LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp21 no. 3 ts. 12-14
  • Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KAELO E RE KA E IKANYANG
  • Baebele ya Reng?
    Tsogang!—2017
  • Dithuto Tsa Boammaaruri Tse di Itumedisang Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Re ka Ikanya se Baebele e se Buang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2024
  • O Ka Bona Kae Kaelo E O Ka E Ikanyang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2021
wp21 no. 3 ts. 12-14
Monna o bala Baebele.

Ke Eng Se se Ka re Thusang go Nna le Bokamoso jo bo Itumedisang?

Jaaka re ithutile mo ditlhogong tse di fetileng, batho ba le bantsi ba leka go itirela bokamoso jo bo itumedisang ka go dumela mo maatleng a a sa tlwaelegang, go rutega, go huma le go nna batho ba ba siameng. Go dira dilo tseo go tshwana le go ya kwa lefelong lengwe le o sa le itseng o dirisa mmapa o o sa siamang. A seo se raya gore ga go na sepe se se ka re thusang go nna le bokamoso jo bo botoka? Nnyaa!

KAELO E RE KA E IKANYANG

Gantsi fa re batla go dira ditshwetso, re kopa kgakololo mo bagolong kgotsa mo bathong ba re itseng gore ba botlhale. Ka tsela e e tshwanang, re ka bona kgakololo e re ka e ikanyang go tswa mo bukeng ya kgale e e nang le kgakololo e e ka re dirang botlhale, e e gatisitsweng dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng. Buka eo ke Baebele.

Goreng re ka ikanya Baebele? Ka gonne Mokwadi wa yone o mogolo e bile o botlhale go gaisa batho botlhe. O bidiwa “Mogologolo wa Malatsi” yo o saleng a le teng “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Daniele 7:9; Pesalema 90:2) Ke “Mmopi wa magodimo, Modimo wa boammaaruri, Ene yo o bopileng lefatshe.” (Isaia 45:18) O re bolelela gore leina la gagwe ke Jehofa.​—Pesalema 83:18.

Baebele e kwadilwe ke Mmopi yo o sa tlhaoleng batho go ya ka mmala kgotsa ka lotso. Kgakololo ya yone ga e felelwe ke nako e bile e kgona go thusa batho botlhe. Ga go na buka epe e e kileng ya gatisiwa go gaisa Baebele e bile e gone ka dipuo di le dintsi.a Seno se raya gore e ka re kaela le gore mongwe le mongwe a ka kgona go nna le yone. Dintlha tseno di dumalana kgo, le se Baebele e se buang:

“Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”​—DITIRO 10:34, 35.

Fela jaaka motsadi a ka gakolola ngwana wa gagwe, Jehofa Modimo le ene ke Rre yo o lorato yo o re gakololang a dirisa Baebele. (2 Timotheo 3:16) Re ka ikanya se a re bolelelang sone mo Lefokong la gagwe ka gonne ke ene a re bopileng e bile o itse se se re siametseng.

RE KA IKANYA BAEBELE

Ditshwantsho: 1. Monna a bala sengwe mo founong ya gagwe a le mo tereneng. 2. Monna yoo o butse Baebele mo founong ya gagwe.

Re ka ikanya Baebele ka gonne dingwaga di le 2 000 tse di fetileng e ile ya re bolelela gore go tlile go direga dilo dife le gore batho ba tlile go itshwara jang.

DITIRAGALO

“Setšhaba se tla tlhasela setšhaba se sengwe le bogosi bo tla tlhasela bogosi jo bongwe. Go tla nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe, e bile go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le malwetse a leroborobo mo mafelong ka go latelana.”​—LUKE 21:10, 11.

MEKGWA YA BATHO

“Mo malatsing a bofelo, go tla nna le dinako tse di thata e bile di le kotsi. Gonne batho ba tla ikakanyetsa ba le bosi, ba rata madi, ba ikgantsha, ba le mabela, ba tlhapatsa, ba sa utlwe batsadi, ba sa leboge, ba sa ikanyege, ba sa rate ba bangwe, ba sa batle go dumalana le ba bangwe ka sepe, ba senya batho maina, ba sa ithibe mo go sepe, ba le bogale jo bo tshabegang, ba sa rate se se molemo, ba tsietsa ba bangwe, ba le tlhogoethata, ba ikgogomosa, ba rata menate go na le go rata Modimo.”​—2 TIMOTHEO 3:1-4.

Fa o bona go direga se Baebele e rileng se tla direga o ikutlwa jang? Gongwe o ka ikutlwa jaaka Leung wa kwa Hong Kong, a re: “Dilo tseno ke kgale di kwadilwe. Ga go na motho ope yo o ka kgonang go tlhalosa gore go tla direga eng jaaka Baebele. E tshwanetse ya bo e kwadilwe ke mongwe yo o botlhale go re gaisa rotlhe.”

Go na le boporofeti bo le bontsi jo Baebele e buileng ka jone, jo bo setseng bo diragetse.b Seno se re bontsha gore Baebele ke Lefoko la Modimo. Jehofa a re: “Ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna. Go tswa kwa tshimologong, ke bolela se se tla diregang.” (Isaia 46:9, 10) Ruri re na le mabaka a a utlwalang a go dumela se Baebele e se buang ka bokamoso.

KAELO E E TLA GO THUSANG GONE JAANONG LE MO NAKONG E E TLANG

Bana ba tsamaya le batsadi ba bone ba itumetse.

Fa o latela kaelo e e mo Baebeleng e tla go tswela mosola. Bona dikai tse di latelang.

MADI LE TIRO

“Go ikhutsa go se kae go botoka go na le go dira tiro e ntsi ya bonatla le go lelekisa phefo.”​—MORERI 4:6.

LELAPA

“Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata; ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.”​—BAEFESO 5:33.

GO DIRISANA LE BA BANGWE

“Tlogela bogale mme o lese go shakgala; o se ka wa tenega o bo o dira bosula.”​—PESALEMA 37:8.

Fa o dirisa kgakololo e e mo Baebeleng o tla itumelela botshelo gone jaanong le mo nakong e e tlang. Baebele e a re Modimo o tlile go dira gore

BATHO BA TSHELE KA KAGISO

“Ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.”​—PESALEMA 37:11.

OPE A SE KA A TLHOKA DIJO KGOTSA KWA A KA NNANG GONE

“Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one, e bile ba tla jala masimo a morara ba bo ba ja maungo a one.”​—ISAIA 65:21.

BATHO BA SE KA BA TLHOLA BA LWALA KGOTSA BA TLHOKAFALA

“Loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.”​—TSHENOLO 21:4.

O ka dira eng gore o nne le bokamoso jo bo ntseng jaana? Karabo e mo setlhogong se se latelang.

a Fa o batla go itse gore Baebele e ranolwa jang le gore e gatisiwa ka dipuo di le kae, tsena mo www.jw.org o bo o ya kwa karolong ya DITHUTO TSA BAEBELE > HISITORI LE BAEBELE.

b Fa o batla go itse mo go oketsegileng bona kgaolo 9 ya buka ya Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. E teng mo websaeteng ya www.jw.org. Tsena mo LAEBORARI > DIBUKA LE DIBUKANA

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela