LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 2/8 ts. 25-27
  • Go ya Le Maemo re Ntse re Latela Melao ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go ya Le Maemo re Ntse re Latela Melao ya Modimo
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmopi—Motlhomasekao wa Rona yo Mogolo
  • Go Nitama re Tla Re ya Le Maemo
  • Serai sa go Itshokelana ka Tsela e e Feteletseng
  • Botsala jo Bogolo le Jehofa
  • Dinako di a Fetoga
  • Go Itshokelana—Go Feteletsa Dilo Go Tswa Letlhakoreng Le Lengwe Go Ya Go Le Lengwe
    Tsogang!—1997
  • Go Itshokelana—Kafa Baebele e ka Thusang ka Gone
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Itshokelana
    Tsogang!—2015
  • Go Nna Tekatekano Sentle go ka Natetsha Botshelo Jwa Gago
    Tsogang!—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 2/8 ts. 25-27

Go ya Le Maemo re Ntse re Latela Melao ya Modimo

SEANE sa Ba-China sa re: “Batho ba ba itshokelanang ga se masilo, mme masilo ga a ke a itshokelana.” Seane seno se bua boammaaruri tota ka gonne go itshokelana ke selo se se gwetlhang, se se tlhokang gore o ineele mo melaong e e siameng ya boitshwaro. Mme ke melao efe e re tshwanetseng go ineela go yone? A ga se selo se se utlwalang go latela melao e e tlhomilweng ke Modiri wa motho, jaaka e tlhalosiwa mo Lefokong la gagwe e leng Baebele e e Boitshepo? Modimo ka boene o re tlhometse sekao se se molemo sa go boloka melao ya gagwe.

Mmopi—Motlhomasekao wa Rona yo Mogolo

Jehofa Modimo Mothatayotlhe o itshokela ba bangwe ka tekatekano e e siameng, a sa feteletse e bile a sa go dire go le gonnye. O ne a fetsa diketekete tsa dingwaga a itshoketse batho ba ba neng ba kgoba leina la gagwe, ba senya dilo le go dirisa lefatshe ka tsela e e sa siamang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana jaaka go begilwe go Baroma 9:22 gore Modimo “wa iphapaanya ka bopelotelele jo bogolo le dijana tsa kgalefelo, tse di etleegetseng tshenyego.” Ke ka ntlha yang Modimo o ile a ba itshokela lobaka lo loleele jaana? Ka gonne o ne a ba itshokela a na le maikaelelo.

Modimo o pelotelele le batho ka “a sa rate gore ope a swe, fa e se gore botlhe ba tle mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Mmopi o neetse batho Baebele mme o file batlhanka ba gagwe tiro ya go itsise melao ya gagwe ya boitshwaro gotlhe. Bakeresete ba boammaaruri ba latela melao eno. A jaanong seno se raya gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go gagamatsa dilo mo maemong otlhe?

Go Nitama re Tla Re ya Le Maemo

Jesu Keresete o ne a kgothatsa ba ba batlang botshelo jo bo sa khutleng go ‘tsena ka kgoro e e pitlaganeng.’ Mme go tsena ka kgoro e e pitlaganeng ga go reye gore motho a se akanyetse mabaka. Fa e le gore re tlwaetse go laola ba bangwe kana go ba pateletsa megopolo ya rona, fa re tlogela mokgwa ono ruri seo se tla dira gore batho botlhe ba itumele. Jang?—Mathaio 7:13; 1 Petere 4:15.

Theofano, moithuti mongwe wa Mogerika yo o neng a tlhalosa gore nako e motho a e fetsang a na le batho ba ba godileng ka tsela e e farologaneng le ya gagwe e mo thusa go ba tlhaloganya botoka, o ne a re: “Go botlhokwa thata gore re leke go tlhaloganya dilo ka tsela e ba di akanyang ka yone go na le go ba pateletsa go amogela dikakanyo tsa rona.” Ka gone, fa re tsaya matsapa a go itse mongwe botoka, re ka nna ra fitlhela gore dijo tse a di ratang tota le tsela e a buang ka yone ga di gakgamatse thata jaaka re ne re akanya. Go na le gore ka dinako tsotlhe e nne rona re laolang motlotlo kana gore go reediwe fela se re se buang, re ithuta dilo di le dintsi tse di mosola ka go reetsa tsela e a bonang dilo ka yone. Eleruri, batho ba ba amogelang dikakanyo tsa batho ba bangwe ba ithuta dilo tse dintsi tse di mosola mo botshelong.

Fa kgang e le malebana le se motho a se ratang, re tshwanetse go ya le maemo mme re letle ba bangwe go itlhophela. Mme, fa kgang e le ka ga boitshwaro jwa go ikobela Mmopi wa rona, re tshwanetse go nna re nitame. Modimo Mothatayotlhe ga a letle mefuta yotlhe ya boitshwaro. O ne a bontsha seno ka ditirisano tsa gagwe le batlhanka ba gagwe ba bogologolo.

Serai sa go Itshokelana ka Tsela e e Feteletseng

Moperesiti yo mogolo mo setšhabeng sa bogologolo sa Iseraele e bong Eli, e ne ya nna motlhanka wa Modimo yo o neng a wela mo seraing sa go itshokela dilo ka tsela e e feteletseng. Baiseraele ba ne ba tsene mo kgolaganong ya botsalano le Modimo, ba dumela gore ba tla ikobela melao ya gagwe. Lefa go ntse jalo, barwa ba babedi ba ga Eli e bong Hofeni le Finease, ba ne ba le pelotshetlha e bile ba na le boitsholo jo bo sa siamang ba nyatsa Mothatayotlhe ba sa fitlhe. Le mororo Eli a ne a itse Molao wa Modimo sentle, o ne a bua le bone a le bonolo fela e bile a ba kgalema ka go itsemeletsa. O ne a dira phoso ka go akanya gore Modimo o tla itshokela boikepo. Mmopi o dira pharologanyo gareng ga bokoa le boikepo. Ka ntlha ya go tlola Molao wa Modimo ka boomo, barwa ba ba boikepo ba ga Eli ba ne ba atlholwa botlhoko tota—e le mo go ba tshwanetseng.—1 Samuele 2:12-17, 22-25; 3:11-14; 4:17.

A bo go tla re leretse masetlapelo jang ne fa mo lapeng re itshokela dilo ka tsela e e feteletseng, re itlhokomolosa diphoso tse bana ba rona ba di dirang gantsintsi! A bo go tla nna botoka jang ne go ba godisetsa “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena”! Seno se raya gore rona ka borona re latele melao ya Modimo ya boitsholo re bo re e rute bana ba rona.—Baefeso 6:4.

Phuthego ya Bokeresete le yone e ka se itshokele boikepo. Fa mongwe a dira boitsholo jo bo maswemaswe mme a gana go ikwatlhaya, o tshwanetse go tlosiwa. (1 Bakorinthe 5:9-13) Lefa go ntse jalo, fa e le ka dilo tse e seng tsa mo lelapeng le mo phuthegong, Bakeresete ba boammaaruri ga ba leke go fetola setšhaba ka kakaretso.

Botsala jo Bogolo le Jehofa

Go se itshokelane go dira gore batho ba tlhobaele. Lefa go ntse jalo, fa re na le botsala jo bogolo le Modimo, re ikutlwa re babalesegile ka tsela e e re thusang go dira dilo ka tekatekano sentle. Re bala jaana go Diane 18:10: “Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.” Eleruri ga go na kotsi epe e e ka re welang kgotsa ya wela bao re ba ratang e Mmopi a ka se tseyeng kgato ka yone ka nako e e tshwanetseng.

Mongwe yo o neng a solegelwa molemo ke go tsalana thata le Modimo e ne e le moaposetoloi Paulo. Fa e ne e le Mojuta yo o bidiwang Saule, o ne a bogisa balatedi ba ga Jesu Keresete e bile o ne a le molato wa go tsholola madi. Lefa go ntse jalo, Saule ka boene o ne a fetoga Mokeresete mme, moragonyana a tshwarega thata mo tirong ya go rera efangele ka metlha e le moaposetoloi Paulo. Paulo o ne a bontsha maikutlo a go akanyetsa mabaka fa a ntse a rerela batho botlhe, go “Bagerika le batho seeng, le ba ba botlhale le ba ba dieleele.”—Baroma 1:14, 15; Ditiro 8:1-3.

O ne a kgona jang go fetoga? Ka go bona kitso e e tlhomameng ya Dikwalo le ka go rata Mmopi yo o sa tlhaoleng batho. Paulo o ne a ithuta gore Modimo o siame ka gore O atlhola motho mongwe le mongwe ka se a leng sone le se a se dirang, e seng go ya ka lotso kgotsa ka losika lwa gagwe. Ee, mo Modimong ditiro di botlhokwa. Petere o ne a lemoga “fa Modimo e se motlhaodi wa batho; mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Modimo Mothatayotlhe ga a tlhaole batho. Ga a tshwane le baeteledipele ba lefatshe ba o fitlhelang ba sa itshokele batho ba bangwe ka boomo e le gore ba solegelwe molemo ka bobone.

Dinako di a Fetoga

Go ya ka John Gray wa Oxford University kwa Engelane, go itshokelana ke “nonofo e bosheng jaana e sa bonweng motlhofo.” Lefa go ntse jalo, seo se tla fetoga. Go itshokelana go go dirwang ka tekatekano go latelwa botlhale jwa Modimo go tla fenya.

Mo lefatsheng la Modimo le lesha le le gaufi, go se itshokelane go tla bo go fedile. Mekgwa e mengwe e e maswe thata ya go se itshokelane e e jaaka go tlhoana le go ilana e tla bo e fedile. Go se akanyetse mabaka go go dirang gore go se ka ga nna le boitumelo mo botshelong ga go ne go tlhola go nna teng. Ka nako eo, go tla bo go na le paradaise e e tla bong e le ntle thata go gaisa bontle jo bo kileng jwa nna teng kwa Mokgatšheng wa Kashmir.—Isaia 65:17, 21-25.

A o lebeletse go tshela mo lefatsheng leo le lesha? A bo seo e le tshiamelo e bile go itumedisa thata jang ne!

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha tekatekano sentle ka gonne o ne a na le botsala jo bogolo le Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela