Maatla a Mmino
“Mmino fela o o itumedisang, o kgona go tshwara maikutlo a a kgarakgatshegang le go ritibatsa mogopolo o o tshwenyegileng.”
GO NE ga kwala jalo William Congreve dingwaga di ka nna 300 tse di fetileng mo bukeng ya gagwe ya Hymn to Harmony. Makgolo a dingwaga pele ga foo, dikwalo dingwe tsa bogologolo tsa Bagerika di ne tsa bolela gore “go ithuta mmino ke selo se se tlhotlheletsang thata go gaisa sepe fela se sengwe, ka gonne moribo le molodi wa one di kgona go tsenelela kwa tengteng ga motho.”
Boammaaruri jwa seno bo ile jwa bonwa ke batsadi bangwe ba ba ileng ba lemoga gore bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome ba nna kgopo le go nna diganana fa ba sena go reetsa mmino wa heavy metal. Seno se ne sa bonwa gape le kwa Jeremane ka bo1930 le bo1940 fa Banasi ba ne ba dirisa mmino o o tsosang maikutlo wa go gwanta e le fa ba baakanyetsa matshutitshuti a batho go reetsa dipuo tse di tshereanyang tsa ga Adolf Hitler.
Kwantle ga pelaelo, mmino o ka ama megopolo le dipelo, mme o ka dirisiwa go di tlhotlheletsa ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang. Ka sekai, go dumelwa gore fa bana ba bannye ba utlwa mefuta e e rileng ya mmino o ba thusa go gola mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Tota le batho ba ba kokoetsang, ka dinako tse dingwe ba kgona go opela mela e ba sa kgoneng go e bua.
Go ya ka Anthony Storr mo bukeng ya gagwe ya Music and the Mind, go a gakgamatsa ka dinako tse dingwe go bona tsela e mmino o amang ka teng balwetse ba ba nang le mathata a methapo ya boboko a a dirang gore ba se ka ba kgona go tshikinya mebele ya bone. Storr o umaka sekai sa mosadi mongwe yo o neng a lwala: “E re ka mmele wa gagwe o ne o kwatlaladitswe ke bolwetse [jwa Parkinson], o ne a sa kgone le go tshikinyega go fitlha a kgona go gakologelwa dipina dingwe tse a neng a di itsile a sa ntse a le mosha. Ka tshoganyetso fela di ne di dira gore a kgone go tshikinyega gape.”
Selo se se Tshwenyang
Ka jalo, go a bonala gore maatla a mmino a ka nna le molemo mongwe. Le fa go ntse jalo, go na le kotsi ya gore batho ba ba sa siamang kgotsa ba ba pelotshetlha ba ka dirisa maatla a mmino gore e nne selo se se diphatsa. Dipatlisiso dingwe di bontshitse gore go tlhoka botsalano ga batho bangwe go amana ka tlhamalalo le mefuta mengwe ya mmino.
Go ema dipolelo tse di ntseng jalo nokeng, Psychology of Women Quarterly e bega jaana: “Go na le bosupi bongwe jo bo bontshang gore go lebelela dibidio tsa mmino wa roko go ama motho ka tsela e e tshwanang le fa a lebelela dibidio tsa dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, ka gonne banna ba ba neng ba bontshiwa dibidio tsa mmino wa roko tse di tletseng thubakanyo ba ne ba bontsha go se kgathalele basadi le go ba tlhoa go feta banna ba ba neng ba bontshiwa dibidio tsa mmino wa roko tse di se nang thubakanyo.”
Ga o dire jalo mo banneng fela. Basadi le bone ba ka nna ba amega. Pego yone eo e bolela gape jaana: “Banna le basadi ka go tshwana ba ka simolola go amogela dikgopolo tse di sa siamang tse di tlhagisiwang ke dipina tseno malebana le go sa thuseng sepe ga basadi.”
Lokwalopaka lwa Sex Roles lo dumalana le tshwetso eno, fa lo bolela jaana: “Dipatlisiso tsa bosheng jaana . . . di bontshitse gore go golela mo tikologong e e sa itumediseng ya lelapa, go tlhakane le go leba dibidio di le dintsi thata tsa mmino, go bakile boikutlo le boitshwaro jwa go iteseletsa fela mo tlhakanelongdikobo ga basha ba basetsana ba dingwaga tsa bolesome.” Thubakanyo e e bontshiwang fela jaaka e ntse le mafoko a dipina dingwe tsa rap a a buang ka tlhakanelodikobo, di dirile gore moatlhodi mongwe wa kgaolo wa kwa United States a swetse ka gore alebamo nngwe ya rap “e ne e le maswe tota fa e lejwa go ya ka ditekanyetso tsa setšhaba.”
A moatlhodi yono o ne a feteletsa dilo? Nnyaa, le e seng! Lokwalopaka lwa Adolescence lo ne lwa konela ka gore “basha ba dingwaga tsa bolesome le batsadi ba bone ka go tshwana, ba bontsha gore basha ba ba reetsang mmino wa heavy metal le wa rap ba fuduegile maikutlo thata mo botshelong.” Phuduego e e ntseng jalo e golaganngwa le “go rata ntwa le go nna dikgoka” le go sa dire sentle kwa sekolong.
Eleruri, go ile ga kwalwa dilo di le dintsi thata ka go golagana ga mefuta e e rileng ya mmino le tlhakanelodikobo, go ipolaya, le go sa nne botsalano. Le fa go ntse jalo, a seno se bolela gore mmino otlhe o na le diphelelo tseno tse di sa siamang? Bala se ditlhogo tse di latelang di se buang ka ga seno.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Mmino o ka ama dipelo le megopolo ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang