Segajaja se se Tsitsibanyang Mmele sa Go Senngwa ga Mpa
DIMILIONE tse di 50 go ya go tse di 60 tsa masea a a iseng a tsholwe di ganyaolwa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go senya mpa. A o tlhaloganya sentle gore ke palo e e kana kang? Palo eo e lekana le go nyelediwa ga batho botlhe ba Ditlhaketlhake tsa Hawaii mo lefatsheng beke nngwe le nngwe!
Go thata go bona dipalo tsa mmatota ka jaana bontsi jwa dipuso di sa boloke dipego tse di tlhomameng tsa go senya mpa. Mme koo go senya mpa go kgorelediwang kana go thibetsweng teng, baitse ba ka fopholotsa fela gore ke bokae. Mme lefa go ntse jalo, go senya mpa mo lefatsheng go ka seemo se se ntseng jaana:
Kwa United States, loaro lwa go senya mpa lo tsaya maemo a bobedi morago ga la go ntsha dikodu. Go senngwa mpa ka makgetlho a le dimilione di le 1,5 ngwaga le ngwaga. Bontsi jwa basadi ba ba senyang mpa ga ba a nyalwa—ba le 4 mo go ba le 5. Basadi ba ba sa nyalwang ba sentse mpa ka makgetlho a le mabedi fa go tshwantshanngwa le go tshola bana ga bone, fa ka kakaretso, basadi ba ba nyetsweng ba ile ba tshola bana ba bone ka makgetlho a le lesome fa go tshwantshanngwa le go senya mpa ga bone.
Kwa Amerika Bogare le Borwa—kwa go tletseng Makatoliki teng—go na le melao e e kgatlhanong le go senya mpa e e gagametseng thata go gaisa gope mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, go senya mpa kgatlhanong le molao go gontsi, mo e bileng go le kotsi mo botsogong jwa basadi. Ka sekai, kwa Brazil, basadi ba ile ba senya mpa ka makgetlho a le dimilione di le nnè mo ngwageng e e fetileng. Palo e e ka tshwarang 400 000 ya bone e ne ya tshwanelwa ke go batla thuso ya bongaka ka ntlha ya mathata a a ileng a nna teng morago ga go dira jalo. Kwa Latin America palo e e ka nna nngwennèng ya boimana jotlhe e a senngwa.
Moseja ono wa Atlantic mo kontinenteng ya Afrika, melao le mono e gagametse. Dikgobalo le dintsho di dintsi, bogolo jang mo basading ba ba humanegileng ba ba batlang thuso mo bathong ba ba ba thusang go senya mpa e se ka fa molaong.
Kwa Botlhabagare jotlhe, mafatshe a le mantsi a na le melao e e gagametseng mo dibukeng tsa one, mme le fa go ntse jalo, go senya mpa go batliwa thata le go bonwa ke basadi ba le bantsi ba ba nang le madi a go duela ditlhotlhwa tse di kwa godimo.
Bontsi jwa mafatshe a Yuropa Bophirima a letlelela go senya mpa mo mabakeng a a rileng, a Scandinavia e le one a a repisitseng thata. National Health Service ya Borithane e ile ya ela tlhoko dipego tsa go senya mpa fa go sale go letlelelwa koo ka 1967. E ile ya lemoga go ntsifala sebedi ga go senya mpa mo go tsamaelanang le go tshola bana ba ba senang borraabo, le malwetsi a tlhakanelodikobo, go ithekisa mmele, le mathata a mangwe a mantsi a a amanang le go tshola.
Yuropa Botlhaba mo nakong eno e mo seemong sa diphetogo, mme go ntse fela jalo le ka melao ya koo mabapi le go senya mpa. Kwa go se e kileng ya bo e le Soviet Union, go fopholediwa gore go senngwa mpa ka makgetlho a le dimilione di le 11 ngwaga le ngwaga, e e leng nngwe ya dipalo tse di kwa godimo mo lefatsheng. Ka ntlha ya go tlhaela ga dithibelapelegi le maemo a itsholelo a a maswe, ka kakaretso basadi mo kgaolong eo ba kgona go senya mpa ka makgetlho a le marataro go ya go a a robang bongwe mo botshelong jwa bone.
Mo Yuropa Botlhaba yotlhe go lebega moono e le go repisa dikgole. Sekai se se tlhomologileng ke Romania, koo puso ya teng ya pele e neng e kgala go senya mpa e bo e thibela go dirisiwa ga dithibelapelegi ka maikaelelo a go dira gore batho ba ate. Basadi ba ne ba kgothalediwa gore bogolo mongwe le mongwe a nne le bana ba le banè, mme erile ka 1988, mafelo a dikhutsana a Romania a bo a tletse ka bana ba ba latlhilweng. Ka jalo, fa e sale puso ya diphetogo ya 1989 e tlosa dithibelo tseno mabapi le go senya mpa, masea a le 3 mo go a le 4 a bolawa ka tshenyo ya mpa, e e leng palo e e kwa godimo thata mo Yuropa.
Palo e e di fetang tsotlhe tsa go senngwa ga mpa e dirwa kwa Asia. People’s Republic of China, e e nang le molao wa gore go nne le ngwana a le mongwe fela mo lelapeng lengwe le lengwe le o o patelelang go senya mpa, ke yone e e nang le palo e ntsi thata ya go senya mpa, e bega gore go diragala go le dimilione di le 14 ka ngwaga. Kwa Japane basadi ba kgabisa difikantswe tse dinnye tse di dirilweng ka matlapa ka dibibi le dithoye go gopola bana ba bone ba ba suleng ka ntlha ya go senya mpa. Batho ka kakaretso ga ba amogele thata dipilisi tse di thibelang pelegi, ka jalo go senya mpa ke yone tsela ya konokono ya go laola pelegi.
Kwa Asia, mme bogolo jang kwa India, kgatelopele ya boranyane jwa kalafi e diretse batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi mathata. Mekgwa e e tshwanang le ya amniocentesis le ultrasound e ka dirisiwa go bolela gore ngwana ke mong go ima go sa tswa go simologa fela. Dingwao tsa Botlhaba di sale di tswa koo di tseela barwa kwa godimo go na le barwadi. Ka jalo koo go bonwang teng motlhofo mekgwa ya go itse bong jwa leseanyana le le sa leng mo sebopelong le wa go senya mpa, maseanyana a basetsanyana a bolaiwa ka go senya mpa ka dipalo tse di kwa godimo, selo se se felelang ka gore go nne le palo e ntsi ya basimane go na le ya basetsana ba ba tsholwang. Ka jalo, mekgatlho e e buelelang ditshwanelo tsa basadi e mo mathateng a gore jaanong e batle gore basadi ba nne le tshwanelo ya go senya mpa fa ba imile basetsana.
Ka fa Mmangwana a Ikutlwang ka Teng
Fela jaaka go ntse le ka mekgwa e mengwe ya kalafi, go senya mpa go na le dikotsi tse di rileng tsa gone le botlhoko. Ka nako ya go ima molomo wa popelo o nna o tswetswe thata, gore lesea le nne le babalesegile. Go ngamola le go tsenya didirisiwa moo e ka nna selo se se botlhoko le se se tshwenyang maikutlo. Go senya mpa ka go monyela go ka tsaya metsotso e e ka tshwarang 30, mme mo nakong eo basadi ba bangwe ba ka nna ba utlwa botlhoko jo bo fa gare kana jo bo tseneletseng le go gonagana dinama. Fa go dirisiwa saline abortion, motho o tsosediwa ditlhabi nako e ise e nne yone, mme fa gongwe go dirisiwa prostaglandin, selo se se dirang gore ditlhabi di simologe. Go gamola moo go ka nna ga tsaya diura tse dintsi le malatsi tota mme go ka nna botlhoko le go feletsa motho maikutlo.
Mathata a a nnang teng morago fela ga go senya mpa a akaretsa go dutla madi, go gagoga ga molomo wa popelo, go phunyega ga popelo, le go rema ga madi, go ganana le dilo tse di idibatsang, go wa dikoto, letshoroma, le go kgwa. Diphatsa tsa go tsenwa ke bolwetsi di nna kwa godimo thata bogolo jang fa go na le masalela a lesea kana mothapo wa mohubu mo popelong. Go senya mpa mo go sa felelang go aname, mme fa gongwe go tlhokafala gore motho a ariwe gore go ntshiwe dinama tse di bolang tse di ileng tsa salela kana gone go ntsha popelo ka boyone. Dipatlisiso tsa puso kwa United States, Borithane, le seo e kileng ya bo e le Czechoslovakia di bontsha gore go senya mpa go oketsa thata sebaka sa go nna moopa, go imela mo ditšhupung, go senyegelwa, go belega e e ise nne nako, le mathata a pelegi ka nako ya go tshola.
Ngaka ya loaro e e neng e di okametse tsotlhe pele ya U.S. ebong C. Everett Koop o ile a re ga go na ope yo o kileng a “tlhotlhomisa ka maikutlo kana go ipona molato ga mosadi yo o ileng a senya mpa mme jaanong a batla ngwana yo jaanong a ka se tlholeng a kgona go nna le ene.”
Dipatlisiso tse di mabapi le go senya mpa di ka bo di ile tsa akaretsa basha ba Bakeresete ba ba nang le boitsholo jo bontle ba ba bolokileng bokgarebana jwa bone ka ntlha ya go utlwa melao ya Modimo le go tlotla botshelo mo ditlhopheng tse di neng di tlhophilwe fa go dirwa dipatlisiso tseo. Go ka bo go ile ga lemotshega gore bano ba itumelela dikamano tse di molemo, le go itlotla thata, le go ritibala maikutlo.
Maikutlo A Lesea Le Le Iseng Le Tsholwe
Leseanyana le le iseng le tsholwe le ikutlwa jang gore e re le santse le e ja bothitho mo sebopelong sa ga mmaalo le bo le tlhaselwa ka bobelompe ka maatla? Re ka fopholetsa fela ka jaana polelo eo e ka se ka ya bolelwa ke bao tota go ba diragaletseng ka namana.
Gantsi go senngwa mpa mo dibekeng tsa ntlha tse di 12 tsa botshelo. Ka nako eno leseanyana le le sa leng mo sebopelong le a bo le ithuta go hema le go metsa, mme le pelo ya lone e a bo e itaya. Le ka kgona go oba menwana ya lone ya maoto, le mene lebole, go phethekgana mo legaeng la lone le le metse—le go utlwa botlhoko.
Maseanyana a a sa leng mo sebopelong ka bontsi a kgomolwa mo popelong a bo a gōpelwa mo jekeng ka tšhupu e e nang le bogale kwa ntlheng. Mokgwa oo o bidiwa monyetso. Maatla a go gōpa (a a fetang a motšhini o o monyelang lorole o o dirisiwang mo gae ga 29) a kgaoganya mmele ditoki. Masea a mangwe a bolaiwa go dirisiwa mokgwa wa go ngamola le wa go fala o ka one go dirisiwang thipa e e segogoropo go fala lobota lwa popelo, go kgaakgaolwa leseanyana ditokitoki.
Maseanyana a a sa leng mo sebopelong a a nang le dibeke di le 16 a ka swa fa go dirisiwa mokgwa wa go senya mpa ka letswai kana go tsenya botlhole ka saline solution. Nnale yo motelele o phunya kgetsana ya metsi, a bo a monyela seedi sa popelo, a bo a se emisetsa ka letswai le le nyerolotsweng le le bogale. Fa lesea le ntse le metsa le go hema, le tlatsa makgwafo a lone a a nana ka motswako ono o o botlhole, le bo le ragatlha le go wa dikoto. Go fisa ga botlhole go le obola letlalo, mme go bo go le tlogela le tlobogile le swabile. Boboko jwa lone bo ka nna jwa simolola go dutlela madi mo teng. Le ka nna la swa loso lo lo botlhoko morago ga diura, le mororo go a tle go diragale gore fa ditlhabi di tsoga morago ga letsatsi kana jalo fela, go tsholwe lesea le le santseng le tshela lefa gone le a bo le setse le e swa.
Fa lesea le godile mo le ka se keng la bolaiwa ka mekgwa eno kana e e tshwanang le yone, go dirisiwa mokgwa o le mongwe fela o o setseng—hysterotomy, go belegisa ka loaro ka maikaelelo a a farologaneng le a tlwaelo, e leng go fedisa botshelo go na le go bo boloka. Mpa ya mosadi e a buiwa, mme mo e ka nnang ka makgetlho otlhe lesea le ntshiwa le santse le tshela. Fa gongwe le bo le lele. Mme lefa go ntse jalo le tshwanetse go lesiwa gore le swe. A mangwe a fofodiwa ka go hupediwa, go betwa ka metse, le ka mekgwa e mengwe.
Ka fa Ngaka E E Ikutlwang ka Teng
Mo makgolokgolong a dingwaga dingaka ga di bolo go dira dilo di laolwa ke maikano a ga Hippocrates, ao bontlhabongwe jwa one bo balegang jaana: “Ga ke kitla ke neela ope seokobatsi se se bolayang, lefa a se batla, kana go gakolola ope go se dirisa, le gone ga ke kitla ke neela mosadi ope selo se se bolayang go se tsenya mo moseleng wa gagwe [go senya mpa], mme ke tla fodisa ke sena molato ope ke bile ke itshepile.”
Ke mathata afe a mokgwa o o tshwanetseng wa bongaka o dingaka tse di fedisang botshelo mo sebopelong di tshwanetseng go lebagana nao? Dr. George Flesh o tlhalosa jaana: “Go senya dimpa ga me ga kwa tshimologong, jaaka motho wa mono le moagi, go ne ga se ka ga ntshwenya mo maikutlong ka epe tsela. . . . Ke ne ka simolola go tshwenyega fa ke se na go senya makgolokgolo a dimpa. . . . Ke eng se se ileng sa dira gore ke fetoge? Fa ke santse ke sa tswa go simolola tiro ya me ya bongaka, banyalani bangwe ba ne ba tla kwa go nna ba batla go senya mpa. Ka ntlha ya go bo molomo wa popelo ya molwetsi o ne o le thata, ke ne ka se ka ka kgona go o ngamola gore ke tle ke kgone go dira tiro. Ke ne ka mo kopa gore a tle morago ga beke fa molomo wa popelo o tla bo o sa tlhole o le thatathata. Banyalani bao ba ne ba tla mme ba mpolelela gore ba fetotse mogopolo. Ke ne ka thusa fa ngwana wa bone a belegwa dikgwedi di supa morago.
“Dingwaga tse di rileng morago, ke ne ka tshameka le mmotlana Jeffrey mo letangwaneng la bothumelo kwa tlelabong ya thenese eo nna le batsadi ba gagwe re neng re le maloko a yone. O ne a itumetse e bile a le montle. Ke ne ke tshoga thata fa ke akanya gore fa e ne e se ka mathatanyana a a rileng ke ka bo ke fedisitse botshelo jo Jeffrey a neng a tla bo tshela. . . . Ke dumela gore go kgaakgaola leseanyana le le sa leng mo sebopelong le le santseng le gola, ditokitoki, fela ka go bo mmaalone a kopile jalo, ke tiro e e maswe thata e batho ba sa tshwanelang go e letlelela.”
Mooki mongwe yo o ileng a tlogela go tlhola a thusa ope go senya mpa o ne a tlhalosa tiro ya gagwe kwa tliliniking ya go senya mpa jaana: “Nngwe ya ditiro tsa me e ne e le go bala dirwe tsa lesea. . . . Fa mosetsana a ne a ka ya gae go na le masalela a lesea mo popelong ya gagwe, go ne go ka nna ga nna le mathata a a masisi. Ke ne ke tsaya dirwe tseo ke di tlhatlhobe ka kelotlhoko go tlhomamisa gore go na le mabogo a le mabedi, maoto a le mabedi, mmele, le tlhogo. . . . Ke na le bana ba le banè. . . . Tiro ya me le botshelo jwa me di ne sa tsamaisane gotlhelele. . . . Go senya mpa ke tiro e e bokete.”
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Kwa Asia, koo bana ba basimane ba rategang thata go na le ba basetsana, dingaka di bolaya maseanyana a a sa leng mo sebopelong a basetsana ka go senya dimpa di le diketekete
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo: Jean-Luc Bitton/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Mmegadikgang mongwe kwa dipopelelong tse di kgatlhanong le go senya mpa a kapa senepe sa leseanyana le le neng le sa le mo sebopelong la dibeke di le 20 le le bolailweng ka go senya mpa mo go ka fa molaong
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo: Nina Berman/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Dipopelelo tse di emang nokeng go senya mpa kwa Washington, D.C., U.S.A.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo: Rose Marston/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Kwa United States, basadi ba le 4 mo go ba le 5 ba ba batlang go senya mpa ga ba a nyalwa