LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 11/15 ts. 28
  • Go Lemoga Dikgang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lemoga Dikgang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Kgoro ya go Boela kwa Botshelong jwa mo Nakong E E Fetileng?
  • Bakatoliki le go Ntsha Dimpa
  • Go Senya Mpa—Ga se Tharabololo E e Se Nang Mathata
    Tsogang!—2009
  • A go Senya Mpa ke Tharabololo?
    Tsogang!—1995
  • Segajaja se se Tsitsibanyang Mmele sa Go Senngwa ga Mpa
    Tsogang!—1993
  • Mathata A Go Senya Mpa—A Go Bolawa ga Dimilione di le 60 tsa Batho ke Yone Tharabololo?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 11/15 ts. 28

Go Lemoga Dikgang

A Ke Kgoro ya go Boela kwa Botshelong jwa mo Nakong E E Fetileng?

Mo dikgweding dingwe tse di fetileng go ne ga fitlhelwa basetsana bangwe ba le bararo ba sekolo se sennye le ba se se fa gare sa bana ba babotlana ba idibetse fa thoko ga tsela kwa Tokushima, kwa Japane, ba ne ba leka go ipolaya. Ke eng seo se neng se dira gore ba dire jalo? Asahi Shimbun e bega jaana: “Ba ne ba dumela gore e ne e le dikgosigadi tsa bogologolo tse di neng di tshela gape ka mebele e mesha mme ba ne ba ipolelela gore fa ba ne ba ka dira gore ba boe gaufi le loso ba ne ba tla kgona go bona gore botshelo jwa bone jo bo fetileng bo ne bo ntse jang.” Pampiri eno ya dikgang e ne ya bolela gore seno se ne se dirwa ke gore “bana bano ba na le mokgwa wa go ithuta ka dilo tsa masaitseweng, selo seo se ntseng se anama thata mo dingwageng di sekae tse di fetileng.” Basetsana bano ba ne ba tlhola ba bala dibuka tse di kaga go tsalwa ka mmele o mosha.

Lefa go ntse jalo, go dumela kgopolo ya go tsalwa ka mmele o mosha ga go na mosola fela jaaka go leleka phefo. Bibela e senola gore fa motho a swa ‘o boela mo mmung wa gagwe, maikaelelo a gagwe a a nyelela.’ (Pesalema 146:4) Boammaaruri jono ka loso bo ile jwa siriwa ke thuto e e tsietsang ya gore moya wa motho o tswelela o tshela fa a sena go swa. Go na le go ruta gore batho ba na le moya o o sa sweng, Bibela e bolela gore moya wa swa. (Esekiele 18:4) Mme bao Modimo o santseng o ba gakologelwa ba na le tsholofelo e e molemolemo ya tsogo ya baswi. (Yohane 5:28, 29) Bibela gape e senola motlhotlheletsi yo mogolo wa thuto ya go sa sweng ga moya le go tsalwa ka mmele o mosha; Satane Diabolo, “rra aōna maaka.”—Yohane 8:44; bapisa Genesise 3:4.

Bakatoliki le go Ntsha Dimpa

Go setse go fetile dingwaga tse di ka nnang lesome fa esale go nna le bouto ya go ntsha dimpa eo Kereke ya Katoliki e neng ya fenngwa mo go yone. Lefa go ntse jalo, lokwalo longwe lwa bosheng lo lo neng lwa ntshiwa ke bobishopo ba kwa Italy, setlhopha sa baruti ba Katoliki gape se supa gore “go ganana le go ntshiwa ga dimpa kana le eleng gone go dumalana le gone fela go ba naya boikarabelo jo bogolo jwa boitsholo jo bo ikaegileng ka molao o o kwadilweng mo pelong ya motho mongwe le mongwe ebile bo tlhomamisiwa ke kereke mo setlhopheng sa yone sa melao, eo e lelekang Bakeresete ba ba ntseng jalo bao ba ntshang dimpa kana bao ba dumalanang le gone.”

Batho ba kwa Italy ba akanya eng ka go tsha dimpa? Patlisiso ya bosheng jaana mo bathong ba le 2 040 e ne ya senola gore go farologana le seo se bolelwang ke Kereke batho ba kwa Italy ba dumalana le go ntshiwa ga dimpa mo mabakeng ano a manè. (1) Fa mpa e baya botshelo jwa mmè mo kotsing, 83 lekgolong e dumalana le go ntsha mpa eo. (2) Fa ngwana yo o imilweng a ka nna a nna segole, 76,3 lekgolong e dumalana le go senya mpa e e ntseng jalo. (3) Fa boitekanelo jwa mosadi bo le mo kotsing, 71,1 lekgolong e dumalana le go ntsha mpa eo. (4) Fa motho a imile ka ntlha ya gore a ne a beteletswe, 55,2 lekgolong e dumalana le gore motho yoo o tshwanetse go dumelelwa gore a senye mpa eo. Batho ba ba fetang a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 4 ba kwa Italy ba dumela gore mpa e ka ntshiwa “mo maemong otlhe a fa mosadi a eletsa jalo,” go bega jalo La Repubblica. Go fopholediwa gore go ntshiwa dimpa di ka nna 300 000 tse di dumelelwang ke molao le tse di sa dumelelweng ke molao ngwaga le ngwaga kwa Italy.

Go bonala sentle gore mo dikgannyeng tse di ntseng jalo tse di amang batho ka namana, setlhopha sa baruti ba Katoliki se ile sa palelwa ke go ikanyega mo go neyeng batho kaelo e e lekaneng go ba dira gore ba e ikobele. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba rutiwa seo Dikwalo di se rutang ka kgang eno ya botlhokwa. Ga ba ntshe dimpa mo mabakeng otlhe a manè a a tlhalositsweng fa godimo gonne ba tlotla boitsholo jo bo kwa godimo joo Bibela e batlang ba itshola ka jone.—Ekesodo 21:22-25; bona gape Pesalema 139:14-17; Yeremia 1:5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela