A Ke Monate o o Sa Reng Sepe Kana Ke go Itshenya Tlhaloganyo?
Kwa khonsateng nngwe ya roko, mongwe wa baletsi o ne a tsenya mosadi mo bokoseng mme a bo a simolola go e rema ka selepe. Madi a maitirelo a ne a phashegela mo molomong wa moletsi yoo, a bo a a kgwela kwa bathong.
Ka 1984 mosimanyana mongwe wa dingwaga tse di 19 o ne a iphula. Batsadi ba gagwe ba re o dirilwe ke mafoko a pina ya roko e go tweng “Suicide Solution” gore a ipolaye.
Makasine mongwe wa basha o ne wa kwala ka ditiro tsa tlhakanelodikobo ya matlhabisaditlhong e e neng ya dirwa ke bente nngwe mo kamoreng e ba ipaakanyetsang mo go yone le mo setudiong ka nako ya fa ba gatisa mmino. Alebamo nngwe ya roko e ne e na le setshwantsho se se makgapha sa mapele a monna le a mosadi.
THUBAKANYO, go ipolaya, le tlhakanelodikobo e e makgapha—tseno ke dingwe tsa dilo tse di makgapha tse di mo direkotong, mo dibidiong, le kwa dikhonsateng tsa roko. Fa dikgang di tsoga ka dithulaganyo tseno tse di makgapha di bo gongwe di ya kgotlatshekelong, baletsi le dikhampani tse di gatisang tsa re ga go na mathata ka mabaka ano a a kgopisang. Ka sekai, jaanong ga twe setshwantsho se se makgapha se dumelana le mafoko a a buang ka “go senyega tlhaloganyo ga Batho ba Amerika le ka fa go tla reng kgabagare go re senye ka teng.” Ka tsela e e tshwanang, mo mminong o mongwe, mafoko a ka phepafalo a dirisediwang go tlhalosa serwe sa bonna (jaaka ditlhobolo kana dithipa) ga twe totatota a itheela dilo tse re di itseng tsa one.
Lefa gone baletsi le dikhampani tse di rekotang ba ka nna ba se ka ba atlholwa, a mme gone batho bone ga ba bone? Go tweng ka wena? A o ka ganetsa gore thubakanyo, tlhakanelodikobo, le tirisabadimo ke metswako ya konokono mo mminong o o bogale wa roko o o rekwang thata gompieno?
Heavy Metal le Repe
Fa dingwaga di ntse di tla, go ile ga nna le makgamu a le mantsi a roko. Mefuta e mebedi, eleng heavy metal le repe, e ile ya kgalwa thata bosheng jaana ka ntlha ya go nna botlha ka tsela e e kgopisang.
Gantsi heavy metal e kgaola dikatara mathale, ka modumo o o leratla fela thata le moribo o o kitimetsang. Go ya ka makasine wa Time, “baletsi ba metal ba leletsa go kgotsofatsa ditoro tse di ka sekang tsa direga tsa makawana a basweu, ka go ipaya jaaka batho ba ba tlhobogileng tsamaiso eno e e bosula e ba seng karolo ya yone.” Bontsi jwa heavy metal e diretswe go garola pelo. Mafoko mangwe a yone ga se a a ka kwalwang. Lekwalodikgang lengwe la kalafi kwa Texas le bolela gore bontsi jwa mafoko a heavy metal a galaletsa “mekgwa e e seng ya tlholego ya tlhakanelodikobo, thubakanyo, kilo, le tirisabadimo.”
Thubakanyo e e mo mminong wa heavy metal ke selo se sengwe se se tshwenyang. Ka sekai, fa khonsata nngwe e ne e emisiwa ka ntlha ya go bo mongwe wa baopedi a ne a lwala, batho ba ba neng ba e tlile ba ne ba tsosa dipheretlhego mme ba bo ba tshuba lefelo le go neng go leletswa mo go lone. Mo tiragalong e nngwe basha bangwe ba le bararo ba ne ba hupediwa go fitlhelela ba a swa fa barati ba le diketekete ba ne ba kgobokanela kwa seraleng, ba diga batho ba bo ba ba gataka.
Mo mminong wa repe, o gape o bidiwang hip-hop, moopedi (kana baopedi) ba opela o ka re ba a boka go tsamaisana le moribo, o gantsi o dirilweng ka maranyane a dikhompiutara a a bidiwang tlopolo (sampling). Bontsi jwa mmino wa repe o opelwa ke baopedi ba batho bantsho mme o rekisetswa bantsho le basweu. Melaetsa e sekae ya repe e bua ka dilo tse di tshwanetseng, o bua kgatlhanong le dilo tse di tshwanang le go sotla bana le go dirisa diokobatsi ka tsela e e seng yone. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa repe e bua ka go tsuologela taolo, thubakanyo, go ila basadi, le tlhaolele. Dipina di le dintsi di na le matlhapa le ditlhaloso tse di tsitsibanyang mmele tsa ditiro tsa tlhakanelodikobo.
Thubakanyo e ile ya nna bothata kwa dikhonsateng dingwe tsa repe. Kwa khosanteng nngwe, maloko a le 300 a lekoko lengwe a ne a tlhasela batho ba ba neng ba tlile kwa khonsateng, mme ba ile ba itwela ka ditilo tsa tshipi go fitlhelela mapodisi a phatlalatsa khonsata eo. Batho ba le masome a manè le botlhano ba ne ba golafetse.
Ngwaga e e fetileng, New York State Sheriffs Association e ne ya re go se ka ga rekwa mo difemeng tsotlhe tsa Time Warner, Inc., go fitlhelela khampani eo e emisa go rekisa pina ya repe e e reng “Cop Killer.” Moeteledipele wa mokgatlho oo wa mapodisi, ebong Peter Kehoe o ne a re: “Pina eo e ruta kilo e bo e kgothaletsa le go galaletsa go bolawa ga mapodisi. Ka ntlha ya pina eo mapodisi a tlile go bolaiwa.” Kgabagare e ne ya se ka ya tlhola e rekisiwa.
A O Amega ka Tsela Nngwe?
Fa baletsi ba opela ka dilo tse di bosula kana le go di dira kwa seraleng, selo seo se ama jang bareetsi le babogedi? Ela tlhoko dilo tseno tse di lemogilweng le tse di diragetseng.
Dr. Carl Taylor, yo e leng mothusa porofesa mo dithutong tsa molao o o mabapi le tlolomolao kwa Yunibesithing ya Michigan State, a re bommampodi ba roko ba “kgothaletsa mokgwa o o rileng wa go tshela. . . . Maloko a bente a na le tlhotlheletso e kgolo thata mo baneng.”
Mosimanyana mongwe yo o neng a falola maiteko a go ipolaya o ne a re mmino o ne wa dira gore ene le tsala ya gagwe (yo ene a ileng a kgona go ipolaya) gore ba akanye gore “tharabololo ya mathata a botshelo ke loso.”
Ka 1988 basha ba le bararo ba ne ba bolaya tsala ya bone e le go ijesa monate fela. Mongwe wa bone o ne a re go rata loso ga bone go bakilwe ke mmino wa heavy metal.
Morago ga khonsata nngwe ya repe, basha ba ne ba tsamaya ba thubakaka difensetere. Mookamedi wa pabalesego ya batho kwa Pittsburgh, Pennsylvania, o ne a re: “Ga ke na pelaelo epe ya gore mmino wa repe o kgothaletsa thubakanyo.”
Tshekatsheko nngwe mo basheng le makoko a kobamelo ya ga Satane e bontshitse gore bontsi jwa ba ba obamelang Diabolo ba dirisa diokobatsi fela thata le gone ba reetsa mmino wa heavy metal, o o galaletsang diokobatsi le go kgothaletsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ka ntlha ya seo, basha ba ba kgatlhiwang ke sengwe le sengwe ba okelwa mo makokong a kobamelo ya ga Satane.
Legale, fa basha ba felela ba sa dirise diokobatsi sentle, ba tlola molao, kana ba ipolaya, go a bo go na le mo gontsi mabapi le boitshwaro joo jwa bone go na le mmino fela. Go thubega ga botshelo jwa lelapa le ga loago lwa batho ka kakaretso kwa ntle ga pelaelo go na le seabe se setona. Mme mmino o ka kgotletsa, wa nna selo se se kgothaletsang basha ba ba kgatlhiwang ke dilo thata go dira dilo tse gongwe ba neng ba ka se ka ba di akanya. A batho ba ba setseng ba kgobilwe marapo ke mathata a botshelo ba tlhoka mmino go ba kgothaletsa go ineela mo ditshekamelong tse di senyang?
Ntlha ke gore mmino o o sa siamang o ka senya bareetsi ba one ditlhaloganyo. Gakologelwa gore, melaetsa e e mo mminong oo e maatla le go feta ka ntlha ya gore e tswa mo go bommampodi, bagaka, bao e leng monka ba obamelwang ke balatedi ba bone.
Go Tweng ka Wena?
Ke ofe mmino o o o reetsang? Gongwe o setse o ntse o le podimatseba mabapi le mmino o o o tlhophang, mme seo o a se akgolelwa. Mme ka fa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore o mongwe wa bao ba reetsang mmino o o leswefatsang kana o o sa reng ee, a o setse o go amile ka nngwe tsela? Lefa e le gore boitshwaro jwa gago ga bo ise bo fetoge, a o ka bua ka boammaaruri gore boikutlo jwa gago ga bo a amega ka tsela e e maswe? Kana gone ebile, go reetsa ka metlha dipuo tse di sa siamang go ka go babola segakolodi, ga go dira gore o utlwe e kete dipuo tseo ga di maswe thata.
Tsaya ka sekai botshelo jwa lekawana lengwe le le ileng la leka go natetsha botshelo jwa lone jwa Bokeresete ka go reetsa ka metlha mmino wa heavy metal le repe. Gaa a ka a felela e le mmolai, a ipolaile, kana a obamela Diabolo. Mme ela tlhoko ka fa boikutlo jwa gagwe bo ileng jwa amega ka gone. O boletse jaana: “Mmino ono o tletse ka mekgwa ya sephologolo. O ne o ntira gore ke dire dilo ke wetse dibete mme e le tse di sa siamang le tse di sekametseng mo thubakanyong. . . . Ke ne ke tshelela mo lefatsheng la ditoro la kilo. Go ne go se ke go feta letsatsi ke ise ke akanye go ipolaya.” O ne a swetsa ka gore a fetole dipina tse a di reetsang gotlhelele. Fa a sena go dira jalo, boikutlo jwa gagwe bone jwa tokafala fela thata.
Batho ba ba ratang mmino o o leswefatsang ba tla ganetsa ba leka go bipa bosula jwa mmino wa roko. Mme wena o swetsa jang? A o ka ipudulaletsa le go tswalela ditsebe tsa gago dipuo tse di leswefatsang fela thata tse di mo go one? A o ka nna teng kwa dikhonsateng tse di tshwanang le tse di tlhalositsweng kwa tshimologong o sa boife gore o ka nna wa itsenya mo diphatseng? Mme go tweng ka go amana ga mmino oo le ditiro tsa matlhabisaditlhong tsa baletsi le bareetsi ba one?
Fa o rata go nna le botsogo jo bo siameng, o ka gana dijo tse di ka nnang tsa go lwatsa le fa gongwe di le monate. Mmino o o leswe, e ka tswa e le roko kana o sele, o ka go koafatsa mogopolo. A o ka rata go ikarametsa boitlosobodutu jo bo senyang tlhaloganyo? Gotlhelele nnyaa. Jaanong, ke eng se o ka se dirang gore o lebe kgang eno ka tsela e e lekalekaneng le e e botlhale? Tsweetswee ela tlhoko dintlha tse di kwadilweng mo setlhogong se e latelang.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Kobamelo ya ga Diabolo ke Eng?
Kobamelo ya ga Diabolo, e e kgothalediwang ke mafoko mangwe a dipina tsa heavy metal, ga se monate fela o o sa reng sepe. Texas Medicine/The Journal e ne ya tlhalosa gore kobamelo eo e simolola ka go “dira ditiro tsa kobamelo tse di sa reng sepe mme go tsweng foo le go nwa madi motho a sena go itshegaka le a diphologolo tse di isitsweng setlhabelo.” Makoko a a obamelang Satane a ipolela “fa a eme le diabolo. Go dirwa dilo dingwe gore Satane a fe balatedi ba gagwe thata. . . . Thuto ya go gololesega go itlhophela e raya go dira maratwaepelo o sena sepe le Modimo, o sa ipone molato, kana go tlhabega letswalo.” Ka lebaka leo, bangwe ba tlola molao ba sa itewe ke letswalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Ga o ka ke wa olela leswe mo mpeng ya gago. Jaanong ke eng fa o le olela mo mogopolong wa gago?
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
A o tshwanetse go ikutlwa o siame fela fa o ile kwa khonsateng ya mofuta oo?