LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 27
  • Goreng Ke se Na Ditsala?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng Ke se Na Ditsala?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso ka bodutu
  • Boammaaruri ka botsala le bodutu
  • Ditsela tsa go fenya bodutu
  • Se Letle Bodutu Gore Bo Senye Botshelo jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Bodutu—Mmogisi yo o sa Iponatseng
    Tsogang!—1993
  • Ke Ka Dira Jang Gore Ke Seka Ka Jewa ke Bodutu?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • O ka Fenya Bodutu Jang?
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 27
Mosetsana wa dingwaga tsa bolesome o lwantshana le boikutlo jwa go jewa ke bodutu

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng Ke se Na Ditsala?

O mo Internet, o lebile ditshwantsho tsa phathi nngwe ya bosheng. Ditsala tsotlhe tsa gago di teng e bile go lebega ba ja monate tota. Mme go tlhaela sengwe. Tota e bile, go tlhaela mongwe​—wena!

O ipotsa jaana: ‘Kante ke eng nna ke sa lalediwa?’

Go kgatlhegela go itse dilo go felela ka mahutsana. O ikutlwa e kete ba go tlhanogetse! E kete botsala jwa gago bo phutlhama jaaka ntlo ya mantlwane e e lotsatsa e e agilweng ka mabokose. O fekeediwa ke maikutlo a go jewa ke bodutu o bo o ipotsa gore, ‘Goreng ke se na ditsala?’

  • Dipotso ka bodutu

  • Boammaaruri ka botsala le bodutu

  • Ditsela tsa go fenya bodutu

  • Se balekane ba gago ba se buang

  • Go fenya poifo ka botsala

Dipotso ka bodutu

Boammaaruri kgotsa Maaka

  1. Fa o na le ditsala tse dintsi, le ka motlha o ka se jewe ke bodutu.

  2. Fa o ka dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho ka Internet, o ka se tlhole o jewa ke bodutu.

  3. Fa o romela melaetsa e mentsi ka founu ya selula, le ka motlha o ka se jewe ke bodutu.

  4. Fa o direla ba bangwe dilo, le ka motlha o ka se jewe ke bodutu.

Karabo ya dipotso tseno tsotlhe tse nnè ke maaka.

Ka ntlha yang?

Boammaaruri ka botsala le bodutu

  • Go nna le ditsala tse dintsi ga go tlhomamise gore o ka se tsoge o jelwe ke bodutu.

    “Ke rata ditsala tsa me, mme ka dinako tse dingwe ke akanya gore bone ga ba na sepe le nna. O ikutlwa o jewa ke bodutu thata fa o dikologilwe ke ditsala tse o di ratang mme go lebega tsone di sa go rate kgotsa di sa go tlhoke.”​—Anne.

  • Go dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho ka Internet ga go tlhomamise gore le ka motlha o ka se jewe ke bodutu.

    “Batho bangwe ba kokoanya ditsala fela jaaka batho ba ba ratang go kokoanya ditshwantsho tse di kgabisang. Mme go nna le ditshwantsho tse dintsintsi go ka se dire gore motho a ikutlwe a ratiwa. Fa o se na ditsala tsa mmatota, ditsala tsa gago tsa mo Internet di tshwana fela le ditshwantsho tse di kgabisitseng.”​—Elaine.

  • Go romela melaetsa e mentsintsi ga go tlhomamise gore o ka se tsamaye o jewa ke bodutu.

    “Ka dinako tse dingwe fa o jewa ke bodutu o nnela go tlhola founu ya gago go bona gore a go na le tsala e e go romeletseng molaetsa. Mme fa o setse o jewa ke bodutu o bo o lemoga gore ga go ope yo o lekileng go ikgolaganya le wena, seo se ka dira gore o jewe ke bodutu le go feta!”​—Serena.

  • Go direla ba bangwe dilo ga go tlhomamise gore o ka se tsamaye o jewa ke bodutu.

    “Ka metlha ke leka go nna pelotshweu mo ditsaleng tsa me, mme ke lemogile gore bone ga ba ntshware ka tsela eo. Ga se gore ke ikwatlhaela go ba bontsha bopelotshweu, mme go utlwisa botlhoko gore bone ga ba ke ba nna pelotshweu mo go nna.”​—Richard.

Ntlha ya botlhokwa: Tota bodutu ke kgang ya mogopolo. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Jeanette la re: “Bo tswa mo teng ga motho, e seng mo bathong ba bangwe.”

O ka dira eng fa o ikutlwa o se na ditsala e bile o jewa ke bodutu?

Ditsela tsa go fenya bodutu

Mosetsana wa dingwaga tsa bolesome o lwantshana le boikutlo jwa go inyatsa

Tokafatsa go itshepa.

“Bodutu bo ka bakwa ke go ipelaela. Go thata go nna botsalano le go amogela batho ba ba batlang go nna ditsala tsa gago fa o sa ikutlwe o tshwanelwa ke go kgatlhegelwa ke motho ope.”​—Jeanette.

Baebele ya re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Bagalatia 5:14) E le gore re nne le ditsala tse di siameng, re tshwanetse go ipona re le botlhokwa ka selekanyo se se rileng​—mme gone re sa ikgogomose.​—Bagalatia 6:3, 4.

Mosimane wa dingwaga tsa bolesome o mo maemong a a ngomolang pelo a go ikutlwela botlhoko

Tila go ikutlwela botlhoko.

“Bodutu bo tshwana le motlhaba o o totomelang. Fa o ntse o nwelelela mo go one, go nna thata go tswa. Fa o nnela go akanya kafa o jewang ke bodutu ka gone, go ise go ye kae, o tla bo o le motho yo o bodutu e bile go se na ope yo o batlang go nna le wena.”​—Erin.

Baebele ya re: “Lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Boammaaruri ke gore, fa re akanya ka rona fela, ga re tlhole re utlwela ba bangwe botlhoko jaaka pele mme ka jalo ga go motlhofo gore re nne le ditsala. (2 Bakorintha 12:15) Ga go nnete e e fetang eno: Fa katlego ya gago e ikaegile ka se ba bangwe ba se dirang, ruri o tla palelwa! Ka jalo, tota mafoko a a jaaka “Ga go na ope yo o ntlholang” le “Ga go na ope yo o ntaletsang” a dira gore batho ba bangwe e nne bone ba laolang boitumelo jwa gago. A ga se go ba fa taolo e e feteletseng?

Mosimane wa dingwaga tsa bolesome a gana sekerete

O se ka wa tsalana le mongwe le mongwe fela.

“Batho ba ba jewang ke bodutu ba batla go ratiwa, mme seo se ka dira gore ba felele ba sa tlhole ba kgathala gore ba ratiwa ke mang. Ba batla fela go ratiwa. Mme batho bangwe ba ka dira gore o ikutlwe o ratiwa go tswa foo ba bo ba go ja ntsoma. Go tswa foo o tla jewa ke bodutu le go feta.”​—Brianne.

Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Motho yo o suleng ke tlala, a ka ja sengwe le sengwe fela. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba se nang ditsala ba ka batla ditsala le mo bathong ba ba sa siamang. Ba ka nna ba bo ba wela mo diatleng tsa batho ba ba jang ntsoma, ba akanya gore botsala jo bo ntseng jalo bo siame le gore ba se ka ba solofela sepe se se botoka.

Konelo: Mongwe le mongwe o a tle a jewe ke bodutu; ke fela gore ba bangwe ba jewa ke bodutu go feta ba bangwe. Mme le fa bodutu e ka nna boikutlo jo bo utlwisang botlhoko thata, se se salang ke gore ke boikutlo fela. Gantsi re nna le maikutlo a a rileng morago ga go akanya, mme re ka kgona go laola dikakanyo tsa rona.

Lebelela dilo tse tota batho ba bangwe ba ka kgonang go di dira. Jeanette, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o tla tswelelang a le tsala ya gago e kgolo, mme o tla bona batho ba ba amegang ka wena. Mme go amega go lekane. Ke gone go thusang gore o se ka wa jewa ke bodutu.”

A o tlhoka thuso e e oketsegileng? Bala “Go Fenya Poifo ka Botsala.” Itseele le khopi ya PDF ya “Go Fenya Bodutu.”

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BUANG

Vanessa

“Bua le mongwe ka bodutu jwa gago. O se ka wa nna o fitlhile maikutlo a gago. Go ka direga gore batho ba bangwe ba ikutlwa jaaka wena. Ka dinako tse dingwe o tlhoka tsala e le nngwe fela gore o ikutlwe botoka.”​—Vanessa.

Taylor

“Ga se ka metlha o ka pegang ba bangwe molato ka ntlha ya bodutu jwa gago. Ka dinako tse dingwe ke wena o itlhaotseng. Ka jalo dira se o ka se kgonang go ipusetsa mo bathong. Fa seo se sa thuse, leka go dira ditsala tse disha​—gongwe le bangwe ba o kileng wa leka go tsalana le bone mo nakong e e fetileng.”​—Taylor.

Go fenya poifo ka botsala

“Tsala nngwe ya me e tshwenngwa ke bodutu jo bo sa feleng. Le fa a dikologilwe ke batho ba ba mo ratang, o sa ntse a akanya gore ga go na ope yo o mo ratang kgotsa yo o mo kgathalelang. O leka go dira gore batho ba akanye gore ga a na bothata jwa go ipelaela. Ke akanya gore fa a ntse a itira e kete ga a na bothata, o ithibela go nna le ditsala. Batho ba a kopanang le bone ba akanya gore ga a botsalano, mme batho ba ba sa tseyeng matsapa ba ka se tsalane le ene.

“Gape tsala ya me e tshaba go utlwisiwa botlhoko lebaibai, ka jalo fa batho ba leka go mo itse botoka, o tsaya gore ba na le maitlhomo a a sa siamang kgotsa o ipolelela gore botsala joo bo ka se nnele ruri. O jewa ke bodutu ka gonne bontsi jwa batho ga ba mo tlhaloganye, mme o gana go ba bolelela maikutlo a gagwe.

“Tsala ya me e tshwanetse go lemoga gore motho o tlhoka go bulela ba bangwe mafatlha ka selekanyo se se rileng gore a atamalane le bone le gore ba kgone go mo tlhaloganya. Seo se ba thusa gore ba mo neye se a se tlhokang—botsala. Ke solofela gore kgabagare tsala ya me e tla tokafala mme e ithute go fenya poifo ya gagwe ka botsala.”​—Elaine.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela