Karolo 6
Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
Go Lebana le Dikgwetlho tsa Lekgolo la Bo21 la Dingwaga
ROBONNGWE, robedi, supa, o nna o fologa fela jalo! A ke go bala ga go ipaakanyetsa go fofisa rokete? Nnyaa, ke go bala dingwaga tse di saletseng setho pele ga se tsena mo ditlhobaelong tsa lekgolo la bo21 la dingwaga.a
Batho ba le bantsi fa ba lebile dilo tse saense e di kgonneng mo lekgolong le le fetileng, ba ka nna ba dumela ba sena pelaelo gore saense e ka kgona go emelana le kgwetlho e e ka leriweng ke lekgolo la bo21 la dingwaga.b Ba ka nna ba ikutlwa jaaka mokwadi wa Mofora a ile a ikutlwa kwa tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga. O ne a kwala jaana, “Mo motlheng ono saense e tlile go busa lefatshe. Go simologa fano go ya pele puso ya lefatshe ga se ya Modimo, mme ke ya saense, ke yone e e tla nnang motlamedi wa batho le mogolodi wa setho.”
Go re saense e kgone go leretse batho se ba se solofetseng e tla tshwanelwa ke gore e rarabolole mathata a mantsi a e thusitseng mo go nneng gone ga one.
Tshenyo e e dirilweng mo tikologong e saense e ileng ya e dira e kgolo fela thata. Buka e go tweng 5000 Days to Save the Planet ya re: “Fa re ka tswelela ka go senya tikologo ka tsela eno, potso ga e ye go nna gore a batho ba motlha ono ba tla falola lekgolo le le tlang, mme go na le moo ke ya gore a ba tla re nyele ka leratla kana ka setu?”
Seno ga se lebege e le selo se batho ba ka se emelang.
Ditlhaelo tsa Saense
Buka e go tweng The Scientist ya re, “Bontsi jwa borasaense ba lekgolo la bo19 la dingwaga . . . gantsi ba ne ba akanya gore ba tla re ka letsatsi lengwe ba bone boammaaruri jo bo feletseng le go tlhaloganya ka botlalo. Ba ba ba jang boswa bone,” buka eo e a tswelela, “ba bua ka go ‘tlhaloganya go sekae fela’, le ka go tswelela ba ntse ba atamela go bona boammaaruri mme ba sa kgone go bo re tlhaa.” Go tlhoka go nna le kitso e e feletseng go fokotsa fela thata se saense e ka se dirang.
Dintlha tse di tshelang tsa saense ga di a ka tsa fetoga mo dingwageng tse di fetileng, fa megopolo ya saense yone e fetogile—le gone gantsi. Tota ebile, ka dinako tse dingwe megopolo e ile ya fetolwa gotlhelele. Ka sekai, borasaense ba tsa kalafi ba kile ba bo ba gopola gore go ntsha madi mo molwetsing yo o lwalang thata ke selo se se tshwanetseng go dirwa go ya ka saense. Kwa morago ba ile ba akanya gore go tshela madi ke yone karabo. Mme jaanong bangwe ba bone ba setse ba bona gore go botlhale go sa dire sepe sa dilo tse pedi tseo mme ba leka ditsela tse di seng kotsi thata tsa kalafi.
Go itshupa sentle gore, se borasaense ba se itseng se fetelwa kgakala thata ke se ba sa se itseng. The World Book Encyclopedia ya re: “Baithutadimela ga ba ise ba itse ka botlalo gore totatota thulaganyo ya photosynthesis e bereka jang. Baithutatshelo le baithuta dikhemikale tse di amanang le botshelo ga ba ise ba bone karabo ya gore botshelo bo simologile jang. Baithutadinaledi ga ba ise ba fe tlhaloso e e kgotsofatsang ya gore lobopo lo simologile jang. Borasaense ba tsa kalafi le baitseanape ba mmele ga ba itse se se bakang kankere kana kalafi ya yone kana le yone tsela ya go alafa malwetsi a mangwe a a bakiwang ke megare ya baerase. . . . Baithutatlhaloganyo ga ba itse dilo tsotlhe tse di bakang malwetsi a tlhaloganyo.”
Saense le yone e tlhaela ka lebaka la gore ga e kake ya nna botoka go gaisa batho ba ba e dirang. Ka mafoko a mangwe, go tlhoka kitso ga ga rasaense go etegetswa ke go sa itekanelang ga gagwe. Bakwadi ba 5000 Days to Save the Planet ba ile ba lemoga gore “gangwe le gape . . . mekgatlho e e dirang ditiro tse di kgethegileng e ile ya sokomisa dipatlisiso, e ile ya sokamisa ditshekatsheko tse di neng di ka fokotsa ditlhwatlhwa tsa dilo le go loba tshedimosetso gore ba tle ba rekise dilo tse di diphatsa kana gore ba kgone go tswelela ba dira dilo tse e leng gore di senya tikologo.”
Lefa e le gore bontsi jwa borasaense ba a ikanyega, seno ga se lebaka la go ba galaletsa kana go galaletsa tiro ya bone go feta selekanyo. Edward Bowen yo o tsholetsweng kwa Borithane, yo le ene e leng rasaense, a re, “Ba tshwana le mongwe le mongwe fela. Botlhe ba na le makoa a bone. Bangwe ba bone ba ineetse, ba bangwe ke maferefere, ba bangwe ba botlhale fela thata, fa bangwe bone ditlhogo tsa bone di tletse metsi fela. Ke itse batho bangwe ba ba tumileng thata mo go tsa saense, banna ba ba diretseng lefatshe molemo o mogolo fela thata. Le fa gone ke sa itse ope wa borasaense yo o kileng a ya kgolegelong, ke itse bangwe ba e neng e ba tshwanela fela thata.”
Go phepafetse sentle gore ka ntlha ya go tlhaela ga yone mo go kanakana, saense ya motlha ono ga e ka ke ya kgona go lepalepana le dikgwetlho tsa lekgolo la bo21 la dingwaga. E paletswe segolobogolo ke go sireletsa tikologo, mme gape go na le gore e thuse go fedisa ntwa mo lefatsheng, e ile ya thusa go dira dibetsa tsa mmolao wa kgailo.
Go Tlhokega go Tsaya Kgato ka Bofefo
Ga go na ope yo o ganetsang gore go tlhokwa go dira sengwe ka bonako. Ka November ngwaga e e fetileng, setlhopha sa borasaense ba le 1 575, mo go bone go na le ba le 99 ba ba ileng ba abelwa sekgele sa Nobel, ba ne ba ntsha molaetsa wa setlhogo se se reng “Tlhagiso e Borasaense ba Lefatshe ba e Neelang Setho” o mo go one ba ileng ba kwala jaana: “Nako e e setseng ya gore re feme matshosetsi a jaanong a a re lebaneng le ya gore tebelelo e setho se nang le yone e fokotsege fela thata ga e fete dingwaga di le some kana masome a sekaenyana fela.” Ba ile ba re: “Batho ga ba tsamaisane le tikologo ya bone.”
Ditlhagiso tse di tshwanang le tseo di ne tsa dirwa bogologolo. Tota ebile, ka 1952, Bertrand Russell, ramatlhajana wa Moborithane wa lekgolo la bo20 la dingwaga yo ka boene a buelelang saense, o ne a re: “Gore botshelo jwa motho bo tswelele le ntswa saense e le teng, setho se tshwanetse go ithuta ka maikutlo a pele go neng go se botlhokwa go a ithuta. Batho ba tshwanetse go ikobela molao, le fa gongwe ba akanya gore ga o a siama le gore o a gatelela. . . . Eseng jalo lotso lwa motho lo tla nyelela, mme le nyeletswa ke saense. Go tshwanetswe ga tlhophiwa ka papamalo mo dingwageng tse di masome matlhano, tlhopho gareng ga Go Dira ka Tlhaloganyo le Loso. Fa ke bua ka ‘Go Dira ka Tlhaloganyo’ ke raya go ikemisetsa go ikobela molao o o beilweng ke lekgotla le le nang le thata la merafe yotlhe. Ke tshogela gore setho se ka nna sa tlhopha Loso. Ke rapela gore se ke se boifelang e bo e se sone.”
Boammaaruri ke gore, batho ba ba ikemiseditseng go tsamaya ka ditekanyetso tsa tshiamo mo motlheng ono ga ba bonwe motlhofo. Moswi Martin Luther King yo o neng a lwela ditshwanelo tsa setho o ne a bua sentle jaana: “Nonofo ya rona ya saense e fekeeditse nonofo ya rona ya semoya. Re na le dimesaele tse di kailweng le batho ba ba timetseng.” Lefa go ntse jalo, Russell o ne a tlhalosa a sa lemoge se tota e leng tharabololo ya mathata a lefatshe fa a ne a re setho se tla tshwanelwa ke “go ikobela molao o o beilweng ke lekgotla le le nang le thata la merafe yotlhe.”
Ke Mang yo o Ka Rarabololang Bothata?
Ee gone, ga se gore Bertrand Russell o ne a bua ka thata ya bomodimo fa a ne a bua ka molao o o beilweng ke lekgotla le le nang le thata la merafe yotlhe. Mme lefa go ntse jalo, go ikobela melao ya lekgotla le le ntseng jalo ke sone se tota se tlhokegang. Melao ya batho le babusi ba batho gotlhelele ga se tsone tharabololo. Ga go na gore ba ka fetola lefatshe mme ka go dira jalo ba tila masetlapelo. Hisitori ya motho e e tletseng ka matshwenyego e bontsha sentle gore motho o tlhoka puso ya Modimo.c
Ee, ke Modimo Mothatayotlhe, yo leina la gagwe e leng Jehofa a le nosi yo o ka kgonang go tlhoma bolaodi jwa lefatshe lotlhe jo bo nang le thata le nonofo ya go lepalepana le dikgwetlho tsa lekgolo la bo21 la dingwaga. (Pesalema 83:18) Bolaodi jo botlhe ba tshwanetseng go bo ikobela gore ba tle ba bone botshelo ke Bogosi jwa Modimo, jo eleng puso ya selegodimo ya lefatshe e e tlhomilweng ke Mmopi ebong Jehofa Modimo.
Bibela e sale e boleletse pele jaana mabapi le puso eo: “Gonne ngwana re mo tsaletswe, re neilwe ngwana wa mosimane: le puso e tla nna mo maruding a gagwe: mme ka leina o tla bidiwa . . . Kgosana ya Kagiso. Go gola ga puso ya gagwe le ga kagiso ga go kitla go khutla.” (Isaia 9:6, 7, King James Version) Ngwana yono yo go neng go boleletswe pele ka ene ebong Jesu Keresete, o ne a imiwa ka kgakgamatso ke Maria wa lekgarebana mme o ne a tsholelwa kwa Bethelehema ya Judea.—Luke 1:30-33.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso ya Modimo ka go ba bolelela jaana: “Ke gōna lo rapèlè, lo re yana: lo re, Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Ke moya o o boitshepo o o nonofileng wa ga Jehofa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang a le nosi fela, a a ka thusang batho ba ba iketleeleditseng go dira diphetogo tse di tlhokafalang mo matshelong a bone go dumelana le melao ya tshiamo ya puso ya gagwe go dira jalo. Saense ga e ka ke ya kgona. Diketekete tsa dingwaga tsa tlhakatlhakano ke bosupi jwa gore ga e ka ke ya kgona.
Jehofa Modimo, yo o nang le kitso e e tletseng ya saense, o tla tlhomamisa gore lefatshe le nna Paradaise, fela jaaka go ne go ntse kwa tshimong ya Edena, fa a sena go bopa batho ba ntlha ba babedi. Ka nako eo o ne a ba laela jaana: “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè.” (Genesise 1:28) Le mororo ba ile ba se ka ba utlwa taolo mme ba palelwa ke go diragatsa maikarabelo ao, Jehofa Modimo o tla tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a ntlha ka lefatshe leno a gore le nne paradaise a diragale. A re, “E, ke ikaeletse, le gona ke tla dihatsa.” (Isaia 46:11) Mme one maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong ka lefatshe a tla diragadiwa leng?
Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tlhalosa seemo se se tla bong se le teng mo lefatsheng mo “metlheñ ea bohèlō,” pelenyana fela ga gore Bogosi jwa Modimo bo emisetse mebuso yotlhe ya motho. (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14, 37-39; 2 Petere 3:3, 4) Fa motho a bala boperofeti jwa Bibela jo bo umakilweng fano a bo a bo bapisa le ditiragalo tsa lefatshe, go a senoga gore re tshela mo nakong e mo go yone Bogosi jwa Modimo bo tla dirang se se tlhalosiwang mo Bibeleng mo go Daniele 2:44: “Mo metlheñ ea dikgosi tseuō [dipuso tsa motho tse mo nakong eno di busang], Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”
Botshelo mo Nakong e e Seng Kgakala e e Tlang
A ko o akanye fela gore isagwe e tla bo e le e e ntseng jang! Abo setho se emetswe ke dilo tse di molemo jang mo lekgolong le le tlang, kana le gone pele ga lone tota! Matlhotlhapelo a a lerilweng ke dingwaga tse di dikete tsa fa motho a ipusa, ditumelo tsa boitimokanyi, papadi ya bogagapa, le ke saense ya lefatshe leno di tla emisediwa ka puso ya bomodimo, e e tla segofatsang batho go ya bokgakaleng jo ba neng ba sa bo akanya.
