LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mrt setlhogo 63
  • Go Itshokelana—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itshokelana—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone
  • Ditlhogo Tse Dingwe
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se buang ka go itshokelana
  • Se Baebele e se buang ka go tlotlana
  • Se Baebele e se buang ka letlhoo
  • Ditemana tsa Baebele tse di amanang le go itshokelana le go tlotlana
  • Go Itshokelana
    Tsogang!—2015
  • Go Itshokelana—Go Feteletsa Dilo Go Tswa Letlhakoreng Le Lengwe Go Ya Go Le Lengwe
    Tsogang!—1997
  • Goreng Batho ba sa Tlhole ba Tlotla ba Bangwe?
    Tsogang!—2024
  • A Ruri o Itshokela ba Bangwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ditlhogo Tse Dingwe
mrt setlhogo 63
Batho ba dingwaga tse di farologaneng, merafe, ditso, le ba ba dirang ditiro tse di sa tshwaneng ba itumetse.

Go Itshokelana—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone

“Batho ba ba itshokelanang ba dira gore go nne le kagiso.”—UNESCO Declaration of Principles on Tolerance, 1995.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go sa itshokelane go ka dira gore batho ba nyatsane le gore ba tlhoane. Fa maikutlo ano a etegela, batho ba tlhaola ba bangwe, ba kgoba bangwe e bile ba bakelana dikotsi.

Le fa go ntse jalo, batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka go itshokelana. Bangwe ba dumela gore batho ba ba itshokelanang le ba bangwe ba tshwanetse go rata sengwe le sengwe fela se batho ba se dirang. Ba bangwe ba dumela se Baebele e se buang fa e re batho ba ba itshokelanang ba tlotla tshwanelo ya batho ba bangwe ya go itlhophela tsela e ba batlang go tshela ka yone le se ba batlang go se dumela, le fa gone bone ba sa dumalane le tsela eo ya go tshela kgotsa se batho bao ba se dumelang.

A Baebele e ka thusa batho gore ba itshokelane mo nakong e re tshelang mo go yone?

Se Baebele e se buang ka go itshokelana

Baebele e rotloetsa go itshokelana. E a re: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata.” (Bafilipi 4:5) Baebele e re kgothaletsa gore re akanyetse ba bangwe, re ba tlotle e bile re ba tshware sentle. Batho ba ba dirisang kgakololo eno ba ka nna ba se dumalane le tsela e batho bangwe ba tshelang ka yone, mme gone ga ba ba thibele go tshela jaaka ba batla.

Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore Modimo o beile melao e a batlang gore batho ba tshele go dumalana le yone. E a re: “Wena motho, Modimo o go boleletse se se molemo.” (Mika 6:8) E bontsha kaelo e Modimo a e neileng batho gore ba itumelele botshelo.—Isaia 48:17, 18.

Modimo ga a a naya ope taolo ya go atlhola ba bangwe. Go ya ka Baebele, “Go na le motho a le mongwe yo e leng Moneimolao e bile e le Moatlhodi, . . . O mang go bo o atlhola moagelani wa gago?” (Jakobe 4:12) Modimo o neile mongwe le mongwe kgololesego ya go itirela ditshwetso le go sikara maikarabelo a ditshwetso tse a di dirang.—Duteronome 30:19.

Se Baebele e se buang ka go tlotlana

Baebele e a re “tlotlang batho botlhe.” (1 Petere 2:17) Ka jalo, batho ba ba tlhophang go tshela ka melao ya Baebele ba tlotla batho botlhe, go sa kgathalesege se ba se dumelang kgotsa tsela e ba tshelang ka yone. (Luke 6:31) Seno ga se reye gore batho ba ba tshelang ka melao ya Baebele ba tla dumalana le sengwe le sengwe se batho ba se dumelang kgotsa se ba se akanyang e bile ga se reye gore ba tla ema nôkeng tshwetso nngwe le nngwe e batho ba e dirang. Mme gone, go na le go ba nyatsa le go sa ba tshware sentle, ba leka thata gore ba etse tsela e Jesu a neng a tshwara ba bangwe ka yone.

Ka sekai, nako nngwe Jesu o ne a kopana le mosadi mongwe yo o neng a dumela dilo tse Jesu a neng a sa dumalane le tsone. Mosadi yoo o ne a nna le monna yo o neng a sa mo nyala, e leng tsela ya go tshela e Jesu a neng a sa e amogele. Le fa go ntse jalo, o ne a bua le mosadi yoo ka tlotlo.—Johane 4:9, 17-24.

Jesu o bua le mosadi mongwe ka tlotlo fa sedibeng.

Fela jaaka Jesu, Bakeresete le bone ba nna ba ipaakanyeditse go tlhalosa mabaka a se ba se dumelang fa ba kopana le batho ba ba iketleeleditseng go reetsa, mme gone ba dira jalo ka “tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Baebele e laela Bakeresete gore ba se ka ba pateletsa ba bangwe se ba se dumelang. E a re molatedi wa ga Keresete “ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe,” go akaretsa le batho ba ba sa dumeleng se re se dumelang.—2 Timotheo 2:24.

Se Baebele e se buang ka letlhoo

Baebele e a re: “Lwelang go nna le kagiso le batho botlhe.” (Bahebera 12:14) Motho yo o lwelang go nna le kagiso, ga a na letlhoo. O leka ka bojotlhe go tshela le ba bangwe ka kagiso mme gone a sa dire sepe se se kgatlhanong le se a se dumelang. (Mathaio 5:9) Tota e bile, Baebele e kgothaletsa Bakeresete go rata baba ba bone le batho ba ba sa ba tshwareng sentle.—Mathaio 5:44.

Gone ke boammaaruri gore Baebele e a re Modimo o “tlhoile” kgotsa o “ila” ditiro tse di tlontlololang ba bangwe kgotsa tse di ba utlwisang botlhoko. (Diane 6:16-19) Mme gone, fano Baebele e dirisa lefoko “tlhoile” go tlhalosa maikutlo a a tseneletseng a go sa rate ditiro tse di bosula. Baebele e bontsha gore Modimo o iketleeleditse go itshwarela le go thusa ba ba batlang go fetoga ba bo ba tshela ka melao ya gagwe.—Isaia 55:7.

Ditemana tsa Baebele tse di amanang le go itshokelana le go tlotlana

Tito 3:2: “Ba se tlhogoethata, ba le bonolo mo bathong botlhe.”

Motho yo o seng tlhogoethata kgotsa yo o tekatekano o araba ba bangwe a le bonolo e bile o rotloetsa ba bangwe gore ba tlotlane.

Mathaio 7:12: “Ka jalo, lo tshwanetse go direla batho dilo tsotlhe tse lo batlang ba di lo direla.”

Rotlhe re a itumela fa ba bangwe ba re tlotla, ba re akanyetsa e bile ba re kgathalela. Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng ka molao ono o o itsegeng thata o Jesu a neng a o ruta batho, bala setlhogo se se reng “What Is the Golden Rule?”

Joshua 24:15: “Itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang.”

Fa re tlotla tshwanelo ya ba bangwe ya go itirela ditshwetso, re dira gore go nne le kagiso.

Ditiro 10:34: “Modimo ga a na tlhaolele.”

Modimo ga a tlhaole ope ka lotso, mmala, bong, morafe kgotsa go ya ka tsela e a godisitsweng ka yone. Batho ba ba batlang go etsa Modimo ba tlotla batho botlhe.

Habakuke 1:12, 13: ‘Modimo ga a ka ke a letlelela bosula.’

Boitshoko jwa Modimo go na le mo bo felelang teng. Ga a kitla a letlelela ditiro tsa batho ba ba bosula go ya go ile. Fa o batla go itse mo go oketsegileng, lebelela bidio ya setlhgo se se reng Goreng Modimo sa Fedise Dilo Tse di Bosula?

Baroma 12:19: “Sutelang bogale jwa Modimo; ka gonne go kwadilwe jaana: “‘Ke tla busolosa; ke tla duela,’ go bua Jehofa.”a

Jehofa Modimo ga a a naya ope tetla ya go ipusolosetsa. Ka nako e a e tlhomileng, o tla tlhomamisa gore go dirwa tshiamiso. Fa o batla go itse mo go oketsegileng bala, setlhogo se se reng “Will the Cry for Justice Be Heard?”

a Jehofa ke leina la Modimo. (Pesalema 83:18) Bona setlhogo se se reng “Jehofa ke Mang?”

A Basupi ba ga Jehofa ba itshokela batho ba bangwe le madumedi a mangwe?

Batho bangwe ba tsaya gore tiro ya rona ya go rera ke bosupi jwa gore ga re tlotle ditumelo tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re tlotla tshwanelo ya mongwe le mongwe ya go itlhophela se a se dumelang. Ga re pateletse ba bangwe go dumela se re se dumelang le go dira dilo jaaka rona. Fa o batla go itse gore ke eng fa re etela batho ba ba nang le madumedi a bone, bala setlhogo se se reng “A Basupi ba ga Jehofa ba Pateletsa Batho go Tsena Kereke ya Bone?”

Ga re pateletse ope go nna mosupi wa ga Jehofa kgotsa gore a tswelele a le Mosupi. Fa motho a sa tlhole a batla go nna Mosupi wa ga Jehofa, re tlotla tshwetso ya gagwe. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba botsa gore fa e le gore Basupi ba ga Jehofa ba itshokela madumedi a mangwe, ke ka ntlha yang fa ba tlosa kgotsa ba ikgaoganya le batho ba e kileng ya bo e le Basupi?’ (1 Bakorintha 5:11, 13) Fa o batla go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “A lo Tila Batho ba e Kileng ya Nna Maloko a Bodumedi Jwa Lona?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela