Go Itshokelana—Go Feteletsa Dilo Go Tswa Letlhakoreng Le Lengwe Go Ya Go Le Lengwe
BONTLENTLE jwa Mokgatšha wa Kashmir bo ne jwa dira gore mofilosofi wa lekgolo la bo16 la dingwaga a khutse jaana: “Fa e le gore go na le paradaise golo gongwe, e tshwanetse ya bo e le yone e!” Ga go pelaelo gore, o ne a sa itse se moragonyana se neng se tlile go diragala kwa lefatsheng leo. Mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, bobotlana go bolailwe batho ba ka nna 20 000 teng, mo ntweng magareng ga magogelathoko le Sesole sa India. Gone jaanong lekwalodikgang la Jeremane la Süddeutsche Zeitung le tlhalosa lefelo leo e le “mokgatšha wa khutsafalo.” Mokgatšha wa Kashmir o re ruta sengwe se sennye mme se le botlhokwa: Go se itshokelane go ka senya selo se e ka nnang paradaise.
Go itshokelana go bolelang? Go ya ka Collins Cobuild English Language Dictionary, “motho yo o itshokelang ba bangwe, o tsaya tsia maikutlo le ditumelo tsa bone, kana o ba letla go itshwara ka tsela e e rileng, lefa tota a sa dumele seo kana a sa se amogele.” A bo seo e le nonofo e molemo jang ne go ka nna le yone! Ke boammaaruri gore re ikutlwa re gololesegile fa re na le batho ba ba tlotlang ditumelo le maikutlo a rona lefa e le gore a farologana le a bone.
Go Tlogela go Itshokela ba Bangwe o Fetogela Mo go Ba Ileng
Pharologano ya go itshokelana ke go se itshokelane, mo go dirwang ka selekano se se farologanang. Go se itshokelane go ka simolola ka go se rate boitsholo jwa motho yo mongwe kana tsela e a dirang dilo ka yone o sa akanyetse mabaka. Go se itshokele ba bangwe go amoga motho boitumelo mo botshelong e bile go dira gore a se ka a ithuta dikakanyo tse disha.
Ka sekai, motho yo o gagamatsang molao thata a ka nna a se ka a kgatlhiwa ke ngwana fa a tla a mo itumeletse ka matlhagatlhaga. Mosha a ka nna a lapisiwa ke tsela e motho yo mogolo mo go ene a agang a tlhoafetse fela ka yone. Fa motho yo o kelotlhoko thata a ka lopiwa go dira le mongwe yo o segatlhamelamasisi, ka bobedi ba tla tenana. Ke eng se se bakang go itsemeletsa, go lapisega le go tenega gono? Ke ka gonne mo kgannyeng nngwe le nngwe, mongwe o fitlhela go le bokete go itshokela maikutlo kana maitsholo a yo mongwe.
Fa batho ba simolola go se itshokelane, go se akanyetse mabaka goo go tla gola go bo go fetoga go tlhaolana, e leng go se rate setlhopha se se rileng, morafe kana bodumedi. Selo se se maswe go feta go tlhaolana ke go ilana, go go ka lemotshegang ka go jana ka meno. Ditlamorago e nna masetlapelo le tshololo ya madi. Akanya fela ka se go se itshokelane go se dirileng ka nako ya Botlhabanelatumelo! Le gompieno, go se itshokelane ke gone go tlhotlheleditseng dintwa kwa Bosnia, Rwanda le kwa Botlhabagare.
Go itshokelana go tshwanetse ga dirwa ka tekatekano mme ga go motlhofo go dira dilo ka tekatekano sentle. Re tshwana le lenaka la watšhe le le agang le tswa mo letlhakoreng le lengwe go ya go le lengwe. Ka dinako tse dingwe, re itshokelana go le go nnye fela; ka dinako dingwe re itshokelana go feta selekanyo.
Go Tlogela go Itshokelana go Nna Boitsholo Jo bo Sa Siamang
A go a kgonega gore re itshokelane ka tsela e e feteletseng? Dan Coats yo e leng Mosenate wa United States fa a ne a bua ka 1993, o ne a tlhalosa “ntwa malebana le bokao le tiriso ya go itshokelana.” O ne a kaya eng? Mosenate o ne a lela ka gore batho bangwe “ga ba tlhole ba dumela mo boitsholong jwa boammaaruri—mo go se se siameng le se se bosula, mo go se se tshwanetseng le se se phoso,” fela ka gore ba re ba itshokelana. Batho ba ba ntseng jalo ba dumela gore setšhaba ga se na thata ya go atlhola gore maitseo a a siameng ke afe le a a sa siamang ke afe.
Ka 1990, radipolotiki wa Borithane e bong Lord Hailsham o ne a kwala a re “selo se segolo se se nyeletsang boitsholo ga se bolatolamodimo, tumelo ya gore Modimo ga o itsiwe, go rata dikhumo, bopelotshetlha kana selo sepe fela se go dumelwang gore ke sone se go bakang. Selo se tota se nyeletsang boitsholo ke tumelo ya gore mekgwa e mentle le ditumelo tsa setso ga di bonwe gope, go se dumele mo go sepesepe fela.” Go phepafetse gore fa go se na se re dumelang mo go sone ga re ne re nna le melao epe ya boitshwaro jo bo tshwanetseng mme re tla letlelela selo sengwe le sengwe fela. A mme go siame go letlelela boitsholo bongwe le bongwe?
Mogokgo mongwe wa sekolo se segolo kwa Denmark o ne a sa akanye jalo. O ne a kwala setlhogo sengwe mo lekwalodikgannyeng mo masimologong a bo1970, a ngongorega ka diphasalatso tse dingwe tsa dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo mo makwalodikgannyeng tse di neng di tlhagisa batho ba tlhakanetse dikobo le diphologolo. Diphasalatso tseno di ne di letleletswe ka ntlha ya “go itshokelana” ga batho ba Denmark.
Go a bonala gore go nna le mathata fa batho ba sa itshokelane, mme gape, a nna teng fa ba itshokelana ka tsela e e feteletseng. Ke ka ntlha yang go le bokete jaana go tila go feteletsa dilo le go di dira ka tekatekano sentle? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Go galefela diphoso dingwe le dingwe tsa bana go ka ba gobatsa
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Go dumelela sengwe le sengwe se bana ba se dirang go ka se ba thuse go rwala maikarabelo a botshelo