LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 10/8 ts. 3-32
  • Bodutu—A O Ikemiseditse go Lwa le Jone le go bo Fenya?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodutu—A O Ikemiseditse go Lwa le Jone le go bo Fenya?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Maikarabelo a Gago
  • Dira go Dumalana le Kafa O Batlang go Ikutlwa ka Teng
  • Kamano E E Botlhokwa E O E Tlhokang Totatota
  • Fa O Jadileng Teng Sethunya, Ga go Kake ga Mela Mongana
  • Selo Se Se ka Dirang Botshelo go Nna le Mosola
  • Fa Modimo O Na le Wena, Ga O Kitla O Nna Nosi
  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Go Fenya Bodutu
    Tsogang!—2004
  • Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Jewa ke Bodutu?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 10/8 ts. 3-32

Bodutu—A O Ikemiseditse go Lwa le Jone le go bo Fenya?

AO JEWA ke bodutu? Go na le dinako dingwe mo botshelong tse ka tlholego o ikutlwang o jewa ke bodutu, go sa kgathalesege gore a o nyetse kana ga o a nyala, gore a o monna kana o mosadi, gore a o mogolo kana o monnye. Ela tlhoko gape gore go nna nosi ga go reye gore o a bo o bolawa ke bodutu. Moithuti yo o tsentseng mogopolo wa gagwe mo go se a se batlisisang ga a bolawe ke bodutu. Ga go na kafa motaki yo o dirang setshwantsho a ka bolawang ke bodutu ka teng. Ba batla nako ya bone ba le nosi, mme go nna nosi ke tsala ya bone e kgolo.

Boikutlo jwa go jewa ke bodutu tota bo simologa mo teng ga rona e seng gore bo bakiwa ke sengwe se se tswang go sele. Bodutu bo ka nna jwa tsalwa ke tiragalo e e hutsafatsang—loso, tlhalo, go senyegelwa ke tiro, kana matlhotlhapelo mangwe fela. Fa re dira gore maikutlo a rona a itumele, bodutu joo bo ka fokotsega, gongwe le gone go ela ruri tota fa nako e ntse e tsamaya, mme tatlhegelo e e re wetseng e bo e sa tlhole e re utlwisa botlhoko thata.

Maikutlo a tsalwa ke dikakanyo. Mme jaanong fa o setse o itlhobogile ka tatlhegelo e e go wetseng le maikutlo a e neng e a tsosa a ntse a lebalwa, ke nako ya go leka go akanya thata ka dilo tse di tla go thusang gore o tswelele le botshelo jwa gago jwa ka gale.

O itsose. O itshware. Go na le dilo tse di molemo tse di ka dirwang. Ka jalo phuthologa. Leletsa mongwe mogala. Kwalela mongwe lekwalo. Bala buka nngwe. Laleletsa batho kwa legaeng la gago. Bolelela ba bangwe megopolo ya gago. Go re o nne le ditsala o tshwanetse go nna botsalano. Ipatlisise gore o tle o kgone go dira ditsala. Dira ditironyana tse di rileng tsa bopelonomi. Bolelela mongwe sengwe sa semoya. O tla lemoga boammaaruri jwa mafoko a ga Jesu a a reng: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” O tla lemoga gape le boammaaruri jwa seane seno: “Eo o nosañ le èna ka ese o tla nosiwa.”—Ditihō 20:35; Diane 11:25.

Ke Maikarabelo a Gago

A ke selo se se thata go se dira? A ke selo se se motlhofo go se bua go na le go se dira? Sengwe le sengwe se se nang le mosola se motlhofo go buiwa go na le go dirwa. Moo ke gone mo go dirang gore go go dira go itumedise. O tshwanetse go dira maiteko a a kgethegileng. Karolo nngwe ya gago o e dirisetsa go aba, mme boitumelo le boipelo jo o nnang le jone bo a gola. Ke maikarabelo a gago go dira maiteko a go tlosa bodutu jo bo batlang go go fekeetsa. Mokwadi mongwe mo makasineng wa Modern Maturity o ne a re: “Ga go na ope yo o nang le maikarabelo mo go jeweng ke bodutu ga gago, mme lefa go ntse jalo o ka dira sengwe ka gone. O ka tokafatsa botshelo jwa gago ka go nna le tsala e le nngwe fela fela. O ka itshwarela mongwe yo o tsayang gore o go kgopisitse. O ka kwala lekwalo. O ka leletsa mongwe mogala. Ke wena fela yo o ka fetolang botshelo jwa gago. Ga go na motho ope o sele yo o ka go go direlang.” O ne a nopola lekwalo lengwe le a neng a le amogela le le neng le “opa matshwane nko: ‘Ke aga ke bolelela batho gore ke bone ba ka dirang gore matshelo a bone a se ka a nna bodutu le go tlhoka maikaelelo. Dira sengwe!’”

Ga go tlhokafale gore ditsala tsa gago e nne tsa batho fela. Ngaka ya diphologolo e ne ya re: “Mathata a magolo a batsofe ga se bokoa jwa mmele, mme tota ke bodutu le go tlhokomologiwa. Ka go . . . di ntsha ditsala, diruiwa (le dintša di le mo teng) di ba dira gore ba ikutlwe e le batho le bone ka nako e gantsi batsofe ba a bong ba tlhokomologiwa ke setšhaba.” Makasine o go tweng Better Homes and Gardens wa re: “Diruiwa di thusa go alafa ba ba kgobegileng maikutlo; le go thamisa ba ba lwalang, le digole; ba ba jewang ke bodutu le batsofe.” Setlhogo sengwe sa makasine mongwe se ne sa bolela jaana ka batho ba ba neng ba sa tswa go simolola go rata diruiwa; “Ditlhobaelo tsa balwetsi di ne tsa kokobela mme ba ne ba ka kgona go bontsha diruiwa tsa bone lorato ba sa tshabe gore ba tla swabisiwa. Go tswa foo ba bo ba simolola go buisana le batho, ba simolola ka go bua kafa ba tlhokomelang diruiwa tsa bone ka teng. Ba ne ba simolola go ipona ba na le maikarabelo. Ba ne ba ikutlwa ba tlhokwa, sengwe se ne se ba ikantse gotlhelele.”

Gantsi motho yo o jewang ke bodutu ga a iteke ka natla go ithusa, go intsha mo boitlhobogong joo jo bogolo. Go na le go goga dinao, go itsemeletsa, go dira maiteko a a seng kalo, mme gore a tlhaloganye se tota se mmakelang bodutu o tshwanetse go dira jalo. Ngaka James Lynch o ne a kwala jaana ka go gana ga batho go amogela kgakololo e ba sa dumelaneng le yone: “Rona batho ka tlwaelo re gana go utlwa, kana gone go dirisa tshedimosetso e re sa e rateng go laola boitshwaro jwa rona.” Motho o ka nna a batla go koba bodutu, mme a sa ikemisetsa go lwa le jone ka nonofo e e tlhokafalang go bo koba.

Dira go Dumalana le Kafa O Batlang go Ikutlwa ka Teng

Gore motho a fenye go tshwenyega thata mo maikutlong, o tlhoka go tshwarelela mo go lekeng go thama le go nna pelonomi. (Bapisa Ditihō 20:35.) Seno se tlhoka gore o lwe le boikutlo jwa go jewa ke bodutu mme o dire se se farologaneng le mokgwa wa jone o o korobetsang. Dira jaaka e ke te o itumetse, bina, o opele pina e e monate. Dira sengwe le sengwe se se supang boitumelo. Go dire ka tsela e e feteletseng, leka go leleka mahutsana ka megopolo e e itumedisang. Jaaka efe?

Jaaka e e mo go Bafilipi 4:8: “Sa bohèlō, ba ga echo, dilō cotlhe tsa boammaarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō; ha go na le molemō moñwe, me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.”

Selo sa botlhokwa ke go dira gore go lebege go le botlhokwa go bo o tshela. Fa o ikutlwa go na le se o se tshelelang, o tla nna le nonofo ya go itebaganya le sone le go leka go se dira. Ga go kake ga nna motlhofo gore o nne ka maikutlo a go jewa ke bodutu jo bo feteletseng. Seno se supiwa ka tsela e e kgatlhang mo bukeng ya ga Viktor Frankl e go tweng Man’s Search for Meaning. O e tlhalosa a itebagantse le magolegwa a a neng a le mo dikampeng tsa pogisetso tsa ga Hitler. Ba ba neng ba sa itse se ba se tshelelang ba ne ba iteelwa ke bodutu mme ba ne ba sa tlhole ba batla go tshela. Mme “go itse gore o botlhokwa go ikaegile ka dilo tse di kwa godimo, tsa semoya, mme ga go kake ga senngwa ke go tlhatlhelwa mo kampeng.” O ne a tswelela jaana: “Pogo e kgona go felela e se pogo fa e tsewa gore e emela sengwe, jaaka gore ke go intsha setlhabelo. . . . Se motho a amegileng ka sone ga se go ja monate kana go tila go utlwa botlhoko, mme go na le moo ke go tlhaloganya se a se tshelelang. Ke sone se o bonang motho a kgona go ineela gore a boge, ka go itse gore, totatota, go na le se a se bogelang.”

Kamano E E Botlhokwa E O E Tlhokang Totatota

Gore o tle o kgone go leba dilo ka leitlho la semoya o tshwanetse go ineela ka botlalo mo Modimong le mo Lefokong la gagwe, ebong Bibela. Go dumela mo Modimong le go mo rapela ka tlhoafalo go dira gore re ikutlwe go na le se re se tshelelang. Mme ka jalo, lefa re ka tlhobogana le batho ba bangwe, ga re nosi, ga re kake ra jewa ke bodutu. Fela jaaka Frankl a boletse, go boga o itse se o se bogelang go ka itshokelwa, le gone go itumedisa tota. Motho mongwe yo o etseng batho tlhoko o ne a re: “Moswelatumelo yo o mo koteng o ka nna a nna le boitumelo jo eleng gore kgosi e e busang e ka nna ya bo tswela pelo.”

Jehofa o ne a dira gore baaposetoloi ba ga Keresete ba itumele fa ba ne ba bogisiwa ke batho; pogo eo e ne e kaya sengwe se segolo. “Go segō ba ba bogisedicweñ tshiamō: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè. Lo segō mogañ batho ba lo kgōbañ, ba lo bogisa, ba lo pateletsa boshula boñwe le boñwe, ka ntlha ea me. Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ: gonne ba bogisitse hèla yalo baperofeti ba ba neñ ba le pele ga lona.” (Mathaio 5:10-12) Karabo e e tshwanang e kwadilwe mo go Ditihō 5:40, 41: “Me ea re ba sena go bitsa baaposetoloi, ba ba betsa, ba ba laea gore ba se ka ba bua mo ineñ ya ga Yesu, me ba ba lesa ba tsamaea. Me hoñ ba cwa ha pele ga lekgotla, ba itumèla ka ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina.”

Fa O Jadileng Teng Sethunya, Ga go Kake ga Mela Mongana

Tlatsa mmu wa tlhaloganyo ya gago ka dipeo tse di ungwang bontle le maikaelelo a a siameng; o se ka wa letlelela dipeo tsa boitlhobogo le bodutu jo bo go dirang lolea. (Bapisa Bakolosa 3:2; 4:2.) A ke selo se se thata go se dira? mo mabakeng a mangwe go lebega go ka se ka ga kgonega gotlhelele. Mmoki mongwe o ne a bolela jaana: “Fa o jadileng teng sethunya, . . . ga go kake ga mela mongana,” e leng selo se le sone se tlhokang maiteko a a tlhomameng le iketleetso. Mme go ka dirwa, e bile go ntse go dirwa.

Ka sekai, tsaya kgang ya ga Laurel Nisbet. O ne a tsenwa ke pholio mme o ne a simolola go dirisa motšhine wa go hema a le dingwaga tse 36, a o dirisa a robetsa ka mokwatla ka dingwaga di le 37. O ne a sule ditokololo go simolola kwa molaleng go ya fela kwa maotong, se a neng a kgona go se dira e ne e le go tshikhinya tlhogo fela. Kwa tshimologong o ne a hutsafetse mo a neng a itlhobogile. Mme e rile morago ga letsatsi lotlhe a ntse a ikhutsafaletse, o ne a swetsa ka gore, ‘Go ikutlwela botlhoko go felela fa!’ O ne a na le bana ba le babedi ba a neng a tshwanetse go ba godisa le monna yo o neng a tshwanetse go mo tlhokomela. O ne a simolola go aga botshelo jwa gagwe sesha; o ne a ithuta go tlhokomela legae la gagwe a le mo motšhineng wa go hema.

Laurel o ne a sa kgone go robala lobaka lo loleele. O ne a dira eng mo diureng tse ditelele tsa bosigo? A ineetse mo bodutung? Nnyaa. O ne a rapela Rraagwe wa selegodimo ebong Jehofa. O ne a rapelela gore a nne le maatla, a rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete, mme gape o ne a rapelela gore a nne le sebaka sa go bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. O ne a batla mekgwa e a ka e dirisang ya go rera mme o ne a kgatlha ba bangwe fela thata ka go neela bosupi ka leina la ga Jehofa. O ne a se ka a letlelela gore mangana a bodutu a gole; o ne a tshwaregile thata ka go tlhokomela dithunya.

Go ne go ntse fela jalo le ka morongwa wa Watch Tower ebong Harold King. E re ka a ne a tlhatlhetswe mo kgolegelong a le nosi ka dingwaga di le tlhano kwa China, o ne a tshwanelwa ke gore o ka bo a ile a bolawa ke bodutu ka lobaka lo loleele. Lefa go ntse jalo, o ne a se ka a letlelela go sula maikutlo moo, mme ka go iketleetsa o ne a tlhoma mogopolo wa gagwe mo go sengwe se se 1farologaneng. O ile ya re kgabagare a se tlhalosa jaana:

“Ke ne ka dira le thulaganyo ya go ‘rera’ tota. Mme jaanong motho o ka rerela mang a tlhatlhetswe a le nosi? Ke ne ka swetsa ka gore ke dire dithero tse di tshwanetseng tsa Bibela ke dirisa dilo tse ke di gakologelwang mme go tswa foo ke bo ke rerela batho ba ke ba ikgopolelang. Mme ka bo ke simolola tiro, ka mogopolo, ke kokota mo lebating le ke le ikgopoletseng le go rerela mong wa ntlo wa maikgopolelo, ke etela mejako e mentsi mo mosong. Fa nako e ntse e ya ke ne ka kopana le mongwe wa maikgopolelo a bidiwa Mohuamagadi Carter, yo o neng a kgatlhega, mme morago ga maeto a le mmalwa a go mmoela re ne ra rulaganya go nna le thuto ya ka metlha ya Bibela. Mo thutong eno ya rona re ne ra bala ditlhogo tse dikgolo mo bukeng ya ‘Let God Be True,’ go ya kafa ke neng ke di gakologelwa ka teng. Tseno tsotlhe ke ne ke di dira ke buela kwa godimo, gore modumo wa dilo tseno o di gatisetse mo mogopolong wa me le go feta.”

Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa tse di neng di tlhatlhetswe mo dikampeng tsa ga Hitler tsa pogisetso ba ka bo ba ile ba gololwa fa ba ka bo ba ile ba itatola tumelo ya bone. Ke ba sekae fela ba ba ileng ba dira jalo. Diketekete di ne tsa swa di ikanyega—ba bangwe ka go bolawa, ba bangwe ka bolwetsi le go tlhaela dikotla. Mosupi mongwe yo o neng a tlhatlhetswe—yo o neng a bidiwa Josef—o ne a na le bomogolowe ba basimane ba le babedi mo dikampeng tse dingwe. Yo mongwe o ne a patelelwa gore a kaname gore a tle a bone bogale jo bo neng bo tlile go mo kgaola tlhogo. Josef o ne a tlhalosa jaana: “Fa ba bangwe mo kampeng ba utlwa se se diragetseng, ba ne ba nkakgola. Maikutlo a bone a mantle a ne a nkama tota. Go nna re ikanyegile go ne go le mosola thata mo go rona go na le go falola.”

Mogolowe yo mongwe e rile a lebagana le masole a a neng a tlile go mmolaya, o ne a bodiwa gore a o batla go bua sengwe. O ne a kopa tetla ya go rapela, mme o ne a letlelelwa. E ne e tletse ka mafoko a a amang maikutlo le boitumelo jo bo tswang pelong mo e leng gore e rile fa go laelwa gore ba hule, go ne ga se ka ga nna le ope wa masole yo o neng a dira jalo. Taolo e ne ya boelediwa, mme go ne ga hulwa lerumo le le lengwe fela, mme le ne la mo itaya mo mmeleng. Ka ntlha ya go kgopisiwa ke seno, moeteledipele o ne a ntsha tlhobotswana ya gagwe mme a mo feleletsa ka boene.

Selo Se Se ka Dirang Botshelo go Nna le Mosola

Ditiragalo tseno tsotlhe di ne di batla gore motho a nne le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Fa sengwe le sengwe se paletswe, yone e a bo e ntse e le teng go fenya bodutu le go dira gore botshelo jo bo kileng jwa bo bo le lolea fela bo nne le mosola. Matshelo a le mantsi a go ya ka lefatshe go tsewang gore a na le mosola tota ga a na mosola. Ke eng fa go ntse jalo? Ka gore bano ba felela ba sule, ba boetse mo leroleng, ba lebetswe, ba sa sia lefa e le mangaponyana mo ditiragalong tsa batho, ba sa sia lotshwao lepe la gore ba kile ba nna teng. Go ntse fela jaaka Moreri 9:5 e re: “Gonne batshedi baa itse ha ba tla shwa: me bashwi ga ba itse sepè, le gōna ga ba tlhole ba na le tuèlō; gonne kgakologèlō ea bōnè e lebecwe.” Mosola mongwe o go tweng o teng mo botshelong jo bo tshelwang ka tsela e e sa dumalaneng le maikaelelo a ga Jehofa ke boithamako fela.

Leba magodimo a a tletseng dinaledi, akanya ka bogolo jwa lefifi le le re okameng, mme boikutlo jwa gore o botlhokwa bo sala e se sepe. O tlhaloganya maikutlo a ga mopesalema Dafide fa a ne a kwala jaana: “Ea re ha ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho, ha e bo ne ne u mo lekola?” Morwa Dafide ebong Solomone o ne a tlhobosa ditiro tsa motho ka mafoko ano, “Boithamakō yoa maithamakō,” mme o ne a konela ka go re: “Bokhutlō yoa mahoko ke yo; go utlwilwe gotlhe: Boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna; gonne mo, ke chwanèlō eotlhe ea motho.”—Pesalema 8:3, 4; Moreri 12:8, 13.

Fa re sobokanya kgang, gone motho yo o bolawang ke bodutu, kana mongwe fela, o ka dira jang gore botshelo jwa gagwe bo nne le mosola? Ka go tshela botshelo jwa gagwe a boifa Modimo, a utlwa ditaolo tsa Modimo. Ke ka go dira jalo fela a ka kgonang go dumalana le maikaelelo a Modimo, Mmopi wa lobopo lono lo logolo, mme a nne karolo ya thulaganyo eo ya bosakhutleng ya bomodimo.

Fa Modimo O Na le Wena, Ga O Kitla O Nna Nosi

Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa Moafrika yo o ikanyegang, e ne ya re morago ga go bogisiwa botlhoko le go ikutlwa a latlhilwe, o ne a re le mororo batho ba mo latlhile, o ne a se nosi. O ne a nopola Pesalema 27:10: “Gonne rrè le mmè ba ntatlhile, me Yehofa o tla nchola.” Jesu le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. “Bōnañ, lobaka loè tla, E, lo setse lo hitlhile, lo lo tla haladiwañ ka lōna, moñwe le moñwe a ea ga gabō, me lo ntlogèla ke le nosi; leha go nntse yalo ga ke nosi, ka ke na le Rara.”—Yohane 16:32.

Jesu o ne a sa tshabe go nna nosi. Ka dinako tse dingwe o ne a itlhophela go nna nosi. Fa a ne a le nosi, o e a sa jewe ke bodutu. O ne a letla moya wa Modimo go tsena mo go ene mme o ne a ikutlwa a atamalane le Ene fa a ne a dikologilwe ke popo ya Gagwe. Ka dinako tse dingwe o ne a tila go nna le batho gore a tle a kgone go nna le Modimo. O ne a ‘atamalana le Modimo; le Modimo o ne wa atamalana le ene.’ (Yakobe 4:8) Ga go belaetse gore e ne e le tsala e kgolo le Modimo.

Tsala e e tshwanang le e Dikwalo di e tlhalosang ke selo sa botlhokwa tota. (Diane 17:17; 18:24) Ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e feletseng mo go Jehofa Modimo le go mo ikobela ka pelo yotlhe, Aberahame o ne “a bidiwa tsala ea [ga Jehofa].” (Yakobe 2:23) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lona lo ditsala tsa me, ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ. Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morèna oa gagwè o se dihañ: me ke lo biditse ditsala; gonne dilō cotlhe tse ke di utlwileñ mo go Rrè, ke di lo itsisitse.”—Yohane 15:14, 15.

Fa ba na le ditsala tse di tshwanang le Jehofa Modimo le Keresete Jesu, batho ba ba nang le tumelo ba ka palelwa jang ke go fenya ntwa kgatlhanong le bodutu?

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe go tswa mo Bibeleng, tsweetswee o seka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Thapelo le ditiro tse dingwe di ka go thusa go tila go jewa ke bodutu

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Se se diragaletseng Harold King le diketekete tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dikampeng tsa pogisetso se supa gore go dumela mo Modimong go ka fenya bodutu mo maemong a a maswe go a gaisa otlhe

[Motswedi wa Setshwantsho]

U.S. National Archives photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela