LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 5/8 ts. 17-20
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Yuropa wa “Bokeresete” O Latlhegelwa ke Boeteledipele
  • Kgatelopele ya Saense
  • Tlhofofatso ya Mathematics ya Searabea
  • Go Tsosolosa Go Kgatlhegela go Ithuta kwa Yuropa
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Saense—Go Batla Boammaaruri Ga Motho mo go Tsweletseng Pele
    Tsogang!—1993
  • Kafa Searabia se Ileng sa Nna Puo ya Batho ba ba Rutegileng ka Teng
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 5/8 ts. 17-20

Karolo 3

Saense—Go Batla Boammaaruri ga Motho mo go Tsweletseng Pele

Bodumedi le Saense—ke Motswako O O Sa Siamang

DINGWAGA tse di dikete tsa go batla boammaaruri jwa saense go lebega di ile tsa tlhoma motheo o o tiileng wa go batlisisa mo go ileng ga latela. Kwa ntle ga pelaelo go ne go se na sepe se se neng se ka thibela kgatelopele go tswelela. Mme lefa go ntse jalo, The Book of Popular Science ya re, “saense e ne ya se ka ya atlega thata mo lekgolong la boraro, la bonè, le la botlhano A.D.”

Go na le ditiragalo tse pedi tse di ileng tsa baka seemo seno ka tsela e e tlhomologileng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu Keresete o ne a thaile motlha wa bodumedi jo bosha. Gape mo masomeng a dingwaga a a fetileng, ka 31 B.C.E., go ne go tlhomilwe motlha o mosha wa sepolotiki ka go thaiwa ga Mmusomogolo wa Roma.

Buka e e nopotsweng fa godimo ya re Baroma ba ne ba farologane le boramatlhajana ba Magerika ba ba neng ba le teng pele ga bone ka gore bone, “ba ne ba kgatlhegela thata go rarabolola mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo go na le go batla boammaaruri jo ba neng ba sa bo dirise gope.” Ka mo go utlwalang he, “seabe sa bone mo saenseng e e tshenene e ne ya nna lemmenyana fela.”

Lefa go ntse jalo, Baroma ba ne ba dira tiro e kgolo ya go fetisa kitso ya saense e e neng e setse e le teng go tla go fitlha ka nako eo. Ka sekai, Pliny wa Mogolwane o ne a dira buka ka mekwalo ya saense mo lekgolong la ntlha la dingwaga e e neng e bidiwa Natural History. Le mororo e ne e na le diphoso, e ne ya boloka mefuta e mentsi ya tshedimosetso ya saense e gongwe e ka bong e ile ya se ka ya fitlhelwa ke dikokomana tse di neng di tla.

Fa e le ka bodumedi jone, phuthego e e neng e gola ka bofefo ya Bokeresete e ne e sena seabe mo patlisisong ya saense ya motlha oo. Legale moo go ne go sa dirwe ke gore Bakeresete ba ne ba le kgatlhanong le yone ka tsela nngwe, mme go na le moo tiro ya konokono mo Bakereseteng, jaaka e ile ya tlhongwa ke Keresete ka sebele, e ne e le go tlhaloganya le go anamisa boammaaruri jwa bodumedi.—Mathaio 6:33; 28:19, 20.

Pele ga fa lekgolo la ntlha la dingwaga le fela, Bakeresete ba batenegi ba ne ba setse ba simolotse go leswefatsa boammaaruri jwa bodumedi jo ba neng ba laetswe gore ba bo itsise. Seno se ile sa felela ka gore ba tlhome Bokeresete jwa botenegi, fela jaaka go ile ga bolelelwa pele. (Ditihō 20:30; 2 Bathesalonia 2:3; 1 Timotheo 4:1) Ditiragalo tse di ileng tsa latela di ne tsa bontsha gore go latlha ga bone boammaaruri jwa bodumedi go ne go na le boikutlo jwa go sa kgathalele boammaaruri jwa saense—mme ebile fa gongwe le jwa go bo ganetsa tota.

Yuropa wa “Bokeresete” O Latlhegelwa ke Boeteledipele

The World Book Encyclopedia e tlhalosa gore mo metlheng ya Dingwaga tsa Bogare (go tswa mo lekgolong la bo5 go ya kwa go la bo15), “kwa Yuropa, batlhalefi ba ne ba kgatlhegela thata theology, kana go ithuta ka bodumedi, go na le go ithuta ka tlholego.” Mme Collier’s Encyclopedia e bolela gore go “kgatlhegela poloko [ka tsela eno] go na le go batlisisa ka tlholego, go ne ga nna sekgoreletsi go na le go nna sekgotletsi sa saense.”

Boikaelelo jwa dithuto tsa ga Keresete e ne e se go nna sekgoreletsi se se ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, tlhakantsuke ya dithuto tsa megopolo e e phoso ya bodumedi ya Labokeresete, go akaretsa le go gatelela thata mo polokong ya moyasebele o go tweng ga o swe, go ne ga thusa gore seemo seo se nne teng. Go ithuta mo gontsi go ne go laolwa ke kereke mme gantsi go ne go direlwa kwa mafelong a thutelo a bodumedi. Boikutlo jono jwa bodumedi bo ne jwa nyafatsa go batla boammaaruri jwa saense.

Dikgang tsa saense di ne tsa se ka tsa tsewa tsia thata fa di bapisiwa le thuto ya bodumedi go tswa fela kwa tshimologong ya Motlha O O Tlwaelegileng. Kgatelopele e e bonalang e e neng ya nna teng e e ka umakiwang e ne e le mabapi le kalafi. Ka sekai, mokwadi wa Moroma wa tsa kalafi wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ebong Aulus Celsus, yo o neng a bidiwa “Hippocrates wa Baroma,” o ne a kwala se le mo nakong eno se tsewang gore ke mokwalo o o botlhokwa thata wa tsa kalafi. Moithutamelemo wa Mogerika ebong Pedanius Dioscorides, yo e neng e le ngaka ya masole a ga Nero a Baroma, o ne a kwala buka e e tlhomologileng mabapi le melemo e e ileng ya dirisiwa thata mo makgolokgolong a dingwaga. Mogerika wa lekgolo la bobedi la dingwaga ebong Galen, o ile a tlhotlheletsa dikgopolo le tiriso ya kalafi go tswa ka nako ya gagwe go tla go tsena ka Dingwaga tsa Bogare, ka go tlhama tekeletso ya ka fa mebele ya ditshedi e bopilweng ka teng.

Nako e ka yone go neng go sena kgatelopele ya saense mo go yone e ne ya tswelela pele go ya go fitlha mo lekgolong la bo15 la dingwaga. Gone ke boammaaruri gore, borasaense ba Yuropa ba ne ba upolola dilo dingwe mo nakong eo, mme mo makgetlhong a le mantsi, ba ne ba sa di itshimololele. Makasine wa Time o bolela gore, “[Matšhaena] e ne e le bone bomankge ba ntlha ba saense mo lefatsheng lotlhe. Ba sale ba itsile go dirisa kompase, go dira pampiri le mosidi wa tlhobolo, [le] go gatisa ka tsela ya motshikhinyego, bogologolo pele ga Mayuropa.”

Ka jalo, ka ntlha ya go tlhoka megopolo ya saense mo go neng go aname mo Yuropa wa “Bokeresete,” dingwao tse eseng tsa Bokeresete di ne tsa etelela pele.

Kgatelopele ya Saense

Mo lekgolong la borobabongwe, borasaense ba Maarabea ba ne ba tla ka bofefo jo bogolo go nna bonkwenkgoga mo dilong tsa saense. Bogolo jang mo lekgolong la bo10 le la bo11—fa Labokeresete yone e santse e gata golo go le gongwe fela—bone ba ile ba nna le motlha wa go atlega fela thata. Ba ile ba nna le seabe se segolo thata mo go tsa kalafi, khemisetiri, thutodimela, fisikise, thutodinaledi, mme mo godimo ga tsotlhe, mathematics. (Bona lebokose mo tsebeng ya 19.) Maan Z. Madina, porofesa yo o rutang Searabea kwa Yunibesithing ya Columbia, a re “karolo e kgolo ya trigonometry e e teng gompieno gape le algebra le geometry e dirilwe ke Maarabea.”

Bontsi jwa kitso eno ya saense ba ne ba bo itshimololetse. Mme nngwe ya yone e ne e thailwe mo motheong o mogolo wa botlhajana jwa Segerika, mme se se gakgamatsang ke gore, e ne ya tla ka thuso ya bodumedi.

Ka tsela e e tshwanang le eo kwa masimologong ya Motlha O O Tlwaelegileng, Labokeresete e ne e anametse kwa Peresia mme morago le kwa Arabea le kwa India. Mo lekgolong la botlhano la dingwaga, Nestorius, yo e neng e le rramotse wa Constantinople, o ne a nna le seabe mo dikgogakgoganong tse di ileng tsa dira gore bangwe ba ngaloge mo kerekeng ya Botlhaba. Seno se ile sa tsala go bopiwa ga lekoko le le itomolotseng le le bidiwang la Banesetori.

Mo lekgolong la bosupa la dingwaga, fa tumelo e ntšha ya Iselamo e ne e simolola go nna teng ka tshoganetso mme e bo e simolola go lwela gore e gole, Banesetori ba ne ba dira ka bofefo go ruta bafenyi ba bone ba Maarabea kitso e ba neng ba na le yone. Go ya ka The Encyclopedia of Religion, “Banesetori ke bone ba ntlha go gasa saense le botlhajana jwa Segerika ka go ranolela dibuka tsa Segerika mo Sesirieng mme go tsweng foo le mo Searabeeng.” Gape e ne e le “bone ba ntlha go tlisa melemo ya Segerika kwa Baghdad.” Borasaense ba Maarabea ba ne ba simolola go oketsa kitso ya dilo tse ba neng ba di ithutile mo Banesetoring. Searabea se ne sa simolola go tsaya maemo a Sesiria jaaka puo e e dirisiwang mo saenseng mo mmusomogolong wa Arabea mme e ne ya itshupa e le puo e e siametseng thata go kwala saense ka yone.

Mme fela jaaka Maarabea ba ile ba amogela le bone ka tsela e e tshwanang ba ne ba aba. Fa Ma-Moor ba ne ba tsena mo Yuropa ka Spain—mo ba ileng ba nna teng ka dingwaga tse di fetang 700—ba ne ba tla ka ngwao e e tlhabologileng ya Semoselema. Mo dingwageng tse di robang bobedi tsa se se neng se bidiwa Botlhabanedi jwa Bokeresete, magareng a 1096 le 1272, batlhabanedi ba Bophirima ba ne ba kgatlhiwa thata ke kgatelopele e e kwa godimo ya tlhabologo ya Seiselamo e ba neng ba e bona. Jaaka mokwadi mongwe a ile a tlhalosa, ba ile ba boa ba “ithutile dilo tse disha di le dintsi thata.”

Tlhofofatso ya Mathematics ya Searabea

Mpho nngwe e e nang le mosola e Maarabea ba e abetseng Yuropa ke go dirisiwa ga dipalo tsa Searabea go emisetsa ditlhaka tsa Seroma. Tota ebile, leina “dipalo tsa Searabea” le phoso. Le gongwe le bolelang boammaaruri botoka ke “dipalo tsa Sehindu le Searabea.” Ke boammaaruri gore, radipalo le moithutadinaledi wa Moarabea ebong al-Khwārizmī o ne a kwala ka thulaganyo eno, mme lefa go ntse jalo o ne a e tsere mo go bora-mathematics ba Mahindu go tswa kwa India, e ba neng ba e tlhamile mo dingwageng tse di fetang sekete tse di fetileng, mo lekgolong la boraro B.C.E.

Thulaganyo eo e ne e sa itsege thata mo Yuropa go fitlhelela ra-mathematics yo o tlhomologileng ebong Leonardo Fibonacci (yo gape a neng a bidiwa Leonardo wa Pisa) a e itsise ka buka ya gagwe e go tweng Liber abaci (Buka ya Abacus) ka 1202. Erile fa a bontsha mosola wa thulaganyo eo, o ne a tlhalosa jaana: “Dipalo tse di robang bongwe tsa Seindia ke: 9 8 7 6 5 4 3 2 1. Ka dipalo tseno tse di robang bongwe le letshwao 0 . . . go ka kwalwa palo nngwe le nngwe.” Kwa tshimologong Mayuropa ba ne ba le bonya go utlwa. Mme erile fa Dingwaga tsa Bogare di ela go fela, ba ne ba setse ba amogetse mokgwa oo wa go bala o mosha, mme go bo o le motlhofo go ne ga rotloetsa kgatelopele ya saense.

Fa e le gore o na le pelaelo ya gore a tota dipalo tsa Sehindu le Searabea di motlhofo thata mo go tse di kileng tsa bo di dirisiwa tsa Seroma, leka go ntsha LXXIX mo go MCMXCIII. A o eme ditshika tsa tlhogo? Gongwe go ntsha 79 mo go 1 993 go motlhofonyana.

Go Tsosolosa Go Kgatlhegela go Ithuta kwa Yuropa

Go simolola ka lekgolo la bo12, go kgatlhegela go ithuta mo go neng go le kwa godimo thata mo Mamoselemong go ne ga simolola go ngotlega. Lefa go ntse jalo, go ne ga tsosoloswa kwa Yuropa ke ditlhopha tsa barutegi ba ba ileng ba tlhoma dikolo tse di ileng tsa etelela pele mo jaanong go bidiwang diyunibesithi. Mo bogareng jwa lekgolo la bo12, go ne ga tlhongwa diyunibesithi tsa Paris le Oxford. Yunibesithi ya Cambridge e ne ya latela mo masimologong a lekgolo la bo13, mme ya Prague le Heidelberg ka la bo14. Mo lekgolong la bo19, diyunibesithi e ne e setse e le mafelo a go direlwang dipatlisiso tse dikgolo tsa saense mo go one.

Kwa tshimologong, dikolo tseno di ne di tlhotlhelediwa fela thata ke bodumedi, mo bontsi jwa dithuto di neng di remeletse thata kana di sekametse mo thutong ya bodumedi. Mme gape, dikolo tseo di ne di amogela botlhajana jwa Segerika, bogolo jang mekwalo ya ga Aristotle. Go ya ka The Encyclopedia of Religion, “Mokgwa wa go ruta . . . ka motlha wa Dingwaga tsa Bogare . . . o ne o dirilwe go setswe mokgwa wa ga Aristotle wa go tlhalosa, go kgaoganya, le go tlhatlhoba mo go tlhaloseng mokwalo le mo go batleng tharabololo.”

Morutegi mongwe wa lekgolo la bo13 yo o neng a ikaeletse go kopanya thuto ya ga Aristotle le thuto ya Bokeresete e ne e le Thomas Aquinas, yo kwa morago a ileng a bidiwa “Aristotle wa Mokeresete.” Mme o ne a sa dumelane le Aristotle mo dilong dingwe. Ka sekai, Aquinas o ne a sa dumelane le mogopolo wa gore lefatshe le sale le ntse le le teng, a dumelana le Dikwalo gore le bopilwe. The Book of Popular Science ya re, ka go ngaparela “thata tumelo ya gore lobopo la rona le rulagantswe mme ebile le ka tlhaloganngwa ka go dirisa ditlhaloganyo,” o “ile a nna le seabe mo go gateleng pele ga saense jaaka re e itse gompieno.”

Legale, mo makgetlhong a le mantsi, dithuto tsa ga Aristotle, Ptolemy, le Galen di ne di tsewa gore ga di na diphoso dipe, le ke yone kereke tota. Buka e e sa tswang go umakiwa e tlhalosa gore: “Mo Dingwageng tsa Bogare, fa go kgatlhegela tekeletso ya saense le go ela dilo tlhoko ka tlhamalalo go ne go le kwa tlase thata, lefoko la ga Aristotle le ne le tshwana le molao. Ipse dixit (‘Ene ka boene o boletse jalo’) e ne e le lebaka le barutegi ba metlha ya bogare ba neng ba le dirisa go tlhomamisa boammaaruri ka dilo tse di lemogilweng tsa ‘saense.’ Mo maemong ao, diphoso tsa ga Aristotle, bogolo jang mo go tsa fisikise le thutodinaledi, di ne tsa kgoreletsa kgatelopele ya saense mo makgolokgolong a dingwaga.”

Mongwe yo o ileng a nyatsa go ngaparela megopolo ya bogologolo kwa ntle ga go e sekaseka pele e ne e le leloko la Oxford la bokaulengwe ebong Roger Bacon wa lekgolo la bo13. Bacon yo o neng a bidiwa “moremogolo mo saenseng mo metlheng ya bogare,” o ne a sa emiwe nokeng ke ope mo go bueleleng go dirisa tekeletso jaaka tsela ya go ithuta boammaaruri jwa saense. Ga twe bogologolo jole ka 1269, mo eleng makgolokgolo a dingwaga pele ga ope a lemoga dintlha tseo, o ne a bolela gore go tlile go felela go na le dikoloi, difofane, le dikepe tse di tsamayang ka enjene.

Lefa go ntse jalo, le mororo a ne a na le ponelopele a bile a le botlhale, Bacon o ne a sena kitso e ntsi ka dilo. O ne a dumela thata mo tepongdinaledi, masalamose, le alchemy. Seno se supa sentle gore tota saense e raya go tswelela ka go batla boammaaruri, mo ebileng go tlhokafala gore gangwe le gape go dirwe diphetogo dingwe.

Le mororo patlisiso ya saense e ne e lebega e eme mo lekgolong la bo14, erile fa lekgolo la bo15 le ya go fela, go batla ga motho boammaaruri jwa saense go ne go santse go le kgakala le go fela. Tota ebile, dingwaga tse di 500 tse di neng di tla latela di ne di tla tlisa mo gogolo thata go gaisa tse di tlileng pele ga tsone. Lefatshe le ne le le gaufi le diphetogo tse dikgolo tsa saense. Mme fela jaaka go ntse ka diphetogo tsotlhe, eno le yone e ne e tla nna le bagaka ba yone, ditlhobogwa tsa yone, mme mo godimo ga tsone tsotlhe le ba e ba tliseditseng mathata. Ithute mo gontsi mo Karolo 4 ya “Saense—Go Batla ga Motho Boammaaruri jwa Saense mo go Tsweletseng Pele” mo tokololong e e tlang.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Motlha wa go Atlega mo Saenseng wa Maarabea

Al-Khwārizmī (lekgolo la borobabobedi-borobabongwe), ra-mathematics le moithutadinaledi wa Mo-Iraq; yo o itsegeng ka go tlhama lefoko “algebra,” le le tswang mo go al-jebr, leo ka Searabea le rayang “go kopana ga dikarolo tse di aroganeng.”

Abū Mūsā Jābir ibn Ḥayyān (lekgolo la borobabobedi-borobabongwe), alchemist; yo o bidiwang rara wa khemisetiri ya Searabea.

Al-Battānī (lekgolo la borobabongwe-lesome), moithutadinaledi le ra-mathematics; o ne a tokafatsa dipalo tsa ga Ptolemy mabapi le thutodinaledi, mme ka go dira jalo a kgona go tlhalosa ka tsela e e neng e le boammaaruri thata dilo tse di tshwanang le boleele jwa ngwaga le jwa dipaka.

Ar-Rāzī (Rhazes) (lekgolo la borobabongwe-lesome), mongwe wa dingaka tse di tsholetsweng kwa Peresia tse di itsegeng thata; ke ene wa ntlha go farologanya sekgwaripana le mokwane gape le go kgaoganya dilo ka ditlhopha tsa diphologolo, dimela, kana dimenerale.

Abū ‘Alī al-Ḥasan ibn al-Haytham (Alhazen) wa Basra (lekgolo la bo10-11), ra-mathematics le moithutadipopo; o nnile le seabe se segolo thata mo kgopolong ya optics, go akaretsa refraction, reflection, le go bona ka di-binocular, le atmospheric refraction; ke ene wa ntlha go tlhalosa gore pono e dirwa ke lesedi le le tswang mo selong se o se lebileng le tsena mo leitlhong.

Omar Khayyám (lekgolo la bo11-12), ra-mathematics yo o itsegeng wa Moperesia, moithutalobopo, moithutadinaledi, ngaka, le ramatlhajana; o itsege thata kwa Bophirima ka maboko a gagwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Aristotle (kwa godimo) le Plato (kwa tlase) ba ile ba tlhotlheletsa dikgopolo tsa saense mo makgolokgolong a dingwaga fela thata

[Metswedi ya Ditshwantsho]

National Archaeological Museum of Athens

Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela