LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 8/8 ts. 8-10
  • Kaelo e e Itekanetseng ya Boitsholo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kaelo e e Itekanetseng ya Boitsholo
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela le Boitsholo jwa Tlhakanelodikobo
  • Bibela le Kgwebo
  • A ke Mmantsheledi?
  • E Dira Gongwe le Gongwe mo Lefatsheng!
  • Maitsholo a Gogela Kae?
    Tsogang!—1993
  • Kaelo e e Gaisang Maikutlo a Tlholego
    Tsogang!—2007
  • Motswedi wa Maemo A A Kwa Godimo wa Botlhale
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • Re ka Ikanya se Baebele e se Buang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 8/8 ts. 8-10

Kaelo e e Itekanetseng ya Boitsholo

MOTSAMAISI wa sekepe o tlhoka didirisiwa tse di ka ikanngwang gore a kgone go tsamaya ka tsela sentle. Ka tsela e e tshwanang, batho le bone ba tlhoka kaelo e e ka ikanngwang gore ba kgone go dira ditshwetso mabapi le boitsholo tse ba tshwanelwang ke go di dira letsatsi le letsatsi. Kaelo ya boitsholo e e sa nitamang ga e ka ke ya thusa sepe, kana kaelo e e berekang fela mo dingwaong tse di rileng kana mo merafeng e e rileng. Kaelo e e itekanetseng e tshwanetse go bereka mo lotsong longwe le longwe le ngwao.

Go a gakgamatsa gore Bibela—yone buka e e ileng ya nyadiwa ke dimilione tsa batho, buka e bangwe ba ileng ba e bitsa ditlhamanenyana tse di monate, buka e e ileng ya tshwaiwa diphoso go gaisa epe fela mo hisitoring—e bo e le yone kaelo eo e e itekanetseng. Bibela e ipolela fa e le kaelo ya boitsholo e Mmopi a e diretseng batho, “lobōnè” lo lo ka bonesang tsela ya rona “mo ditseleñ tsa tshiamō.”—Pesalema 23:3; 119:105.

A go na le bosupi bongwe jo bo teng go ema nokeng go ipolela moo? A go na le bosupi jwa gore go tshela tumelanong le ditekanyetso tsa Bibela go gaisa go tshela ka mekgwa e e itlhometsweng ke batho fela?

Bibela le Boitsholo jwa Tlhakanelodikobo

Tsaya kgang ya boitsholo jwa tlhakanelodikobo. Bibela e itsa tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo, e bolela jaana: “Tshabang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bakorintha 6:18, New International Version; Baefesia 5:5) E gakolola banyalani jaana: “A nyalō e tlotlwè mo go botlhe, me a bolaō bo se leshwèhadiwe: gonne Modimo o tla sekisa bagokahadi le baboaka.” (Bahebera 13:4) Bibela e tswelela e bontsha gore yo o sa ikobeleng taelo eno o a itshenya le go tsuolola ditshwanelo tsa ba bangwe.—Diane 6:28-35; 1 Bathesalonia 4:3-6.

Mathata a a maswe a go ima ga basha, matshosetsi a AIDS, herpes, rasephiphi, le malwetsi a mangwe a tlhakanelodikobo, le palo e e golelang pele ya tlhalo ke bosupi jwa gore kgakololo eno e santse e le mosola le mo botshelong jwa bo1990. Motho yo o tshelang tumelanong le kaelo ya Bibela ya boitshwaro o tila kutlobotlhoko le mahutsana. Se se botlhokwa le go feta, o ipoloka a na le segakolodi se se molemo. (1 Petere 3:16) Jonathan wa dingwaga tse 24 a re, “Ke a itlotla le go kgotsofadiwa ke go dira se se molemo mo Modimong.” Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. “Ereka basha ba le bantsi ba bolawa ke AIDS, go nna ke itshekile mo boitsholong go ka boloka botshelo jwa me ka mmatota.”

Banyalani ba ba boifang Modimo ba lemogile gore go sala morago boitsholo jwa Bibela go ile ga thusa manyalo a bone fela thata. Mosadi mongwe wa dingwaga tse 23 o bolela jaana: “Nna le monna wa me re ne re ise re ko re tlhakanele dikobo fa re ne re nyalana. Ke tsaya gore re na le sengwe se se kgethegileng go se abelana, sengwe se basha ba se kae ba ka se abelanang malatsi ano. Ke itse gore seno se nonotshitse lorato lwa rona.”

Bibela le Kgwebo

Bibela gape e na le mokgwa wa yone wa boitshwaro mo go tsa kgwebo. Lefa gone e sa ganetse gore batho ba ba maferefere ba ka nna ba lebega ba atlega, e santse e re kgothaletsa gore re ikanyege. (Pesalema 73:1-28) “Dibokete tsa selekanyō tse di hapaanyeñ [sa theko se se lekanyang sentle le sa thekiso se se sa lekanyeng sentle, sa tsietso], le dièlō tse di hapaanañ, cotlhe coopedi ke sehedisa pelo mo go Yehofa.” (Diane 20:10) Ka lebaka leo Basupi ba ga Jehofa ba tila mekgwa ya boferefere ya kgwebo.

Go boammaaruri gore, Mokeresete o ka nna a patikega ka tsela nngwe ka ntlha ya go dira jalo. Go ka nna ga mo thatafaletsa go gaisana le borakgwebo ba ba maferefere. Ba bangwe ba ka nna ba gakgamadiwa ke go ikanyega ga gagwe, gongwe ba bile ba re ke boeleele, mme ene o a bo a na le segakolodi se sentle—selo se se botoka thata go gaisa madi. Mogopolo wa gagwe o ritibetse mme o ka kgona go robala boroko. Ga a nne a tshogetse gore o ka nna a tshwarelwa le go otlhaelwa go sa ikanyege.—Bapisa Diane 3:21-26.

Mo godimo ga moo, Basupi ba le bantsi ba lemogile gore motho o ka atlega mo go tsa madi lefa a ntse a itshwara go ya ka Bibela. Motho yo o ikanyegang gantsi o ikanngwa ke bathapiwa, bareki, ba ba mo rekisetsang, le ba ba mo kolotisang. Seno se ka mo solegela molemo.

A ke Mmantsheledi?

Jaaka re ile ra tlhalosa pelenyana, kgopolo ya mmantsheledi e ile ya dira batho ba ba neng ba ka ikanyega go tswa magodu. Lefa go ntse jalo, Bibela e ne ya bolelela batho ba Modimo mo metlheng ya bogologolo jaana: “Fa o bona pholo kana nku ya mongwe ka wena e timela, o seka wa e lesa mme e gatelelele kwa ga gagwe. Fa e le gore mong ga se moagisani ka wena mme o sa itse gore ke mang, tsaya phologolo eo o e ise kwa ga gago mme o e tlhokomele go fitlhelela a tla go e tsaya, mme o mo e neye. O dire se se tshwanang ka esela kana seaparo sa gagwe kana sengwe fela se mogaeno a ka tswang a se latlhile, fa o se bona.”—Duteronome 22:1-3, The New English Bible.

Basupi ba ga Jehofa ba santse ba setse molaomotheo ono morago le gompieno. Mosupi mongwe kwa Brooklyn, New York, o ne a sela kgetsi e na le R74 000 e le mo mmileng. E ne ya wa mo koloing ya madi mo kotsing e e seng kalo, mme ya seka ya lemotshega. Le mororo madi ao e ne e le a a setseng a dirisitswe e le a a kwa tlase—ka jalo go le thata go a tlhotlhomisa—o ne a a neela mapodisi. Badiri ka ene ba ne ba mo nyaletsa se a se dirileng. Se se gakgamatsang, mapodisi ba ne ba mo tshega ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe. Mme monna yono wa Mokeresete o tlhalosa jaana: “Ke leka go tshela tumelanong le thuto ya Bibela mo botshelong jwa me letsatsi le letsatsi.” Bibela e bolela jaana mo go Bahebera 13:18: “Lo re rapèlèlè: gonne rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”

E Dira Gongwe le Gongwe mo Lefatsheng!

Bibela gape e neela dikgakololo tse di utlwalang mo dikgannyeng tse dingwe gape tsa boitsholo. E kgothaletsa bopelonomi, go sa mpampetse, tshiamiso, boammaaruri, tlotlo, maitseo, go nna le maikarabelo, le go tshwenyega ka batho ba bangwe. Kgakololo ya yone ka boitsholo e sobokantswe mo Molaong wa Sekagauta: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12.

Go tsamaisana le Motswedi wa tsone, dikaelo tsa Bibela ka boitsholo di atlega mo nageng nngwe le nngwe kana ngwao. Charles D. Eldridge o bolela jaana mo bukeng e go tweng Christianity’s Contributions to Civilization: “Ga se gantsi dibuka tse di kwadilweng mo nageng e nngwe di ratega mo go e nngwe; di tshwana le ditlhare tse di sa kgoneng go emelana le go fudusiwa . . . Mme ga go a nna jalo ka Bibela: e ile ya isiwa kwa mmung mongwe le mongwe o o kafa tlase ga letsatsi mme ga e a ka ya latlhegelwa ke moko le go gapa pelo.”

Ka tsela e e leng ya yone fela, Bibela e dira gongwe le gongwe, mo puong, mo ngwaong, le mo lotsong longwe le longwe. Mokwadi mongwe wa Bibela o ne a kwala jaana: “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo mme lo mosola go ruta tumelo le go baakanya diphoso, go tlhamalatsa tsela e motho a e tsayang mo botshelong le go mo ruta go tshela sentle.” (2 Timotheo 3:16, Phillips) Ee gone, fa gongwe Bibela ga e motlhofo go tlhaloganngwa. Bogologolo mmadi mongwe yo o tlhoafetseng wa Bibela o ne a bodiwa gore a o itse se a neng a se bala. O ne a fetola ka gore: “Nka tlhaloganya yañ, ha moñwe a sa nkgoge?”—Ditihō 8:29-35.

Rre yoo o ne a bona thuso ka namana gore a tlhaloganye Bibela. Mo nakong eno thuso e e ntseng jalo e teng ka tiro ya go ruta Bibela ya Basupi ba ga Jehofa. Ba setse ba thusitse dimilione tsa batho mo dinageng tse di fetang 200 go itse Lefoko la Modimo. Mme le wena ba a go laletsa gore o itse Buka eo e e Boitshepo botoka ka go etela kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le wena.

Se se kgatlhang ke gore ga twe, mokgwa o o amogelwang wa boitshwaro “o ka ithutiwa ka go etsa dikao tse di molemo, . . . kana ka go ‘nna le’ batho ba ba nang le mekgwa e e amogelwang.” Leno ke lebaka le lengwe gape la gore o itsanye le ba ba yang kwa Holong ya Bogosi mo lefelong la lona. Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ka tlholego ba botoka go gaisa batho ba bangwe, mme go atlega mo boitsholong ga bone ke sesupo sa nonofo ya Lefoko la Modimo.—2 Bakorintha 4:7.

Maitsholo a lefatshe a tla tswelela ka go wela tlase. Bibela e bolelela pele jaana: “Me batho ba ba boshula le batsietsi ba tla nna ba shulahalèla pele.” (2 Timotheo 3:13) Lefa go ntse jalo, ga go tlhokafale gore o gogolwe ke merwalela eno e e senyang. Modimo o re diretse kompase e e ikanyegang, kaelo e e itekanetseng. A o tla e sala morago?

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Bibela e ipolela fa e le kaelo ya boitsholo e Mmopi a e diretseng batho, “lobōnè” lo lo ka bonesang tsela ya rona

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

Kaelo ya Bibela ka boitsholo e dira mo nageng nngwe le nngwe kana ngwao

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

“Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Banyalani ba ba boifang Modimo ba lemogile gore go sala morago boitsholo jwa Bibela go ile ga thusa manyalo a bone fela thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela