LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 16-19
  • Ditswerere Tsa Bogologolo Tsa Thutodinaledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditswerere Tsa Bogologolo Tsa Thutodinaledi
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bangwe ba Basimolodi ba Thutodinaledi
  • Thuso ya Puso ka Madi
  • Go Lekanya Bogolo Jwa Lefatshe
  • Boswa Jwa Tshedimosetso ya Baithutadinaledi ba Bogologolo
  • Kafa Searabia se Ileng sa Nna Puo ya Batho ba ba Rutegileng ka Teng
    Tsogang!—2012
  • Go Dira Mmapa wa Magodimo—Mo Nakong e e Fetileng le Jaanong
    Tsogang!—2000
  • A Dinaledi Di Ama Batho ka Tsela Epe?
    Tsogang!—1994
  • A Dinaledi di Laola Botshelo Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 16-19

Ditswerere Tsa Bogologolo Tsa Thutodinaledi

BATHO ga ba bolo go jewa ke kgakge fa ba lebelela letsatsi, ngwedi le dinaledi. Ka go ithuta ka mafelo le metsamao ya masedi ao a legodimo, batho ba ne ba kgona go boloka tshedimosetso ya kafa malatsi, dikgwedi le dingwaga di tsamayang ka teng.

Setšhaba sa Baarabia e ne e le sengwe sa ditšhaba di le dintsi tse di neng tsa ithuta ka masedi a legodimo. Motlha wa katlego mo go tsa saense kwa Botlhabagare o ne wa simolola mo lekgolong la borobongwe la dingwaga C.E., mme baithutadinaledi ba ba buang Searabia ba motlha oo ba ne ba tsewa e le ditswerere tsa thutodinaledi. Dilo tse ba di fitlheletseng di ne tsa nna le seabe sa botlhokwa mo kgatelopeleng ya karolo eno e e kgatlhang ya saense. Mma re bone gore seo se diragetse jang.

Bangwe ba Basimolodi ba Thutodinaledi

Mo lekgolong la bosupa le la borobedi la dingwaga C.E., Boiselamo bo ne jwa anamela kwa bophirima go tswa kwa Arabia go ralala Afrika Bokone mme jwa anamela kwa Spain le go ya botlhaba go fitlha le kwa Afghanistan. Bakanoki ba mo kgaolong eno e kgolo ba ne ba dirisa dipatlisiso tsa saense tse di neng di dirilwe bogologolo kwa Peresia le Gerika tse di neng di tlhotlheleditswe thata ke Babelona le Egepeto.

Go tswa foo, mo lekgolong la borobongwe la dingwaga, mekwalo ya botlhokwa ya saense e ne ya ranolelwa mo puong ya Searabia, go akaretsa mekwalo ya moithutadinaledi mongwe wa Mogerika e bong Ptolemy.a Ba-Abbasid, e leng batho ba losika lwa bone lwa segosi lo neng lo busa naga go tswa kwa Afghanistan go ya kwa Lewatleng la Atlantic, ba ne ba nna le mekwalo ya Se-Sanskrit e e tswang kwa India, e e neng e na le tshedimosetso e ntsi ka dipalo, thutodinaledi le dithuto tse dingwe tsa saense.

Boiselamo bo ne bo tseela kitso ya thutodinaledi kwa godimo. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe le ne le amana le kobamelo ya bone. Bamoseleme ba dumela gore ba tshwanetse go leba kwa ntlheng ya Mecca fa ba rapela mme baithutadinaledi ba ne ba kgona go supa kwa Mecca e leng teng go sa kgathalesege gore ba mo lefelong lefe. Mo lekgolong la bo13 la dingwaga, mafelo mangwe a kobamelo a Bamoseleme a ne a hira moitse wa thutodinaledi kgotsa muwaqqit yo o neng a thusa baobamedi go rapela ka nako e ba neng ba tsaya gore ke yone e e tshwanetseng. Gape baithutadinaledi ba ne ba ka dirisa tshedimosetso ya bone go tlhoma matlha a ditiragalo le meetlo ya bodumedi, jaaka nako ya go itima dijo ka kgwedi ya Ramadan. Mo godimo ga moo, ba ne ba ka thusa baeti ba sedumedi ba ba yang Mecca go bona gore loeto lwa bone lo tla nna boleele jo bo kae le go rulaganya go tsaya tsela e e botoka.

Thuso ya Puso ka Madi

Mo masimologong a lekgolo la borobongwe la dingwaga, thutodinaledi e ne e le nngwe ya dithuto tse moithuti mongwe le mongwe kwa Baghdad a neng a tshwanetse go di ithuta. Caliph al-Ma’mūn o ne a tlhoma lefelo la go ithuta ka dinaledi le dipolanete koo a bo a tlhoma le lengwe gaufi le Damaseko. Bathapiwa ba gagwe ba e neng e le baitse ba thutafatshe le ba dipalo ba ne ba sekaseka, ba bapisa le go bona pharologanyo fa gare ga tshedimosetso e ba e tsereng mo ditumelong tsa bogologolo tsa thutodinaledi tsa Baperesia, Baindia le Bagerika. Mafelo a go ithuta ka dinaledi le dipolanete a ne a agiwa le kwa ditoropong tse dingwe tsa kwa Botlhabagare.b

Bakanoki ba ba neng ba dira mo mafelong ao ba ne ba fitlhelela dilo tse di gakgamatsang fa o leba motlha o ba neng ba di fitlhelela ka one. Ka sekai, bogologolo ka 1031, Abu Rayhan al-Bīrūnī o ne a bolela gore dipolanete di ka tswa di dikologa ka tsela e e motopo e seng e e kgolokwe.

Go Lekanya Bogolo Jwa Lefatshe

Go anama ga Boiselamo go ne ga dira gore batho ba kgatlhegele go dira dimmapa le go senka ditsela tsa go ya mafelong a a rileng. Batho ba ba neng ba dira dimmapa ba ne ba leka go lekanya ka nepo fela thata mme gantsi ba ne ba kgona go dira jalo. E re ka caliph al-Ma’mūn a ne a ikaeletse go dira dilo ka nepo le go tlhoma didikirii tsa latitude tsa mmapa wa lefatshe o a neng a o dira, o ne a romela ditlhopha tse pedi kwa sekakeng sa Siria. Ditlhopha tseno di ne tsa tsamaya di tshotse didirisiwa tsa go lekanya bokgakala jwa dinaledi le dipolanete (di-astrolabe), dithobane le megala e e lekanyang mme setlhopha sengwe le sengwe se ne sa tsamaela ntlheng e sele go fitlha di bona bogodimo jwa Naledi ya Bokone bo fetoga ka dikirii e le nngwe. Ba ne ba dumela gore sekgala se ba se tsamaileng se tsamaisana le dikirii e le nngwe ya latitude kgotsa karolo ya 1/360 ya sekgala sa go dikologa lefatshe. Ba ne ba lekanya gore sekgala sa go dikologa lefatshe lotlhe ke dikilometara di le 37 369—palo e e gaufi le ya mmatota e e leng dikilometara di le 40 008!

Mafelo a go ithuta ka dinaledi le dipolanete a kwa Botlhabagare a ne a na le didirisiwa tse dintsi tse di raraaneng—di-astrolabe, di-quadrant, di-sextant, ditshupanako tsa letsatsi le tse dingwe tse di neng di dirisiwa go ithuta ka dinaledi le dipolanete le go latelela metsamao ya tsone. Dingwe tsa didirisiwa tseo di ne di le dikgolo thata. Batho ba ba neng ba di dira ba ne ba akanya gore fa sedirisiwa se le segolo se tla lekanya ka nepo thata.

Boswa Jwa Tshedimosetso ya Baithutadinaledi ba Bogologolo

Ditswerere tseno tsa bogologolo tsa thutodinaledi di ne tsa fitlhelela dilo tse dikgolo thata. Ba ne ba naya ditlhopha tsa dinaledi maina le go di tshwantsha, ba naya dinaledi maina, ba dira dikhalendara tse di nepileng go feta pele, ba lekanya diphifalo tsa ngwedi le tsa letsatsi mme ba tswelela ba tlhabolola tshedimosetso e e kwadilweng ya metsamao ya dinaledi le dipolanete. Ba ne ba kgona go bontsha ka nepo fa letsatsi, ngwedi le dipolanete tse tlhano tse re kgonang go di bona ka matlho di leng teng nako nngwe le nngwe, bosigo kgotsa motshegare—sengwe se se neng se thusa thata mo go batleng ditsela. Gape ba ne ba kgona go itse nako le go boloka khalendara ka go tlhatlhoba mafelo a dinaledi le dipolanete di leng kwa go one.

Dithuto tse baithutadinaledi ba ba buang Searabia ba neng ba di dira tse di neng di tlhalosa tsela e dipolanete di tsamayang ka yone, di ne tsa batla di rarabolola dintlha tse di sa tsamaisaneng tse ba di fitlhetseng mo tlhalosong ya ga Ptolemy ya lobopo. Se ba neng ba sa se tlhaloganye ke gore letsatsi, e seng lefatshe, ke lone le le fa gare ga dipolanete tse di dikologang. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kwala tshedimosetso e e kaga motsamao wa dinaledi le dipolanete mme ba dira jalo ka nepo go feta le fa e le leng pele mme dilo tse ba di fitlheletseng di ne tsa itshupa di le botlhokwa thata mo dikokomaneng tse di neng tsa latela tsa baithutadinaledi mo lefatsheng lotlhe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bagerika ba ne ba setse ba bone gore lefatshe le kgolokwe. Ba ne ba ntsha lebaka la gore fa e le gore ga go a nna jalo, go tla jang gore fa motho a tsamaela ntlheng ya borwa, Naledi ya Bokone e lebege e le kwa tlase mo loaping?

b Gantsi mafelo ao a ne a tlhomiwa fa mmusi a ne a kgatlhegela thutodinaledi.

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Baithutadinaledi ba ne ba boloka tshedimosetso ya tsela e dipolanete di tsamayang ka yone mo dibukeng tse di neng di ntse di oketsega tsa tshedimosetso ya thutodinaledi tsa ngwaga le ngwaga tse di neng di dirwa go ralala dinaga tsotlhe tsa Boiselamo

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

“KHOMPUTARA E NNYE” YA BOGOLOGOLO

Sedirisiwa sa go lekanya bokgakala jwa dinaledi le dipolanete (astrolabe) se se neng se dirisiwa pele ga sextant se ne sa bidiwa “sedirisiwa se se botlhokwa go gaisa tsotlhe sa thutodinaledi se se tlileng pele ga thelesekoupo.” Baitsesaense ba bogologolo kwa Botlhabagare ba ne ba dirisa sedirisiwa seno go ba thusa mo dilong tse di amanang le go itse nako le tsela e dipolanete le dinaledi di emeng ka yone.

Astrolabe e ne e na le setshwantsho se sentle sa loapi se se gabilweng mo tshiping e e phatsimang. Didikirii kgotsa ka dinako dingwe diura tsa letsatsi di ne di gabilwe mo losing lo lo ka fa ntle lwa tshipi e kgolo e tshipi e e phatsimang e neng e beilwe mo godimo ga yone. Lonaka lo lo dikologang (alidade) lo ne lo dirisediwa go bona bogodimo jwa naledi e e rileng fa sedirisiwa seno se tshwaretswe kwa godimo ka lebogo le le otlolotsweng. Go tswa foo go ne go ka bonwa sekgala seo ka matshwao a a lekantsweng sekgala a a tshwanang le a rula.

Astrolabe e e kgonang go dirisediwa dilo tse dintsi e ne e kgona go dirisediwa go tlhaola dinaledi, go bolelela pele dinako tsa go tlhaba le go phirima ga letsatsi ka letsatsi lepe fela, go lemoga gore Mecca e ntlha efe, go tlhatlhoba lefatshe, go bona bogodimo jwa dilo le go batla ditsela. E ne e le “khomputara e nnye” ya motlha wa yone.

[Ditshwantsho]

“Astrolabe” ya lekgolo la bo13 la dingwaga

“Astrolabe quadrant” ya lekgolo la bo14 la dingwaga

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Astrolabe: Erich Lessing/​Art Resource, NY; astrolabe quadrant: © New York Public Library/​Photo Researchers, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Setshwantsho sa lekgolo la bo16 la dingwaga se se bontshang baithutadinaledi ba Ba-Ottoman ba dirisa mekgwa e e simolotsweng ke bakanoki ba Baarabia

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ditsebe tsa mokwalo wa Searabia o o tlhalosang ditlhopha tsa dinaledi, o o kwadilweng ke moithutadinaledi ‘Abd al-Raḥmān al-Sufi, mo e ka nnang ka 965 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Kgolokwe ya loapi, 1285 C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

Pages 16 and 17: Art Resource, NY

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Manuscript: By permission of the British Library; globe: © The Bridgeman Art Library

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela