Mathata A Go Senya Mpa—A Go Bolawa ga Dimilione di le 60 tsa Batho ke Yone Tharabololo?
MOSETSANA wa dingwaga tse di 15 yo o akabetseng, a tshogile, a bile a lela, o lebeletse jaaka lekawana la gagwe le tsamaya le tenegile. Le ne le mmitsa seeleele ka go bo a imile. Mosetsana ene o ne a akanya gore ba a ratana.
Mosadi mongwe o tletse boitlhobogo fa a lemoga gore o imile ngwana wa gagwe wa borataro. Monna wa gagwe ga a bereke, mme bana ba robala ka tlala e ntshonyana bosigo bongwe le bongwe. Tota ba ne ba ka kgona jang go tlhokomela ngwana yo mongwe?
Mosadi yo o apereng sentle o tlhalosetsa ngaka ya gagwe jaana, “Eno ke nako e e maswe thata ya go ka ima.” O ne a setse a pasitse dithuto tsa gagwe tsa boenjeneere mme o ne a le gaufi le go simolola tiro ya gagwe e ntšha. Monna wa gagwe o tshwaregile thatathata mo tirong ya gagwe ya boagente. Ba ne ba tla tsaya kae nako ya go tlhokomela lesea?
Batho bano ba tshela matshelo a a farologaneng mme le mathata a bone a farologane, mme le fa go ntse jalo ba tlhopha mokgwa o le mongwe fela wa tharabololo: go senya mpa.
Go senya mpa ke nngwe ya dikgang tse di masisi tsa lesome leno la dingwaga, mme go tsosa dikgang tsa sepolotiki, loago, kalafi, le tsa bodumedi. Kwa United States, ba ba buelelang botshelo ba gwantela gore bana ba ba iseng ba tsholwe ba nne le ditshwanelo tsa bone. Ba ba reng motho o na le tshwanelo ya go itlhophela ba ikaegile ka motheo o o tseelwang kwa godimo wa molao wa kgololesego le wa tshwanelo ya mosadi go itirela phetso. Batlhabanedi ba botshelo ba lwantsha balwelakgololesego mo ditlhophong, mo dikgotlatshekelong, mo dikerekeng, le mo mekgwatheng tota.
Batho ba le bantsi ba iphitlhela ba hupediwa ke lorole, ba etsaetsega ka ntlha ya mabaka a a gogomosang maikutlo a matlhakore oomabedi. One mafoko “go itlhophela” le “go buelela botshelo” a ne a dirisiwa ka bomo go oka ba ba sa itseng gore ba mo letlhakoreng lefe. Mo motlheng ono o mo go one kgololesego e dirilweng modingwana, ke mang yo o neng a ka se ka a rata go itlhophela? Mme gape, ke mang yo o ka se kang a buelela botshelo? Ditlhopha tse di buelelang gore motho o tshwanetse go itlhophela di tsamaya di tshwere dihankara tsa diaparo go bontsha dintsho tsa basadi ba ba gateletsweng ba ba senyang mpa ka tsela e e diphatsa ba tlola molao. Ba ba buelelang tshwanelo ya botshelo ba tsamaya ba tshotse dibikiri di na le maseanyana a a neng a santse a le mo sebopelong a a bolailweng ka go senya mpa e le kgakololo e e botlhoko kaga bana ba le dimilione ba ba suleng ba ise ba tsholwe.
Tiragalo eno e e botlhoko e e bakang loso e tlhalosiwa sentle mo bukeng ya ga Laurence H. Tribe e go tweng Abortion: The Clash of Absolutes. “Bontsi jwa bao ba kgonang go lemoga ka bofefo fela gore leseanyana le le sa leng mo sebopelong ke motho, mme ba le tsaya le le botlhokwa le go le lelela, ga se gantsi ba tsayang tsia mosadi yo o le imileng le bothata jo a leng mo go jone. . . . Bontsi jwa ba bangwe gape, ba ba kgonang go lemoga boemo jo mosadi yo o imileng a leng mo go jone le mmele wa gagwe, ba ba lelelang gore o na le tshwanelo ya go laola bokamoso jwa gagwe, ga se gantsi ba tsayang tsia leseanyana le le sa leng mo sebopelong le a le imileng mme ga ba tseye botshelo jo le neng le tla bo tshela jaaka botshelo tota.”
Fa ntwa ya gore ke mokgwa ofe o o tshwanetseng e santse e tsweletse, mo ngwageng ono go tla swa bana ba ba iseng ba tsholwe ba ka nna dimilione di le 50 go ya go 60 fa ntwa ya go lwela ditshwanelo e santse e tsweletse.
La gago letlhakore ke lefe mo kgannyeng eno e e gogomosang maikutlo? O ne o ka araba jang dipotso tseno tsa konokono: A ke tshwanelo e e ka se kang ya fetolwa ya mosadi go dira tshwetso? A go senya mpa go tshwanetse mo mabakeng a a rileng? Motho o simolola leng go tshela? Mme potso ya konokono, le mororo e se ke e bodiwa thata ke ya gore: Motlhodi wa botshelo le modiri wa tsholo ya bana ene o leba jang go senya mpa?
Go senya mpa ga go tswe fano. Kwa Gerika le Roma wa maloba, go senya mpa go ne go aname. Kwa Yuropa ka nako ya Metlha ya Bogare le ka nako ya Tsosoloso, go ne go letlelelwa go fitlhelela ka nako ya go fefoga, ke gore, nako ya fa mosadi a utlwa gore go na le setshedi mo sebopelong sa gagwe. Ka ntlha ya diphetogo mabapi le tlhakanelodikobo go ne ga tlhagoga mathata a boimana jo bo sa batlegeng.
Ka bo1960 go ne ga ntsifala mekgatlho ya basadi, e mo go yone selo se se bidiwang tshwanelo ya go tshola e leng sa konokono. Bangwe ba re go nne le tshwanelo ya go senya mpa fa e le gore mosadi yo o imileng o beteletswe ke motho o sele kana ke wa losika kana fa botshelo jwa mmangwana bo le mo kotsing. Boitseanape jwa tsa kalafi bo dirile gore go kgonege go okomela mo popelong go bona gore ke mathata afe a pelegi a a ka nna teng le go itse bong jwa losea. Go senngwa mpa fa ngaka e ka nna le dipelaelo tsa gore go ka nna ga nna le mathata mangwe. Basadi ba dingwaga tse di fetang 40 ba ka nna ba tshogela gore ba tla tshola digole.
Mo mafatsheng a a humanegileng, bontsi jwa basadi ba ba sa kgoneng go bona dithibelapelegi ba ikutlwa gore ba ka se kgone go tlamela bana ba bantsi. Mme ka go oketsa se go itlhophela go se akaretsang, basadi bangwe ba ba imileng ba itlhophela go senya mpa ka mabaka a gore ba imile ka nako e e seng yone kana fa ba sena go itse gore ngwana ke mong mme jaanong ba sa mmatle.
Bontsi jwa mabaka a a bogale a a dirisiwang mo kgannyeng eno a dirisana le kgang ya gore botshelo bo simologa leng. Ga se ba le bantsi ba ba ka ganetsang gore lee le le setseng le kopane le peo ya monna le a tshela. Potso ke gore, le tshela e le eng? E le dinamanyana fela? Kana ke motho? A leungo la setlhare sa morula ke setlhare sa morula? Jaanong, a lesea le le sa leng mo sebopelong ke motho? A o na le ditshwanelo tsa setho? Go lwa ka mafoko ga go fele. A bo e le selo se se gakgamatsang jang ne gore mo kokelong e le nngwefela, dingaka di bo di fufula di leka go boloka botshelo jwa ngwana yo o tshotsweng pele ga nako mme gape kafa ba bo ba fedisa botshelo jwa lesea le le sa leng mo sebopelong le le lekanang le lesea leo! Molao o ka nna wa bo o ba letla go bolaya lesea le le mo sebopelong, mme lefa go ntse jalo ke molato wa polao fa ngwana a tshotswe.
Modumo o montsi wa go batla go itlhophela o dirwa ke “bagololesegi” ba motlha ono ba ba kgonang go bona dithibelapelegi kwantle ga mathata ape go ka thibela boimana. Ba remeletse mo go se se bidiwang tshwanelo ya go tshola, fa tota gone ba setse ba bontshitse gore ba ka kgona go ima le go tshola. Se tota ba se batlang ke go senyolola go tshola. Ba re mabaka ke afe? “Ke mmele wa me!” A mme gone ke wa bone?
Abortion—A Citizens’ Guide to the Issues ya re mo dibekeng tsa ntlha tse di 12 tsa boimana, “dinamanyana tse dinnye tse di borekereke di motlhofo go ntshiwa.” A go senya mpa go ka tsewa fela jaaka “go ntsha sekidi sa nama” kana “go fedisa se se nnileng teng ka ntlha ya go ima”? Kana legale mafoko ano a a tswaisitsweng a diretswe fela gore a timole bogale jwa go lebana le boammaaruri jo bo sa rategeng gore bo wele sentle mo ditsebeng le go dira gore digakolodi tse di tshwenyegileng di ritibale?
Namanyana eo e e sa batlegeng ke setshedi se se golang sentle, se se nang le dipara tsa dikoromosomo tsa yone di le mmogo. E ntse jaaka boperofeti jo bo mabapi le motho, e bolela sengwe le sengwe ka motho yo o santseng a direga yo o nang le boleng jwa gagwe a le nosi fela. Porofesa yo o itsegeng thata yo o ithutileng ka lesea le le sa leng mo sebopelong ebong A. W. Liley o tlhalosa jaana: “Go ya ka thutotshelo, ga go na nako epe e re ka dumelanang le mogopolo wa gore lesea le le sa leng mo sebopelong ke karolo fela ya ga mmaalo. Go ya ka segotso, mmè le lesea ke batho ba babedi ba ba farologaneng ka nako ya fa go ima go simologa.”
Boitshwaro jwa Botlhaswa
Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo go le motlhofo go senya mpa, bontsi ga bo bone go le botlhokwa go itisa gore motho a se ka a ima a sa batle. Ba ikanya go dirisa go senya mpa jaaka tsela ya go fedisa “dikotsi” tse di ka diragalang.
Dipalopalo di bontsha gore batho ba tsena mo bosading le mo bonneng ba santse ba le bannye thata mo lekgolong leno la dingwaga. Ka jalo bana ba kgona go nna le bana. A ba rutiwa ka maikarabelo a a bokete a a tsamaelanang le tshiamelo eo? Ka kakaretso Maamerika a simolola go kopanela dikobo ba na le dingwaga di le 16, mme a le 1 mo go ba le 5 pele ga ba tshwara dingwaga di le 13. Nngwetharong ya basadi ba ba nyetsweng le banna ba ba nyetseng ba na le dinyatsi kana ba kile ba nna le tsone mo nakong e e fetileng. Batho ba ba matlhomatlho ba senya mpa fela thata. Fela jaaka boikuelo jo bo a tleng bo dirwe jwa gore go ithekisa mmele go letlelelwe kafa molaong gore go tle go fedisiwe bolwetse jwa AIDS, go letlelela go senya mpa kafa molaong go ka nna ga bo go dirile gore go senya mpa go se ka ga nna kotsi thata, mme lefa go ntse jalo go ile ga oketsa thata maemo a mo go one go bola ga boitsholo go ileng ga gola.
A Ba Boga Ka Ntlha Ya Thubakanyo Kana Seemo?
Se se kgatlhang ke gore, dipatlisiso di bontshitse gore go ima morago ga petelelo ga go gontsi. Mo bathong ba le 3 500 ba ba ileng ba betelelwa ka go tlhomagana kwa Minneapolis, U.S.A., ga go na ope wa bone yo ileng a ima. Mo go senyeng mpa go le 86 000 kwa seo e kileng ya bo e le Czechoslovakia, ke ba le 22 fela ba ba neng ba senya mpa ka go bo ba ne ba beteletswe. Ka jalo, ke palo e e tsenang mo seatleng fela ya ba ba senyang mpa ka ntlha ya mabaka ao.
Jaanong go tweng ka mafoko a a tshosang a dipolelo tsa gore o ka nna wa belega masea a a nang le bogole jo bo ka se keng jwa alafiwa? Dingaka dingwe fa di ka bona dikai tsa ntlha fela tsa gore go ka nna ga nna le mathata di kgothaletsa go senya mpa. A ba ka tlhomamisa gore se tota ba se bonang se ntse jalo? Batsadi ba le bantsi ba ka fa bosupi jwa gore dipolelelopele tseo tse di tshosang fa gongwe ga di boammaaruri, mme ba na le bana ba ba itumetseng, ba ba itekanetseng go supa seo. Ba bangwe ba ba nang le bana ba go tweng ke digole ba itumelela go bo e le batsadi. Tota ebile, ke palonyana e nnye ya 1 lekgolong ya bao ba ba batlang go senya mpa kwa United States ka go bo ba boleletswe gore leseanyana le le sa leng mo sebopelong le na le bogole bongwe.
Lefa go ntse jalo, e tla re o fetsa go bala setlhogo seno, go bo go setse go sule masea a a iseng a tsholwe a le makgolokgolo. Selo seno se diragala kae? Mme matshelo a ba ba nang le seabe a amega jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 25]
Mmè: “Ke mmele wa me!”
Lesea: “Nnyaa! Ke mmele wa me!”