LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 10/8 ts. 24-27
  • Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basadi Ba Ba Jewang Ke Bodutu
  • Banna Ba Ba Jewang Ke Bodutu
  • Basha Ba Ba Jewang Ke Bodutu
  • Botlhokwa jwa Gore O Ithuse
  • Botlhokwa jwa Ditsala Tse le Ntshanang Seinong
  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Goreng Ke se Na Ditsala?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Jewa ke Bodutu?
    Tsogang!—2004
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 10/8 ts. 24-27

Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng

AO KA bo tlhaola mo boidiiding jwa batho? A bo itshupa mno difatlhegong tsa bone? Fa ba go dumedisa, a monyenyo wa bone o tla bo fitlha? A o ka lemoga seo ka tsela e ba tsamayang ka yone, kana ka tsela e ba emeng kana ba dutseng ka yone? Ela tlhoko monnamogolo yo o ntseng a le nosi mo bankeng e e mo phakeng kana mosadinyana yo o nosi mo mosiamong wa botshwantshi—a ba bogisiwa ke bodutu? Ela tlhoko dikokomana tse tharo tse di emetsweng ke mmè, morwadie, le setlogolwana ba ba tsamayang mo mmolong. Ba lebega ba itumetse, a mme o ka tlhomamisa gore ruri go ntse jalo? Tsaya badiri ka wena ka sekai. O ka nna wa bo o ba itse e le batho ba ba itumetseng ba ba nang le malapa a a lorato mme e bile ba amogela madi a a lekaneng go ba tlamela. Mme lefa go ntse jalo, a go na le mongwe mo go bone yo o ka buang jaana ka boammaaruri, “Ke jewa ke bodutu”? Mme tota go ka tla jang gore mosha yoo yo itumetseng, yo o matlhagatlhaga a bolawe ke bodutu? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka nna tsa go gakgamatsa.

Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa lefoko “bodutu” e re ke “boikutlo jwa go felelwa ke maikutlo kana go itlhoboga.” Ke boikutlo jwa go tlhaela sengwe, jwa go nna lolea mo teng, mme ga se gantsi bo itshupang mo ponalong ya motho ka kwantle. Mmatlisisi mongwe a re: “Mo bathong ba rona, bodutu ke sephiri se re se lobang—fa gongwe le go se itobela ka namana. Bodutu bo tlhabisa ditlhong go bo ipolela. Go na le kgopolo ya gore fa o bolawa ke bodutu, phoso e a bo e le ya gago. Eseng jalo, o ka bo o na le ditsala tse dintsintsi fela, ga ke re?” Ka dinako tse dingwe seno se ka tswa se le boammaaruri, bogolo jang fa re solofela kana re lopa gore ba bangwe ba dire tse di fetileng selekanyo.

Basadi Ba Ba Jewang Ke Bodutu

Go lebega baitse ba dumelana gore basadi—bogolo jang basadi ba ba nyetsweng—ba dingwaga tsotlhe ba solofela dilo tse dintsi mo botshelong go gaisa banna. Ka lebaka leo he, batlholagadi, basadi ba ba tlhadilweng, le basadi ba ba godileng ba ba sa nyalwang ka dinako tse dingwe ba bolawa ke bodutu. Mme go tweng ka basadi ba ba nyetsweng ba ba lebegang ba itumetse e bile ba na le malapa a a itumetseng? Ka sekai ela tlhoko, selelo sa mosadi mongwe wa morutabana wa dingwaga tse 40: “Ga ke na nako ya ditsala; ke di tlhoka fela thata. Mme ke ikutlwa ke swabisiwa le ke go bua jalo fela. Go ka tla jang gore ke re ke bolawa ke bodutu . . . ? Ka tota ke na le lenyalo le le itumedisang, bana ba ba siameng, legae le lentle, le tiro e ke e ratang. Ke ipelafatsa ka se ke se kgonneng. Mme lefa go ntse jalo ke tlhaela sengwe.”

Le mororo basadi ba ka rata banna ba bone totatota mme ba ineetse mo go bone mme le banna ba bone ba ba rata ka tsela e e tshwanang, lorato leo ga se gore le ka kgotsofatsa keletso yotlhe ya go batla go nna le ditsala. Morutabana yo o nopotsweng fa godimo o tlhalosa jaana: “Lefa gone monna wa me e le tsala ya me e re ntshana seinong, seo ga se emisetse go bo ke se na ditsala tsa basadi. Banna ba ka nna ba bo ba utlwa, mme basadi bone ba a reetsa. Monna wa me ga a batle go utlwa kafa ke imelwang ka teng. O batla go rarabolola bothata ka bofefo jo bo ka kgonegang. Mme ditsala tsa me tsa basadi tsone di ntesa ke bua ka gone. Mme fa gongwe ke tlhoka gone go bua fela.”

Fa mosadi a latlhegelwa ke moratiwa wa gagwe ka loso kana ka tlhalo, o ka nna a hutsafala fela thata. Bodutu bo bo bo aga motse. Ga se fela gore mosadi yo o hutsafetseng ka ntlha ya go swelwa kana go tlhalwa o tlhoka thuso le kemonokeng ya balelapa le ditsala mme gape o tshwanetse gore le ene a dirise nonofo ya gagwe gore a kgone go emelana le seemo se sesha se se tlhagileng. Le mororo a ka se ka a lebala tatlhegelo ya gagwe mo botshelong, o tshwanetse go lemoga gore ga e a tshwanela go letlelelwa go mo kgoreletsa go tswelela pele le botshelo jwa gagwe. Baitse ba lemogile gore ba ba nang le maikutlo a a nonofileng gantsi ba ka kgona go fenya bodutu jwa bone ka bofefo go na le ba bangwe.

Go na le megopolo e e farologaneng ya gore tota ke mang yo o utlwang botlhoko thata—motlholagadi kana yo o tlhadilweng. Makasine wa 50 Plus o ne wa bega jaana: “Nako le nako fa re laleletsa batho ba ba tlhadilweng kwa ditlhopheng tsa go gomotsana tsa batlholagadi, matlhakore a mabedi ao a felela a nganga ka gore ke mang yo o utlwang botlhoko thata. Motlholagadi a re, ‘Hei, wena o botoka molekane wa gago o a tshela,’ fa yo o tlhadilweng ene a re, ‘Hei, ga o ise o ko o latlhiwe jaaka nna. Ga o itse gore go ikutlwa o paletswe go ntse jang.’”

Banna Ba Ba Jewang Ke Bodutu

Fa go tla mo bodutung, banna ga ba kake ba ikgantsha ka gore bone ba thata go na le basadi. Anne Studner, yo e leng motlhalefedi wa thulaganyo ya Widowed Persons Service ya AARP (American Association of Retired Persons), o ne a re, “Gantsi banna ba rarabolola bothata ka go dira sengwe go na le go nna ka maikutlo a a tshwenyegileng. Basadi ba ka bua gantsintsi ka mahutana a bone, mme banna bone ba dira maiteko a go batla basadi ba bangwe go na le go lwa le bohutsana.” Bagakolodi ba banna ba tsaya nako e ntsi le banna ba ba hutsafetseng pele ga ba simolola go ntsha maikutlo a bone ka bonya ka bonya.

Baitse ba lemogile gore, go farologana le basadi, banna ba batla tsala ya mosadi go e bolelela maoma a pelo go na le monna yo mongwe. Ngaka Ladd Wheeler, moitse mo go tsa bodutu kwa Yunibesithing ya Rochester, o tlhalosa gore banna ga ba bulelane mafatlha mo ba ka utlwelanang botlhoko. “Go batla bo tila go jewa ke bodutu morago ga go latlhegelwa ke mosadi, le go bua le tsala ya mosadi, le gone go ka thusa go tlhalosa lebaka la go bo banna ba nyala ka bofefo thata morago ga go swelwa kana go tlhalwa go na le basadi.”—Makasine wa 50 Plus.

Basha Ba Ba Jewang Ke Bodutu

Go na le mabaka a le mantsi a go bo bana le basha ba jewa ke bodutu—gantsi a tshwana le a bagolo. Go fudugela kwa lefelong le lesha o tlogela ditsala; go ilwa ke bana ba tlelase ya gago kwa sekolong se sesha; gore o wa lotso lofe kana bodumedi; go tlhalana ga batsadi; go ikutlwa o sa ratiwe ke batsadi; go ganwa ke ba bong bosele—dilo tseno ke dilo tse dikgolo thata tse di bakang bodutu.

Banyana ba batla yo ba ka tshamekang le ene. Ba tlhoka go engwa nokeng mo maikutlong le go tlhaloganngwa. Ba tlhoka go ratiwa le go tlhomamisediwa gore le bone ke batho. Ba tshwanetse go itse gore ba bangwe ba tla ikanyega le go tshepega. Fa ba ratiwa, ba ikutlwa ba babalesegile mme le bone ba ithuta go rata ba bangwe. Kemonokeng eno ya batho ba ba ba dikologileng e ka tswa kwa metsweding e e farologaneng—ba lelapa, dithaka, le diruiwa tota.

Baithuti ba basetsana le ba basimane, go simologa ka ba mophato wa ntlha go ya go tsena kwa kholetšheng, gantsi ba bolawa ke bodutu ka selekanyo se se tshwanang, gantsi bo bakiwa ke go sa amogelwe ke dithaka tsa bone. Mosetsana mongwe wa sekolo se segolwane o ne a bua jaana a hutsafetse, “Ga ke itumele ka gore ke nosi fela mme ga ke ke ke bua. Sa me ke go reetsa morutabana, ke bo ke dira tiro ya me ya sekolo e bo e nna gone gotlhe. Fa ke na le nako ke sa dire sepe, ke nnela go tshwantsha kana go dira sengwenyana fela. Batho ba a buisana, mme ga go ope yo o mpuisang. . . . Ke itse sentle gore ga ke kake ka didimalela ruri. Mme mo nakong eno ke gone fela mo ke ka go dirang.”

Lefa go ntse jalo, ga se gore ka metlha molato o ka pegwa batho ba bangwe ka go bo ba ikgogona kana ba go itlhokomolosa. Botho jwa motho e ka nna ya bo e le jone mathata, jaaka go nna ditlhong thata, go nna pelwana, kana go kgomoga le go nna le mathata a go tshedisana sentle le dithaka tsa gagwe. Bogole le jone bo ka nna le seabe se se maswe mo go direng gore basha ba dingwaga tse di farologaneng ba bolawe ke bodutu fa e le gore ga se batho ba ba thata e bile ba le botsalano.

Botlhokwa jwa Gore O Ithuse

Morutisi wa tsa boitekanelo ebong Dolores Delcoma wa Cal State Fullerton o ne a bua boammaaruri fa a ne a akgela ka maiteko a motho a go lwa le bodutu; “O tshwanetse go dira maiteko ka namana. Kwa bofelong o tshwanetse go tlhaloganya mathata a gagwe ka gore go sa kgathalesege gore batho ba leka go mo thusa go le kana kang, motho yo o esi yo o ka mo thusang go ntsha maikutlo ke ene ka boene.”

Dr. Warren Jones o bitsa batho ba ba ithatafaletsang go fetola seemo a re ke batho ba botho jo bo tshabelelwang ke bodutu: “Batho bano ba dira dilo tse di ba itsang go atamalana le bangwe thata ba sa itemoge. Ba bangwe ga ba itse go reetsa fa ba bangwe ba bua, ke bone ba buetseng ruri fela. Ba na le go inyatsa le go nyatsa ba bangwe; ga ba botse dipotso tse dintsi, mme gantsi ba senya botsala ka go bua dilo tse di maswe kana tse di kgopisang.”

Mo godimo ga bao, ba ba inyatsang, go na le ba ba senang bokgoni jwa go dira ditsala le ba bangwe. Mooki ebong Evelyn Moschetta o bolela jaana ka bone: “Batho ba ba bolawang ke bodutu ga ba itebe sentle. Ka ntlha ya go tshaba gore ga ba kitla ba amogelwa, ga ba dire maiteko a go dira ditsala.”

Lefa go ntse jalo, go fapaana le mogopolo o o ntseng o dumelwa, babatlisisi ba lemogile gore batsofe ba banna le ba basadi le basadi ga ba bolawe ke bodutu jaaka batho ba basha. Ga ba itse gore ke eng fa go ntse jalo. Ba lemogile gape gore fa batsofe ba bolawa ke bodutu, seo ga se gantsi se bakiwang ke go tlhoka balosika mme gantsi e a bo e le go tlhoka ditsala. “Ga se gore ba lelapa ga ba botlhokwa mo bathong ba ba godileng. Ba tlhoka thuso ya ba lelapa. Mme ba ka nna ba nna le ba lelapa ba le bantsi ba ba ba thusang, mme ba bo ba santse ba ikutlwa ba jewa ke bodutu fa e le gore ga ba na ditsala.”

Botlhokwa jwa Ditsala Tse le Ntshanang Seinong

Mo bathong ba dingwaga tsotlhe, ditsala tse le ntshanang seinong fa gongwe di kaba phatlha e e leng gore ba lelapa le balosika ga ba kake ba e kaba. Batho ba tlhoka tsala, e ba ntshanang seinong, e ba kgonang go bulelana mafatlha le yone ba sa boife bolotsana bope. Fa tsala ya mofuta oo e seyo, bodutu bo ka nna jwa oketsega. Mokwadi wa Moamerika ebong Ralph Waldo Emerson o ne a kwala ka tsala ya mofuta oo fa a ne a re: ‘Tsala ke motho yo e leng gore fa ke na le ene ke ka bua se se mo mafatlheng a me.’ Motho yo o ntseng jalo ke tsala e e boikanngo e o ka e bulelang mafatlha a gago o sa boife gore o tla upolola sephiri sa gago kana o sa tlhobaele gore maoma a gago a ka dirisiwa go go kgoba kana go dira gore ba bangwe ba go tshege. Bangwe ba o kileng wa ba tsaya e le ditsala tse di ikanyegang ba ka nna ba bo ba ile ba se ka ba ikanyega, mme lefa go ntse jalo, go na le “tsala” e e se keng e “bipolola leōma ya motho eo moñwe,” e e “kgomarèlañ motho bogolo go ñwana oa ga rragwè.”—Diane 18:24; 25:9.

Go na le ba ba ratang go iponatsa e ke te ba thata ga ba tlhoke thuso ya ga ope. Ba re ba ikemetse ka nosi e bile ba a ikgona. Mme lefa go ntse jalo, gantsi ba ikgobokanya ka ditlhopha tsa ba go tweng ga ba kgonwe ke sepe. Bana ba na le ditlhopha, ba aga matlo a ditlhopha, ba bopa makoko; basha ba bagolwane ba na le makoko a dithuuthuu; dinokwane di na le ditsala tse di ka se keng tsa ba tswa; ba ba nang le mathata a go nwa ba nna maloko a Alcoholics Anonymous (Thusang Matagwa); ba ba nang le mathata a go ja bobe ba nna maloko a Weight Watchers. Batho ba rata batho; ba ipopa ditlhopha go engwa nokeng ke ba bangwe. Le ba ba nang le mahutsana a a tshwanang ba rata go nna mmogo. Mme batho botlhe ga ba rate bodutu. Go ka dirwang ka jone?

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

“Batho ba ba bolawang ke bodutu ba a inyatsa”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela