Karolo 4
Saense—Go Batla Boammaaruri Ga Motho mo go Tsweletseng Pele
Tsosoloso ya Saense ka Diphetogo
DIKGOBEREGO di ne tsa wela lefatshe mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bo18 la dingwaga fa jaaka diphetogo di ne di fetola seemo sa dipolotiki, la ntlha kwa Amerika, mme go tswa foo kwa Fora. Ka nako eo, kwa Ennyelane, go ne go na le phetogo e e farologaneng e e neng e simologile, phetogo ya madirelo. E ne e amana thata le phetogo ya mofuta o mongwe, phetogo mo go tsa saense.
Bangwe ba re go tsalwa sesha ga saense go diragetse ka bo1540, fa moithutadinaledi wa Mopholishe ebong Nicolaus Copernicus le mosekaseki wa Mobelejiamo ebong Andreas Vesalius ba sena go kwala dibuka tse di ileng tsa ama dikgopolo ka saense fela thata. Bangwe ba re nako eo ke pelenyana ka 1452, morago ga fa Leonardo da Vinci a sena go tsholwa. Leonardo yo o neng a rata go lekeletsa fela thata o ile a nna le seabe se segolo thata mo saenseng, o ne a tswa ka megopolo eo mo mabakeng mangwe e ileng ya nna motheo wa ditlhamo tse di ileng tsa tokafadiwa makgolo a dingwaga a a ileng a latela, jaaka sefofane, ditanka tsa sesole, le pharashutu.
Ernest Nagel, yo o kileng ya bo e le porofesa kwa Yunibesithing ya Columbia, a re saense jaaka re e itse gompieno “e ne e se thuto e e itshetletseng mo bathong ba Bophirima go fitlhelela ka lekgolo la lesome le bosupa le la lesome le borobabobedi.” Mme morago ga gore e itshetlele, go ile ga nna le diphetogo mo hisitoring ya motho. Buka e go tweng The Scientist ya re: “Mo magareng a bo1590 le bo1690 go ile ga tlhaga boramaboko ba le bantsi . . . ba ba ileng ba dira dipatlisiso tse dintsi go gaisa nako epe ya dingwaga tse di 100 e e fetileng.”
Bomasenyeletsa Ba Fifatsa Tsela
Disaense tsa maaka le tsone di ne tsa ntsifala, fela jaaka bomasenyeletsa bao megopolo ya bone e e phoso e ileng ya kgoreletsa kgatelopele ya boammaaruri ya saense. Mogopolo wa phlogiston e ne e le mongwe wa yone. “Phlogiston,” ke lefoko le le tswang mo go la Segerika le le rayang “se se sheleng.” Mogopolo oo o ne wa tla ka George Ernst Stahl ka 1702, yo o neng a dumela gore phlogiston e ne ya diriwa fa dilo di ne di e sha. O ne a tsaya gore ke molaomotheo e seng gore ke selo se se teng, mme le fa go ntse jalo tumelo ya gore ke selo se se leng teng tota e ne ya gola fa dingwaga di ntse di tla. E ne ya nna fela mo magareng a 1770 le 1790 fa Antoine-Laurent Lavoisier a ileng a kgona go tsholola mogopolo oo.
The Book of Popular Science e dumela gore le mororo mogopolo wa phlogiston “o ne o le phoso gotlhelele, gone mo nakong e e rileng o ne wa tlhoma motheo o go ka akanyediwang mo go one o o ileng wa tlhalosa dilo di le dintsi ka tlholego. E ne e le mongwe wa megopolo ya saense e e ileng ya lekelediwa mme ga fitlhelwa e sa phuthela sepe fa dingwaga di ntse di tsamaya.”
Alchemy e ne e le masenyeletsa yo mongwe. Harrap’s Illustrated Dictionary of Science e e tlhalosa ka gore ke “motswako wa botlhajana, bosaitsiweng le boranyane jwa dikhemikale, o o simologileng pele ga motlha wa Bokeresete, o batla go dirisa ditsela tse di farologaneng go dira gauta ka ditshipi tsa tlholego, go lelefatsa botshelo le go batla sephiri sa go sa swe.” Pele ga e tlhobogiwa, alchemy e ne ya thusa go thaya motheo wa khemisetiri jaaka re e itse gompieno, e leng phetogo e e ileng ya wediwa kwa bofelong jwa lekgolo la bo17.
Le mororo e ne e le bomasenyeletsa, megopolo ya phlogiston le alchemy e ne e na le mesola e e rileng. Le fa go ntse jalo, seo ga se se se ka bolelwang ka bomasenyeletsa ba batho ba ba ileng ba rotloetsa megopolo e e neng e sa dumelane le saense ka ntlha ya bodumedi. Kgotlhang magareng a saense le bodumedi—tseo ka bobedi di neng di ipolela gore ke tsone di nang le dikarabo mabapi le lobopo—gantsi e ne ya felela ka ntwa.
Ka sekai, mo lekgolong la bobedi C.E., moithutadinaledi wa maemo ebong Ptolemy o ne a tswa ka mogopolo wa geocentric, o o tlhalosang gore le fa dipolanete di dikologa di dirile mosako, bogare jwa mosako oo, jo bo bidiwang epicycle, le jone bo dikologa mosako o mongwe. E ne e le botlhale jo bo kwa godimo jwa mathematics mme bo ne bo tlhalosa lebaka la go bo go lebega o ka re letsatsi, ngwedi, dipolanete, le dinaledi di a tsamaya mo loaping, o o neng o amogelwa fela thata go fitlhelela ka lekgolo la bo16.
Copernicus (1473-1543) o ne a tlhama mogopolo o o farologaneng. O ne a dumela gore le mororo dipolanete, go akaretsa le lefatshe di dikologa letsatsi, letsatsi lone ga le tsamaye. Mogopolo ono—wa lefatshe le le dikologang le le sa tlholeng le le bogare jwa lobopo—fa e le gore o boammaaruri, o ne o tla tsosa diletseng. Dingwaga tse di ka fa tlase ga lekgolo tse di ileng tsa latela, moithutadinaledi wa Montariana ebong Galileo Galilei ka go dirisa dithelesekoupo o ne a lemoga dilo tse di ileng tsa mo tlhatswa pelo gore mogopolo wa ga Copernicus wa gore lefatshe le dikologa letsatsi o boammaaruri. Mme le fa go ntse jalo Kereke ya Katoliki e ne ya gana megopolo ya ga Galileo e re ke botsoulodi mme ya mo patelela gore a e latlhe.
Diphoso tsa bodumedi di ile tsa dira gore baruti ba ganetse boammaaruri jwa saense. Go ile ga tsaya dingwaga di le 360 pele ga kereke e tlhalosa gore Galileo o ne a se molato. L’Osservatore Romano, mo tokololong ya yone ya beke le beke ya November 4, 1992, e ne ya dumelana gore “go ne ga seka ga atlholwa sentle” mo kgannyeng ya ga Galileo.
Bomasenyeletsa Ba Santse Ba le Teng
Ka tsela e e tshwanang, mo lekgolong leno la bo20, ditumelo tsa Labokeresete di santse di na le tshekamelo e e tshwanang ya go sa dumele boammaaruri. Seno ba se dira ka go sekegela tsebe thata megopolo e e iseng e tlhomamisiwe go na le boammaaruri, jwa saense le jwa bodumedi. Sekai se se tlhomologileng ke sa thutotlhagelelo, e e leng loungo lo lo senang mosola lwa “kitso” ya saense e e phoso fela thata le dithuto tsa maaka tsa bodumedi.a
Charles Darwin o ne a kwala buka ya gagwe e go tweng On the Origin of Species by Means of Natural Selection ka November 24, 1859. Mme lefa go ntse jalo mogopolo wa thutotlhagelelo o sale o le teng le pele ga Bokeresete. Ka sekai, ramatlhajana wa Mogerika ebong Aristotle o ne a bona batho e le setlhoa sa mokoloko o o simologileng mo ditsheding tsa maemo a a kwa tlase. Kwa tshimologong baruti ba ne ba sa dumelane le mogopolo wa ga Darwin, mme le fa go ntse jalo buka e go tweng The Book of Popular Science ya re: “[Kwa morago] thutotlhagelelo e ne ya nna selo se se fetang fela mogopolo wa saense . . . E ne ya nna pina ya ntwa ya ba ya nna botlhajana tota.” Mogopolo wa gore bopodi go kgona ba ba dinaka o ne wa kgatlha batho ba ba neng ba batla go nna bosemangmang mo botshelong.
Kganetso ya baruti e ne ya re go ise go ye kae ya tima. The Encyclopedia of Religion ya re “mogopolo wa ga Darwin wa thutotlhagelelo ga o a ka wa amogelwa go le gosi fela mme gape o ne wa ratwa thata,” mo erileng “ka nako ya loso lwa gagwe ka 1883, bontsi jwa baruti ba ba botlhale le ba ba itseng puo ba bo ba setse ba dirile tshwetso ya gore thutotlhagelelo e dumelana sentle le mokgwa o o tlhabologileng wa go tlhaloganya dikwalo.”
Seno se ne se ntse jalo le mororo The Book of Popular Science e ile ya dumelana jaana: “Le balatedi ba ba ineetseng ka botlalo mo thutong ya go itlhagelela ga dilo ba ne ba tshwanelwa ke go dumela gore go ne go na le diphoso tse dikgolo le diphatlha mo mogopolong wa ntlha wa ga Darwin.” Le fa e bolela gore “bontsi jwa mogopolo wa ntlha wa ga Darwin o ile wa tokafadiwa kana wa latlhiwa,” le fa go ntse jalo buka eo ya re thutotlhagelelo “e ile ya tlhotlheletsa karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa motho fela thata. Hisitori, boithutamarope le go ithuta ka lotso lwa motho go ile ga fetoga fela thata ka ntlha ya mogopolo oo.”
Mo nakong eno, borasaense ba ba akanyetsang dilo ka boteng ba belaela mogopolo wa thutotlhagelelo. Sir Fred Hoyle, mothai wa Cambridge Institute of Theoretical Astronomy e bile gape e le leloko la American National Academy of Sciences, o ile a kwala jaana dingwaga tse di lesome tse di fetileng: “Nna ka bonna, ga ke na pelaelo e e kalo ya gore borahisitori ya saense ba nako e e tlang ba tlile go gakgamadiwa ke go bo mogopolo ono o go bonalang sentle gore ga o bereke o bo o ile wa dumelwa thata jaana.”
Ereka e bua ka tshimologo ya go nna teng ga motho, thutotlhagelelo e rontsha Mmopi tshwanelo ya gagwe. Gape e a ikaketsa fa e re ke thuto ya saense mme e bile ga e thuse batho ka sepe mo go batleng ga bone boammaaruri jwa saense mo go tsweletseng pele. Karl Marx o ne a itumelela go amogela thutotlhagelelo le ‘bopodi go kgona ba ba dinaka’ go thusa go godisa Bokomanisi. Mme ke masenyeletsa wa ntlha le wa bofelo.
Ke Bomang Ba Ba Timeditsweng?
Mongwe le mongwe yo o ileng a dumela megopolo ya maaka ya saense o timeditswe. Mme le gone go dumela boammaaruri jwa saense go na le kotsi ya gone. Dikgatelopele tse di gakgamatsang tsa saense di ile tsa timetsa bontsi tsa bo dira gore bo dumele gore ga go na sepe se se sa ka keng sa kgonega.
Tumelo eno e ne ya nonofa fa jaaka kgatelopele ya saense e ntse e tswelela pele ka go diga megopolo e e neng e sa dumelane le saense eo bodumedi jwa maaka bo neng bo ntse bo e buelela. Papadi le dipolotiki di ne tsa simolola go bona gore saense ke sedirisiwa se se maatla se se ka dirisediwang go tshwara mekgele, e ka tswa e le ya dipoelo tsa madi kana go nonotsha thata ya sepolotiki.
Fa go buiwa ka tlhamalalo, saense e ne e tla mo seemong sa go nna modimo ka bonya ka bonya, e tsala se se bidiwang kobamelo ya saense. Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa seno jaaka “go ikanya go feta selekanyo mo bokgoning jwa saense ya tlholego e e dirisiwang mo dikarolong tsotlhe tsa dipatlisiso.”
Fa lekgolo la bo19 le ya kwa bokhutlong, batho ba ne ba ipotsa gore lekgolo la bo20 le tla le ba tsholetse eng. A saense e ne e tla dira “legodimo le le eletsegang mo lefatsheng” jaaka bontsi bo gopola gore e ka kgona? Kana bomasenyeletsa ba yone ba tla tswelela ka go gasagasa lefelo la yone la botlhabanelo ka ditopo tsa ba ba oketsegileng ba ba timetseng? “‘Maselamose’ a a Dirang a Lekgolo La bo20” e e tla tswang mo tokololong e e tlang, e tla araba.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Nngwe ya dithuto tseo ke ya Dingangatlela ya gore “beke” e go buiwang ka yone mo go Genesise ke malatsi a tlhomaganeng a a tsayang diura di le 24 fela. Bibela e bontsha gore totatota e ne e le nako e e ileng ya tsaya dingwaga di le diketekete.
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Ka Go Tobetsa Konopo Fela
MAABANE fela jaana ka lekgolo la bo19, motlakase o ne o tsewa gore ke selo se se kgatlhang thata le mororo o ne o sa dirisiwe thata. Banna ba ba tswang mo mafatsheng a a farologaneng le ba ba tswang mo maemong a a farologaneng, ba ba etsang boH. C. Ørsted (1777-1851), M. Faraday (1791-1867), A. Ampère (1775-1836), le B. Franklin (1706-90) ba ba ileng ba upolola dilo tse di botlhokwa tse di ileng tsa dira diphetogo, mme ka go dira jalo ba thaya motheo wa lefatshe le re tshelang mo go lone le motlakase e leng konokono—lefatshe le e leng gore ka go tobetsa konopo fela le ka ntshofala gangwe fela.
[Ditshwantsho mo go tsebe 21]
Nicolaus Copernicus
Galileo Galilei
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photos taken from Giordano Bruno and Galilei (German edition)