Karolo 2
Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
Go Batla go a Simologa
THE World Book Encyclopedia, ya re, “Ga go na ope yo o itseng gore ke mang yo o goditseng molelo wa ntlha, yo o tlhamileng leotwana, yo o tlhamileng motswi le bora, kana yo o ileng a leka go tlhalosa gore ke eng fa letsatsi le tlhaba le bo le phirima.” Mme lefa go ntse jalo, di ile tsa upololwa, tsa tlhamiwa, tsa dirwa, le go tlhalosiwa, mme go tswa ka nako eo lefatshe le ile la fetoga.
Dilo tseno tse di ileng tsa kgonwa e ne e le dikgato tsa ntlha mo loetong lwa go batla boammaaruri leo jaanong le setseng le tsere dingwaga di ka nna dikete tse thataro. Batho ga baa bolo go nna ba ipotsa dipotso, ba batla go tlhaloganya ditshedi le tse di sa tsheleng tse di mo lefatsheng le ba tshelang mo go lone. Gape ba ne ba kgatlhegela go dirisa se ba se ithutileng, ba se dirisa ka ditsela tse di tla ba solegelang molemo. Go rata go itse le keletso ya go dirisa kitso eo go ile ga tlhotlheletsa setho mo go batleng boammaaruri jwa saense.
Legale, maiteko ao a ntlha a go leka go dirisa kitso ya saense a ne a sa bidiwe boranyane, jaaka go ntse gompieno. Ebile tota lefa e le bone batho ba ba neng ba dira maiteko ao ba ne ba sa bidiwe borasaense. Le gone, le yone saense jaaka re itse gompieno e ne e seyo mo nakong e ntsi ya go nna gone ga motho. Maloba jale mo lekgolong la bo14 la dingwaga, fa mmoki wa Moesemane ebong Chaucer a ne a dirisa lefoko “saense,” o ne a ipuela ka dikitso tse dintsi tse di farologaneng. Seno se ne se dumelana le tshimologo ya lefoko leo, le le tswang mo lefokong la Selatine le le rayang “go itse.”
Moithutadiphologolo wa Ntlha Ke Ene Mmulatsela
Go sa kgathalesege gore e ne e bidiwang kwa tshimologong, saense e simologile kwa tshimong ya Edena morago fela ga gore motho a simolole go tlhatlhoba lefatshe le a tshelang mo go lone. Le pele ga Efa a bopiwa, Adame o ne a laelwa gore a tee diphologolo maina. Gore a kgone go di fa maina a a di tshwanetseng go ne go tlhoka gore a ithute ka kelotlhoko mekgwa le ditlwaelo tsa tsone. Gompieno, re bitsa seno re re ke saense ya thutodiphologolo.—Genesise 2:19.
Leitibolo la ga Adame le Efa ebong Kaine, “[o ne] a aga motse,” ka jalo o tshwanetse a bo a ne a na le kitso e e lekaneng ya saense gore a kgone go dira didirisiwa tse di tlhokegang. Morago, mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe, ebong Tubale-kaene, o ne a bidiwa “mothudi oa ditshipi tse di segañ, tsa kgōtlhō le tsa tshipi.” Go itshupa sentle gore ka nako eo kitso ya saense le ya boranyane e ne e setse e oketsegile.—Genesise 4:17-22.
Ka nako ya fa Egepeto e nna mmuso o o maatla mo lefatsheng lotlhe—wa ntlha go umakiwa mo Bibeleng—kitso ya saense e ne e godile mo eleng gore Baegepeto ba ne ba kgona go aga difikantswe tse di tonatona tsa diphupu. The New Encyclopædia Britannica ya re, tsela e difikantswe tseno di dirilweng ka yone, “e ne ya atlega fela morago ga ditekeletso tse dintsi, tse mo go tsone go ileng ga rarabololwa mathata a mantsi a boenjeneere.” Go rarabololwa ga mathata ano go ne go tlhoka kitso e ntsi ya mathematics gape go bontsha gore go ne go na le kitso e e tsamaelanang le yone ya saense.
Legale, ga se Baegepeto ba le nosi fela ba ba neng ba batla go itse ka saense. Babelona, mo godimo ga go dira khalentara, ba ne gape ba dira mekgwa ya go bala le go meshara. Kwa Botlhaba jo bo Kgakala, tlhabologo ya Matšhaena e ne ya nna le seabe se se mosola thata mo go tsa saense. Mme bagologolwane ba Ma-Inca le Ma-Maya kwa boAmerika ba ne ba tlhabologile fela thata mo eleng gore e ne ya re kwa morago ga gakgamatsa thata baupolodi ba Mayuropa, bao ba neng ba sa solofela gore “batho ba koo ba ba sa tlhabologang” ba ne ba ka kgona dilo tseo.
Lefa go ntse jalo, ga se sengwe le sengwe se batho ba bogologolo kwa tshimologong ba neng ba se tsaya jaaka boammaaruri jwa saense, se se ileng sa felela e se phoso go ya ka saense. The World Book Encyclopedia e re bolelela gore mo godimo ga dilo tse di mosola mo patlisisong ya saense tseo Bababelona ba ileng ba di dira, “ba ile gape ba dira saense e e seng yone ya tepodinaledi.”a
Babelona E Gongwe le Gongwe
Mo baithuting ba Bibela Babelona wa bogologolo e tsamaisana le kobamelo ya maaka. Mo tepodinaleding e ba neng ba e dirisa koo, go ne go na le modimo o o farologaneng o go neng go dumelwa gore o busa karolo e e rileng ya magodimo. Bibela, e e rutang gore go na le Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri, e bua nnete go ya ka saense ka go sa dumelane le saense ya maaka e e bidiwang tepodinaledi.—Duteronome 18:10-12; 1 Bakorintha 8:6; 12:6; Baefesia 4:6.
Bodumedi e ne e le karolo ya botshelo jwa motho wa maloba. Ka jalo go a tlhaloganyesega go bo kitso ya saense e se ka ya nna teng kwa ntle ga ditumelo le megopolo ya bodumedi. Seno se ka bonwa sentle mo saenseng ya kalafi.
The New Encyclopædia Britannica ya re, “Mekwalo ya bogologolo e e buang ka batho ba Egepeto le melemo ka nako ya Puso ya Bogosi jo Bogologolo, di bontsha gore maselamose le bodumedi di ne di amana thata le mokgwa wa go alafa o o neng o akaretsa go nna le maitemogelo ka selo, go sekaseka le go dirisa tlhaloganyo mme ramaselamosemogolo wa ga farwe gantsi o ne a direla jaaka ngaka e kgolo ya setšhaba.”
Ka nako ya dikgosi tsa boraro tsa Egepeto, modiri wa dipolane tsa dikago yo o neng a itsege thata ebong Imhotep o ne a tuma thata jaaka ngaka e e nang le bokgoni jo bogolo. Nako e e kafa tlase ga lekgolo la dingwaga e e ileng ya latela morago ga loso lwa gagwe, o ile a obamelwa jaaka modimo wa Egepeto wa kalafi. Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., o ne a setse a le mo seemong se se kwa godimo sa go nna modimo o mogolo. Britannica ya re ditempele tse di neng di agetswe ene “gantsi di ne di tlala ka balwetsi ba ba neng ba rapela le go robala koo ka tumelo ya gore modimo oo o tla ba senolela melemo mo ditorong tsa bone.”
Bafodisi ba Baegepeto le ba Bababelona ba ne ba tlhotlhelediwa thata ke dikgopolo tsa bodumedi. The Book of Popular Science ya re, “Mogopolo o o neng o le teng ka nako eo mabapi le bolwetsi, mme le mo dikokomaneng tse di ileng tsa latela, e ne e le wa gore go gotela, malwetsi a a tshelanwang, matlhoko le ditlhabi di ne di bakiwa ke mewa e e bosula, kana badimona, ba ba tlhaselang mmele.” Ka lebaka leo kalafi gantsi e ne e akaretsa go ntsha ditshupelo tsa sedumedi, go phekola, kana go kgwa dikgaba.
Fa nako e ntse e tla, mo lekgolong la bonè le la botlhano B.C.E., ngaka ya Mogerika e e neng e bidiwa Hippocrates o ne a ganetsa mogopolo ono. O itsege bogolo jang ka ntlha ya se go tweng maikano a ga Hippocrates, a a santseng a tsewa jaaka selo se se tlhalosang mokgwa wa go itshwara wa tsa kalafi. Buka e go tweng Moments of Discovery—The Origins of Science e bolela gore Hippocrates gape e ne “e le mongwe wa batho ba ntlha go gaisana le baruti mo go batleng se se bakelang batho bolwetsi.” Ka go alafa a dirisa mokgwa wa saense, o ne a batla dilo tsa tlholego tse di bakang bolwetsi. Mabaka le go lekeletsa go ne ga simolola go emisetsa tumelabotlhodi le modimonthusa wa bodumedi.
Ka go kgaoganya kalafi le dithuto tsa bodumedi, Hippocrates o ne a tsere tsela e e siameng. Lefa go le jalo, le gompieno re santse re gakololwa ka go thaega ga kalafi mo bodumeding. Setshwantsho sa yone, se e leng noga e e itshophileng ka thobane ya ga Asclepius, modimo wa Segerika wa kalafi, ditso tsa sone di fitlhelwa mo ditempeleng tse go neng go alafelwa mo go tsone koo go neng go bewa dinoga mo go tsone. Go ya ka The Encyclopedia of Religion, dinoga tseo di ne di tshwantshetsa “go kgona go shafatsa botshelo le go tsholwa ka botsogo jo bo siameng.”
E ne ya re kwa morago Hippocrates a itsiwe jaaka mosimolodi wa kalafi. Legale seno ga se a dira gore ka dinako tse dingwe a se ka a dira phoso mo go tsa saense. The Book of Popular Science e re bolelela gore mengwe ya megopolo ya gagwe e e sa utlwaleng “e re bolaisa ditshego thata gompieno,” mme legale e ne ya tila gore e se ka ya tloga ya lebega jaaka ekete e a ikgogomosa mo go tsa kalafi, ka go bolela jaana: “Dikgopolo dingwe tse gompieno di itshetletseng di ka nna tsa bolaisa kokomane ya kamoso ditshego ka tsela e e tshwanang.”
Kgatelopele ka Iketlo
Ka jalo, go bonwa ga boammaaruri jwa saense e ile ya nna kgatelopele e e neng e tla ka iketlo, e akaretsa go tlhaola dintlha tse di mosola mo dikgopolong tse di phoso mo makgolokgolong a dingwaga. Mme gore seno se kgonege, se kokomana e nngwe e ileng ya se lemoga se ne se tshwanetse go fetisediwa kwa go e nngwe se ntse fela jalo. Kwa ntle ga pelaelo, tsela e nngwe ya go dira jalo, e ne e le ka puo ya molomo, ereka batho ba ne ba bopilwe ba itse go bua.—Bapisa Genesise 2:23.
Lefa go ntse jalo, mokgwa ono wa go fetisa se se lemogilweng, o ne o ka se ka wa ikanngwa thata go ka dira gore dilo di begwe ka tshwanelo jaaka fa go tlhokega mo kgatelongpele ya saense le ya boranyane. Ka jalo go ne go tshwanela tota go boloka tshedimosetso e kwadilwe.
Gore ke leng batho ba simolotseng go kwala ga go itsiwe. Mme morago ga gore ba go itse, ba ne ba na le mokgwa o o molemo wa go fetisa tshedimosetso e ba bangwe ba neng ba ka agela mo go yone. Pele ga go simololwa go dirwa pampiri—gongwe kwa Tšhaena ka bo105 C.E.—go ne go kwalelwa mo dilong tse di etsang letsopa, papirase, le matlalo.
Kgatelopele e e utlwalang ya saense e ka bo e ne e sa kgonega fa go ne go se na mokgwa wa go bala le wa go meshara. Go nna teng ga tsone go botlhokwa fela thata. Fa e se na go bitsa tiriso ya mathematics e re ke “mabona gotlhe,” The Book of Popular Science e re gakolola gore “mokgwa wa yone wa go tlhatlhobisa o ile wa dira dikgatelopele di le dintsi tse di botlhokwa thata tsa saense.” Mathematics gape ke “sedirisiwa se se nang le mosola thata sa motlhalefedi wa khemisetiri, motlhalefedi wa fisikisi, moithuta dipopo, moenjeneere le ba bangwe.”
Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta dilo dingwe di ne tsa kgotletsa patlo ya boammaaruri jwa saense. Ka sekai, tsa mosepele. The Book of Popular Science e tlhalosa jaana: “Motho yo o etelang mafatshe a mangwe o ka nna a iphitlhela a rokotswa mathe ke dilo tse a di bonang tse disha, medumo, menkgo le tatso. O tla raelesega go botsa gore ke eng fa dilo di farologane mo nageng e a sa e tlwaelang; mme mo maitekong a gagwe a go batla dikarabo, o tla bona botlhale. Mme go ne go ntse fela jalo le ka Magerika a maloba.”
Ee, Magerika Ao A A Gongwe le Gongwe
Bala ka hisitori ya bodumedi, polotiki, kana papadi mme o tla fitlhela go umakiwa Magerika thata. Mme ke mang yo o iseng a ko a utlwe ka boramatlhajana (philosophers) ba bone, e leng lefoko le le tswang mo go la Segerika phi·lo·so·phiʹa, le le rayang “go rata botlhale”? Go rata botlhale le go nyorelwa kitso ga Magerika go ne go itsege sentle mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa moaposetoloi wa Mokeresete ebong Paulo a ne a etetse lefatshe la bone. O ne a bua ka boramatlhajana ba Baepikuria le Basetoika, bao fela jaaka “Baathena botlhe le baeñ ba ba yakileñ gōna, ba ne ba tle ba hetise lobaka loa bōnè ba sa dihe sepè sa bobedi ha e se go bolèla leha e le go utlwa señwe se sesha hèla.”—Ditihō 17:18-21.
