Go Nna Tekatekano Sentle go ka Natetsha Botshelo Jwa Gago
GO ITSHOKELANA go tshwana le sukiri mo koping ya kofi. Fa o tshela e e lekaneng e ka natetsha botshelo. E re le mororo re rata go tshela sukiri e ntsi, gantsi re palelwa ke go itshokelana. Ka ntlha yang?
Arthur M. Melzer, motlatsa porofesa kwa Michigan State University o ne a kwala jaana: “Batho ga ba batle go itshokelana. Ka tlholego fela ba rata go . . . tlhaolana.” Ka jalo, go se itshokelane ga se bokoa fela jo bo amang batho ba sekae; go se akanyetse mabaka go itlela fela ka tlholego mo bathong botlhe ka gonne batho botlhe ba sa itekanela.—Bapisa Baroma 5:12.
Ba ba Ka Nnang ba Itshunya Nko mo Dilong
Ka 1991, makasine wa Time o ne wa bega ka go se akanyetse mabaka go go ntseng go oketsega kwa United States. Setlhogo seo se ne sa tlhalosa ka “batho ba ba itshunyang nko mo dilong tsa tsela ya go tshela,” e leng ba ba pateletsang mongwe le mongwe go latela melao ya bone ya boitsholo. Batho ba ba sa dumalaneng le seo ba ne ba tlhaselwa. Ka sekai, mosadi mongwe kwa Boston o ne a tlosiwa mo tirong ya gagwe ka gonne a ne a gana go itshasa makeup. Monna mongwe kwa Los Angeles o ne kobiwa mo tirong fela ka go bo a nonne. Ke ka ntlhayang fa ba tlhagafaletse gore batho ba bangwe ba dumalane le bone?
Batho ba ba sa akanyetseng mabaka ga ba akanyetse batho, ba pelotshetlha, ba tlhogoethata mme ba gagamalela megopolo ya bone. Mme gone, a batho ba bantsi ga ba manganga, pelotshetlha, tlhogoethata kana ba gagamalela megopolo ya bone go ya bokgakaleng jo bo rileng? Fa e le gore dinonofo tseno di simolola go bonala mo bothong jwa rona, re tla bo re se batho ba ba akanyetsang mabaka.
Go tweng ka wena? A ga o rate mofuta wa dijo tse motho yo mongwe a di ratang? Mo motlotlong, a ka gale o batla go reediwa wena fela? Fa o dira le setlhopha, a o solofetse gore ba dire dilo ka mo o akanyang ka teng? Fa go ntse jalo, go ka siama thata fa o ka oketsa sukiri go sekae mo kofing ya gago!
Mme jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, go se itshokelane go ka tla ka tsela ya go tlhaola ba bangwe ka tsela ya kilo. Lebaka le lengwe le le dirang gore go se itshokelane go gole ke go tlhobaela thata.
“Maikutlo a a Boteng a go Etsaetsega”
Baithutaditso ba ile ba dira dipatlisiso go bona gore ke leng le gone ke kae koo go tlhoana ga batho go ya ka lotso go simologileng teng. Ba fitlhetse gore mokgwa ono wa go se itshokelane ga se gore o ntse o le teng ka dinako tsotlhe, e bile ga o direge ka selekanyo se se tshwanang mo dinageng tsotlhe. Makasine wa Jeremane wa saense ya tlholego e leng GEO o bega gore kgotlhang ya ditso e bonala ka nako ya mathata fa “batho ba na le maikutlo a a boteng a go etsaetsega le fa ba ikutlwa gore ba a nyadiwa.”
A “maikutlo a a boteng a go etsaetsega” a aname gompieno? Go ntse fela jalo. Motho o welwa ke mathata ka go latelana ga one go feta le fa e le leng pele. Go tlhoka tiro, go tlhatloga thata ga ditlhwatlhwa, go oketsega thata ga palo ya baagi, go senyega ga ozone, bokebekwa mo ditoropokgolong, go kgotlelwa ga metsi a a nowang, go gotela thata ga lefatshe—go tshwenyega thata ka sepe fela sa dilo tseno go oketsa tlhobaelo mme tlhobaelo e e feteletseng e ka dira gore batho ba se itshokelane.
Ka sekai go se itshokelane goo go bonala sentle kwa dinageng tse di jaaka tsa Yuropa kwa merafe le ditso tse di farologaneng di tlhakatlhakaneng teng. Go ya ka pego ya 1993 ya National Geographic, ka nako eo dinaga tsa Yuropa Bophirima di ne tsa amogela batswakwa ba feta dimilione di le 22. Banni ba le bantsi ba Yuropa “ba ne ba tshwenngwa thata ke palo e e oketsegang ya batswakwa” ba puo, setso le bodumedi bo sele. Maikutlo a go nna kgatlhanong le batswakwa a ile a nna a oketsega kwa Austria, Belgium, Borithane, Fora, Italy, Jeremane, Spain le kwa Sweden.
Go tweng ka baeteledipele ba lefatshe? Ka bo1930 le bo1940, Hitler o ne a dira gore go se itshokelane e nne molao wa puso. Go utlwisa botlhoko go bo gompieno baeteledipele bangwe ba dipolotiki le ba bodumedi ba dirisa go se itshokelane ga batho gore ba solegelwe molemo ka bobone. Go nnile fela jalo kwa mafelong a a jaaka Austria, Fora, Ireland, Russia, Rwanda le kwa United States.
Tila Serai sa go Itlhokomolosa Dilo
Fa sukiri e sa utlwale mo kofing ya rona re a utlwa gore go sengwe se se tlhaelang; mme fa sukiri e le ntsi thata re utlwa legano la rona le tlapelwa ke botshe joo jo bo feteletseng. Go ntse fela jalo le kgang ya go itshokelana. Ela tlhoko maitemogelo a monna mongwe yo o rutang kwa kholetšheng kwa United States.
Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, David R. Carlin, Jr. o ne a lemoga tsela e e motlhofo mme e le e e molemo thata ya go tlhotlheletsa motlotlo mo tlelaseng. O ne a tle a bue sengwe se se gwetlhang baithuti gore ba tlhalose maikutlo a bone, a itse gore ba tla ntsha mabaka a go bo ba ganetsa selo seo. Seo se ne se dira gore go nne le motlotlo o o tlhagafetseng. Lefa go ntse jalo, ka 1989 Carlin o ne a kwala a bolela gore one mokgwa ono ga o tlhole o thusa. Ka ntlha yang? Lefa tota baithuti ba ne ba santse ba sa dumalane le se a neng a se bua, ga ba sa ikopisa tlhogo ka go ganetsa seo. Carlin o tlhalosa gore ba setse ba tsere “mokgwa o o motlhofo fela wa go itshokela kganetso”—maikutlo a go se kgathale, a go itlhokomolosa dilo.
A maikutlo a go itlhokomolosa dilo a tshwana le a go itshokelana? Fa go se na ope yo o kgathalelang gore motho yo mongwe o akanyang kana gore o dirang, go tla bo go se na molao le e seng. Fa go se na melao go a bo go itlhokomolosiwa dilo—go sa kgatlhegelwe sepe fela. Ke eng se se bakang boemo jono?
Porofesa Melzer o bontsha gore, go itlhokomolosa dilo go ka anama mo setšhabeng se se amogelang melao e mentsintsi e e farologaneng ya boitshwaro. Batho ba simolola go dumela gore maitsholo otlhe a amogelesega le gore sengwe le sengwe ke tlhopho fela ya motho ka namana. Go na le gore batho ba ithute go akanya le go batla go itse se se amogelesegang le se se sa amogelesegeng, “gantsi ba ithuta go se tlhole ba akanya gotlhelele.” Ba tlhaela nonofo ya boitsholo e e tlhotlheletsang motho go nna pelokgale go ganana le go se itshokelane ga batho.
Go tweng ka wena? A gangwe le gape o ipona o setse o tshwaeditswe ke maikutlo a go itlhokomolosa dilo? A o ja monate fa go dirwa metlae ya matlhapa kana e e tlhaolang batho ka lotso? A o letla morwao kana morwadio yo mosha go leba dibidio tse di rotloetsang bopelotshetlha kana boitsholo jo bo sa siamang? A o bona go siame fela fa ngwana wa gago a tshameka metshameko ya khomputara e e tletseng thubakanyo?
Fa go letlelelwa dilo thata, lelapa kana setšhaba se tla welwa ke kutlobotlhoko, ka go se ope yo o itseng—kana yo o kgathalang—gore se se siameng le se se phoso ke sefe. Dan Coats yo e leng Mosenate wa United States o ne a lemosa ka “serai sa go inaakanya le kgang ya go itshokelana fa sentlentle e le go itlhokomolosa dilo.” Go itshokela ba bangwe go ka dira gore o nne motho yo o amogelang dikakanyo tsa ba bangwe; go itshokela ba bangwe ka tsela e e feteletseng—se tota e leng go itlhokomolosa dilo—go ka dira gore o nne motho yo o sa itseng sepe.
Ka jalo, ke eng se re tshwanetseng go se itshokela le se re tshwanetseng go se gana? Ke eng se se ka re thusang go dira dilo ka tekatekano sentle? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Lwela go tsibogela maemo ka tsela e e lekalekaneng