LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 11/8 ts. 18-20
  • “Fa o Feteleditse” Ke Fa o Ile Bokgakaleng Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Fa o Feteleditse” Ke Fa o Ile Bokgakaleng Bofe?
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ke Karolo ya Go Gola?
  • Go Atla go ka Tsala Eng?
  • “Fa O Feteleditse” ke fa O Ile Bokgakaleng Bofe?
  • A Re Feteletsa Dilo?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
    Tsogang!—2013
  • Diphatsa tsa go Tshameka ka Boitsholo jo bo sa Siamang ke Dife?
    Tsogang!—1994
  • Pono ya Gago ya Bonna le Bosadi—e Dira Pharologanyo Efe?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 11/8 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana . . .

“Fa o Feteleditse” Ke Fa o Ile Bokgakaleng Bofe?

“A ka tswee lo ka tlhagisa batho ka bodiphatsa jwa go feteletsa? . . . ‘Go phoraphorana’ gotlhe go tshwanetse ga bewa leitlho, ka gore ke gone mo go felelang ka tlhakanelodikobo. Potso ya me ke gore, melelwane e fa kae?”

EO KE potso e mosetsana mongwe a ileng a e botsa makasine mongwe wa basha. Mme gongwe ke potso e le wena o kileng wa e ipotsa.

Fa e le gore o Mokeresete, o tla tsaya tsia mafoko a a mo go 1 Batheselonia 4:3-6: “Gonne mo ke go rata ga Modimo, eboñ boitshèpishō yoa lona, ke go re, lo ithibè mo boakeñ; . . . Go re opè motho a se ka a tlola, me a herekanèla oa ga gabō mo seoñ se: gonne [Jehofa] ke èna mmusholosi mo diloñ cotlhe tse.”

Ka jalo le mororo o ka nna wa bo o tlhaloganya gore go tlhakanela dikobo ga Bakeresete ba ba sa nyalanang go phoso, o ka nna wa bo o sa ntse o ipotsa gore Modimo o leba jang go atlana, go kampana, kana go solasolana ga batho ba bong jo bo farologaneng.

A Ke Karolo ya Go Gola?

Sa ntlha, go botlhokwa go ela tlhoko gore Bibela ga e nyatse go bontshana lorato mo go phepa, mo go senang tshekamelo epe ya tlhakanelodikobo. Bakeresete ba pele ba ne ba bontshana lorato ba sa fitlhe. Gantsi ba ne ba ‘dumedisana ka katlo e e boitshepo.’ (Baroma 16:16; 1 Bakorintha 16:20) Tota le Bakeresete ba bong bo le bongwe ba ne ba atlana le go tlamaparelana.—Bapisa Ditihō 20:37.

Mo dingwaong di le dintsi, go atlana le go tlamparelana go sa ntse go tsewa e le mokgwa o o tshwanetseng wa go bontshana lorato lo lo tswang pelong. Lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi gompieno ba bontshana lorato ka ditsela tse di potang ka kwa ga se go ka tweng ke se se tshwanetseng. Tshekatsheko nngwe ya U.S. e ne ya fitlhela gore peditharong ya basha ba ba neng ba botsolotswa ba ne ba re ba kile ba phoraphorana le go tshwarana dikarolo tsa sephiri tsa mmele. Bangwe ba bone ba simolotse go dira jalo ba santse ba na le dingwaga tse 14 fela. Jaaka tshekatsheko e nngwe e ile ya lemotsha, 49 lekgolong ya bone e ne e phoraphorana jalo go ya bokgakaleng jwa gore ba bo ba sale ba kgotsofetse mo go tsa tlhakanelodikobo.

Bangwe fa ba buelela go tshameka jalo ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo ba re ke karolo fela ya go gola. Go ya ka buka e go tweng The Family Handbook of Adolescence, “go tshwaratshwarana dirwe le go okomelana go tlwaelesegile mo e ka nnang mo basheng botlhe ba ba itekanetseng sentle.” Batho bangwe ba bile ba buelela go phoraphorana. Buka e go tweng Growing Into Love ya ga Kathryn Burkhart ya re: “Mme e re ka go atamela gaufi thata le tlhakanelodikobo, bontsi jwa go phoraphorana go ka dirwa kwantle ga matshwenyego ape mme go dira tiro e e molemo ya go timola keletso ya tlhakanelodikobo.”

Lefa go ntse jalo, potso ke gore, Modimo one o lebang jang boitshwaro joo?

Go Atla go ka Tsala Eng?

Fa o le mo go ‘thunyeng ga bosha,’ dikeletso tsa tlhakanelodikobo di a bo di nonofile thata. (1 Bakorintha 7:36) Ka lebaka leo, ke ga tlholego fela go ikutlwa o batla go ultwa gore go ntse jang go atla kana go kgoma mongwe wa bong bosele. Mme legale buka ya The Family Handbook of Adolescence e tlhalosa gore: “Ka dinako tse dingwe, nonofo ya go kgona go ka tlhakanela dikobo, e tla pele thata ga go nna le maikutlo a a wetseng.” Ka boammaaruri, basha bangwe ga ba tlhaloganye ka botlalo gore go atla kana go solasola go ka tsosa maikutlo a thatano kana a keletso ya tlhakanelodikobo.

Ka jalo, ka botlhale o tshwanetse go ela tlhoko ditlamorago tsa go itshwara ka tsela e e ka nnang ya tsosa dikeletso tsa tlhakanelodikobo. Re ka reng fa e le gore ga o ise o lekane go nyala? Jaanong ke eng fa o suna kana o dira dilo ka tsela e e leng gore e ka nna ya go tsosetsa keletso ya tlhakanelodikobo? Se o ka se ipiletsang fela ka go dira jalo ke go ikutlwisa botlhoko. Seno se dirwa ke gore wena jaaka Mokeresete ga go na kafa o ka dirang gore maikutlo ao a thatano a felele kwa a tshwanetseng go felela teng—ka tlhakanelodikobo. Bibela e papamaditse gore dikamano tse di ntseng jalo di tshwanetse fela mo lenyalong.—1 Bakorintha 6:18.

Akanyetsa gape, le motho yo mongwe, yo o ka nnang a tsogelwa ke keletso ya tlhakanelodikobo ka ntlha ya ditiro tsa gago tsa thatano. A ga se go tlhoka go ikanyega, le go nna setlhogo, go atla kana go solasola mongwe yo o ka sekang wa mo nyala kana e bile o sa akanye lefa e le gone gore o ka mo nyala tota? (Bapisa Diane 26:18, 19.) Bibela e tlhagisa jaana: “[Motho] eo o selalome o ichwenya nama ea gagwè.”—Diane 11:17.

Ga se sephiri mo moithuting wa Bibela gore go kgoma kana go atla ka tsela ya thatano go ka tsosa keletso e kgolo ya tlhakanelodikobo. Bibela e bua ka go hepisiwa ga lekawana lengwe ke seaka sengwe. Ya re: “A mo chwara a mo atla.” (Diane 7:13) Katlo eo kana go kgoma moo go ka tsosa kgotelo e kgolo ya mmele. Fa go suasuana go ntse go tswelela mosimane kana mosetsana o nna a ntse a thuthafalela pele. Ka papamalo, mmele o ipaakanyetsa tlhakanelodikobo.

Fa e le gore batho ba nyalane, ba ka kgona go kgotsofatsa dikeletso tsa bone ka tsela e e itumedisang le e e tlotlegang. Mme fa batho ba ba sa nyalanang ba dira ditiro tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, mathata ga a kake a tlhoka go nna teng. Mo tshekatshekong nngwe, mokwadi mongwe ebong Nancy Van Pelt o ne a lemoga gore bontsi jwa basha ba ba neng ba phoraphorana thata ba ne ba dumela gore, jaaka fa ba ile ba bolela, “ba ile ba palelwa ke go itshwara.” Sekai ke sa mosetsanyana mongwe yo o ileng a patelesega go ya bokgakaleng jo a neng a ise a ke a ye kwa go jone pele. Le mororo a ne a se ka a tlhakanela dikobo o ne a letlelela, mosimane go mo phoraphora ka tsela e e feteletseng. A re: “Gone jaanong ke ikutlwa ke le leswe.” A se a neng a letlelela mosimane go se dira se ne se le maswe tota?

“Fa O Feteleditse” ke fa O Ile Bokgakaleng Bofe?

Basha bangwe ba ikutlwa gore fa fela ba sa tlhakanela dikobo, ga ba a feteletsa, gore se ba se dirang ga se maswe tota. Bibela e a gana. Mo go Bagalatia 5:19-21, moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ditihō tsa nama dia bōnala, tse e leñ boaka, le bomashwè, le bopèpè, . . . ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.”

Boaka ke eng? Lefoko la ntlha la Segerika le le ranotsweng go twe boaka ke por·neiʹa. Le raya tiro ya tlhakanelodikobo e go dirisiwang dirwe tsa tsalo mo go yone ke batho ba sa nyalana. Mosetsana mongwe yo o ileng a nopolwa mo go Seventeen o ne a letlelela mosimane yo o ratanang le ene go mo patelela gore ba dire tlhakanelodikobo ya molomo. O ile a re, “Ke ikutlwa ke le seeleele tota, ka gore ditsala tsa me tsotlhe tsa re di dira seo le basimane ba ba ratanang le bone le gore fa ke sa dire seo o tlile go ntlogela.” Dipatlisiso di bontsha gore palo e e tshosang ya basha ba ile ba dira mokgwa oo wa boitsholo jo bo sa siamang. Lefa go ntse jalo, ditiro tse di ntseng jalo ke por·neiʹa mme Modimo ga o di amogele.

Moaposetoloi Paulo gape o ne a amanya boaka le “bomashwè.” Lefoko la ntlha la Segerika ebong, a·ka·thar·siʹa, le tlhalosa bomaswe jwa mefuta yotlhe, mo puong le ka ditiro. Kwantle ga pelaelo go tla bo go se phepa gore motho a tsenye seatla sa gagwe kafa teng ga diaparo tsa yo mongwe, a mo apola diaparo, kana a solasola mo dirweng tsa sephiri, jaaka mabele. E bile tota, mo Bibeleng go solasola motho mabele go amanngwa le monate o o beetsweng banyalani fela.—Diane 5:18, 19; bapisa Hosea 2:2.

Lefa go ntse jalo basha bangwe ka bogoma fela ba gana go tsaya tsia melelwane eno ya bomodimo. Ba fetelela fela ka bomo, kana ka bogagapa ba nna le bommata ba le bantsi ba ba ka dirang bomaswe joo jwa tlhakanelodikobo le bone. Ka lebaka leo ba na le molato wa se moaposetoloi Paulo a neng a se bitsa “bopèpè.”

Dibuka di le dintsi di bontsha gore lefoko la ntlha la Segerika le le ranotsweng go twe “bopèpè” (a·selʹgei·a) le raya ‘ditiro tse di makgapha, tse di feteletseng, tsa go tlhoka botho, keletso ya bopelotshetlha, le go nna makgapha.’ Basha ba ba dirang bomaswe ba tshwana le baheitane ba Paulo a neng a bua ka bone. Ka ntlha ya “go kgwaralala ga dipelo tsa bōnè,” baheitane bao ba ile ba ‘felelwa ke maikutlo a setho, ba bo ba ineela mo bopepeng, go dira bomaswe jotlhe ka bopelotshetlha.’ (Baefesia 4:17-19) Kwantle ga pelaelo o tla tila go kgalwa mo go ntseng jalo!

Jaanong, ela tlhoko gore, ga go tlhokafale gore motho a tlhakanele dikobo gore a “fetelele” go ya ka Jehofa. Fa e le gore ga o ise o lekane go nyala, ga o a tshwanela go kgoma kana go atla motho ka tsela ya thatano. Mme ba ba mo thatanong ba tshwanetse go ela tlhoko gore mokgwa o ba bontshanang lorato ka one ga o nne leswe. Go boammaaruri gore, go tshwarelela mo melelwaneng ya bomodimo ga go motlhofo. Mme Modimo mo go Isaia 48:17 wa re: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna.”—Bona gape Bagalatia 5:16.

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Fa o sa nyala, boitshwaro jo bo ka nnang jwa go tsosetsa maikutlo bo ka nna jwa dira gore o swabe kana gore o dire sengwe se se maswe le go feta

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela