Lotso Ke Eng?
LOTSO! Lefoko leo le go gopotsa eng? Mo go ba bangwe le raya tlhaolele le kgatelelo. Mo go ba bangwe le raya kilo, dikhuduego, le polao tota.
Go simolola ka dikhuduego tsa lotso kwa United States go ya go tlhaolele kwa Afrika Borwa, go simolola ka dintwa tsa semorafe kwa Yuropa Botlhaba go ya go dintwa kwa mafelong a a etsang Sri Lanka le Pakistan—lotso e nnile kgangkgolo mo pogong le thubakanyo e e boitshegang ya batho.
Mme ke eng fa go ntse jalo? Le mo mafatsheng a go lebegang batho ba one ba letlelela sengwe le sengwe, ke eng fa kgang ya lotso yone e a bo e ntse e le ya moruthutha? Ke eng se se dirang gore lotso e bo e le selo se se kgotletsang dikgoberego le tshiamololo e e kanakana? Ka bokhutshwane fela, go palang gore batho ba ditso tse di farologaneng ba tshele mmogo ka kagiso?
Gore re kgone go araba dipotso tseno, re tlhoka go itse mo go fetang fela go itse gore lotso ke eng le gore ditso di farologana ka mekgwa efe. Re tshwanetse gape go tlhaloganya seabe sa hisitori mo kamanong ya ditso mo nakong eno. Legale, a re simololeng pele ka go bona gore saense yone e re bolelelang ka kgang eno.
Bothata jwa go Kgaoganya Batho ka Ditlhopha
Batho ba ba nnang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba na le dipopego tse di farologaneng tsa mmele. Tseno di akaretsa mmala wa letlalo, popego ya dikarolo tsa sefatlhego, popego ya moriri, jalo le jalo. Dipharologano tseo tsa mmele di tlhaola lotso lo longwe mo go lo longwe.
Ka lebaka leo, gantsi batho ba bua ka bantsho le basweu, ba lebile mmala wa letlalo. Mme gape batho ba bua gape le ka Ba-Hispanic, Ba-Asia, Ba-Scandinavia, Bajuda, le Barashia. Mokgwa ono wa bobedi wa go farologanya batho o ikaegile thata ka dipharologano tsa mafelo, setšhaba, kana ngwao, go na le dipopego tsa mmele. Ka jalo mo bathong ba le bantsi, lotso ga le dirwe fela ka dipopego tsa mmele mme gape le ke mekgwa, puo, ngwao, bodumedi, le morafe.
Se se kgatlhang ke gore, bakwadi bangwe ka kgang eno ba okaoka go dirisa lefoko “lotso”; ba le tsenya mo ditsejwaneng nako le nako fa ba le kwala. Ba bangwe ba tila go le dirisa mme mo boemong jwa lone ba dirisa mafoko a a tshwanang le “setlhopha sa morafe,” “ditlhopha,” “baagi,” le “mefuta.” Ka ntlha yang? Ke ka go bo lefoko “lotso,” kafa le tlhaloganngwang ka teng ka tlwaelo, le kaya dilo tse dintsi mo eleng gore, fa le sa tlhalosiwe sentle, fa gongwe le dira gore go se ka ga phepafala gore go buiwa ka eng.
Baithutatshelo le baithutamotho, gantsi ba ranola lefoko lotso fela ba re ke “losika mo mofuteng wa ditshedi lo lo nang le dipopego tse di rileng tsa mmele tse di lo farologanyang le ditshika tse dingwe tsa ditshedi tseo.” Lefa gontse jalo, potso ke gore, Ke dipopego dife tse di ka dirisiwang go farologanya ditlhopha tse di leng teng mo losikeng lwa motho?
Dilo tse di tshwanang le mmala wa letlalo, mmala le popego ya moriri, popego ya matlho le ya dinko, selekanyo sa boboko, mofuta wa madi di ile tsa akantshiwa, mme ga go sepe sa tseno se se ileng sa kgona go baya batho ka ditlhopha ka tsela e e kgotsofatsang. Seno se dirwa ke gore ga go na setlhopha sepe sa batho sa tlholego se batho ba sone ba tshwanang botlhe ka dipopego tseo.
Tsaya mmala wa letlalo ka sekai. Bontsi jwa batho ba dumela gore batho ba ka kgaoganngwa ka ditso di le tlhano go dirisiwa mmala wa letlalo: tshweu, ntsho, thokwa, rolwana, le khibidu. Gantsi go tsewa gore lotso lo losweu le na le mmala o mosweu, moriri o o mosetlha, le matlho a matala. Mme boammaaruri ke gore, go na le mefuta e mentsi ya mmala wa moriri, wa matlho, le wa letlalo mo bathong ba go ka bong go twe ke basweu. Buka e go tweng The Human Species e bega jaana: “Ga se fela gore ga go na baagi bape mo Yuropa gompieno bao bontsi jwa bone ba tshwanang; mme gape ga ba ise ba ko ba nne teng.”
Eleruri, go baya batho ka ditlhopha go thata, fela jaaka buka e go tweng The Kinds of Mankind e bolela: “Se go lebegang re kgona go se bua fela ke seno: lefa gone batho ba sa lebege ka go tshwana botlhe, le gore lefa gone re kgona go bona sentle kafa batho ba sa tshwaneng ka teng, borasaense ga ba ise ba dumelane gore tota ke ditlhopha tse kae tse di leng teng tsa batho. Ga ba ise ba bo ba swetse mogopolo ka gore go lejwe eng fa batho ba kgaoganngwa ka ditso. Borasaense ba bangwe bone ba ne ba ka eletsa go latlha seditse ba bolela gore bothata joo bo dingalo thata—gore ga go na karabo!”
Seno sotlhe se ka nna sa lebega se gakgamatsa. Fa go tsewa kafa go leng motlhofo ka teng mo go borasaense go baya diphologolo le dimela ka ditlhopha, masika, le masikanyana, ke eng fa go le thata jaana fa go tla mo go kgaoganyeng batho ka ditso?
“Ditlhamane tse di Kotsi Thata tsa Motho”
Go ya ka moithutamotho ebong Ashley Montagu, batho ba le bantsi ba dumela gore “popego ya mmele e tsamaisana le ya mogopolo, gore dipharologanyo tsa mmele di tsamaisana le dipharologanyo tse di itshupang sentle tsa bokgoni jwa tlhaloganyo, mme dipharologanyo tseno di ka kalwa ka diteko tsa IQ le dilo tse batho ba setlhopha se se rileng ba di kgonneng.”
Ka lebaka leo, bontsi bo dumela gore ka go bo ditso di farologane ka dipopego tsa mmele, go raya gore ditso tse dingwe di botlhale go gaisa tse dingwe. Lefa go ntse jalo, Montagu a re kakanyo eo ke “ditlhamane tse di kotsi thata tsa motho.” Baitse ba bangwe le bone ba dumelana nae.
Morton Klass le Hal Hellman ba tlhalosa jaana mo bukeng e go tweng The Kinds of Mankind: “Batho ba a farologana; mo merafeng yotlhe go na le batlhale le dimoamoa. Mme lefa go ntse jalo, morago ga dipatlisiso tsotlhe, batlhalefi ba ba dinatla ga ba ise ba bone bosupi bope jwa gore merafe e na le dijini tse di farologaneng tsa botlhale kana bokgoni.”
Jaanong, ke eng fa ba le bantsi ba santse ba dumela gore dipharologanonyana tsa mmele di bontsha gore ditso di farologane gotlhelele? Totatota, go tlile jang gore lotso e bo e le kgang ya moruthutha jaana? Re tla sekaseka dikgang tseno mo setlhogong se se latelang.