LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 8/8 ts. 5-7
  • Maitsholo a Gogela Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maitsholo a Gogela Kae?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Sengwe le Sengwe se Ya Fela ka Gore O Mang?
  • Go Itatola
  • Basha ga Ba na Kaelo ya Boitsholo
  • A Dikereke di ka Emisa go Senyega ga Boitsholo?
  • Botlhokwa Jwa go Ruta Bana se se Siameng
    Tsogang!—2019
  • Go Fetolwa ga Ditekanyetso tsa Boitsholo Fa Hisitori E Ntse E Feta go Tsena E Nngwe
    Tsogang!—1990
  • Go Tlhoka Kaelo Jaaka Mekgwa e Mentle ya Boitsholo e Fetofetoga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Kaelo e e Itekanetseng ya Boitsholo
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 8/8 ts. 5-7

Maitsholo a Gogela Kae?

MO MAKGOLONG a le mantsi a dingwaga Bibela e ne e tsewa e le yone kaelo ya boitsholo e e nitameng mo dinageng di le dintsi. Lefa gone e ne e se botlhe ba ba neng ba tshela go dumelana le melaometheo ya yone e e tlotlegang, Bibela e ne e neela batho ba ba neng ba e tsaya tsia motheo o o tshwanang wa boitsholo, e le seipone sa go atlhola boitshwaro. Mme lefa go ntse jalo mookamedi wa yunibesithi ya Bojesuite ebong Joseph O’Hare o ne a bua jaana a hutsafetse: “Re ntse re na le ditekanyetso tsa bogologolo tse jaanong di ileng tsa gwetlhiwa mme ga tsewa gore di a tlhaela kana gore ga di sa tlhole di amogelesega. Jaanong ga go lebege go na le sepe se se ka dirisiwang jaaka sekai sa boitsholo.”

Ke eng se se dirileng gore boitsholo jwa Bibela bo se ka jwa tlhola bo ratega? Lebaka lengwe le legolo e ne e le go amogelwa thata ga kgopolo ya thutotlhagelelo. Buka e go tweng American Values: Opposing Viewpoints ya re: “Mo mekgweng e e itsiweng ya motho, batho ba ne ba dumela mo dilong di le pedi: tse o di bonang le tse o sa di boneng. . . . Dilo tse di sa bonaleng di ne di neela batho bokao le mekgwa . . . E ne e le tsone di bopaganyang setšhaba sa bone. Mme jaanong, mo bogareng jwa lekgolo le le fetileng la dingwaga, batho ba ne ba simolola go bolelelwa gore ga go na dilo tse di sa bonaleng. Ga di yo mme ebile ga di ise di ko di nne teng.” E ne ya nna go simolola ka yone nako eo segolobogolo, go ileng ga tlhaselwa Bibela le boitsholo jo e bo buelelang fela thata. Se go tweng ke go tshwaya Bibela diphoso ga maemo a a kwa godimo le go kwalwa ga buka ya ga Darwin e go tweng Origin of Species e ne e le dingwe tsa dilo tsa botlhajana tse di neng di dirisiwa go e tlhasela.a

Ka lebaka leo thutotlhagelelo e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba nyatse Bibela. Jaaka setlhogo sengwe mo go Harvard Magazine se ile sa bolela, jaanong Bibela e ne ya simolola go lejwa fela e le “tlhamanenyana e e monate.” Seo se ne sa ama boitsholo ka tsela e e maswe fela thata. Thutotlhagelelo e ne ya nna se rasaense yo o itsegeng thata ebong Fred Hoyle a ileng a se bitsa “tetla ya go dira boratwaepelo.”

Legale, thutotlhagelelo ke bontlhabongwe jwa kgang fela. Dintwa tse pedi tsa lefatshe di ne tsa dira gore batho ba tlhoboge bodumedi le go feta. Diphetogo tsa madirelo di ne tsa lere diphetogo tse dikgolo—tsa loago—le tsa boitsholo. Mo godimo ga moo, go gola ka lobelo ga kgaso ya dikgang go ne ga dira gore batho ba aramele maitsholo a a bodileng ka selekanyo se segolo.

A Sengwe le Sengwe se Ya Fela ka Gore O Mang?

Ga go gakgamatse go bo batho ba sena kwa ba ka lebang teng go bona gore boitsholo jo bo siameng ke bofe. Ba thulathulega fela jaaka sekepe se se senang selaolasekepe. Ka sekai, bontsi bo ya le boikutlo jo mo nakong eno bo rategang thata jwa gore boitsholo bo ya fela ka gore o mang, boikutlo jwa gore “boammaaruri jo bo rileng ka sengwe bo ya ka motho kana setlhopha se se bo dumelang.” Go ya ka kgopolo eno, ga go na mo go ka tweng ke gone fela mo go siameng—sengwe le sengwe se ya ka gore o mang. Batho ba mogopolo oo ba re, ‘Se wena o tsayang gore ga se a siama yo mongwe ene o ka nna a se tsaya se siame.’ Mme ereka kompase ya bone ya boitsholo e supa gongwe le gongwe, ba bofefo go bolela gore boitshwaro bongwe le bongwe bo a amogelesega.

Ka jalo, selo se pele se kileng sa bo se tsewa gore ke “boleo” kana “phoso” jaanong se tsewa fela gore ke “boeleele.” Go ka nna ga tsewa gore go dira jalo go a “kgopisa” mme go sa nyalediwe gore ke “boitsholo jo bo sa siamang.” Re bile re gakologelwa metlha ya maloba ya ga moperofeti Isaia fa go ne go na le ba ba “bitsañ boshula molemō, le molemō boshula: ba bee lehihi boemoñ yoa lesedi, le lesedi boemoñ yoa lehihi.”—Isaia 5:20.

Go Itatola

Selo se sengwe gape se se teng ka boitsholo jwa malatsing ano ke go itatola. Adame o ne a re ke Efa, mme Efa ene, a bo a re ke noga. Badiramolato ba malatsing ano le bone ba tila maikarabelo, mme gantsi ba thusiwa ke batlhalefi ba molao le ba kalafi ya tlhaloganyo. Setlhogo sengwe mo go U.S.News & World Report se ne sa nyaletsa badiri ba tsa kalafi ya tlhaloganyo go bo ba “dira malwetsi a masha a a dirang gore batho ba ba molato ba nne jaaka ekete ke batho ba ba bogang go sena se ba ka se itirang.” Ka sekai, go begwa fa American Psychiatric Association e ne ya tlhoafala fela e re e bitsa babeteledi e re ke batho ba ba lwalang bolwetsi bongwe jwa leinanyana lengwe le go tweng “petelelo ka ntlha ya go rata tlhakanelodikobo e e sa tlwaelesegang.” Bangwe ba ne ba nna le boikutlo jwa gore seno e ne e tla bo e le go letlelela petelelo semolao. “Basadi ba ne ba tsosa modumo fela thata mo e leng gore ka bofefo fela go ile ga lemotshega gore petelelo ga se bolwetse jwa sepe.”

Seno ga se go itlhokomolosa boammaaruri jo bo papametseng jwa gore matshwenyego a o sa le monnye a ka nna a ama motho fa a setse a godile ka tsela e e maswe. Mme fela go phoso go tsaya gore dilo tsa nako e e fetileng ke seipato sa go bo motho a tletse thubakanyo kana a sena boitsholo fa a setse a godile.

Basha ga Ba na Kaelo ya Boitsholo

Tlhakatlhakano ya boitsholo ya lefatshe e ile ya ama segolobogolo basha ba bone e leng mamphorwana maatlhamela babolai. Mmatlasisi wa Yunibesithi ya Harvard ebong Robert Coles o ile a lemoga gore ga go na lefa e le motheo ope o o teng o o kaelang boitsholo jwa bana ba Amerika. Ba kaelwa ke mefutafuta ya dikompase le ya mekgwa ya go leba dilo. Mo e ka nnang 60 lekgolong ya basha ba ba tsenang sekolo ba ba ileng ba botsolotswa ba ile ba re bone ba kaelwa ke se se ba dirang gore ba gatele pele kana se se ba dirang gore ba itumele.

Ka dinako tse dingwe dikolo di nna le seabe mo tlhakatlhakanong eo. Tsaya ka sekai thulaganyo e e nang le tlhotlheletso e go tweng “go tlhalosiwa ga mekgwa,” e e ileng ya simololwa mo dikolong tsa U.S. mo dingwageng di sekae tse di fetileng. Thuto ya yone ya konokono ke eng? Bana ba tshwanetse go gololesega go itlhophela mekgwa ya bone ya boitsholo.

Go tlhoka boitsholo jwa selo seo bo itshupa sentle mo go se se diragaletseng moithuti wa sekolo sengwe sa New York City yo o neng a bega sepatšhe se a ileng a se sela se na le R3 000. Baithuti ka ene ba tlelase ya mekgwa ya boitsholo ba ne ba itshwara jang? O ne a tshegiwa a bo a nyalediwa go dira jalo! Se se maswe le go feta, ga go a ka ga nna lefa e le morutabana kana modiri ope wa sekolo yo o ileng a mo akgolela boikanyegi jwa gagwe. Morutabana mongwe o ne a re go didimala mo go kalo ke ka gore: “Fa ke ka ba bolelela gore molemo ke eng bosula ke eng, go tla bo go raya gore ga ke mogakolodi wa bone.”

A Dikereke di ka Emisa go Senyega ga Boitsholo?

Ga go gakgamatse go bo, seemo sa boitsholo jwa batho se se hutsafatsang se bo se dirile gore go nne le ba ba tlhobaelang. Ba le bantsi jaanong ba re go boelwe kwa mekgweng ya bogologolo, seo mo bathong ba bangwe se rayang gore go boelwe kwa bodumeding. Lefa go ntse jalo, dikereke di itsege ka go palelwa ke go tlhoma sekao mo boitsholong. General Assembly ya Kereke ya Presbyterian (U.S.) e ne ya dumela jaana: “Re lebane le mathata a selekanyo se se boitshegang le diphelelo tse di maswe thata.” Mathata ano a tsetswe ke eng? “Palo e e fa gare ga 10 le 23 lekgolong ya baruti mo lefatsheng leno lotlhe ba ile ba nna le kamano e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo kana ba tlhakanela dikobo le maloko a kereke, batho ba ba tlhokang thuso, babereki, jljl.”

Ka lebaka leo batho ba le bantsi ga ba tshepe bodumedi. Mookamedi wa Khansele ya Kgwebo le Madirelo ya U.S. o ne a sobokanya kgang fa a ne a bolela jaana: “Madumedi a paletswe ke go itsise mekgwa ya one ya bogologolo, mme ka makgetlho a le mantsi, a ile a nna karolo ya mathata [a boitsholo], ka go buelela thuto ya bodumedi ya kgololesego le go sa tshwaye diphoso boitshwaro jwa batho.”

Go itshupa sentle gore, segakolodi sa motho se se sa rutiwang ga se a lekana go kaela setho. Maitsholo a malatsi ano ga a ye gope fela fa e se go nyelelela ruri. Re tlhoka kaelo ya mongwe yo mogolo mo go rona.—Bapisa Diane 14:12; Yeremia 10:23.

Kaelo eo e teng. E ka bonwa ke mongwe le mongwe yo o e batlang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bosupi jo bo kgotsofatsang jo bo emelang popo bo gatisitswe mo bukeng e go tweng Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]

Go dumela thutotlhagelelo go ne ga nna le seabe mo go phutlhameng ga boitsholo jaaka fa bo tlhalosiwa ke Bibela

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

‘Palo e e fa gare ga 10 le 23 lekgolong ya baruti e ile ya tlhakanela dikobo le maloko a kereke, batho ba ba tlhokang thuso, babereki, jljl.’

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Baruti ba ile ba buelela mokgwa wa boitsholo o o thailweng mo botlhaleng jwa batho go na le jwa Bibela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela