LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/15 ts. 21-24
  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Se O Ka Se Dirang?
  • Letla Ditsala go go Thusa
  • Jehofa O Amega ka Wena
  • O Se Ka Wa Pega Modimo Molato
  • Batho Ba Ba Jewang ke Bodutu Ba Ka Thusiwa Jang?
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Go Fenya Bodutu
    Tsogang!—2004
  • Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng
    Tsogang!—1993
  • Goreng Ke se Na Ditsala?
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/15 ts. 21-24

Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago

BODUTU bo ka senya matshelo a bagolo le bannye ka tsela e e tshwanang. Mokwadi mongwe e bong Judith Viorst o bolela jaana mo makasineng wa Redbook: “Bodutu bo gatelela pelo jaaka letlapa. . . . Bodutu bo re tlogela re le lolea e bile re se na tsholofelo. Bodutu bo re dira gore re ikutlwe jaaka ngwana yo o senang mmaagwe, jaaka kwanyana e e timetseng, re le babotlana thata mme re latlhegile mo lefatsheng le legolo jaana le le sa tseyeng ope tsia.”—September 1991.

Go kgaogana le ditsala, go nna mo tikologong e o sa e tlwaelang, tlhalo, go tlhokafalelwa ke mongwe, kana go sa buisane,—dilo tseno tse di farologaneng di ka go dira gore o jewe ke bodutu. Ba bangwe ba ikutlwa ba jewa ke bodutu tota le e leng fa ba na le batho ba bangwe.

Ke Eng Se O Ka Se Dirang?

Fa o tlhaselwa ke bodutu, a o tshwanetse wa tlhoka tsholofelo? A go na le sengwe se o ka se dirang gore o thibele bodutu gore bo se ka jwa go nyeletsa ka bonya ka bonya kana jwa go dira gore o se ka wa tlhola o rata go tshela? Eleruri go na le sengwe se o ka se dirang. Go na le kgakololo e ntsi e e botlhokwa. Mme kgakololo e ntsi e e molemo ke e e tswang mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo e leng Bibela. E ka tswa e le yone kgothatso e o e tlhokang gore o lwe le go jewa ke bodutu.—Mathaio 11:28, 29.

Ka sekai, o ka nna wa fitlhela go kgothatsa gore o bale ka ga Ruthe, e bong mosadi yo mosha yo o neng a nna kwa Botlhaba Gare mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng. Go ne go ka kgonega thata gore a jewe ke bodutu. Fa monna wa gagwe a se na go swa, o ne a tsamaya le matsalaagwe go ya go nna kwa tikologong nngwe e a neng a sa e tlwaela ya Iseraela. (Ruthe 2:11) Le mororo a ne a sa tlhole a nna le ba lelapa la gagwe le ditsala tsa pele e bile e ne e le moeng mo nageng e sele, ga go na gope mo Bibeleng mo go supiwang gore o ne a letla go fenngwa ke go jewa ke bodutu. O ka bala polelo ya gagwe mo bukeng ya Bibela ya Ruthe.

Fela jaaka Ruthe, o tlhoka gore o lebe dilo ka tsela e e siameng. Tsela e o akanyang dilo le ditiragalo dingwe ka yone e ka rotloetsa gore o jewe ke bodutu. Ann, yo o neng a oka rraagwe mo dingwageng di le nne yo o neng a koafadiwa ke bolwetse bongwe, o supela seno. Fa a se na go tlhokafala o ne a simolola go jewa ke bodutu thata. O bolela jaana: “Ke ne ke ikutlwa jaaka e kete ke ne ke le lolea fela, ke se motho wa sepe gotlhelele—jaaka e kete go ne go sa tlhole go na le motho ope yo o neng a ntlhoka. Mme ke ne ka itshokela lebaka la go bo jaanong botshelo jwa me bo fetogile, mme ke ne ka lemoga e le gore ke tle ke lwe le go jewa ke bodutu jo bo ntlhasetseng ke ne ke tshwanetse go amogela le go sola maemo a jaanong ke neng ke le mo go one molemo.” Ka dinako tse dingwe o ka se kgone go fetola maemo a gago, mme gone o ka kgona go fetola tsela e o ikutlwang ka yone mabapi le one.

Go nna o tshwaregile mo tirong e e kgotsofatsang ga se yone fela tharabololo ya go lwa le go jewa ke bodutu, le mororo go thusa. Irene, yo o neng a nna motlholagadi morago fela ga dikgwedi di le thataro a ntse a nyetswe, o ne a fitlhela seno se le boammaaruri ka ene. O bolela jaana: “Ke ne ka bona gore ke ne ke jewa ke bodutu thata fa ke sa dire sepe, ka jalo ke ne ka tlhoma mogopolo mo go itsalanyeng le ba bangwe le go ba thusa go itshokela mathata a bone.” Go thusa ba bangwe go lere boitumelo, mme Bakeresete ba ba jewang ke bodutu ba ka nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.—Ditihō 20:35; 1 Bakorintha 15:58.

Letla Ditsala go go Thusa

The New York Times Magazine e tlhalosa bana ba ba jewang ke bodutu jaaka ba ba utlwisitsweng botlhoko ke “dintho tsa go sa nne le ditsala.” (April 28, 1991) Batho ba le bantsi ba ba jewang ke bodutu, bannye mmogo le bagolo, ba ikutlwa ba se na ditsala. Ka gone, ke selo se se siameng tota go nna le ditsala tsa boammaaruri tse phuthego ya Bokeresete e e re tlhokomelang e re neelang tsone. Dira ka natla gore o nne le ditsala tse dintsi tse di farologaneng mo phuthegong, mme ba letle gore ba go thuse ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang. Leo ke lone lebaka la go bo re na le ditsala—gore di re tshegetse mo dinakong tsa mathata.—Diane 17:17; 18:24.

Lefa go le jalo, ela tlhoko gore ka ntlha ya go bo o hutsafetse mo maikutlong, tota o ka nna wa dira gore ditsala tsa gago di thatafalelwe ke go go thusa. Jang? Jeffrey Young yo e leng mokwadi o tlhalosa jaana: “Batho ba bangwe ba ba jewang ke bodutu . . . ba koba batho ba ba neng ba tla tswa ditsala tsa bone, e ka tswa e le ka go batla gore e nne bone fela ba buang kana go bua dilo tse di makgapha kana tse di sa tshwanelang. Batho ba ba jewang ke bodutu ka metlha ba atisa go senya botsala jo bo gaufi thata ka ditsela tse di farologaneng.”—U.S.News & World Report, September 17, 1984.

Ka dinako tse dingwe, o ka nna wa dira gore dilo di nne maswe le go feta pele ka go itlhaola mo bathong ba bangwe. Peter o ne a dira jalo, e bong monna mongwe yo o neng a le mo dingwageng tsa bo50. Fa mosadi wa gagwe a sena go tlhokafala, o ne a iphitlhela a ikgogona mo go ba bangwe, le mororo a ne a batla thuso ya bone go tswa mo pelong. O bolela jaana: “Mo malatsing a mangwe, ke ne ke sa kgone go itshokela go nna le ba bangwe, mme fa nako e ntse e ya ke ne ka iphitlhela ke itlhaola mo bathong.” Seno se ka nna kotsi. Lefa dinako tsa go nna nosi di le mosola, go itlhaola mo bathong go kotsi. (Diane 18:1) Peter o ne a lemoga seno. O bolela jaana: “Kgabagare ke ne ka kgona go fenya seno, ke ne ka kgona go tshela botshelo jwa me sentle ka go itshokela boemo jwa me, ke thusiwa ke ditsala tsa me.”

Lefa go le jalo, o se ka wa akanya gore ka tsela nngwe ba bangwe ba patelesega go go thusa. Leka gore o se ka wa nna motho yo o batlang sengwe le sengwe. Amogela bopelonomi bope fela jo o bo bontshiwang ka boitumelo, o bo o bontshe gore o a bo anaanela. Mme gape o nne o gakologetswe kgakololo eno e e molemo e e fitlhelwang mo go Diane 25:17: “A lonaō loa gago lo se tsene bobe mo tluñ ea oa ga eno; u ka tla ua mo lapisa, me a gu ila.” Frances, yo o neng a lebana le go jewa ke bodutu fa monna wa gagwe a se na go swa morago ga dingwaga di le 35 ba ntse ba nyalane, o ikutlwa gore tlhagiso e e ntseng jalo e botlhokwa. O bolela jaana: “Nna motho yo o tekatekano mabapi le se o se lebeletseng, mme o se ka wa batla gore ba bangwe ba go direle dilo di le dintsi thata. O se ka wa etela lelapa la motho mongwe ka metlha go ya go batla thuso.”

Jehofa O Amega ka Wena

Tota le fa ka dinako tse dingwe ditsala tse e leng batho di ka go fetogela, o santse o na le Jehofa Modimo jaaka Tsala ya gago. Tlhomamisega gore o amega ka wena. Baya tsholofelo yotlhe ya gago mo go ene, mme ka metlha o tshabele kwa go ene o tla go sireletsa. (Pesalema 27:10; 91:1, 2; Diane 3:5, 6) Ruthe e bong mosadi wa Moaba o ne a dira seno mme o ne a segofadiwa fela thata. Ebu, o ile a bo a nna mogologolwane wa ga Jesu Keresete!—Ruthe 2:12; 4:17; Mathaio 1:5, 16.

Rapela Jehofa ka metlha. (Pesalema 34:4; 62:7, 8) Margaret o ne a fitlhela gore thapelo e mo neela maatla tota gore a itshokele go jewa ke bodutu. O ne a le mo bodiheding jwa nako e e tletseng le monna wa gagwe go fitlha a swa a santse a le lekolwane. O bolela jaana: “Ka metlha ke ne ke fitlhela go le molemo gore ke rapelele kwa godimo ke bolelela Jehofa sengwe le sengwe, ke mmolelela ka dilo tsotlhe tse ke di boifang le tse di ntshwenyang. Seo se ne sa nthusa gore ke lebe dilo ka leitlho le le siameng fa ke jewa ke bodutu. Mme ke ne ke nna le tsholofelo tota fa ke bona Jehofa a araba dithapelo tseo.” O solegelwa molemo thata fa a latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Ke gōna ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna; lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna, ka oa lo babalèla.”—1 Petere 5:6, 7; Pesalema 55:22.

Go nna le kamano e e molemo le Jehofa go tla go thusa go nna le sengwe se gantsi batho ba ba jewang ke bodutu ba sa nkeng ba nna le sone—boitlotlo. Fa mokwaladikgang e bong Jeannette Kupfermann a sena go tlhokafalelwa ke monna a bolawa ke bolwetsi jwa kankere o ne a kwala kaga “maikutlo a go sa itshepe le go sa ipone jaaka motho wa sepe.” O ne a bolela jaana: “Go ikutlwa jaaka motho yo e seng wa sepe ke gone go gogelang batlholagadi ba le bantsi thata gore ba tshwenyege thata mo maikutlong mo ba ka nnang ba bo ba ipolaya.”

Gakologelwa gore Jehofa o go tsaya o le botlhokwa thata. Ga a akanye gore ga o motho wa sepe. (Yohane 3:16) Modimo o tla go tshegetsa fela jaaka a ile a tshegetsa batho ba gagwe ba Baiseraele mo nakong e e fetileng. O ne a ba bolelela jaana: “Ga kea gu latlha: u se ka ua boiha, gonne ke na nau: u se ka ua kgaoga pelo, gonne ke Modimo oa gago: ke tla gu thatahatsa; E, ke tla gu thusa: E, ke tla gu tshegetsa ka seatla se se siameñ sa tshiamō ea me.”—Isaia 41:9, 10.

O Se Ka Wa Pega Modimo Molato

Selo sa botlhokwatlhokwa ke gore, o se ka wa pega Modimo molato ka ntlha ya go bo o jewa ke bodutu. Ga se Jehofa a ikarabelelang mo go seo. Boikaelelo jwa gagwe ka metlha e ntse e le gore wena mmogo le batho botlhe, lo ipelele botsalano jo bo molemo le jo bo kgotsofatsang. Modimo o ne wa bolela jaana fa o se na go bopa Adame: “Ga go molemō ha monna a ka nna a le esi; ke tla mo dihèla thushō e e mo lebanyeñ.” (Genesise 2:18) Mme seo ke sone se Modimo o ileng wa se dira fa o ne o bopa Efa, e bong mosadi wa ntlha. Fa e ne e se gore Satane o ne a tsuologa, monna le mosadi le malapa a ba neng ba nna le one, ba ka bo ba ise ba ko ba jewe ke bodutu le ka motlha.

Ke boammaaruri gore lebaka la go bo Jehofa a letleletse bosula ka nakwana le ile la dira gore go jewa ke bodutu go oketsege le gore batho ba boge ka ditsela tse dingwe. Lefa go ntse jalo, nna o gakologetswe sentle gore seno ke selo sa nakwana fela. Go bonala go le motlhofo go itshokela diteko tsa go jewa ke bodutu fa o di leba o akanye se Modimo o tla se go direlang mo lefatsheng la gagwe le lesha. Fa go santse go le jalo o tla go tshegetsa le go go gomotsa.—Pesalema 18:2; Bafilipi 4:6, 7.

O tla nna le maatla fa o itse seno. Ka nako ya fa Frances (yo o umakilweng pelenyana) a ne a nna motlholagadi, o ne a gomodiwa thata ke mafoko ano a a mo go Pesalema 4:8, segolobogolo bosigo: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo u nkagisañ mo polokegoñ.” Tlhatlhanya ka mafoko a a ntseng jaaka a a fitlhelwang mo bukeng ya Dipesalema. Akanya ka tsela e Modimo o amegang ka wena ka teng, jaaka go bontshitswe mo go Pesalema 23:1-3.

Batho Ba Ba Jewang ke Bodutu Ba Ka Thusiwa Jang?

Tsela e kgolo e o ka thusang batho ba ba jewang ke bodutu ka yone ke go ba bontsha lorato. Gangwe le gape Bibela e kgothatsa batho ba Modimo gore ba ratane, segolo jang mo dinakong tsa diteko. “Mo go rateñ bakauleñwe lo nnè lo ratanè ka loratō lo lo pepetletsañ,” moaposetoloi Paulo o ne a kwala jalo. (Baroma 12:10) E bile tota, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le bolela jaana: “Loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” (1 Bakorintha 13:8) O ka bontsha lorato jang mo bathong ba ba jewang ke bodutu?

Mo boemong jwa gore batho ba ba amegang ba kgaphele batho ba ba jewang ke bodutu kwa thoko kana ba ba itlhokomolose, ba ka ba bontsha lorato lwa bone lo lo tswang pelong ka go ba thusa ka bopelotelele nako le nako fa go kgonega. Ba ka tshwana le monna yo go tweng Jobe yo o neng a bolela jaana: “Ke ne ke phedisa mohumanegi eo o kgayayègañ, le lesièla ye le senañ opè eo o le thusañ. . . . Pelo ea mosadi eo o motlhōlagadi ka e ipedisa ka boitumèlō.” (Yobe 29:12, 13) Bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong ya Bokeresete le ditsala tse di lorato di ka dira ka tsela e e tshwanang e e akanyetsang, ka go ba neela dilo tsa motheo tse batho ba di tlhokang tsa go ba tlhaloganya, go ba rata, le go ba gomotsa. Ba ka ba bontsha kutlwelobotlhoko, mme ka dinako tse dingwe ba ka nna teng fa go tlhokega gore ba bue le bone mo sephiring.—1 Petere 3:8.

Gantsi dilo tse dinnye tse ditsala di di direlang batho ba ba jewang ke bodutu ke tsone di leng botlhokwa. Ka sekai, fa modumedikawena a swelwa ke mongwe yo a mo ratang, o ka fitlhelela dilo di le dintsi tse di molemo ka go mo direla ditiro tse di bontshang botsala jwa mmatota. O se ka wa nyatsa go mmontsha bopelonomi mo dilong tse dinnye, tse di jaaka go mo laletsa gore a tle kwa dijong, go nna moreetsi yo o lorato, kana go nna le motlotlo o o kgothatsang. Dilo tseno di ka thusa motho thata gore a lwe le go jewa ke bodutu.—Bahebera 13:16.

Go ka direga gore rotlhe re tlhaselwe ke bodutu gangwe le gape. Lefa go ntse jalo, go jewa ke bodutu ga go a tshwanela go nna sebetso. Dira gore botshelo jwa gago bo tlale ka dilo tse di mosola le tse di agang. Letla gore ditsala di go thuse fa di kgona. Solofela mo go Jehofa Modimo. Nna o gakologetswe thata tsholofetso eno e e kgothatsang e e kwadilweng mo go Pesalema 34:19: “Dipatikègō tsa mosiami di dintsi: me Yehofa o mo golola mo go cōna cotlhe.” Ya kwa go Jehofa fa o batla thuso, mme o se letle bodutu gore bo senye botshelo jwa gago.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

DITSELA TSE DINGWE TSA GO LWA LE BODUTU

▪ Nna gaufi thata le Jehofa

▪ Batla kgomotso ka go bala Bibela

▪ Leba dilo ka tsela e e siameng ya Bokeresete

▪ Nna o tshwaregile mo tirong e e mosola

▪ Nna le ditsala di le dintsi tse di farologaneng

▪ Dira gore ditsala di tlhofofalelwe ke go go thusa

▪ O se ka wa itlhaola mo go ba bangwe, mme o tlhagolele lorato lo lo botsalano

▪ Nna o solofetse gore Jehofa o amega ka wena

[Lebokoso mo go tsebe 24]

KAFA O KA NNANG WA THUSA BATHO BA BA JEWANG KE BODUTU KA TENG

▪ Nna motho yo o tlhaloganyang, yo o lorato, le yo o gomotsang

▪ Dira gore o bue le ene mo sephiring fa a go tlhoka

▪ Tswelela pele o dira dilo tse dinnye tse di thusang

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ga go na gope kwa go supilweng gore Ruthe o ne a letla bodutu gore bo senye botshelo jwa gagwe, go sa kgathalesege maemo a gagwe a a boima

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela