Diphatsa tsa go Tshameka ka Boitsholo jo bo sa Siamang ke Dife?
Lauraa o gakologelwa jaana: “Letsatsi lengwe tsala ya me ya mosimane e ne ya nketela mmè a santse a seyo, ka maikaelelo a go tla go leba thelebishine fela. Kwa tshimologong o ne a ntshwara ka letsogo fela. Mme ka tshoganetso fela, ke fa diatla tsa gagwe di ntshwara kwa le kwa. Ke ne ke tshaba go mo raya ke re o dirang; ke ne ke akanya gore o tla kgopisega a bo a tswa a tsamaya.”
KA JALO Laura le tsala ya gagwe ya mosimane ba ne ba simolola go tsaya tsela e e ileng ya ba tsenya kwa tengteng ga boitshwaro jo bo maswe. Go sunana mo go tseneletseng go ile ga tsala mekgwa e e maswe thata ya go tlhoka boitsholo. Mme mo malatsing ano mo lefatsheng, ke ba se kae fela ba ba ka tshosiwang ke boitshwaro jo bo ntseng jalo. Kana e bile, dipatlisiso di bontsha gore palo e kgolo ya basha ba United States ba a bo ba setse ba kile ba tlhakanela dikobo fa ba ya go tshwara dingwaga tse 19! Go sunana mo go tseneletseng le go phoraphorana dirwe tsa sephiri go tsewa e le selo se se sa reng sepe fela. Basha bangwe ba ikgantsha ka bokgakala jo ba ileng ba bo ya mo ditekeletsong tsa bone tsa dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo.
Ka maswabi, basha bangwe ba Bakeresete le bone ba ile ba itshwara ka tsela eo e e sa siamang. Go bonala ba akanya gore fa fela ba sa “tlhakanela dikobo,” go raya gore ga go na kotsi epe.
Tshenyego ya Semoya
Moo ga se boammaaruri gotlhelele. Bibela e kgala batho ba ba sa ikgapeng fa ba na le ba bong bo sele. Selo se bangwe ba ka tsayang gore ke go kgomana fela “mo go sa reng sepe” e ka nna ya bo e le se Bibela e se bitsang bomaswe, boitshwaro jo bo repileng, kana yone kgokafalo tota. Diphoso tse di masisi tseno di ka dira gore motho a lelekwe mo phuthegong ya Bokeresete.—Bagalatia 5:19, 21.
Ka jalo go tshameka ka boitshwaro jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo ga se selo se se tshwanetseng go tsewa motlhofo fela. Ke ‘go itshekolola nama le moya’—selo se se ka senyang kamano ya gago le Modimo. (2 Bakorintha 7:1) Kgabagare go ka nna ga dira gore mogopolo wa gago o ‘senyege o kgaogane le boitsheko jo bo tshwanelang Keresete.’ (2 Bakorintha 11:3) Mosha yo o dirwang ke ba bangwe gore a se ka a itshwara sentle, kana yo o dirang gore yo mongwe a se ka a itshwara sentle, ruri ga a ka ke a supa “loratō [lwa Bokeresete] lo lo cwañ mo peduñ e e itshekileñ, le segakolodi se se molemō, le tumèlō e e senañ boitimokanyō.”—1 Timotheo 1:5, 19.
Motho yo o supang lorato ka tsela e e feteletseng o ka nna a nna le mathata a maikutlo. Seno se tsalwa ke gore, jaaka setlhogo sa makasine wa Seventeen se re gakolola, “ditsela tse di farologaneng tse batho ba ka tshwaranang ka tsone . . . di ka tshwana le tlhakanelodikobo ka boleng le ka katamalano.” Ka jalo le mororo go tshwarana le go sunana go ka nna ga bo go le monate, mo basetsaneng segolobogolo go ka nna ga ba sia ka maikutlo a a lolea. Journal of Marriage and the Family ya re: “Basadi ba bolela fa ba nna le maikutlo a letshogo, go nna molato, go tshwenyega, ditlhong, le gone go tenega tota.”
A Mme ke Lorato Tota?
Sekaseka pego ya Bibela mo go Diane kgaolo 7, e e re bolelelang ka go hepisiwa ga lekolwane lengwe ke mosadi wa seaka. Mosadi yoo yo o senang boitsholo jo bo siameng o ne a raya lekolwane leo a re: “Ntlo, re inèlè mo thatoñ ka botlalō go ea moshoñ: a re ikgomotsè ka maratō.” Ga go belaetse gore kgang ya go ratiwa e ne ya kgatlha mosha yono. Mme boammaaruri ke gore seaka seo se ne sa “mo kgōna ka go bua sentlè ga [sone] mo gogolo, [sa] mo kgola ka go haka ga dipounama tsa [sone].” Ga se gore tota o ne a rata lekolwane leo; o ne a mo dirisa jaaka ba bangwe fela. O ne a mo itirisetsa ka botlalo.—Diane 7:18-21.
Ka tsela e e tshwanang, mo malatsing ano basha ba le bantsi—bogolo jang basetsana—ba dirisiwa fela jalo. Gantsi basetsana ke bone ba kgothalediwang go dira dilo tse di sa siamang. Go ya ka buka e go tweng The Compleat Courtship ya ga Nancy Van Pelt, “patlisiso nngwe e supile gore mafoko a [basimane] ba ratang go a dirisa thata ke a gore: ‘Fa e le gore o a nthata, o tla ntetla.’” Mokwadi o supa gore banna ba ile ba dirisa mafoko ano “go tswa fela kwa tshimologong.”
A mme motho yo o dirang gore o itshware ka tsela e e maswe e e nyadiwang ke Modimo Mogodimodimo o a bo a go rata tota? E seng go ya ka Lefoko la Modimo. Buka eo e re gakolola gore “loratō” lwa boammaaruri “ga lo ko lo diha kaha go sa chwanèlañ.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Mokwadi e bong Nancy Van Pelt o botsa jaana: “Fa a sena go tsaya se a se batlang, o na le bosupi bofe jwa gore o a go rata fa go sena fela? O ka nna wa fitlhela gore o ne a go itirisetsa fela.”—Bapisa 2 Samuele 13:15.
Fa mosimane a patelela mosetsana go itlhokomolosa segakolodi sa gagwe le thutuntsho ya gagwe ya Bokeresete, o a bo a ganetsa go ipolela gope ga gore ruri o a mo rata. Mme fa mosimane a ipolela gore ke Mokeresete, o a bo a ganetsa go ipolela gope ga gore ke Mokeresete. Mosetsana ope yo o ineelang mo go tshosiweng mo go ntseng jalo, o a dirisiwa, le seriti sa gagwe se tlhofofaditswe. Se se maswe ke gore, o a bo a dirile tiro e e leswe, gongwe kgokafalo, mo e leng go tlola molao wa Modimo fela thata.—1 Bakorintha 6:9, 10.
Go boammaaruri gore basetsana ba bangwe le bone ba a bo ba rata. Mme go dumelana go dira selo se se sa siamang ga go se dire gore se siame. Diane 14:12 ya re: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.”
Go Senya Botsala
Bangwe ba ka nna ba akanya gore go supetsana lorato ka go suasuana mmele go nonotsha botsala. Lefa go ntse jalo, go dira dilo tse di sa siamang tse di amanang le tlhakanelodikobo ga go nonotshe botsala. Go a bo tlhofofatsa. Mme e bile go ka fokotsa go tlotlana le go ikanyana. Mosetsana mongwe yo o neng a itshwara ka tsela e e seng phepa o ne a ipolela jaana: “Kwa morago ke ne ka nna le maikutlo a a seng monate ka mosimane yoo.”
Go sa ikgape ka nako ya thatano go ka tswelela ga nna le diphelelo tse di sa siamang le morago ga gore baratani ba nyalane. Boikgapo, bopelotelele, le bopelotshweu ke motheo wa kamano e e kgotsofatsang ya tlhakanelodikobo mo lenyalong. (1 Bakorintha 7:3, 4) Mme ka nako ya thatano, baratani bangwe ba na le go ineela mo mokgweng wa bobelotshetlha, ba itlhokomolosa boikgapo, le go tlhokomologa maikutlo a yo mongwe. Seno se ka dira gore lenyalo le thaege ka tsela e e sa jeseng di welang.
Fa go sunana mo go feteletseng le go kgomana di simologa, puisano e e nang le mosola e a khutla. Puisano ya go ntsha mafatlha—ka mekgele, ditsholofelo, le maikutlo—e emisediwa ke boitshwaro jwa go tlhoka tlhaloganyo jwa go gogomosana maikutlo. Diane 15:22 e tlhagisa jaana: ‘Kwa [go sa bulelanweng mafatlha teng] maikaelelo a tle a tlhaele.’ Ka ntlha ya go palelwa ke go thaya motheo o o nitameng wa lenyalo ka nako ya thatano, baratani ba le bantsi ba tshelela mo mahutsaneng le go ipona molato fa ba setse ba nyalane.
Bolaya Dikeletso tse di Phoso
Ntlha e nngwe e tshwanetseng go elwa tlhoko ke molaomotheo wa Bibela o o mo go Bakolosa 3:5: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula, le pelotshetlha, tse e leñ tihèlō ea medimo ea disètwa.” Go na le go tlosa “keleco e e boshula,” go sunana le go kgomana go a e tsosa. Lekawana lengwe le le bidiwang Jack le ne la ipolela jaana ka se se ileng sa diragala fa a na le moratiwa wa gagwe: “Kwa tshimologong e ne e le go sunana fela. Mme ke fa go simologa go sunana mo go tseneletseng le go kgomakgomana, mme nako nngwe ra bo ra batla re gokafala. Ke ne ke itse gore se re neng re se dira se ne se sa siama go ya ka melao ya ga Jehofa.”
Mosha mongwe yo o bidiwang Vera, yo le ene a neng a itshwara ka tsela eo e e sa siamang, o ne a dumelana gore go sunana le go kgomana go ne ga mo dira gore a batle go “tlhakanela dikobo.” Mme fa gongwe go direga fela jalo. Bibela e bontsha gore sebe se thatafatsa segakolodi sa motho. (Bahebera 3:13) Fa motho a ntse a tlwaela go dira dilo tse di sa tshwanelang, bosula bo a kekela. Tiro e e tsamaelanang le tlhakanelodikobo e tsala e nngwe. Laura (yo o umakilweng kwa godimo) a re: “Pele ga o lemoga, lo setse lo phoraphorana fela thata. Mme metsotsonyana e se kae moragonyana lo setse lo dira kgokafalo. Seo ke se se ntiragaletseng.”
Ka maswabi, seo se diragaletse palo e e seng kana ka sepe ya basha ba bangwe. Seane sa maloba sa re: “A motho o ka tsaea molelō mo sehubeñ sa gagwè, me diaparō tsa gagwè di sa she?” (Diane 6:27) Karabo ga e tlhoke go tlhalosiwa. Mme basha ba Bakeresete bone, ba tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso ya Modimo e e reng: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ.”—Bagalatia 6:7.
Gapegape, Lefoko la Modimo la re: “[Ga go na] seaka, leha e le motho eo o mashwè, leha e le moiphetlhi, eo e leñ moōbamedi oa medimo ea disètwa, eo o ka dihañ le boshwa bopè mo bogosiñ yoa ga Keresete le Modimo.” (Baefesia 5:5) Ka jalo, go tshameka ka boitsholo jo bo sa siamang go na le ditlamorago tse di masisi mme e bile go ka rontsha Mokeresete tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Tshenolō 22:15.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mangwe a maina a fetotswe.
[Mafoko a a mo go tsebe 16]
Go dira dilo le le setlhopha go go thusa gore o tile maemo a a raelang
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Go gololesega go feta selekanyo go dira gore botsala bo tswe seriti