Ka jalo ga go gakgamatse gore mo bathong botlhe ba bogologolo, ke Magerika ba ba tlogeletseng saense boswa jo bogolo. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana ka botlalo: “Maiteko a botlhajana jwa Segerika a go leka go batla kitso ya ka fa tota lobopo lo simologileng ka teng go emisetsa ditlhamane ka tshimologo ya lobopo kgabagare go ne ga tsala dikupololo tse di nang le mosola tsa saense.”
Tota ebile, bangwe ba boramatlhajana ba Magerika ba ile ba nna le seabe se se utlwalang mo go batleng boammaaruri jwa saense. Ba ile ba leka go tomola dikgopolo tse di phoso tsa ba ba tlileng pele ga bone, fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba agelela mo go se ba se lemogileng se le boammaaruri. (Bona dikai mo lebokoseng.) Ka jalo, boramatlhajana ba Magerika ba maabane ba ile ba nna gaufi thata mo go akanyeng jaaka borasaense ba gompieno go gaisa batho botlhe ba maloba. Mo ebileng go kgatlha, lefoko “botlhajana jwa tlholego” ga se bogologolo le tlogelwa go dirisiwa go tlhalosa maphata a a farologaneng a saense.
Fa nako e ntse e tla Gerika yo o neng a rata botlhajana thata o ne a fenngwa ke Mmusomogolo wa Roma o o neng o sa tswa go tlhomiwa. A seno se ne sa ama kgatelopele ya saense? Kana gore a go tla ga Bokeresete go ne go tla dira pharologanyo nngwe? Karolo 3 e tla re araba.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tepodinaledi, e eleng go ithuta ka metsamao ya dipopo tsa legodimo ka tumelo ya gore di na le tlhotlheletso mo matshelong a batho kana gore di bolelela pele isagwe, ga e a tshwanela go tlhakatlhakanngwa le thutodinaledi, eo eleng thuto ya saense ya dinaledi, dipolanete, le dilo tse dingwe tsa tlholego tse di mo lefaufaung e e senang tshekamelo epe ya tirisabadimo.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
“Borasaense” ba Magerika ba Pele ga Bokeresete
THALES wa Miletus (lekgolo la borataro), yo o itsegeng segolobogolo ka seabe sa gagwe ka mathematics le tumelo ya gagwe ya gore metsi a botlhokwa mo dilong tsotlhe, o ne a na le mokgwa o o kelotlhoko wa go sekaseka popego ya lobopo, oo The New Encyclopædia Britannica e reng o ne “o le botlhokwa thata mo go bopeng mogopolo wa saense.”
Socrates (lekgolo la botlhano) o bidiwa ke The Book of Popular Science “modiri wa mokgwa wa go botsa—wa go botsana dipotso le go arabisana—o o atamelaneng thata le o eleng one tota wa saense.”
Democritus wa Abdera (lekgolo la botlhano go ya kwa go la bonè) o ne a thusa go thaela motheo kgopolo ya atomiki ya lobopo lotlhe gape le dikgopolo tsa go sa senyegeng ga dilo le tshomarelo ya maatla.
Plato (lekgolo la botlhano go ya kwa go la bonè) o ne a tlhoma Sekolo (Academy) kwa Athena e le lefelo la go dira dipatlisiso tsa botlhajana le tsa saense.
Aristotle (lekgolo la bonè), motlhalefedi wa thutotshelo, o ne a tlhoma Sekolo (Lyceum) sa botlhe, se se neng e le sa go batlisisa ka tsa saense mo dikarolong tse dintsi. Mo dingwageng tse di fetang 1 500, dikgopolo tsa gagwe e ne e le tsone mmammang mo saenseng, mme ebile o ne a lejwa jaaka yo o ka atlholang kgang mo go tsa saense.
Euclid (lekgolo la bonè), moitse mathematics wa bogologolo yo o itsegeng thata, o tumile thata ka go kgobokanya kitso ka “geometry,” le le tswang mo lefokong la Segerika le le rayang “go meshara lefatshe.”
Hipparchus wa Nicaea (lekgolo la bobedi), moithuta dinaledi wa maemo a a kwa godimo le mosimolodi wa trigonometry, o ne a baya dinaledi ka ditlhopha a dirisa lesedi le di le ntshang, mokgwa o ka tsela e e rileng o santseng o dirisiwa. O ne a tlhatlhamiwa ke Ptolemy, eleng moithuta lefatshe le moithuta dinaledi wa lekgolo la bobedi C.E., yo o neng a oketsa dilo tse Hipparchus a ileng a di lemoga a bo a ruta gore lefatshe ke bogare jwa lobopo.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Noga e e itshophileng ka thobane ya ga Asclepius, selo se se gakololang gore tshimologo ya saense e na le tlhotlheletso ya bodumedi