokete. Mme seo a swetsang go se dira se tla nna se mo ama mo mmeleng, mo boikutlong, le mo semoyeng mmogo ene le ngwana yo a mo imileng.
‘A Re Tshwanetse go Nyalana?’
Bontsi bo ka akanya gore go nyalana le rraagwe ngwana ke tharabololo e e siameng. Mo godimo ga moo, e tla dira gore mosetsana le lelapa la gagwe ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong, mme e tla dira gore ngwana a godisiwe ke batsadi boobabedi. Mme lenyalo ga se yone tharabololo ya mmatota. Selo se segolo seo se ka siamisang phoso mo matlhong a Modimo ke go ikwatlhaya ga bomodimo.b (Isaia 1:16, 18) Mo godimo ga moo, go sianela go nyalwa go ka nna ga oketsa mathata a mosetsana. Ereka mosetsana le mosimane ba santse ba ‘ise ba fete lobaka lwa lenyalo,’ ga ba ise ba nonofe mo boikutlong joo bo tlhokegang gore lenyalo le atlege. (1 Bakorintha 7:36) Mo makgetlong a le mantsi mosimane ga se Mokeresete wa boammaaruri mme ka gone ga se molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo.—1 Bakorintha 7:39.
Dr. Arthur Elster o tlhokomedisa jaana ka mo go oketsegileng: “Go nna motsadi e ise e nne nako e e tshwanetseng gantsi go dira gore borre bano ba tswe mo sekolong pele ga nako, mme ka gone go ba dira gore ba bo ba sa siamela tiro.” Mathata a a ntseng a tswelela a itsholelo a ka senya lenyalo. Eleruri, dipatlisiso dingwe di bolela gore tlhalano fa gare ga manyalo ao a nnileng gone ka ntlha ya go ithwala pele ga lenyalo e simolola go 50 lekgolong go ya go 75 lekgolong!
Lenyalo ke kgato e e masisi mme ga le a tshwanela go sianelwa. (Bahebera 13:4) Morago ga go sekaseka kgang eno, botlhe ba ba amegang ba ka dumela gore ga go botlhale go nyalwa, le gore go ne go ka nna botoka fa mosetsana a ka godisa ngwana kwa gae a thusiwa ke batsadi ba gagwe go na le mo lenyalong le le nang le mathata.
Go Ntsha Mpa—Kafa Bibela E Go Lebang Ka Gone
Mosetsanyana mongwe o ne a bua jaana: ‘Ke batla go dira dilo di le dintsi mo botshelong jwa me, mme ga nkake ka kgona ke na le ngwana.’ Go ntsha mpa ka gone ke yone tshwetso ya basetsana ba ba ka nnang halofo ya milione mo United States fela ngwaga le ngwaga. A mme ke selo se se siameng kana se se kafa tshwanelong gore motho a fedise botshelo jwa ngwana fela ka gonne a ‘senya’ dithulaganyo tsa gagwe ka namana?
Tlhokomela seo Bibela e se buang mo go Ekesodo 21:22, 23 mabapi le botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsholwe: “Ha banna ba lwa, me ba utlwisa mosadi moñwe eo o ithweleñ botlhoko, me a senyègèlwa, me a sa dihahalèlwe ke molato opè kwa moragō; rure a a lehisiwè, . . . Me e re ha molato o ka sala o mo dihahalèla kwa moragō [mmaagwe kana ngwana yo a iseng a tsholwe], hoñ u beè botshelō mo boemoñ yoa botshelō.” Ee, go bolaya ngwana yo a iseng a tsholwe go ne go lejwa jaaka polao!
Ke boammaaruri gore dingaka tse dingwe di bolela gore ngwana yo a iseng a tsholwe ke leseanyana fela, kana disele tse di golang—eseng motho. Mme Modimo o bua se se farologaneng. O leba lee jaaka motho yo o farologaneng, motho yo o tshelang! (Pesalema 139:16) A motho a ka senya botshelo jo bo iseng bo tsholwe mme a nna a amogelwa ke Modimo, yo a ‘nayang botlhe botshelo’?—Ditihō 17:25.
Buka Growing Into Love e re naya lebaka leno kgatlhanong le go senya mpa: “Lefa go ima go rarabololwa ke go senya mpa, go senya mpa e e imilweng gantsi go kgobera maikutlo ebile go a tshwenya. . . . Ngwana yo o mo dingwageng tsa bolesome . . . a ka nna a nagana gore leseanyana ke leseanyana—ga se sepe fela se sele . . . lefa go ka tlhalosiwa jang go ya ka molao ga go kake ga dira gore mo teng ga gagwe a lebale gore seo a neng a se imile se ne se kgona go tshela.”
Mosha mongwe yo o bidiwang Linda o ne a fitlhela seno se le boammaaruri. Ka a ne a tshaba gore go nna ga gagwe le ngwana go ne go tla tlhabisa lelapa la gagwe ditlhong, o ne a ntsha mpa. Lefa go le jalo, morago ga karo eo, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go tetesela mo ke neng ke sa kgone go go laola. Ke ne ka simolola go lela, mme ka bonako fela ke ne ka akanya ka gone thatathata, sone tota se ke neng ke se dirile. Ke ne ke fedisitse botshelo jwa ngwana wa me yo a iseng a tsholwe, motho yo mongwe!” Linda o akanya eng ka go ntsha mpa jaanong? “E ne e le phoso e kgolo mo botshelong jotlhe jwa me.”
‘Ga Nkake Ka Mo Naya Tlhokomelo E E Tshwanetseng’
Basadi bangwe ba ba sa nyalwang ba tlhopha go isa bana ba bone kwa batsading ba sele go ba ikgodisetsa. Gantsi ba ikutlwa jaaka Heather, mosetsana yo o tsopotsweng mo makasineng wa Seventeen, yo a neng a bua jaana: “Ke na le bothata jwa go itaola nna ka bonna ka dinako dingwe, go sa buiwe sepe ka ngwana wa lesea. Ke rata bana thata, mme ke rata masea, mme ke ne ke itse gore ke ne nka seka ka naya lesea leno tlhokomelo e e tshwanetseng.”
Go boammaaruri gore go naya ngwana batsadi ba sele go mo ikgodisetsa go botoka go na le go ntsha mpa. Mme go ka dumelwa gore go lebelela go godisa ngwana ka bowena go ka lebega e le selo se segolo mo mosetsaneng yo mmotlana le yo o senang maitemogelo. Mosadi mongwe yo o sa nyalwang o ne a bolelela Tsogang! jaana: “O tsaya boikarabelo jo bogolo, jo bogolo jo bo bodutu tota, le jo bo lekang le joo bo batlang go intshiwa setlhabelo tota.” Lefa go le jalo, gakologelwa gore Modimo o lebeletse gore batsadi ba rwale boikarabelo jwa go ‘tlamela ba ga bone.’ (1 Timotheo 5:8) Mo mabakeng a le mantsi, go tla bo go le botoka gore mosetsana a godise ngwana ka boene.
Ka jalo, Ann, yo a neng a umakiwa kwa tshimologong, o ne a dira tshwetso e e botlhale—lefa e ne e se motlhofo. “Ke ne ka swetsa go nna le ngwana yoo,” o bua jalo. “Batsadi ba me ba ne ba nthusa ebile ba santse ba dira jalo.” Go sa tlhokomologiwe gore, go nna mmè yo o sa nyalwang ga go motlhofo. Mme ke selo se se ka kgonwang, mme bommè ba bantsi ba babotlana ba nna batsadi ba ba molemo. Segolo bogolo seno se nna jalo fa mmè yo o sa nyalwang ka thapelo a swetsa go godisetsa ngwana wa gagwe “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”c (Baefesia 6:4) Batsadi ba ba abetsweng ngwana ba ka nna ba kgona go mo neela dilo tse di bonalang tse di botoka. Mme, a ba tla mo naya kaelo ya semoya eo ngwana a e tlhokang gore a gole a rata Modimo wa boammaaruri ebong Jehofa?—Duteronome 6:4-8.
Gakologelwa gape gore lemororo motsadi yo o sa nyalwang a ka seka a kgona go naya ngwana wa gagwe letlotlo la dilo tse di bonalang, a ka mo naya sengwe seo se leng botlhokwa thata: lorato. “Go ya diyō tsa merōgō hela, ha e na le loratō, go molemō bogolo go kgomo e e otlilweñ, [“nama e e monate thata,” Today’s English Version] ha e na le kilō.”—Diane 15:17.
Mme tota, go bogisega mo go sa tlhokegeng go ka nna ga thibelwa fa mongwe a tila boleo jwa kgokafalo.d Mme fa mosetsana a dirile phoso mo go seno, ga a tshwanela go swetsa ka gore ga go na sepe se a ka tlholang a se dira. A ka dira ka botlhale, a tila go oketsa phoso ya gagwe mme a dira se se molemo ka boemo jo a leng mo go jone. Eleruri, a ka bona thuso le tshegetso ya Modimo ka boone, yoo ‘a itshwarelang ka botlalo’ bao ba tlogelang tsela ya bone e e phoso.—Isaia 55:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo ga bo letlelelwe gotlhelele mo Basuping ba ga Jehofa, fela jaaka bo ne bo sa letlelelwe gotlhelele mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga. (1 Bakorintha 5:11-13) Lefa go ntse jalo, bao ba dirang phoso ba ka thusiwa ke bagolwane ba ba lorato ba phuthego. (Yakobe 5:14, 15) Ka go sokologa mo tseleng ya bone e e phoso ya boitsholo, ba ba ntseng jalo ba ka itumelela go itshwarelwa ke Modimo le phuthego ya Bokeresete.
b Kafa tlase ga molao wa ga Moshe, Modimo o ne o laotse gore monna yo o hepisitseng mosetsana wa lekgarebane a mo nyale. (Ekesodo 22:16, 17; Duteronome 22:28, 29) Mme molao oo o ne o kgotsofatsa ditlhokafalo tsa batho ba Modimo tsa malatsi ao le motlha oo. Mme le eleng ka nako eo, lenyalo le ne le sa itiragalele fela, jaaka rraagwe motho a ne a ka nna a le thibela.—Bona molekane wa lokwalopaka lono Tora ya Tebelo, ya November 15, 1989, “Dipotso tse di Tswang go Babadi.”
c Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa malapa a le mantsi go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Bibela. Go ka ikgolaganngwa le bone ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
d Bona kgaolo 24 ya buka Dipotso tse Basha ba di Botsang—Dikarabo tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Go Ithwala Ga Bana Ba Ba Mo Dingwageng Tsa Bolesome Seo Se Diragalelang Basimane
Ka ntlha ya go boifa—kana bogagapa jwa go sa akanyetse—basimane bangwe ba ba ileng ba nna le bana kwantle ga gore ba nyale ba ile ba leka go tila boikarabelo jwa bone gotlhelele. Mosimane mongwe yo a neng a imisa mosetsana mongwe yo a neng a ratana nae o ne a re: “Ke ne ka mo raya fela ka re, ‘Re tla nna re bonana.’”
Ka lesego, bontsi jwa basimane go lebega ba batla go nna le kamano nngwe le bana ba bone. Fa go lebega ekete go nyala go ka se siame sentle (goo gantsi go ntseng jalo), ba le bantsi ba ithaopela go thusa ka madi. Ba bangwe ba ithaopela le go thusa mo tlhokomelong ya ngwana ya letsatsi le letsatsi. Mme maiteko a a ntseng jalo gantsi ga a nne lobaka lo loleele, ka go bo mosimane a sa bone madi a mantsi le ka go tlhoka ga gagwe bopelotelele le botswerere jo bo tlhokegang go fitlhelela ditlhokafalo tsa ngwana yo monnye.
Gape, batsadi ba mosetsana ka dinako dingwe ga ba batle go letla mosimane gore a dirisane ka gope le morwadiabone, ba tshoga gore seno se ka dira gore ba tlhakanele dikobo gape—kana ba tsenelele mo lenyalong leo ba iseng ba le ipaakanyetse. Ba ka nna ba gana gore a dire ditshwetso dipe mabapi le ngwana, gongwe ba mo pateletsa gore a se ka a bua lefa e le sepe fa mpa ya ngwana yoo e senngwa kana a fiwa batsadi ba sele go mo tlhokomela, seo se fedisang go nna ga gagwe le seabe sepe mo ngwaneng yo a mo tsetseng. Kafa letlhakoreng le lengwe, mosimane a ka nna a letlelelwa go nna le kamano nngwe le ngwana—eo ka mo go utlwisang botlhoko e tla senngwang fa mosadi a nyalwa ke monna yo mongwe yo o tsayang boikarabelo jwa go nna rre.
Ga go belaetse, he, gore borre ba ba sa nyalang le bone gape ba utlwisiwa botlhoko ke tsela e e botlhaswa e ba ileng ba itshwara ka yone. Monna yo mongwe yo o sa nyalang yo o dingwaga di 16 o bua jaana: “O nna le boikutlo jo o sa kgoneng go bo fenya. O ikutlwa o eletsa ekete dilo di ka nna jaaka di ne di ntse pele, mme go se tsela epe eo o ka kgonang ka yone.”—Makasine wa “’Teen,” waNovember 1984.