A Mme Gone Mmino O Ka Go Gobatsa?
AKANYA seno fela: Modiri ka wena o go laleletsa dijo tsa maitseboa kwa lapeng la gagwe. O a dumela. Fa maitiso a ntse a tsweletse, o ithuta dilo tse di tshosang ka motho yo o mo etetseng yo. Ke motho yo o pelompe, o na le ditshekamelo tsa go ipolaya, o dirisa dipuo tsa matlhapa, le go rotloetsa kobamelo ya ga Diabolo. Jaanong, a o ne o ka rata go itisa le ene gape mo nakong e e tlang? O araba ka “Nnyaa!”
Gape, go tweng fa motho yoo a gatisitse mo theiping mekgwa le ditumelo tsa gagwe tse di fapogileng bosigo jone joo a bo a di go fa? A o ne o ka ikarametsa mhoholela ka go nna o di tshameka kgapetsakgapetsa? Ga go lebege o ne o ka dira jalo.
Lefa go ntse jalo, lebaka ke gore dimilione tsa batho di ikarametsa ka tsela e e ntseng jalo. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa ba ba reetsang mmino oo ba itshwara ka mokgwa o o o kgothaletsang.
Re bua ka mmino ofe? Tlhotlheletso e e sa siamang e ka fitlhelwa mo mofuteng mongwe le mongwe wa mmino. Go sa kgathalesege gore a mongwe o ka tswa a rata tlelasiki, jese, kana mofuta mongwe wa mmino, go tlhokega go nna kelotlhoko le go tlhopha.
Lefa go ntse jalo, go na le mefuta mengwe ya mmino e eleng gore mo go yone dipuo tse di botlha di buiwa go sa siiwe sepe. Seno se tlisa kgwetlho ya mofuta wa yone fela. U.S.News & World Report e tlhalosa gore kgangkgolo mo mminong wa heavy metal ke ya gore “basha ba nne diganana, o tletse ka dipolelo tsa tlhakanelodikobo e e tletseng thubakanyo le go nna le megopolo ya go ipolaya ka dinako tse dingwe.” Dr. David Elkind o bua ka ditlhopha dingwe tsa roko “tse e leng gore boitshwaro jwa tsone mabapi le puo e e botlha le boitshwaro jo bo makgapha bo maswe fela thata mo eleng gore di dira gore mmino otlhe wa roko o tlhobosege.” Mo mafelong mangwe dialebamo dingwe di bile di na le ditlhagiso tse di kwadilweng mo go tsone ka ntlha ya matlhapa a a mo go tsone.
A ke fela gore batho ba na le go fitlhela ba bua thata ka mmino o ba sa o rateng, kana tota go na le mabaka a a utlwalang a go tshwenyega? A re ko re sekasekeng ka kelotlhoko mongwe wa mmino wa roko o o reediwang ke batho ba le bantsi mo dialebamong, mo dibidiong tsa mmino mo thelebisheneng, le kwa dikhonsateng. O ele tlhoko ka fa batho ba amegang ka teng. Go tsweng foo o bo o itirela tshwetso ka bowena gore a boitlosobodutu jono ke monate fela o o sa reng sepe kana ke go itshenya tlhaloganyo. A ke se wena le balelapa la gago le tshwanetseng go tshela le sone kana le gone go se aramela tota?