A go Senya Mpa ke Tharabololo?
“Fa tlhatlhobo e sena go supa fa ke imile,” go gakologelwa jalo Judy, “ka bonako fela le-kau la me le ne la gatelela gore ke senye mpa. Le ne la bo la nnaya madi a gone.” Judy o ne a na le dingwaga tse 17.a
FA Marta wa dingwaga tse 15 a sena go lemoga gore o imile, o ne a ya go buisana le mogakolodi kwa tlileniking e e ntshang dimpa. “O ne a ntlhalosetsa dintlha tsotlhe,” go rialo Marta. “O ne a re nka nna ka senya mpa, kgotsa a ka nthusa go batla lefelo le nka le abelang ngwanake kana lefelo la tlhokomelo ya batsetsi fa e le gore ke batla seo.”
Kwa United States fela, basha ba basetsana ba feta milione ba a ima ngwaga le ngwaga. Palo eno e akaretsa le basha ba sekae bao le mororo ba godisitswe ka tsela ya Bokeresete, ba ileng ba tlola taolo ya Modimo ya gore ba “ithibe mo kgokafalong,” kana tlhakanelodikobo pele ga lenyalo. (1 Bathesalonika 4:3, NW) Boitsholo jono jo bo maswe bo dira gore ba boge thata go sa tlhokege. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa basha bano ba ikotlhaela tsela eno ya bone ya boitshwaro mme ba senka go tlhamalatsa matshelo a bone. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya selo seno se se tshosang sa go solofela ngwana o sa nyalwa, bangwe ba ile ba akanya gore go senya mpa e ka nna tharabololo e e motlhofo ya mathata a bone. Kana e bile, mo e batlang e le halofo ya milione ya basetsana ba ba imileng ba United States ba tlhopha go senya dimpa. A mme eno ke yone tsela e e motlhofo ya go rarabolola bothata jwa go ima ngwana yo o sa mmatleng?
Lebaka La go Bo Bangwe ba Senya Mpa
Ke boammaaruri gore, motho a ka tlhotlhelediwa ke maikutlo a a maatla e bile a tla a ganetsana. Ka tlholego mosadi wa moroba o nna le maikutlo a tlhago a go rata ngwana yo o golang mo teng ga gagwe, mme gape a ka nna le mabaka a a utlwalang a go boifa le go tlhobaela.
Ka sekai, Vicky wa dingwaga tse 18 “o ne a batla go ya kholetšheng kgotsa gongwe a nne le dikerii ya masetase.” Fa a akanya ka seno, o ne a lemoga fa go nna le ngwana go ne go tla kgoreletsa maikaelelo a gagwe. (Makasine wa ’Teen, wa March 1992) Marta le ene o ne a swetsa ka go re: “Fa o le mmè, o tshwanelwa ke go nna kwa gae le ngwana wa gago mme ga o kitla o tlhola o bona sekolo. Ke ne ke ise ke siamele seo.” Go ya ka patlisiso nngwe, 87 lekgolong ya basha ba ba senyang dimpa, ba boifa gore go nna le ngwana go tla fetola botshelo jwa bone fela thata ka tsela e ba se kitlang ba e kgona.
Dilo tse dingwe tse gantsi le tsone di dirang gore batho ba tlhophe go senya dimpa ke go boifa gore ba tla nna le mathata a madi le go tshwenyega gore ba ka se kgone maikarabelo a go godisa ngwana ba le nosi. Vicky o ne a tlhalosa kgang eno jaana: “Batsadi ba me ba ne ba tlhalane, mme mmè o ne a godisa bana ba gagwe ba bararo a le nosi. Ke ne ka bona kafa a neng a sokola ka teng . . . Ke ne ka bona fa le nna ke tla felela ke le motsadi yo o nosi fela jaaka mmè.”
Go tlhotlhelediwa thata ke batho ba bangwe, segolobogolo lekau la gago le gone go ka go pateletsa gore o senye mpa. Lekau la ga Judy le ne la mo laela jaana le menne phatla: “Fa o sa senye mpa eo, ke se ka ka bo ka tlhola ke go bona gape.” Nancy ene o ne a tlhotlhelediwa thata ke mmaagwe le balosika gore a senye mpa.
Pono e e anameng thata ya gore go senya mpa tota ga se go bolaya losea le yone e rotloetsa tota. Vicky a re: “Ke ne ke sa itetle go akanya gore ke ngwana. . . . Ke badile felo gongwe gore mo bekeng ya botlhano ya go ima, loseanyana lo lonnye go feta le lonala lwa monwana o monnye. Ke ne ka dumalana le mogopolo ono tota. Ke ne ka ipolelela gore fa e le gore lo lekana fela le lonala lwa monwana o monnye, tota ga e ise e nne ngwana. Ke ne ka leka gore ke lo tseye e se ngwana gore ke tle ke kgone go senya mpa.”
Gape, bangwe ba bolela gore mo dinageng tse di gatetseng pele mo go tsa tegenoloji, go senya mpa ga go kotsi—go akanngwa gore mo mosheng yo o imileng, go babalesegile go gaisa go tshola ngwana. Morago ga go sekaseka dintlha tseno tsotlhe, motho a ka batla go senya mpa. Lefa go ntse jalo, dintlha di supa gore bontsi jwa batho ba ba tlhophang go senya dimpa ba a ikwatlhaya moragonyana. Mosadi mongwe a re: “Ke ne ka senya mpa fa ke na le dingwaga tse 20. Jaanong ke na le tse 34 mme ga ke kgone go lebala se ke se dirileng. Ke ne ke batla ngwana yoo wa me, mme lekau la me le ne le sa mmatle. Seno se santse se ntshwenya thata mo maikutlong; botlhoko jono bo aparela motho botshelo jotlhe jwa gagwe.”
Mabadi a mo Maikutlong
Go na le go rarabolola mathata a motho motlhofo, go senya mpa go a raraanya thata. Mme lefa go ka tweng, go kgatlhanong le selo se re nang le sone se se re tsibosang gore a selo se siame kana se phoso—segakolodi se Modimo o se fileng batho. (Baroma 2:15) Mo godimo ga moo, go senya mpa go dira gore mosadi wa moroba a se nne pelotlhomogi mo loseanyaneng lo lo santseng lo gola mo teng ga gagwe. (Bapisa 1 Johane 3:17.) A bosetlhogo ruri!
Marta a re: “Go ne go setse go fetile dibeke di sekae fela [morago ga go senya mpa] fa ke simolola go jewa ke segakolodi e bile ke swabela se ke se dirileng.” Dilo di ne tsa bo tsa nna maswe go feta fa Tlhakole a goroga—kgwedi e ngwana a neng a tshwanetse go tsholwa ka yone. Eliasa o tlhalosa jaana: “Ke ne ka senya mpa dingwaga tse 15 tse di fetileng. Morago ga moo, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong mme ka tshwanelwa ke go okelwa kwa tlileniking makgetlho a le mantsinyana. Ke ne ka bo ka batla le go ipolaya.”
Ke boammaaruri gore ga se basadi botlhe ba meroba bao ba ikutlwang ka tsela eno. Ba le bantsi ba dumela tota gore losea lo lo iseng lo tsholwe ga e ise e nne motho. Mme Mmopi—yo e leng ene “motswedi wa botshelo”—ene a reng ka seno? (Pesalema 36:9) Baebele e tlhalosa sentle gore mo go Jehofa Modimo ngwana yo o santseng a gola mo sebopelong ga se thishunyana fela e e sa reng sepe. O ne a tlhotlheletsa Kgosi Dafite go kwala jaana: “Matlho a gago a ne a bona go nna ga me ke ise ke bopege, mme mo lokwalong lwa gago go ne go kwadilwe ditokololo tsotlhe tsa me.” (Pesalema 139:16) Ka gone, Mmopi o leba loseanyana lo lo iseng lo tsholwe e le motho yo o tshelang. Ke ka lone lebaka leno a ileng a laela gore fa motho a ka gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe, a otlhaelwe seo. (Ekesodo 21:22, 23) Ee, go ya ka Modimo, go bolaya ngwana yo o iseng a tshole, ke go bolaya motho. Ka gone, mosetsana yo o batlang go itumedisa Modimo a ka se tseye go senya mpa e le yone tsela ya go rarabolola mathata—go sa kgathalasege gore mongwe o mo pateletsa go le kana kang.b
Go Engwa Nokeng
Judy yo o umakilweng kwa tshimologong o ne a tlhopha go se senye mpa. O bolela jaana: “Nkgonne o ne a lemoga, mme go tloga fela kwa tshimologong o ne a nkema nokeng, segolobogolo mo maikutlong. O ne a bo a re o tla tswelela a nthusa le fa ke sena go tshola ngwana. Seno se ne sa nthusa gore ke dire se ke neng ke itse sentle mo pelong ya me gore se siame. Ke ne ka dira fela jaaka ke ne ke rulagantse mme ka tshola ngwana.” Seno se diragetse dingwaga tse robongwe tse di fetileng. Fa a leba morwaawe wa dingwaga tse robedi, Judy a re: “Ke ne ke tla bo ke dirile phoso e kgolo thata mo botshelong jwa me, fa nkabo ke ile ka senya mpa.”
Mosadi mongwe wa moroba yo o bidiwang Natisa le ene o bolela jaana: “Dingwaga tse tlhano tse di fetileng ke ne ke dutse mo tlileniking e e ntshang dimpa ke letile gore ke tloge ke bidiwe. Go na le gore ke tsene fa ke ne ke bidiwa ke ne ka akanya seno gape, mme ka tswa mo tlileniking. Jaanong ke na le morwa yo montle wa dingwaga tse nnè, ke imile ngwana yo mongwe, ke nyetswe e bile rraagwe banake o lorato tota.”
Motho ope fela yo o imileng mme a sa nyalwa, a se dire ditshwetso ka lepotlapotla. Lefa dilo di ka lebega di le maswe go le kana kang, a se itlhoboge. Lefa go ntse jalo, batho ba ba ntseng jalo ruri ba tlhoka go engwa nokeng le go kaelwa ke mongwe yo o godileng sentle. Go bulela batsadi mafatlha go tla thusa tota, segolobogolo fa e le Bakeresete. (Diane 23:26) Ke boammaaruri gore, kwa tshimologong ba ka nna ba bo ba utlwile botlhoko e bile ba galefile. Mme fa go ntse go ya, ba ka nna ba tlhotlheletsega go thusa. Ka sekai, ba ka nna ba rulaganyetsa gore motho a okiwe ka nako ya fa a santse a imile. Gape ba ka nna ba thusa go solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa puso tse di ka mo tshwanelang. Se se botlhokwa go gaisa, ba ka kgothaletsa motho yo o dirileng phoso yono gore a kope thuso ya semoya e a e tlhokang mo bagolwaneng ba phuthego.—Jakobe 5:14, 15.
Bommè bangwe ba ba sa nyalwang ba ile ba tlhopha go aba bana ba bone ba akanya gore ba ka se kgone go ba tlhokomela ka tshwanelo. Le mororo go aba ngwana go le botoka go gaisa go mmolaya, mo Modimong, ke maikarabelo a motsadi gore a ‘tlamele ba ntlo ya gagwe.’ (1 Timotheo 5:8) Motsadi yo o mongwe fela o ka nna a se ka a kgona go tlamela ngwana wa gagwe sentle ka dilo tse di bonalang, lefa go ntse jalo, a ka mo naya sengwe se se botlhokwa go gaisa tsotlhe—lorato. (Diane 15:17) Ka jalo, mo maemong a mantsi go ka nna botoka gore mmè yo o sa nyalwang a ikgodisetse ngwana ka boene.
Go tweng ka tiro e e bokete ya go godisa losea—le diphetogo tse dikgolo tse o tla tshwanelwang ke go di dira mo tseleng e o tshelang ka yone? Dilo tseno tsotlhe di ka lebega di le dikgolo thata. Lefa go ntse jalo, Baebele e na le kgakololo e e mosola e e ka thusang motho go lebana le dikgwetlho tseno. Bommè ba ba sa nyalwang ba ba ikwatlhayang gape ba ka bona thuso ya semoya e e tswang mo Lefokong la Modimo. Ee, ka go engwa nokeng ka lorato le go kaelwa sentle, ba ka kgona go sola seemo sa bone molemo.c Ruri go senya mpa ga go rarabolole dilo!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Motho ope fela yo mo nakong e e fetileng a kileng a dira phoso mme a senya mpa, a se ka a swetsa ka gore ga go tlhole go thusa sepe. Batho ba ba ntseng jalo ba ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o thusa batho ba ba ikwatlhaelang diphoso tsa bone e bile o “itshwarela ka botlalo.” (Isaia 55:7) Lefa gone motho a santse a tshwenyega mo maikutlong, mopesalema o re tlhomamisetsa gore: “Jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi; le ene o re tloseditse ditlolo tsa rona bokgakala jo bo kalo.”—Pesalema 103:12.
c Bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1981, “Batsadi-Bangwefela Ba ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno.” Bona gape le “Basha ba Botsa Jaana . . . Bommè Ba Ba sa Nyalwang Ba ka Sola Seemo sa Bone Molemo Jang?” mo tokololong ya Tsogang! ya October 8, 1994.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Gantsi makau a leka go pateletsa basetsana gore ba senye dimpa