“Go Ithuta go Itshokelana”
FA JAAKA re tsena mo bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, a batho ka kakaretso ba ithutile sengwe mo hisitoring e e tletseng thubakanyo fa esale ka 1914? Federico Mayor, mookamedimogolo wa UNESCO (Lekgotla la Merafe e e Kopaneng la Thuto, Saense, le Ngwao), o ne a se na tsholofelo thata jaaka a ile a supa mo kgannyeng e a neng a e kwalela The Unesco Courier. “Lefatshe le go tla ga lone go ka lemogiwang . . . ga le dire gore motho a je mokaragana ka pelo yotlhe. Botlhogoethata jwa bodumedi, bosetšhaba, kilo ka lotso le morafe, kilo ya Bajuda: diphefo tsa kgololesego di hutswetse maubelo a kilo. . . . Go phutlhama ga thulaganyo e kgologolo go buletse kgoro ditsela tse dintsi tsa go dira dilo, dingwe tsa tsone e le tlhakatlhakano fela—mme thubakanyo ke selo sa nako le nako.”
Ke eng fa thubakanyo e le ntsi jaana? Ke eng fa batho ba ila le go bolaya ba bangwe fela ka go bo e le ba bodumedi kana ba morafe o sele? Go sa kgathalesege gore a ke kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia, kwa India, kwa Ireland Bokone, kwa United States, kana kae fela mo lefatsheng, mongwe wa metswedi ya mathata go lebega e le thuto e e phoso. Go na le go ithuta go itshokelana le go tlotlana, batho ba ithutile go ilana mo batsading ba bone, mo dikolong tsa bone, le mo setšhabeng ka kakaretso.
Federico Mayor o ne a tswelela jaana: “A re latlheng go itshokela selo se se re dirang gore re letlelele dilo tse di ka se kang tsa itshokelwa—lehuma, tlala le go boga ga dimilione tsa batho. Fa re dira jalo, re tla ipelela bothitho jwa marang a kutlwelobotlhoko le bokaulengwe.” Ano ke maikutlo a mantle. Mme lefa go ntse jalo ke dilo dife tse di ka fetolang boikutlo jo bomaswe jo bo apisitseng lefatshe leno la rona le go ka bong go twe le tlhabologile?
Dingwaga tse di fetang 2 500 tse di fetileng, Isaia o ne a kwala mafoko ano a ga Jehofa: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) E re ka “Modimo o le loratō,” go a utlwala gore botlhe ba ba tshelang tumelanong le melaometheo ya gagwe ba tla ithuta kagiso, e seng ntwa; lorato, e seng kilo; go itshokelana, eseng go sa itshokelane.—1 Yohane 4:8.
Ke bomang ba ba rutang thuto eno e e dirang gore batho ba nne ka kagiso le lorato le go itshokelana? Ke bomang ba ba tshelang ka kutlwano go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe? Ke bomang ba ba amogetseng thuto ya Bibela e e ileng ya ba fetola gore ba se ka ba tlhola ba ilana mme ba ratane? Re go kgothaletsa gore o tlhatlhobe dithuto le mekgwa ya Basupi ba ga Jehofa gore o tle o bone gore ke eng fa ba utlwana jaana lefatshe lotlhe ka bophara.—Yohane 13:34, 35; 1 Bakorintha 13:4-8.