Basha ba Botsa Jaana . . .
Bommè Ba Ba sa Nyalwang Ba ka Sola Seemo sa Bone Molemo Jang?
LINDA o ne a tshogile, a sa dumele, a boifa, a shakgetse, a ikutlwa a latlhegile e bile a tlaletswe.a Diteko tsa kalafi di ne di bolela sengwe se a neng a ntse a se boifa—o ne a na le dikgwedi tse tharo a imile. Linda a le dingwaga tse 15 jalo e bile a sa nyalwa, ke mongwe wa dimilone tsa basha ba ba imang ngwaga le ngwaga kwa United States. Lefa go ntse jalo, go ima ga basha, ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe, o bo fitlhela mo bathong ba merafe yotlhe le ba mefuta yotlhe.
Basetsana bangwe ba akanya gore go ima go ka tokafatsa botshelo jwa bone jwa kwa gae jo bo sa itumediseng kana gore go ka dira gore lekau le mo rate thata. Ba bangwe bone ba tsaya gore ngwana o tla ba naya seriti kana gore ke sone fela selo se ba nang le sone se ba ka se tshwarang le go supa fa ba se rata. Lefa go ntse jalo, go ise go ye kae motsadi yono yo o sa nyalwang o rakana le mathata a a seng kana ka sepe go feta dilonyana tse di ntle tse a neng a ntse a di akanya. Mmè yono yo o sa nyalwang o patelesega go dira ditshwetso tse di boima tse ka dinako tse dingwe di ngomolang pelo. Gape a ka lebana le mathata a madi, go tobekana maikutlo, go jewa ke bodutu le mathata a go godisa ngwana kwantle ga molekane. Ke gone ka moo Mmopi a laelang Bakeresete gore ba “tshabe kgokafalo,” go akaretsa le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—1 Bakorinthe 6:18, NW; Isaia 48:17.
Basupi ba ga Jehofa ga ba letlelele boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakorinthe 5:11-13) Lefa go ntse jalo, go na le bommè ba ba sa nyalwang mo gare ga bone. Bangwe ba ne ba ima pele ba ithuta melao ya Modimo. Bangwe ba godisitswe e le Bakeresete, lefa go ntse jalo ba wela mo boitsholong jo bo maswe. Bangwe e ne ya re fa phuthego e sena go ba otlhaya, ba ikwatlhaela boleo jwa bone. Lefoko la Modimo le ka thusa basha ba ba ntseng jalo jang le go ba kaela?b
A Ke Nyalane le Rraagwe?
Baebele e tlhalosa sentle gore molao wa Modimo o kgatlhanong le go senya mpa. (Ekesodo 20:13; bapisa Ekesodo 21:22, 23; Pesalema 139:14-16.) Gape e ruta gore ke boikarabelo jwa mmè yo o sa nyalwang gore a tlamele ngwana wa gagwe go sa kgathalasege maemo a a sa itumediseng a a imileng ngwana yoo ka one. (1 Timotheo 5:8) Go molemo thata gore mosetsana a ikgodisetse ngwana go na le gore a mo abe.c
Ka ntlha ya go bo go le boima go godisa ngwana o le nosi, bommè bangwe ba ka akanya gore go molemo gore motho a nyalane le rraagwe ngwana. Lefa go ntse jalo, basimane ba le bantsi ba ba nang le bana ga ba ikutlwe ba tshwanelwa ke go tlhokomela ngwana kana mmaagwe. Kwantle ga moo, bontsi jwa basimane bano ba ba nang le bana ba santse ba tsena sekolo e bile ga ba bereke. O ka etegetsa mathata go feta fa o ka tsenela se mmatlisisi mongwe a se bitsang “lenyalo le le ka nnang la se ka la tsepama le le tsenelwang fela gore ngwana a se ka a tsalwa ke batsadi ba ba sa nyalanang.” Gape, o se ka wa lebala gore Baebele e laela Bakeresete gore ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakorinthe 7:39) Ka ntlha ya seno, Linda (yo o umakilweng kwa tshimologong) o ne a swetsa ka gore a se ka a nyalana le rraagwe ngwana wa gagwe yo o dingwaga tse 18. O tlhalosa jaana: “O ne a sa rate Modimo kana Baebele.”
Seno ga se reye gore o tshwanetse go tlhokomologa rraagwe ngwana gotlhelele. Fa ngwana a ntse a gola, a ka nna a batla go itse rraagwe yo o mo tsetseng. Kgotsa gongwe rraagwe kana batsadi ba ga rraagwe ba ka batla gore ngwana a ba itse kana ba batla go mo tlamela ka madi. Lefa go ntse jalo, batsadi ba mosetsana ba ka batla gore a se ka a kopana le mosimane yono ka gope. (1 Bathesalonika 4:3) Lefa go ntse jalo, kwa dinageng tse dingwe, kgotlatshekelo e naya rraagwe ngwana yo o sa nyalang ditshwanelo tsa semolao tse di tshwanang le tsa borrabana ba ba nyetseng. Go dirisana mmogo go sekae le rraagwe ngwana le lelapa la gaabo go ka nna ga thusa gore lo se ka lwa lwela ngwana.d Le mororo go ka tlhokega gore o nne o bona rraagwe ngwana ka dinako dingwe, ga ya tshwanela go nna fa lo ka bontshanang lorato teng kana mo seemong se se ka lo gogelang koo. Go ka nna molemo gore go nne le mogolo mongwe yo o lo bayang leitlho.
Go Senka Thuso
Buka ya Surviving Teen Pregnancy ya re: “Fa o tlhopha go ikgodisetsa ngwana, o a bo o tlhopha go nna mogolo ka nako eo. . . . O tlhopha go tlogela tsela e o kileng wa ne o tshela ka yone o sa tshwenyege ka sepe, o sena dilo tse dintsi tse di go lebaneng kana maikarabelo.” Ka jalo, mosha yo o nang le ngwana o tlhoka go thusiwa le go engwa nokeng. Go bala dibuka tse di maleba tsa kalafi (tse o ka nnang wa di bona motlhofo kwa dilaeboraring tsa botlhe) go ka thusa thata mmè yono yo mmotlana yo o sa itshepeng gore a itshepe gore o tla kgona go tlhokomela ngwana wa gagwe sentle.
O tlhoka thata kemonokeng ya batsadi. Mmè wa gago ke ene a ka go thusang thata ka maitemogelo a a molemo a go godisa ngwana. Ke boammaaruri gore, o ka nna wa tshaba go kopa thuso. Batsadi ba mosetsana ba ka nna ba bo ba santse ba utlwile botlhoko kana ba shakgetse. Gape ba ka nna ba bo ba boifa gore go ima gono go tla ketefatsa botshelo mo lapeng. “Batsadi ba me ba ne ba utlwile botlhoko ka gonne go ne go na le dilo tse dintsi tse ba neng ba ikaeletse go di dira,” Donna wa dingwaga tse 17 o gakologelwa jalo. “Jaanong ba re ba ka se tlhole ba kgona go di dira ka ntlha ya ngwana yono wa me.” Fa nako e ntse e ya, batsadi ba le bantsi ba lebala kutlobotlhoko eno mme ba bo ba rata go thusa ka tsela nngwe. Fa mosha a ikwatlhaya, a ka okobatsa dilo ka go ba itsise gore o a lemoga gore o ba lereditse mathata a bo a kopa maitshwarelo.—Bapisa Luke 15:21.
Go tweng fa batsadi ba mosetsana ba gana go mo thusa kana ba sa tlhole ba batla a nna mo gae? Mo dinageng tse go nang le thuso ya setšhaba kwa go tsone, mmè yono yo o sa nyalwang, a ka fitlhela go sena sepe se sengwe se a ka se dirang fa e se go kopa thuso eo. Baebele e letla Bakeresete go dira dithulaganyo tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, seno se tla go tlhoka gore o dirise madi ka kelotlhoko tota. “E kete bothata jo bogolo jwa me ke go tlhoka madi,” go rialo Sharon wa dingwaga tse 17. “Ke kgona go reka fela dijo le mengato, a bo a fela.” Fa go ntse go ya, go ka nna ga kgonega gore o bereke. Ga go kitla go nna motlhofo go dira maikarabelo a botsadi, o bereka le go tla o dira le ditiro tsa semoya, lefa go ntse jalo, ba bangwe bone ba ile ba kgona.
Go Tshedisana Mmogo ka Botlhale le Temogo
Fa batsadi ba gago ba dumela, go ka thusa thata gore o nne mo gae go na le gore o batle go fuduga ka bowena. Gantsi go nna mo gae ga go je madi a mantsi. Mo godimo ga moo, dilo tsa mo gae tse o di tlwaetseng di ka go dira gore o ikutlwe o sireletsegile. Go nna kwa gae gape go ka dira gore mosetsana a tswelele ka sekolo. Fa mosetsana a ka fetsa dithuto tsa sekolo se segolo, go ka kgonega thata gore a tokafatse maemo a botshelo jwa gagwe.e
Ke boammaaruri gore, go nna mo ntlong e le nngwe lo le kokomana tse tharo go ka bakela mongwe le mongwe yo o amegang mathata. Mmè yo o sa nyalwang a ka tshwanelwa ke go itshokela go nna mo lefelong le le pitlaganeng. Batsadi le bomogoloo le bomonnao ba ka tshwanelwa ke go itshokela go tlhobaediwa boroko ke ngwana fa a lela. Seno se ka tlhakatlhakanya thulaganyo ya ka metlha ya lelapa. Lefa go ntse jalo, Diane 24:3 ya re: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.” Ee, fa botlhe ba ba amegang ba bontsha lorato lo lo senang bogagapa le go akanyetsa, seno se ka fokotsa dikgotlhang.
Gape mathata a ka tsoga fa mmè yo mmotlana a ka batla go tila maikarabelo a gagwe mme a batla mmaagwe e nna ene a mo direlang tiro yotlhe. (Bapisa Bagalatia 6:5.) Kana go ka direga gore mmemogolo wa ngwana ka ntlha ya go batla go thusa, e nne ene yo o laolang gore setlogolo se godisiwe jang. Buka ya Facing Teenage Pregnancy e bolela jaana: “Mmemogolo yo o godisang ngwana wa morwadie yo o sa nyalwang jaaka e kete ke wa gagwe, a ka dira gore go nne le dikgotlhang mo lapeng e bile a ka tlhakatlhakanya dilo.” Lefa gone thuso ya ga mmemogolo e le botlhokwa thata, Dikwalo di laela gore ke boikarabelo jwa batsadi go godisa ngwana wa bone. (Baefeso 6:1, 4) Ka jalo, go bolelelana kafa lo ikutlwang ka teng ka kgang eno le go dirisana mmogo, go ka lo thusa thata gore lo tile dikgotlhang.—Diane 15:22.
Ga O Esi
Le mororo go tshola ngwana o sa nyalwa e se kgetsi e potlana, ga se gore jaanong o itlhoboge. Batho ba ba ikwatlhaelang maleo a bone Modimo o ba “itshwarela ka botlalo.” (Isaia 55:7) Fa mmè yo o sa nyalwang a ka tlhatlhanya ka ntlha eno go tla mo thusa gore a fenye maikutlo a go itlhoboga a a ka mo tlelang ka dinako dingwe. Fa a ikutlwa a kgobegile marapo, a ka ikaega ka Jehofa mme a buisane le ene ka thapelo. Gape a ka kopa Modimo gore o mo thuse go godisa ngwana wa gagwe.—Bapisa Baatlhodi 13:8.
Jehofa gape a ka dirisa phuthego ya Bokeresete go go ema nokeng. Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sa rotloeletse batho boitsholo jo bo maswe, ba amega ka batho ba ba ikwatlhayang mme ba fetola matshelo a bone gore ba itumedise Modimo. (Baroma 15:7; Bakolosa 1:10) Bangwe mo phuthegong ba ka nna ba senka ditsela tse di molemo tsa go thusa motsadi yo o sa nyalwang. (Bapisa Duteronome 24:17-20; Jakobe 1:27.) Bobotlana ba ka itsalanya le ene le go sekegela mathata a gagwe tsebe. (Diane 17:17) Le mororo batsadi e le bone ba dirileng boleo jo bo masisi, ngwana ene ga a na molato. Ka jalo phuthego e ka thusa mmè yono fa e le gore o itshwara ka tsela e e siameng.
A bo go le molemo jang ne gore motho a leke gore le ka motlha a se ka a tlola molao wa Modimo! Lefa go ntse jalo, batho ba ba leofileng mme ba ikwatlhaela boleo jwa bone, e bile ba itshwara sentle, ba ka tlhomamisa gore Jehofa o tla ba thusa fa ba ntse ba leka gore ba sole seemo sa bone molemo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina a mangwe a fetotswe.
b Setlhogo seno ga se bue ka batho ba balosika ba ileng ba tlhakanela dikobo le bone kana ba betelelwa, le mororo dintlha dingwe fano di ka ba thusa.
c Bona “Basha ba Botsa Jaana . . . Go Ithwala ga Bana Ba Ba mo Dingwageng Tsa Bolesome—Mosetsanyana O Tshwanetse go Dira Eng?” mo tokololong ya rona ya May 8, 1990.
d Bona setlhogo sa “Ngwana a Tsewe Ke Mang?” mo go Awake! ya October 22, 1988.
e Bangwe ba ile ba solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa puso tsa go ruta batho dilo tse di ka ba kgontshang go bona tiro. Go ka nna ga nna le dithulaganyo tsa go tlhokomela bana fa bommaabo ba ile sekolong.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Mmè yo o sa nyalwang o tlhoka go thusiwa le go engwa nokeng