Bibela e tlhalosa ka tsela eno ditiragalo tse kwa ntle ga pelaelo di tlileng go senoga mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo: “Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le loshō; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko; dilō tsa pele di hetetse rure.”—Tshenolō 21:3, 4.
Ka jalo, selo sa konokono se se botlhokwa ka wena ke go lemoga go atamela ga nako mo go tla felelang ka go senngwa ga tsamaiso ya lefatshe leno le le mo taolong e e nonofileng ya mmusi yo o sa bonaleng wa lefatshe ebong Satane Diabolo. (Yohane 12:31; 2 Bakorintha 4:3, 4) Go a tlhokafala gore o ithute ka thato ya Modimo le go e dira, ereka Bibela e solofetsa jaana: “Lehatshe lea heta, le thatō ea yeōna, me eo dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”—1 Yohane 2:17.
Ka jalo, he, a e re fa nako e santse e letla, o dirise sebaka seno ka botlhale sa go bona phalolo se Jehofa a se butseng. Mme ka go dira jalo o tla nna le tshiamelo ya go ipelela botshelo mo isagweng, ee, mo lekgolong le le tlang la bo21 la dingwaga—mme gape le mo go la bo22, bo23, le a mangwe a a senang palo a a tla tlang.
Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa re bala ka mokgwa wa boranyane, lekgolo la bo21 la dingwaga le tla simologa ka January 1, 2001. Lefa go ntse jalo, mokgwa o o tlwaelesegileng one o bala gore lekgolo la ntlha ke go tloga ka ngwaga 1 go ya go ngwaga 99 (go ne go sena ngwaga 0); lekgolo la bobedi, go tloga ka ngwaga 100 go ya go tsena ka ngwaga 199; mme ka jalo, lekgolo la bo21 la dingwaga, le simologa ka ngwaga 2000 go ya go tsena ka ngwaga 2099.
b Setlhogo seno ke sa bofelo mo motseletseleng o o tlhalosang ka saense o o dikarolo tse thataro mo makasineng wa Tsogang!
c Go palelwa ga dipuso tsa motho go ile ga papamadiwa sentle mo motseletseleng o o dikarolo di some mo go Tsogang! (August 8, 1990 go ya go January 8, 1991) wa setlhogo se se reng “Puso ya Motho E Beilwe mo Dikaleng tsa Katlholo.”
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Dikgang tse di Molemo, mo go tse Dintsi tse di Bosula
Go sa kgathalesege kgatelopele ya saense go sa ntse go na le boidiidi jwa bana ba ba bolawang ke tlala le bagolo ba ba bopamang. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo mo Bogosing jwa Bomesia jwa Modimo, “go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba.”—Pesalema 72:16.
Go sa kgathalesege kgatelopele ya saense batho ba le bantsi ba santse ba tshelela ka fa tlase ga kgatelelo le thubakanyo. Mme mo nakong e e seng kgakala Kgosi ya Bogosi jwa Bomesia jwa Modimo “o tla golola motlhoki mogañ o lelañ; le mohumanegi eo o senañ mothusi. . . . O tla golola meōea ya bōnè mo pogishoñ le mo thubakoñ.”—Pesalema 72:12-14.
Go sa kgathalesege kgatelopele ya saense palo ya batho ba ba nnang mo mekgwatheng, ba sena matlo le dijo tse di lekaneng, e golela pele mo lefatsheng lotlhe. Mme mo nakong e e seng kgakala mo Bogosing jwa Bomesia jwa Modimo, batho ba “tla aga matlo, ba nna mo go aōna . . . Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele.”—Isaia 65:21, 22.
Go sa kgathalesege kgatelopele mo go tsa kalafi malwetsi a a ka thibelwang a santse a bolaya dimilione tsa batho. Mme mo nakong e e seng kgakala mo Bogosing jwa Bomesia jwa Modimo, “monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Isaia 33:24.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Botshelo bo tla nna monate mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Hartebeespoortdam Snake and Animal Park