Kafa Searabia se Ileng sa Nna Puo ya Batho ba ba Rutegileng ka Teng
KA MAKGOLO a mantsi a dingwaga, Searabia se ile sa nna puo e e dirisiwang thata ke batho ba ba rutegileng. Mo masimologong a lekgolo la borobedi la dingwaga C.E., bakanoki ba ba buang Searabia kwa ditoropong tse di farologaneng tsa Botlhabagare ba ile ba ranola le go baakanya mekwalo ya saense le ya filosofi e e neng e kwadilwe ka motlha wa ga Ptolemy le Aristotle. Ka jalo, bakanoki ba ba buang Searabia ba ne ba boloka le go tokafatsa mekwalo ya batlhalefi ba bogologolo.
Go Kopanngwa ga Botlhale Jwa Ditso Tse di Farologaneng
Mo lekgolong la bosupa le la borobedi la dingwaga la Motlha wa Rona, go ne ga tsoga mebuso e mebedi e mesha ya masika a segosi kwa Botlhabagare—wa ntlha e le wa Ba-Umayyad morago ga foo ga latela wa Ba-Abbasid. E re ka batho ba ba neng ba ba busa ba kwa Arabia, Asia Minor, Egepeto, Palesetina, Peresia le Iraq ba ne ba tlhotlheleditswe ke Gerika le India, babusi ba basha ba ne ba na le batho ba bantsi ba ba rutegileng. Ba-Abbasid ba ne ba aga motsemoshate o mosha e leng Baghdad mme wa nna lefelo le botlhale jwa ditso tse di farologaneng bo neng bo kopana gone. Koo, Baarabia ba ne ba kopana le Ba-Armenia, Ba-Berber, Ba-China, Ba-Copt, Bagerika, Baindia, Bajuda, Baperesia, Ba-Turkey le Ba-Sogdiana ba ba tswang ka kwa ga Noka ya Oxus, e gone jaanong e itsegeng e le Amu Dar’ya, kwa Asia Bogare. Ba ne ba ithuta le go buisana ka saense le go kopanya botlhale jwa ditso tsa bone tse di farologaneng.
Babusi ba Ba-Abbasid ba kwa Baghdad ba ne ba rotloetsa batlhalefi ba ba nang le bokgoni, go sa kgathalesege gore ba tswa kae, gore ba thuse go tsweletsa thuto mo mmusomogolong wa bone. Go ne ga dirwa dithulaganyo tse di tlhomameng go kokoanya le go ranolela diketekete tsa dibuka tse di buang ka dilo tse di farologaneng mo puong ya Searabia, go akaretsa le dilo tse di jaaka alchemy (mofuta mongwe wa khemiseteri), dipalo, geometry, kalafi, mmino, filosofi le fisikisi.
Caliph al-Manṣūr, yo o neng a busa go tloga ka 754 go fitlha ka 775 C.E., o ne a romela baemedi kwa kgotleng ya Byzantium go ya go ithuta mekwalo ya dipalo ya Segerika. Caliph al-Ma’mūn (813-833 C.E.) o ne a latela sekao sa gagwe mme a tsweletsa tiro ya go ranolela puo ya Segerika go ya go ya Searabia mme tiro eo e ne ya tsaya nako e e fetang makgolo a mabedi a dingwaga. Ka jalo, kwa bofelong jwa lekgolo la bolesome la dingwaga, mo e ka nnang mekwalo yotlhe ya filosofi le ya saense ya Segerika e e neng e le teng ka nako eo e ne e ranoletswe mo puong ya Searabia. Mme bakanoki ba Baarabia ba ne ba dira se se fetang go ranola fela. Gape ba ne ba thusa ka kitso e ba neng ba na le yone.
Thuso ya Baarabia
Baranodi ba le bantsi ba Baarabia ba ne ba dira tiro ya bone ka nepo le ka lobelo lo lo gakgamatsang. Ke ka moo baitsehisitori bangwe ba ileng ba bolela gore baranodi ba tshwanetse ba bo ba ne ba tlwaelane le ditiro tse ba neng ba di ranola. Mo godimo ga moo, bakanoki ba le mmalwa ba ne ba dirisa mekwalo e e ranotsweng gore e ba thuse go dira dipatlisiso tsa bone.
Ka sekai, Ḥunayn ibn Isḥāq (808-873 C.E.), yo e neng e le ngaka gape e le moranodi e bile e le Mokeresete mongwe wa Mosiria, o ne a thusa thata go dira gore go tlhaloganngwe tsela e re bonang ka yone. Mekwalo ya gagwe, e e neng e na le ditshwantsho tse di nepileng tsa tsela e leitlho le ntseng ka teng, e ne ya nna tshupiso e e dirisiwang mo thutong ya leitlho kwa Arabia le kwa Yuropa. Ibn Sīnā, yo e neng e le mofilosofi mme gape e le ngaka, yo kwa Bophirima a itsegeng e le Avicenna (980-1037 C.E.), o ne a kwala dibuka di le dintsi ka dilo tse di farologaneng go tloga ka melao ya boitsholo le mabaka go ya go kalafi le metaphysics (mofuta mongwe wa filosofi). Buka ya gagwe e kgolo ya Canon of Medicine, e ne e theilwe mo kitsong ya kalafi e e neng e le teng ka nako eo, go akaretsa le dikgopolo tsa batlhalefi ba ba tumileng ba Bagerika e bong, Galen le Aristotle. Canon e ne ya nna yone bukathuto ya konokono ya kalafi ka dingwaga tse di ka nnang 400.
Babatlisisi ba Baarabia ba ne ba amogela mokgwa o o dirisiwang mo saenseng wa go dira diteko, o o ileng wa thusa gore go nne le kgatelopele mo go tsa saense. Seno se ne sa dira gore ba lekanye sesha bogolo jwa lefatshe le go baakanya tshedimosetso ya thutafatshe ya dipatlisiso tsa ga Ptolemy. Rahisitori e bong Paul Lunde a re: “Ba ile ba bo ba boeletsa gongwe le go baakanya tshedimosetso ya dipatlisiso tse di dirilweng ke Aristotle.”
Kgatelopele ya thuto e ne ya bonala mo dilong tse dintsi tse di mosola tse di neng di dirwa, tse di jaaka go agiwa ga mabolokelo a metsi, mesele ya metsi le mafetlho a metsi, tse dingwe tsa tsone di sa ntseng di le gone le gompieno. Mekwalo e mesha e e kaga temothuo, thutodimela le thuto ya mmu le dimela e ne ya dira gore balemirui ba kgone go tlhopha dijalo tse di siametseng lefelo le le rileng mme seo se ne sa oketsa kungo ya bone.
Ka 805 C.E., Caliph Hārūn ar-Rashīd o ne a aga kokelo e e neng e le ya ntlha mo mmusomogolong wa gagwe o mogolo. Go ise go ye kae, toropo nngwe le nngwe e kgolo mo pusong ya gagwe e ne e na le kokelo.
Ditheo Tse Disha Tsa go Ithuta
Ditoropo di le dintsi kwa dinageng tsa Baarabia di ne di na le dilaeborari le ditheo tse di kgethegileng tsa go ithuta. Kwa Baghdad, Caliph al-Ma’mūn o ne a tlhoma setheo sa go ranola le sa go dira dipatlisiso se se bidiwang Bait al-Hikma, go go kayang “Ntlo ya Botlhale.” Badiri ba sone ba ne ba akaretsa bakanoki ba ba duelwang. Go bolelwa gore laeborari e kgolo kwa Cairo e ne e na le dibuka tse di fetang milione. Go ntse go le jalo, Córdoba, e leng motsemoshate wa Spain fa e ne e busiwa ke losika lwa segosi lwa Ba-Umayyad, e ne e na le dilaeborari di le 70 tse di neng di ngoka bakanoki le baithuti go ralala dinaga tsa Baarabia. Mo makgolong a dingwaga a a fetang a mabedi, Córdoba e ne e le yone lefelo le le di gogang kwa pele mo thutong.
Kwa Peresia, mekgwa ya dipalo ya Segerika e ne ya kopana le ya kwa India, e mo go yone baitse ba dipalo ba ileng ba simolola thulaganyo ya go dirisa bonnoto le ya go latelana ga dinomoro. Mo thulaganyong eo ya go kwala dinomoro, nomoro nngwe le nngwe e ne e na le bokao jo bo rileng go ikaegile ka gore e fa kae le gore letshwao la nnoto le fa kae. Ka sekai, nomoro nngwe, e ka kaya nngwe, lesome, lekgolo, jalo le jalo. Lunde o ne a kwala gore thulaganyo eno “e ne e sa dire fela gore go tlhakanya dipalo ga mefuta yotlhe go nne motlhofo mme gape e ne ya dira gore go simololwe mokgwa wa dipalo wa algebra.” Bakanoki ba Baarabia ba ne ba dira kgatelopele e kgolo mo geometry, trigonometry le tsela ya go tsamaisa dikepe.
Motlha wa boipelo wa saense le wa dipalo wa Baarabia o ne wa nna ka nako ya fa go ne go se na kgatlhego mo thutong kwa mafelong a mangwe. Go ne ga dirwa maiteko a a tshwanang kwa Yuropa ya bogologolo, segolobogolo kwa mafelong a baitlami, go boloka tiro ya bakanoki ba bogologolo. Le fa go ntse jalo, maiteko ao a ne a le mannye thata fa a bapisiwa le tiro e e dirilweng kwa dinageng tsa Baarabia. Le fa go ntse jalo, mo masimologong a lekgolo la bolesome la dingwaga, dilo di ile tsa simolola go fetoga fa thanolo ya bakanoki ba Baarabia e ne e simolola go nna teng ka bonya kwa Bophirima. Fa nako e ntse e tsamaya, go nna teng goo ka bonya go ne ga gola mme ga dira gore go nne le motlha wa diphetogo mo saenseng kwa Yuropa.
Ee, e re ka re kgona go leba hisitori mme re bona se se diragetseng, re kgona go bona gore ga se setšhaba se le sengwe fela kgotsa mofuta o le mongwe fela wa batho o o thusitseng gore seemo sa thuto ya saense le dilo tse dingwe tse di amanang le yone se bo se ntse jaaka se ntse gompieno. Gompieno ditso tse di rutegileng di tshwanetse go leboga ditso tsa bogologolo tse di ileng tsa rotloetsa dipatlisiso le go belaela se bakanoki ba pele ba neng ba se dumela mme ba rotloetsa batho ba ba ratang go ithuta.
[Mmapa mo go tsebe 26]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
◼Tlhotlheletso ya Ba-Umayyad
◻Tlhotlheletso ya Ba-Abbasid
SPAIN
Córdoba
Roma
BYZANTIUM
Constantinople
Noka ya Oxus
PERESIA
Baghdad
Jerusalema
Cairo
ARABIA
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Setshwantsho sa leitlho sa ga Ḥunayn ibn Isḥāq
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Tsebe nngwe go tswa mo bukeng ya ga Avicenna ya “Canon of Medicine”
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Bakanoki ba Baarabia mo laeboraring kwa Basra, ka 1237 C.E.
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Scala/White Images/Art Resource, NY
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Eye diagram: © SSPL/Science Museum/Art Resource, NY; Canon of Medicine: © The Art Gallery Collection/Alamy