Go Senya Mpa—Ga se Tharabololo E e Se Nang Mathata
BILL o godile a dumela gore go senya mpa ke boleo jo bo masisi, jo bo tshwanang le go bolaya. Mme boikutlo jwa gagwe bo ile jwa fetoga ka 1975 fa kgang eno e ne e ama ene ka boene. Kgarebe ya gagwe e bong Victoria o ne a ima, mme Bill o ne a sa batle go nna le boikarabelo jwa go nyala le jwa go nna motsadi. Bill o dumela jaana: “Ka bonako fela ke ne ka tlhopha tharabololo e e neng e ntshiametse mme ke ne ka bolelela Victoria gore o tla tshwanelwa ke go senya mpa.”
Se Bill a neng a re ke tharabololo e e mo siametseng malebana le go ima motho a sa ikaelela kgotsa a sa batle ke selo se se tlwaelegileng. Patlisiso nngwe ya lefatshe lotlhe ya 2007 e ne ya bega gore go fopholediwa gore ka 2003 go ile ga senngwa dimpa tse di ka nnang dimilione di le 42 mo lefatsheng lotlhe. Basadi ba ba senyang dimpa ba tswa mo merafeng le mo ditšhabeng tsotlhe, mo madumeding a a farologaneng, le ba ba amogelang lotseno lwa mefuta yotlhe, ba ba nang le maemo a a farologaneng a thuto le ba dingwaga tsotlhe. Fa o ne o ka ima o sa batle, o ne o tla dira eng? Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba tlhopha go senya mpa?
‘E ne E le Yone Fela Tharabololo’
Mosadi mongwe wa dingwaga di le 35 o tlhalosa jaana: “Ke ne ke sa tswa go nna le matsapa mo boimaneng jwa me e bile ke nnile le pelegi e e thata mme go ne go na le mathata a mantsi a tsa madi le go ngomoga pelo mo lelapeng. Mme dibeke di le thataro fa ke sena go belega ke ne ka ima gape. Re ne ra swetsa go senya mpa eo. Mo pelong ya me ke ne ke akanya gore ga go a siama mme eno e ne e le yone fela tharabololo.”
Basadi ba batla go senya dimpa ka mabaka a a farologaneng, a a jaaka mathata a tsa madi kgotsa gongwe monna yo a neng a nna le ene o ne a mo sotla mme ga a batle go nna le kamano epe le ene. Kgotsa e ka tswa e le fela gore boimana joo bo thulana le dithulaganyo tsa mosadi yoo kgotsa tsa baratani.
Ka dinako tse dingwe tharabololo e nna go senya mpa e le go sireletsa leina la mongwe. Go ne go ntse jalo mo kgannyeng e e neng ya begiwa ke Dr. Susan Wicklund mo bukeng ya gagwe ya This Common Secret—My Journey as an Abortion Doctor. Motho mongwe yo a neng a tlile kwa go ene a batla go senya mpa o ne a ipobola jaana: “Batsadi ba me ke batho ba ba ineetseng thata mo bodumeding. . . . Fa nka nna le ngwana ke sa nyalwa, go tla ba senya leina. Go tla bontsha ditsala tsa bone tsotlhe gore morwadiabone o leofile.”
Dr. Wicklund o ne a botsa jaana morago ga foo: “Gone ke boammaaruri gore o leofile mo matlhong a bone, mme ba ikutlwa jang ka go senya mpa?” Mosetsana yoo o ne a re: “Ijo, go senya mpa. Joo ke boleo jo bo sa itshwarelweng. Mme ke boleo jo bo botokanyana ka gonne e tla nna sephiri. Fa nka senya mpa, ditsala tsa [batsadi ba me] kwa kerekeng le ka motlha di ka se ka tsa itse ka gone.”
Le fa seemo e ka tswa e le sefe, gantsi tshwetso ya go fedisa mpa ka boomo ga se kgang e potlana. Gantsi ke selo se se utlwisang botlhoko thata. A mme go senya mpa ke tharabololo e e se nang mathata?
Akanya ka Ditlamorago Tsa Gone
Patlisiso nngwe ya 2004 ya basadi ba le 331 ba kwa Russia le ba le 217 ba kwa Amerika ba ba ileng ba senya mpa e ile ya bontsha gore mo e ka nnang bontlhanngwe jwa ditlhopha tsoopedi bo ne bo ikwatlhaya fa ba sena go senya mpa. Mo e ka nnang diperesente di le 50 tsa Ba-Russia le mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa Baamerika ba ne ba ikutlwa “molato” morago ga go senya mpa. Diperesente tse di fetang 60 tsa basadi ba kwa Amerika ga ba kgone ‘go iitshwarela.’ E re ka go ikutlwa molato e le bothata jo bo anameng thata jaana—tota le mo bathong ba ba sa itseyeng e le badumedi—ke ka ntlha yang fa go sa ntse go na le batho ba bantsi jaana ba ba senyang dimpa?
Gantsi ba nna le kgatelelo e kgolo ya gore ba senye mpa. Batsadi, molekane, kgotsa ditsala tse di batlang go thusa di ka nna tsa kgothaletsa motho go senya mpa ba bolela gore ke gone go leng botoka. Seno se ka dira gore motho a dire tshwetso ka bonako a se na tshedimosetso yotlhe. Dr. Priscilla Coleman yo e leng moitse wa dikotsi tse di amanang le boitekanelo jwa tlhaloganyo o ne a tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, fa go tshwenyega mo maikutlong ka ntlha ya tshwetso eno le go senya mpa go fetile, mme basadi ba boela ba akanya sentle, gantsi seo se dira gore ba ikutlwe molato, ba hutsafale le go ikwatlhaela se ba se dirileng.”
Gantsi go ikwatlhaya gono go nna teng ka ntlha ya potso e e reng: A go senya mpa go fedisitse botshelo jo bo neng bo setse bo le teng? Pego nngwe e e dirilweng ke South Dakota Task Force to Study Abortion e ne ya bolela gore, basadi ba le bantsi ba ba imileng ba ba akanyang ka go senya mpa “ba ne ba tsiediwa go akanya gore go senngwa fela ‘dithishu’ mme ba tlhalosa gore ba ka bo ba sa senya mpa fa ba ne ba ka bo ba boleletswe boammaaruri.”
Morago ga go sekaseka “pego e e sa tlwaelegang le e e utlwisang botlhoko thata” ya basadi ba le 1 940 ba ba ileng ba senya dimpa, patlisiso eo e ne ya konela jaana: “Bontsi jwa basadi bano ba galefisiwa ke bohutsana le go latlhegelwa ke ngwana yo ba neng ba boleletswe gore ga a ise a ko a nne teng.” Patlisiso eo e ne ya bolela gape gore “kgobalo ya tlhaloganyo e mosadi a nnang le yone e e bakiwang ke go itse gore o bolaile ngwana wa gagwe gantsi e ngomola pelo thata.”
Mme boammaaruri ke eng? A go senya mpa ke go ntsha fela dithishu tse di rileng mo mmeleng wa mosadi yo o imileng? A lesea le le iseng le tsholwe tota ke motho yo o tshelang fa le sa ntse le le mo popelong?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 4]
GO TSHOLA NGWANA FA GO BAPISIWA LE GO SENYA MPA
Patlisiso nngwe ya 2006 e ne ya sekaseka hisitori ya botshelo jwa basadi ba le bantsi ba ba ileng ba ima fa ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bone tsa bolesome. Bontlhanngwe jwa bone bo ne jwa tshola bana mme bontlhanngwe bo ile jwa senya dimpa. Patlisiso eo e ne ya swetsa ka gore “batho ba ba neng ba tshola bana ba ne ba ka nna le selekanyo se se kwa tlase sa go tshwanelwa ke go amogela kgakololo ya tlhaloganyo, go sa nneng le mathata a go robala le selekanyo se se kwa tlase sa gore motho a ka goga matekwane fa ba bapisiwa le ba ba neng ba senya dimpa.”—Journal of Youth and Adolescence.
Pego e nngwe e ne ya ntsha “diphelelo tsa dipatlisiso tse nnè tse di tseneletseng tse di dirilweng mo lefatsheng lotlhe.” Dipatlisiso tseno di ne tsa senola eng? “Basadi ba ba kileng ba senya dimpa ba nna le selekanyo se se kwa godimo sa mathata a a farologaneng a tlhaloganyo fa ba bapisiwa le basadi ba ba iseng ba ko ba senye dimpa.”—Report of the South Dakota Task Force to Study Abortion—2005.