Re ka Ikanya se Baebele e se Buang
Re ka se tlhomamisege gore ditshwetso tse re di dirang di tla nna le diphelelo tse di molemo fa re ikaega fela ka maikutlo a rona kgotsa a batho ba bangwe. Baebele e re bolelela lebaka, mme gape e dira se se fetang seo. E re thusa go itse se se siameng le se se sa siamang, mme seo se dira gore re itumele.
RE TLHOKA GO KAELWA KE MODIMO
Mo Baebeleng, Jehofaa Modimo o re tlhalosetsa gore batho ba tlhoka kaelo ya gagwe le gore ga ba ka ke ba kgona go ikaela. (Jeremia 10:23) Ke gone ka moo a re kwaletseng melao e re e fitlhelang mo Baebeleng. Jehofa o rata batho e bile ga a batle gore re dire ditshwetso tse di sa siamang tse di tla re utlwisang botlhoko le go re thatafaletsa botshelo. (Duteronome 5:29; 1 Johane 4:8) Mo godimo ga moo, e re ka e le Mmopi wa rona, o na le botlhale le kitso e e tlhokegang go re naya kgakololo e e molemo go gaisa tsotlhe. (Pesalema 100:3; 104:24) Mme gone, Modimo ga a pateletse ope go tshela ka melao ya gagwe.
Jehofa o ne a naya batho ba ntlha e bong Adame le Efa sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba itumele. (Genesise 1:28, 29; 2:8, 15) Gape o ile a ba naya ditaelo tse di motlhofo tse a neng a solofetse gore ba di ikobele. Le fa go ntse jalo, o ile a ba letla gore ba itlhophele gore a ba tla ikobela ditaelo tseo kgotsa jang. (Genesise 2:9, 16, 17) Ka maswabi, Adame le Efa ba ile ba tlhopha go tshela ka tsela e bone ba neng ba e batla go na le go ikobela ditaelo tsa Modimo. (Genesise 3:6) Go ne ga felela ka eng? A batho ba itumelela botshelo fa ba itirela ditshwetso tsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang? Nnyaa. Se se ntseng se direga go ralala dingwaga, se bontsha gore go itlhokomolosa melao ya Modimo ga go tlise boitumelo jwa mmatota le kagiso.—Moreri 8:9.
Baebele e na le kgakololo e re e tlhokang e le gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng go sa kgathalesege gore re nna kae kgotsa re tswa mo lelapeng le le ntseng jang. (2 Timotheo 3:16, 17; bona lebokoso le le reng “Buka e e Kwaletsweng Batho Botlhe.”) A re bone gore Baebele e dira seo jang.
Ithute mo go oketsegileng gore ke eng fa go tshwanela go bo Baebele e bidiwa “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13. Leba bidio ya setlhogo se se reng Mokwadi wa Baebele ke Mang? mo jw.org.
BAEBELE E RE BOLELELA SE MODIMO A BATLANG GORE RE SE DIRE
Baebele e re bolelela kafa Jehofa a ntseng a dirisana le batho ka gone go tloga kwa tshimologong. Se se kwadilweng mo go yone se re thusa go lemoga gore ke eng se Modimo a se tsayang se siame kgotsa se sa siama, se se re solegelang molemo kgotsa se se ka re utlwisang botlhoko. (Pesalema 19:7, 11) Re ithuta melaometheo e e sa felelweng ke nako e e re thusang go dira ditshwetso tse di siameng letsatsi le letsatsi.
Ka sekai, akanya ka kgakololo eno e e mo go Diane 13:20: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla, dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Molaomotheo ono o sa ntse o thusa le gompieno fela jaaka o ne o thusa mo nakong e e fetileng. Baebele e na le melaometheo e e botlhokwa e e tshwanang le ono e le mentsi.—Bona lebokoso le le reng, “Botlhale Jwa Baebele Jo bo Sa Felelweng ke Nako.”
Gongwe o ka tswa o ipotsa gore, ‘Nka tlhatswega pelo jang gore kgakololo ya Baebele e ka nthusa?’ Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka maitemogelo a batho bangwe.
a Jehofa ke leina la Modimo.—Pesalema 83:18.