O Ka Bona Kae Kaelo E O Ka E Ikanyang?
“YEHOFA, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè. Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.”—Yeremia 10:23, 24.
Jeremia, mokwadi wa Bibela, o ile a kwala mafoko ao makgolo a dingwaga a a ka nnang 25 a a fetileng. Boemo jo bo utlwisang botlhoko jwa batho ka ntlha ya go latela kaelo ya batho ka diketekete tsa dingwaga bo bontsha gore polelo eno e boammaaruri tota e bile e ka se ka ya ganediwa. Mme o ka nna wa botsa, ‘Kaelo e e ka ikanngwang e ka bonwa kae?’
Lokwalo lo lo nopotsweng fa godimo lo supa fa go na le motswedi o o ka ikanngwang wa kaelo le ditaolo tse di fetang tse motho a ka di nayang kgakala—Mmopi wa batho, Jehofa Modimo. Tota ga go ope yo o itseng kafa motho a dirilweng ka teng le dilo tse a di tlhokang go gaisa Mmopi wa rona. Lefa go ntse jalo, a Modimo o kgatlhegela go re naya kaelo le ditaolo tseno? O dira seno jang? A re ka e dirisa mo metlheng eno ya rona?
Re Dirilwe Gore Re Kaelwe Ke Modimo
Re itse sentle gore selo se segolo se se farologanyang batho mo diphologolong ke popego, selekanyo sa go akanya, le tsela e boboko jwa motho bo dirang ka yone. Mo diphologolong, mo e ka nnang ditsela tsotlhe tse boboko bo dirang ka tsone di rulagantswe mo go se se ileng sa bidiwa botlhale jwa tlholego. Ga go a nna jalo ka batho.—Diane 30:24-28.
Go farologana le boboko jwa diphologolo, karolo e kgolo ya boboko jwa motho ga e a rulaganngwa ka tsela e e sa fetofetogeng. Modimo o ne wa naya batho kgono ya go itlhophela, e e dirang gore ba kgone go dira ditshwetso ka botlhale le go supa dinonofo tse di kwa godimo, jaaka lorato, bopelonomi, bopelotshweu, tshiamo le botlhale.
A go a utlwala go akanya gore Modimo o ne o ka bopa motho ka selekanyo se se kalo sa go akanya a bo a sa mo neye kaelo epe ya gore a ka e dirisa jang ka tsela e e molemolemo? Modimo o ne wa naya batho ba ntlha kaelo e e tlhamaletseng. (Genesise 2:15-17, 19; 3:8, 9) Le e leng morago ga fa batho ba sena go leofa, Jehofa o ne a tswelela go kaela banna le basadi ba ba ikanyegang a dira seno gantsi ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Bibela. (Dipesalema 119:105) Seno se ne sa dira gore batho ba kgone go lebana le mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo ka katlego jaaka ba ntse ba dirisa kgono ya bone ya go itlhophela ka botlhale.
Go Kwalwa ga Bibela Ke Modimo
Ke eng se se dirang gore Bibela e nne motswedi o o ka ikanngwang wa kaelo? Selo sa botlhokwa ke gore e na le tshedimosetso e e ka newang fela ke Mmopi. E na le hisitori ya ditiragalo tse di diragetseng pele batho ba nna teng. Ka sekai, e re naya hisitori ya kafa lefatshe le neng la baakanngwa kgato ka kgato ka teng go fitlha le siamela go nniwa ke batho. (Genesise, dikgaolo 1, 2) Le mororo seno se ne sa kwalwa dingwaga tse 3 000 tse di fetileng mo Bibeleng, se dumelana sentle le megopolo ya segompieno ya saense.
Bibela e ne ya bolela jaana bogologolo fela thata pele batho ka kakaretso ba dumela gore lefatshe le kgolokwe: “[Modimo] o phuthololèla botsheka kwa sebakeñ se se lolea hèla, o lepeletse lehatshe kwa go señ sepè.” (Yobe 26:7) Gape, Bibela e senola gore “ke èna eo o dutseñ mo go okameñ [kgolokwe ya, NW] lehatshe, me banni ba yeōna ba nntse yaka ditsiakgopi hèla.” (Isaia 40:22) Ke Modimo, Mmopi, fela yo o neng a ka bolela ntlha eno.
Batho ga ba a fiwa nonofo ya go bonela dilo kwa pele. Go na le moo, Mmopi o bolelela isagwe pele ka Bibela. Modimo o ile a tlhotlheletsa moperofeti Isaia go kwala jaana ka Ene: “Ke Nna Modimo, me ga go na opè eo o chwanañ le nna; Eo ke bolelañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō, ke bolèle e sa le bogologolo dilō tse di e señ di dihwe.”—Isaia 46:9, 10.
Bibela e ile ya supa gore e ka bolela bokhutlo ka tlhomamo ka tsela e e gakgamatsang e sa ntse e le tshimologo. Ka sekai, e ile ya bolelela pele go ema, le go wa, le dilo tse di neng di tla tshwaya mebuso e megolo ya lefatshe e e neng e tlile go nna teng mo dingwageng tse di diketekete tsa hisitori ya motho. Boperofeti jono jo bo gakgamatsang bo ile jwa kwalwa makgolokgolo a dingwaga pele bo diragala, mo makgetlong a mangwe bo ne jwa kwalwa diketekete tsa dingwaga pele bo diragala. Ka jalo, Bibela e bolelela pele ditiragalo tsa segompieno le tsela e di tla felelang ka yone ka tlhomamo tota. Gape Bibela e tlhomologile gonne e bontsha tsela e batho ba ka falolang ka yone ka nako ya fa mebuso e e tlhomilweng ke batho e e sa itekanelang e senngwa ka Hara-Magedona, “ntwa ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” Tiro e kgolo eno e tla dirwa ke Bogosi jwa Modimo ka Morwawe, Jesu Keresete.—Tshenolō 16:14, 16; 17:9-18; Daniele, dikgaolo 2, 8.
E Mosola ka Metlha—Ga E Ke E Utlwisa Botlhoko
Botlhale jwa batho bo a tlhaela; ka gone, kgakololo ya batho ga e mosola ka metlha, le fa gone e ka neelwa ka maitlhomo a a siameng. Ga go a nna jalo ka kgakololo ya Bibela. Modimo ka boene a re: “Ke Nna Yehofa, . . . eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gogañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”—Isaia 48:17, 18.
Kaelo ya Modimo e re thusa go baya dilo tse di botlhokwa kwa pele mo matshelong a rona le go ngaparela dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong. Le fa batho ba segompieno ba gatelela gore o tshwanetse wa nna le dilo tse di bonalang le mekgele ya go di bona, Bibela e gatelela kafa go leng mosola ka teng go “sa lebe dilō tse di bonalañ, me [o lebe] dilō tse di sa bonaleñ: gonne dilō tse di bōnalañ ke tsa lobaka lono hèla; me dilō tse di sa bonaleñ ke tsa bosaeeñkae.” (2 Bakorintha 4:18) Ka tsela eno re kgothalediwa gore re itlhomele mekgele e e molemo thata mo botshelong, e leng, melemo ya semoya e e amanang le go dira go rata ga Modimo e sekgele sa yone e leng botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo.
Kgakololo ya Bibela e thusa Mokeresete go tshela botshelo jo bo molemo thata mo tsamaisong e e bosula eno ya dilo jaaka a ntse a leka go latela mekgele e e kwa godimo eno. Botlhale jwa batho ba segompieno bo rotloetsa botlhajana jwa gore o dire go le gonnye mme o amogele go le gontsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bibela e re bolelela gore “motho eo o dihañ ka seatla se se bolea o tla a humanège: me seatla sa eo o tlhōafetseñ se a humisa.” Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.”—Diane 10:4; Bahebera 13:18.
Gape Bibela e fa kgakololo e e molemo ka thulaganyo ya lelapa. E supa ka tsela e e kgethegileng seabe sa monna le sa mosadi mo thulaganyong ya lenyalo, mmogo le tsela e e siameng ya go godisa le go ruta bana. Ya re: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè . . . Le mosadi a ipōnè, gore a boihè monna oa gagwè. Bana, utlwañ batsadi ba lona . . . Lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” Go latela kgakololo e e kwa godimo eno ya Mmopi go dira gore malapa a nne a a nonofileng le a a itumetseng.—Baefesia 5:21–6:4.
Ba Ba Latelang Kaelo ya Modimo Ba Tla Bona Isagwe E E Babalesegileng
Lefoko le le kwadilweng la Modimo le supa tsela e Modimo o tlileng go rarabolola mathata a batho ka yone. Jehofa Modimo o tla tloga a fedisa tsamaiso eno, botlhoko, tshiamololo, le go boga, mme a e emisetse ka tsamaiso ya gagwe e ntšha ya tshiamo. Bibela e tlhalosa seno mo go 2 Petere 3:7-10, e bo e oketsa jaana mo temaneng ya 13: “Me, rona, kaha poleloñ ea ōna ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.” Ano ke mafoko a a molemo go gaisa a a ka bolelelwang batho. Ono tota ke molaetsa o Bibela e o bolelang le o o rerwang ke Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse di fetang 200 le ditlhaketlhake tsa lewatle.
Ka nako ya fa go rata ga Modimo go tla bo go dirwa mo lefatsheng lotlhe, batho ba tla solegelwa molemo ke go latela kaelo e e molemolemo ya Mmopi wa bone, Jehofa. Batho ga ba kitla ba tlhola ba tshwenngwa ke go humanega, thubakanyo le diokobatsi. Batho ga ba kitla ba tlhola ba lwala, ba tsofala, le go swa. Batho ba tla itekanela gape kafa batsadi ba rona ba ntlha ba neng ba ntse ka teng pele ba tsuologela kaelo ya Modimo.
A bo buka ya bofelo ya Bibela e tlhalosa boemo jo bo itumedisang jwa batho ba ba ikanyang kaelo ya Modimo sentle jang ne! Tshenolō 21:4, 5 ya re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè, me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” Mmopi wa rona o re tlhomamisetsa seno, ka go re: “Bonañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.” O oketsa ka go re: “Mahoko a, a boikañō, le boamarure.”
E le gore re amogele masego ano, ke eng seo Modimo o se lebeletseng mo go rona? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore go rata ga Modimo ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:4) Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka bopeloephepa go bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri ka go ithuta Bibela. Fa o ithuta go rata ga Modimo tota, o tla lemoga gore botlhale jwa bomodimo ke jone fela kaelo e re ka e ikanyang mo dinakong tse di bosula tseno. Go potlaka ga metlha eno go dira gore go nne botlhokwa fela thata go e latela!