Go Tila Mamena—A mino Wa Malatsi Ano
BANGWE ba nyatsa mosola wa go kgoreletsa mmino wa roko. Bangwe ba bua ka tshenyo e o e dirang mo basheng. Mme fa o le Mokeresete, mabaka a ga se a botlhokwa thata fa a bapisiwa le kgang eno ya botlhokwa: Mmino o ka ama jang kamano ya gago le Modimo?
Mokeresete o kaelwa ke Lefoko la Modimo e leng Bibela mo botshelong. Le na le melaometheo ka sengwe le sengwe mo botshelong, go akaretsa le boitlosobodutu. Dikaelo tsa Bibela di sireletsa botlhe ba ba kutlo mo dilong tsotlhe tse di sa siamang le tse di diphatsa. Gape, gore o amogelwe ke Modimo o tshwanetse go ikobela Lefoko la gagwe. Ka jalo, melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e kaela Mokeresete gore ke ofe mmino o a ka o tlhophang. (Pesalema 43:3; 119:105; 2 Timotheo 3:16, 17) Jaanong, ke dife dikaelo tsa Dikwalo tse di re thusang go tlhopha mmino?
Botlhokwa jwa Go Nna Tekatekanyo
Moreri 7:16 e tlhagisa jaana: “U se ka ua nna tshiamō ea mo go heteletseñ; le gōna u se ka ua itiha botlhale yoa mo go heteletseñ: ana u ka bo u itshenyetsañ?” Pele ga o fetsa ka gore pina e maswe, ipotse pele gore a ga o dirwe fela ke gore ga e tsamaye le ditshika tsa gago. Gakologelwa gore, o ka nna wa bo o sa rate pina nngwe, mme seo ka bosone ga se reye gore ga e a siama.
Kgang e nngwe gape mabapi le go nna tekatekanyo e bolelwa mo go Moreri 7:17, 18: “U se ka ua nna boikèpō yoa mo go heteletseñ, le gōna u se nne boeleele: ana u ka bo u shwèlañ e e se e nne motlha oa gago. Go molemō gore u chwarè seo se; E, le gōna u se ka ua ikgōgōna mo go sele: gonne èna eo o boihañ Modimo o tla cwa mo go cōna cotlhe.”
Jaanong go tweng fa Mokeresete a reetsa mmino o o kgothaletsang thubakanyo, tlhaolele, boitsholo jo bo sa siamang, kobamelo ya ga Diabolo, le go ipolaya? Baefesia 5:3, 4 e bua puophaa jaana: “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanèlañ: me bogolo go ntshiwè malebogō.” Ee, botlhe ba ba eletsang go nna le kamano le Jehofa ga ba ka ke ba itlosa bodutu ka dilo tse di leswe. Ga ba ka ke ba ipolelela gore fa fela ba sa dire dilo tseo tse di bosula, go siame go itlosa bodutu ka tsone.
Go ya ka Dikwalo ga se mafoko a pina a le nosi a a e dirang gore e nne bosula kana e siame. E kgothaletsa mowa ofe? Tsweetswee bala Bagalatia 5:19 go ya go 23 mo Bibeleng ya gago. Ke lenaane lefe le le tlhalosang sentle mowa wa mmino o o o reetsang? Fa mmino o bontsha “ditihō tsa nama,” he ka fa Jehofa a o lebang ka teng ga go gake.
Fa Mokeresete a leka go kopanya botshelo jwa gagwe jwa go direla Modimo tirelo e e boitshepo le go itlosa bodutu ka mmino o o leswe, o tla lemoga gore ga di nyalane gotlhelele. Go tshwana le go nwa matute a maungo o a tlhakantse le botlhole. Matute ga a ka ke a dira gore o se ka wa bolawa ke botlhole. Mafoko a a mo go 2 Bakorintha 6:14-17 a papamatsa seo: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o dumelañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ.”
Ano ke mabaka a Dikwalo, ao botlhe ba ba batlang go atamelana le Modimo ba tshwanetseng go lebagana le one. Fa o tlotla melaometheo ya Bibela, sekaseka ka kelotlhoko, le ka tlhoafalo mmino o o o reetsang. Sekaseka ka kelotlhoko direkoto le dibidio tsa gago. Tlosa tse di tlolang melaometheo ya Bibela. Fa o sa tlhomamise, di latlhe fela. O dire se se tshwanang ka dikhonsata le dilo tse o di balang—tomola sengwe le sengwe se se sa nyalaneng le tshiamo.
Mokgwa wa go Dira Diipato
Fa o rata mmino o o seng kgakala le go tlola dikaelo tsa Dikwalo kana o o di tlolang, go ka nna ga nna thata gore o lebe kgang eno sentle. Bangwe ba dira diipato ka maiteko a go femela kana go buelela seemo sa bone sa go tlola ditekanyetso. Fa e le gore go ntse jalo ka wena, ema o ikakanye. A mabaka a gago a a utlwala, kana a laolwa ke lorato lwa gago le le feteletseng la mmino? Bona mabaka a a ntshiwang ke bangwe mme o bo o ele tlhoko gore, fa a sekasekwa ka kelotlhoko, a felela e le diipato fela.
Go a ntshireletsa go reetsa bente eno ka gore maloko a yone a kgatlhanong le go sa dirise diokobatsi sentle. A mme setlhopha seo se eme se nitame kgatlhanong le ditiro tse dingwe tse di maswe, tse di etsang kgokafalo, thubakanyo, le go sa tlotle taolo? Bagalatia 5:9 ya re, “Sebedishō se le sennye se tle se bedise boupe yotlhe.”—Bapisa Yakobe 2:10.
Botshelo mo lefatsheng leno ga bo a siama. Jaanong a tota re ka tshwaya phoso dibente tseno fa di bontsha ka fa di kgopisiwang ka teng ke maemo a lefatshe? Bibela e bua ka go kgopisiwa ka tsela e e tshwanetseng ke bosula jwa tsamaiso eno ya dilo mme ya re ke Bogosi jwa Bomesia jo bo tla lereng tharabololo.—Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.
Tsholofelo e e phatsimang ya Mokeresete e farologane le go itlhoboga mo go buiwang ke baletsi ba ba buelelang boganana ba re ke jone tharabololo ya mathata a setho. Totatota, go tenega ga lefatshe go a senya e bile ke ga sephologolo, go dumelana le botlhale jwa tsamaiso eno.—Baroma 12:9; Yakobe 3:15-18.
Baletsi ba na le bokgoni, mme ba rutilwe sentle. Mme gone bokgoni jwa moletsi ga bo amane ka gope le se mmino o se buang fa se bapisiwa le melaometheo ya Bibela, ga ke re? Kgosi Solomone o ne a na le bokgoni mo dilong di le dintsi, go akaretsa le mmino. Mme fa a ne a ngaloga mo kobamelong ya boammaaruri, Bibela e bega gore, “Me Yehofa a nna bogale le Solomone, ka pelo ea gagwè e ne e hapogile Yehofa.” Ka tsela e e tshwanang, Nimerode o ne a itse go aga le go tsoma thata, mme ene le ba a neng a tshela le bone ba ne ba se ka ba amogelwa ke Modimo. Ka ntlha yang? Ka go bo Nimerode e ne e le “eo o nonohileñ ha pele ga Yehofa.”—1 Dikgosi 11:9; Genesise 10:8, 9.
Dipina di sekae tsa bente eno ga di na molato, di na le roko e e molotsana. Kotsi fano ke gore pina e e senang molato e le nngwe fela e ka dira gore motho a reke alebamo yotlhe le go e reetsa, e bontsi jwa yone e ka nnang ya bo e sa siama gotlhelele. Fela jaaka metsi a le mo koping a ka se ka a tlhatswa totoma ya mmu, pinanyana e e sa reng sepe fale le fale ga e ka ke ya fetola mowa o o teng wa alebamo e e leswefatsang wa bente.
Bommampodi ga se gore totatota ba obamela Satane kana gore ba tshela matshelo a boitsholo jo bo sa siamang. Ba a bo ba itshamekela fela ba le mo seteijing. Mabaka a a teng ke gore mmino o ba tlosang bareetsi ba bone bodutu ka one o tswaisitswe ka bosula, kana o tletse ka jone thata. Bakolosa 3:8 e laela Bakeresete gore, ba se ka ba itlosa bodutu ka dilo tse di etsang bogale le dipuo tse di botlha, mme go na le moo ba di “latlhe.” Paulo o ne a bolelela Baefesia gore “[ba se ka ba] nna le bolekane le ditihō tsa lehihi tse di senañ louñō, me bogolo [ba] di kgalemèlè.” A motho yo o tlosiwang bodutu ke ditiro tsa lefifi o ka kgalemela ba ba di dirang?—Baefesia 5:6, 11.
Ga ke reetse mafoko. Ke itheeletsa molodi fela. Mme kana mafoko a ka nwela mo mogopolong o sa lemoge mme a bo a tsosa mathata mo nakong e e tlang. Le fa gongwe re akanya gore tshedimosetso e setse e dule mo mogopolong wa rona, re ka nna ra bo re sa e lebala gotlhelele. Abo go le diphatsa jang, go ikarametsa ka bomo melaetsa e e kgatlhanong le kgakololo ya Bafilipi 4:8, ya gore re nne re akantse ka dilo tse di itshekileng, tse di rategang, le tse di bolelwang ka molemo.
Gakologelwa gape gore, motho yo o ‘itsalanyang le lefatshe o itira mmaba wa Modimo.’ Lebaka ke gore batho ba ba ikgaogantseng le Modimo mmogo le mowa wa lefatshe leno ke dilo tsa Mmaba yo mogolo wa ga Jehofa e bong Satane Diabolo. A ko o akanye ka seo fela. A monna o ka itumela fa mosadi wa gagwe a kaleditse senepe sa moratiwa wa gagwe wa pele le fa gongwe a ka bolela gore o se beile fela go kgabisa ga se gore o santse a na le lorato lepe mo go ene? Nnyaa, o tla batla gore se mo tswele ka kgoro se bo se tswe le mo mogopolong wa mosadi wa gagwe. Go tweng fa re tsenya mo matlong a rona le mo dipelong tsa rona mmino o o diragatsang maikaelelo a Mmaba wa ga Jehofa? A Jehofa o tla tsaya gore re bua sengwe se se nang le tlhaloganyo fa re re, “Ke ithatela molodi fela; ga ke na sepe le mafoko”?—Yakobe 4:4; 1 Bakorintha 10:21, 22.
Tsaya Kgato E E Tshwanetseng
Fa e le gore o ntse o reetsa mmino o o buelelang go dira molato, tota mabaka a gago ke afe? O ka nna wa bo o sa dumelane le megopolo ya one e e bosula, mme le fa go ntse jalo mmino one o o rata—moribo o tshwakgola, o gogela—mo o iphitlhelang o thatafalelwa ke go o itlhokomolosa mme e bile o sa batle go o tlogela.
Mme kana golo mo go dira molemo ga se ka nako tsotlhe go leng motlhofo. E nna teko le go feta fa ditekanyetso tsa Modimo di re laela gore re kgaogane le selo se re se ratang ka pelo yotlhe. A re tla re fela re re ya rona kgang ke ya mofuta wa yone fela mme re tswelele ka go “akabala ha gare ga maikhutlō a le mabedi,” kana re tla tsaya kgato e e tshwanetseng kgatlhanong le se Jehofa a sa se batleng?—1 Dikgosi 18:21.
Go sa kgathalesege gore re tla bo re latlhegelwa go le kana kang, re tla itumela le go feta fa re dira dilo go ya ka fa thatong ya ga Jehofa. Seno se raya gore re lese go tlhola re ama selo se se sa itshekang. Fa re dira jalo, Jehofa o solofetsa gore o tla re amogela. Ee, o tla re balela mo bathong ba a ba ratang.—2 Bakorintha 6:17.
Jehofa o eletsa gore re siamelwe ke dilo fela thata. O dirile ditaelo tsa gagwe gore a tokafatse boleng jwa matshelo a rona. Utlwa topo ya gagwe e e tswang mo botennyeng jwa pelo e e mo go Isaia 48:17, 18. “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10]
Maikarabelo a Batsadi
Fa o le motsadi, o na le maikarabelo go ya ka Dikwalo a go ruta bana ba gago go farologanya mmino o o siameng mo go o o sa siamang. Seno se raya gore o itse se ba se reetsang. Seno se raya gore o gagamatse dithapo mabapi le mmino o o tla se keng o o letlelele le o o tla o letlelelang mo lelapeng.
Bontshana mabaka le bana ba gago. Tila manganga a a tla dirang gore kgang e fapoge mo go se e lebagantsweng le sone. Mafoko a a tshwanang le bo, “Ga ke tlhaloganye gore ke eng fa le reetsa matlakala jaana,” a ka dira fela gore basha ba ngaparele le go feta mo dipineng tse ba di itlhophetseng. Go bua ka matshelo a a sa siamang a baletsi le gone go ka nna ga se ka ga thusa, bogolo jang fa e le gore ga go a buiwa gope ka gone mo mminong. Lekawana lengwe le ne la bua jaana ka go fegelwa: “Gore motho a re mmino otlhe wa repe o maswe, tota o a bo a buisiwa ke go tlhoka kitso!”
Ka jalo nna le kitso. Ithute gore Modimo o leba dilo tseno jang. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa ka dikgatiso tsa Bibela tse di tshwereng kgang ka botlalo. Tlhaloganya dintlha ka botlalo. Papamatsa gore kgang tota e itshetlegile ka ditekanyetso tsa Bibela mme ga se gore o batla go patelela bana ba gago se wena o se ratang.—Baefesia 6:4.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Fa Mokeresete a reetsa mmino o o leswefatsang, a tota o ka dira maiteko a go gakolola ba bangwe kgatlhanong le one?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
O tla itumela thata fa o ka latlha dilo tse Jehofa a sa di rateng