LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 7/8 ts. 29-32
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Emiseditswe ka Ditlhopha
  • “Ana Modimo O Dihileñ!”
  • Ke Eng Se Se Bakileng Mathata?
  • Go Leba Saense Sentle
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 7/8 ts. 29-32

Karolo 5

Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele

“Dikgakgamatso” tse di Dirwang mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

SE SE neng se lebega e le “dikgakgamatso” tse di ka se kang tsa kgonega mo lekgolong la bo19 la dingwaga se diragetse mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Mo losikeng lo le longwefela, batho ba ile ba kgweetsa koloi ya bone ya Model T Ford ba bo ba kgatlhiwa thata ke go bona mo thelebisheneng e e bontshang mebala yotlhe banna ba tsamaya mo ngweding. Go na le go tsewa jaaka dilo tse di tlhomologileng, “dikgakgamatso” tse saense e di dirileng gompieno di tsewa fela jaaka dilo tse di tlwaelesegileng.

The New Encyclopædia Britannica, ya re, “Dilo tse saense e di dirileng mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bo20 la dingwaga, di dintsi thata mo di ka sekang tsa balwa.” E bua ka “go gatela pele mo go sengwe le sengwe,” legale, e e tla e bolela gore “mo karolong nngwe le nngwe e kgolo, kgatelopele e ne e ikaegile ka ditlhaloso tse di utlwalang sentle tsa lekgolo bo19 la dingwaga.” Seno se papamatsa sentle gore mo saenseng go batla boammaaruri ke selo se se tswelelang pele.

Go Emiseditswe ka Ditlhopha

Mekgatlho ya saense, ditlhopha tsa borasaense ba ba neng ba kopana go abelana megopolo le tshedimosetso, e ne ya dirwa kwa Yuropa bogologolo jole mo lekgolong la bo17 la dingwaga. Ka maikaelelo a go itsise ka dilo tse ba di lemogileng bosheng, mekgatlho eno e ne ya bo ya simolola go gatisa makwalodikgang a yone. Seno se ne sa dira gore go abelanwe tshedimosetso e e ileng ya nitamisa motheo o kgatelopele e e oketsegileng ya saense e ka agelelwang mo go one.

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, ke fa diyunibesithi di tsene ka tlhogo mo dipatlisisong tsa saense, mme mo dingwageng tse di ileng tsa latela dilaborothari tsa bone di ne tsa upolola dilo tsa botlhokwa fela thata.a Mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, difeme tsa kgwebo di ne tsa tlhoma dilaborothari go dira dipatlisiso, tse kgabagare di ileng tsa dira melemo e mesha, didirisiwa tse di dirilweng ka dilo tsa maitirelo (tse di akaretsang polasetike) le tse dingwe. Ka ntlha ya seno, batho ba ile ba solegelwa molemo, mme difeme tse di dirang dipatlisiso di ile tsa dira dipoelo tsa diranta di le dimilione.

Go tlhongwa ga dilaborothari tseno le ditlhopha tsa patlisiso go ne ga simolola mokgwa wa go sekamela mo go direng dipatlisiso ka ditlhopha go na le ga motho a le mongwe fela. Borasaense bangwe ba ne ba ipotsa gore a eno ke tsela e e molemo go e sala morago. Ka 1939, John D. Bernal, moithutadipopo wa Moaerishe le motlhalefedi wa go sekaseka popego ya magakwa a dirisa ekeserei o ne a botsa potso eno: “A saense e tshwanetse go tswelela ka maiteko a motho ka bongwe a batho ba ba filweng, mongwe le mongwe a dira ka fa a tlhaloganyang ka teng, kana ka ditlhopha kana makoko a badiri ba ba thusanang le go dira tiro ya bone go ya ka thulaganyo nngwe e e akantsweng le mororo e ka fetolwa?”

Ka ntlha ya go raraana le go tura ga go dira dipatlisiso, Bernal o ne a buelela go dira ka ditlhopha, a re mathata a a teng fela ke gore tiro e ka rulaganngwa jang. O ne a bolelela pele jaana: “Go dira ka setlhopha go tla tswelela e nna one mokgwa wa go dira dipatlisiso tsa saense.” Mme jaanong, morago ga sebaka se se fetang sephatlo sa lekgolo, go itshupa sentle gore Bernal o ne a bolelela ruri. Mokgwa oo o ne wa tswelela, mme wa fefosa thulaganyo ya “dikgakgamatso” tse di dirisiwang tsa lekgolo la bo20 la dingwaga.

“Ana Modimo O Dihileñ!”

Ka May 24, 1844, molaetsa ono wa mafoko a le manè o ne wa romelwa ka mogala ke Samuel Morse, motlhami wa Morse khoute, mo sekgaleng sa dikilomitara di ka feta 50. Medi ya lekgolo la bo19 la dingwaga la “dikgakgamatso” tsa lekgolo la bo20 la dingwaga tsa ditlhaeletsano tse di ileng tsa latela e ne e tlhomilwe.

Dingwaga di le 30 tse di ileng tsa latela, ka 1876, Alexander Graham Bell o ne a ipaakanyetsa go lekeletsa segasi le mothusi wa gagwe ebong Thomas Watson, fa Bell a tla tsholola asete. Go goa ga gagwe a re, “Rre Watson, tla fa. Ke a go batla,” go ne ga fitlhelwa gore e ne e se fela go batla thuso. Watson, yo o neng a le mo kamoreng e nngwe, o ne a utlwa molaetsa oo, mme a kgona go lemoga gore ke seele sa ntlha se se neng se utlwala sentle se se kileng sa romelwa ka founo, mme a tla a tabogile. Mme le gompieno batho ba santse ba tabogisiwa ke difouno.

Mo dingwageng tse 93 tse di fetileng, kitso ya saense, e na le kitso ya boranyane, e ile ya dira gore batho ba le bantsi ba tshele botoka go gaisa le fa e le leng pele. Lefatshe le dirilwe selonyana se sennye se se ka tsenang mo seatleng. Dilo tse di “ka sekang tsa kgonega” jaanong di tletsetletse. Tota ebile, difouno, dithelebishene, dikoloi, le difofane—le “dikgakgamatso” tse dingwe tsa lekgolo la bo20 la dingwaga—e setse e le karolo ya botshelo jwa rona mo re bileng re lebala gore kana motho o tshedile lobaka lo loleele a sena natso.

The New Encyclopædia Britannica, e bolela go re, fa lekgolo leno le simologa, “katlego ya saense e ne e lebega e solofetsa go neela kitso le nonofo ka selekanyo se segolo fela thata.” Me kgatelopele e e dirilweng mo nakong eno ga e a ka ya thusa mongwe le mongwe ka selekanyo se se tshwanang, ebile ga go kake ga twe ga e na mathata ape fa e se mosola fela. E tlatsa ka gore, “Ke batho ba sekae ba ba neng ba kgona go bonelapele mathata a a neng a tla leriwa ke go atlega mo go ntseng jalo mo go tsa loago le tikologo.”

Ke Eng Se Se Bakileng Mathata?

Ga go na phoso epe e e bonwang ka dintlha tsa saense tse di re thusang go tlhaloganya lobopo botoka, kana boranyane jo bo re thusang go dirisa dintlha tseo go solegela setho molemo.

Dilo tseno tse pedi—saense le boranyane—e sale e ntse e le masika. Mme go ya ka buka ya Science and the Rise of Technology Since 1800, “go amana ga tsone thata, mo go setseng go tlwaelesegile, go ne go sa tlhomama thata go fitlhelela maabane fela jaana.” Go bonala gore le kwa tshimologong ya diphetogo tsa madirelo, kamano ya tsone e ne e se e e kalokalo. Fa kafa kitso e e neng e sa tswa go lemogiwa ya saense e ile ya nna le seabe mo go diriweng ga dilo tse disha, go ithuta ka go dira, kitso ya diatla, le go nna le kitso e e tletseng ya bokheneke le tsone di ne tsa dira jalo.

Lefa go ntse jalo, morago ga diphetogo tsa madirelo, go kokoanngwa ga kitso ya saense go ne ga fefoga, mme ka go dira jalo ga dira motheo o motona o mo go one boranyane bo neng bo ka tlhongwa. Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke kitso e ntšha, boranyane bo ne jwa leka go dira ditsela tsa go tila bonya, go tokafatsa botsogo, le go dira lefatshe le le botoka, le le itumedisang.

Mme legale boranyane ga bo kake jwa gaisa saense e bo ikaegileng ka yone. Fa kitso ya saense e le phoso, kgatelopele epe fela ya boranyane e e ikaegileng ka jone le yone e tla nna phoso fela ka tsela e e tshwanang. Gantsi mathata a lemotshega go setse go diragetse tshenyo e kgolo. Ka sekai, ke mang yo o neng a ka bonelapele gore go dirisiwa ga dishanyi tsa aerosolo tse di dirisang chlorofluorocarbons kana hydrocarbons di ne di ka senya lebebe la ozone le le seriletsang lefatshe?

Go na le sengwe gape se se nang le seabe—maikutlo. Rasaense yo o ineetseng o ka nna a bo a kgatlhegela go nna le kitso fela mme a ikemiseditse go tsaya masome a dingwaga tsa botshelo jwa gagwe a dira dipatlisiso. Mme rakgwebo, yo ene a ka nna a bo a kobile go dira dipoelo, o batla thata go dirisa kitso eo ka bofefo jo bo ka kgonegang. Mme ke lepolotiki lefe le le ka emang ka bopelotelele ka dingwaga di le masome pele ga a ka dirisa boranyane jo a akanyang gore bo ka mo neela thata ya sepolotiki fa bo ne bo ka dirisiwa gone fela foo?

Moithutadipopo ebong Albert Einstein o ne a tlhomolola bothata fa a ne a re: “Nonofo ya atomo e e golotsweng e fetotse sengwe le sengwe fa e se mokgwa wa rona wa go akanya mme ka jalo re lebile kwa matlhotlhapelong a a senang selekanyo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, bontsi jwa mathata a a dirilweng ke “dikgakgamatso” tsa lekgolo la bo20 la dingwaga ga a tlisiwa fela ke kitso e e phoso ya saense mme gape le ke boranyane jo bo bofefo ebile bo sa laolesege jo bo tlhotlheletswang ke bogagapa.

Ka sekai, saense e ne ya lemoga gore modumo le pono di ka romelwa kgakala—thelebishene. Boranyane bo ne jwa dira gore go kgonege go dira seo. Mme e ne e le mokgwa o o phoso wa go akanya wa papadi le batho ba ba ratang dilo o o ileng wa dirisa kitso eno e kgolo ya boranyane go gasetsa ditshwantsho tse di tlhotlheletsang tlhakanelodikobo le tshololo ya madi e e tletseng thubakanyo mo dikamoreng tsa bonno tse go renang kagiso mo go tsone.

Ka tsela e e tshwanang, saense e ne ya lemoga gore dilo tse di teng di ka dirisiwa go dira maatla. Boranyane bo ne jwa dira gore go kgonege go dira seo. Mme e ne e le mokgwa o o phoso wa go akanya wa polotiki e e neng e tletse ka bosetšhaba o o ileng wa dira gore kitso eno le boranyane di dirisediwe go dira dibomo tsa nuklea tse di santseng di apesitse batho kobo ka letshoba le gompieno.

Go Leba Saense Sentle

Fa batho ba letlelela didirisiwa tse di dirilweng ka boranyane tse di neng di diretswe go nna malata gore jaanong di nne barena go fa bosupi jo bo oketsegileng jwa mokgwa o o phoso wa go akanya. Makasine wa Time o ne wa tlhagisa mabapi le kotsi eno ka 1983 fa o ne o tlhopha, eseng monna wa ngwaga wa ka tlwaelo, mme go na le moo “motšhine wa ngwaga,” eleng khompiutara.

Mabaka a Time e ne e le gore: “Fa batho ba ikanya khompiutara go dira dilo tse ba neng ba ntse ba di itirela ka tlhogo, go tla diragalang ka ditlhogo tsa bone? . . . Fa bukantswe e e mo khompuitareng e ka kgona go baakanya ka motlhofo lefoko lepe le le sa kwalwang sentle, mosola wa go ithuta go kwala mafoko ke ofe? Mme fa mogopolo o golotswe mo go direng dilo tse di botlhale, a o tla sala morago megopolo e e botlhokwa kana o tla dirisa nako ya one ka go tshwakgafalela mo metshamekong ya bidio? . . . A tota khompiutara e thusa boboko go bereka, kana ka go bo direla tiro ya jone e ntsi, e bo dira gore bo kgobe kgetsi?”

Lefa go ntse jalo, batho ba bangwe ba kgatlhilwe thata ke dilo tse saense e di kgonneng mo eleng gore ba dirile saense modingwana. Rasaense ebong Anthony Standen o ne a tšhotlha kgang eno mo bukeng ya gagwe ya 1950 e go tweng Science Is a Sacred Cow. Le fa gone re ka nna ra tsaya gore o ne a feteletsa, gone Standen o ne a bua: “Fa rasaense yo o apereng kapari ya borasaense . . . a bolelela batho ka kakaretso sengwe, ba ka nna ba se ka ba mo tlhaloganya, mme fela se a se itseng ke gore ba tlile go mo dumela. . . . Babusi, boramadirelo, baruti, baeteledipele ba batho, boramatlhajana, botlhe ba botswa dipotso le go nyadiwa, mme fa e le ka borasaense bone—nnyaa, nnyaa. Borasaense ke batho ba ba galalediwang ba ba mo seemong se se kwa godimodimo sa go tlotliwa thata, ereka e le bone fela ba ba nang le gone go ka dirisa mafoko ‘Seo se tlhomamisitswe ka saense . . . ’ e leng selo se go lebegang se kgoreletsa lebaka lepe la go sa dumelane.”

Ka ntlha ya mokgwa ono o o phoso wa go akanya, batho ba dirisa se se lebegang e le go farologana magareng a saense le Bibela e le bosupi jwa “botlhale” jwa saense fa bo bapisiwa le “tumelabotlhodi” ya bodumedi. Bangwe ba bile ba dirisa gone mo go bidiwang dipharologano jaaka bosupi jwa gore Modimo ga o yo. Lefa go ntse jalo, ga se Modimo o seyong mme go na le moo ke dipharologano tse di ikgopolelwang tse di dirilweng ke baruti ka go tlhalosa Lefoko la gagwe ka tsela e e phoso. Ka go dira jalo ba tlhapatsa Modimo e leng ene Mokwadi wa Bibela fa ka fa ntlheng e nngwe ba kgoreletsa batho go batla boammaaruri jwa saense.

Mo godimo ga moo, ka go palelwa ke go ruta balatedi ba bone go bontsha maungo a moya wa Modimo, baeteledipele bano ba bodumedi ba rotloetsa moya wa bogagapa o o dirang gore batho ba amege fela ka dikeletso tsa bone le go iitumedisa le go itsholegela molemo. Seno se dirwa ka go ja ba bangwe ntsoma, le go ya bokgakaleng jwa go sa dirise kitso ya saense sentle ka go bolaya batho ba bangwe.—Bagalatia 5:19-23.

Bodumedi jwa maaka, dipolotiki tsa batho ba ba sa itekanelang, papadi ya bogagapa di dirile gore batho ba nne se ba leng sone gompieno, “baithati, . . . ba ba sa lebogeñ, . . . ba sena boithibō,” batho ba ba iponang ba ba gogwagogwang ke mokgwa o o phoso wa go akanya.—2 Timotheo 3:1-3.

Bano ke bone batho le mekgatlho e e dirileng dikgwetlho tsa lekgolo la bo21 la dingwaga tse jaanong go tweng saense ke yone, e lwe le tsone. A e tla kgona? Bala karabo mo setlhogong sa bofelo se se latelang mo motsetseleng ono.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka sekai, bogolo jwa patlisiso ya Manhattan Project, e leng thulaganyo e e neng e dirwa ka lepotlapotla ya U.S. ya go dira bomo ya atomiki, e ne ya direlwa kwa dilaborotharing tsa Yunibesithi ya Chicago le Yunibesithi ya California kwa Berkeley.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Fa kitso ya saense e le phoso, ditlhabololo tsotlhe tse di tlileng go dirwa go ikaegilwe ka yone ga di tle go nna tsone

[Mafoko a a mo go tsebe 32]

Ga se dilo tsotlhe tse saense e di kgonneng tse di mosola

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 29]

From the Collections of Henry Ford Museum & Greenfield Village

NASA photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela