Babadi ba a Botsa . . .
A Modimo o Tsaya Morafe o Mongwe o le Botlhokwa go Feta e Mengwe?
▪ Nnyaa, ga a dire jalo. Baebele e bua jaana ka tsela e e utlwalang sentle: “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.
Tsela e Modimo a lebang kgang eno ka yone e kwa godimo thata ga e batho ba ba sa itekanelang ba e lebang ka yone. Batho ba le bantsi ba dumela gore morafe o o rileng (o gantsi e leng wa bone) o kwa godimo ga merafe e mengwe. Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go tlhaola batho bo tshwana le jwa ga Charles Darwin, yo o neng a kwala jaana: “Nako nngwe mo isagweng, . . . merafe e e tlhabologileng ya batho e tlile go fedisa e bo e emisetsa merafe e e sa tlhabologang.” Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ile ba sotlwa ke batho ba merafe e e itseelang kwa godimo ga e mengwe.
A boikutlo jwa gore merafe mengwe e kwa godimo ga e mengwe bo a utlwala? Ka sekai, a go na le bosupi jwa saense jwa gore merafe mengwe ka tlholego ke ya maemo a a kwa tlase go ya ka dijini tsa yone fa merafe e mengwe yone e le ya maemo a a kwa godimo? Nnyaa, e bile moithutadijini yo e leng porofesa wa kwa Oxford e bong Bryan Sykes a re: “Dijini ga di bontshe sepe se se ka dirang gore batho ba tlhaolwe ka lotso kgotsa ka morafe. . . . Ka metlha ke bodiwa gore a go na le DNA ya Bagerika kgotsa jini ya Ba-Italy, mme ga go na selo se se ntseng jalo. . . . Rotlhe re a amana.”
Tshedimosetso eno e dumalana le se re se balang mo Dikwalong. Baebele e ruta gore Modimo o bopile monna a le mongwe fela le mosadi a le mongwe fela, mme batho ba bangwe botlhe ba tswa mo go bone. (Genesise 3:20; Ditiro 17:26) Ka jalo, mo Modimong batho ba merafe yotlhe ba a lekana.
Jehofa ga a lebe motho a le botlhokwa go ya ka mmala wa letlalo la gagwe kgotsa ditebego tsa sefatlhego sa gagwe. Go na le moo, go na le sengwe se a se tsayang se le botlhokwa thata—pelo ya rona ya tshwantshetso kgotsa se re leng sone mo teng. A re: “Batho ba atlhola ba bangwe go ya ka tsela e ba lebegang ka yone, mme nna ke atlhola batho ka se se leng mo dipelong tsa bone.” (1 Samuele 16:7, Contemporary English Version) Go gopola ntlha eno go ka re kgothatsa fela thata. Mme go ka re kgothatsa jang?
Go sa kgathalesege gore re ba morafe ofe, bontsi jwa rona ga re kgotsofalele dingwe tsa ditebego tsa rona, mme ga go na sepe se se kalo se re ka se dirang go di fetola. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go tokafatsa dilo tsa botlhokwa thata—tsela e re akanyang ka yone le tsela e re ikutlwang ka yone. (Bakolosa 3:9-11) Fa re ka itshekatsheka ka kelotlhoko, re ka lemoga gore re na le tshekamelo ya go ikutlwa re le kwa godimonyana kgotsa re le kwa tlasenyana ga batho ba morafe o mongwe. E re ka maikutlo ano ka bobedi a sa dumalane le tsela e Modimo a lebang dilo ka yone, re tshwanetse go lwela go tlosa maikutlo ape a a ntseng jalo mo dipelong tsa rona.—Pesalema 139:23, 24.
Fa re ntse re lwela go iteba le go leba batho ba bangwe ka tsela e Jehofa a lebang batho ka yone, re ka tlhomamisega gore o tla re thusa. Lefoko la gagwe le re gopotsa jaana: “Fa e le Jehofa ene, matlho a gagwe a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Seo se boammaaruri le fa re ka tswa re le ba morafe ofe.