Boammaaruri ka Keresemose, Isita, le Halowine
BIBELA e bontsha gore Jesu o ne a na le dingwaga di le 33 1/2 ka nako ya fa a ne a bapolwa mo masimologong a dikgakologo tsa ngwaga wa 33 C.E., ka nako ya Tlolaganyo ya Bajuda. Fa go balelwa go ya kwa morago, seno se raya gore o tshotswe mo masimologong a ngwaga.
Moletlo wa Saturnalia wa Baroma ba baheitane, o o neng e le wa go tsalwa ga letsatsi le le ka se kang la fenngwa, o ne o ketekiwa dikgwedi di ka nna tharo moragonyana. Go tlile jang gore go ketekiwa ga go tsalwa ga ga Jesu go sutelediwe kwa pele kwa go December 25, gore go tle go lebagane le moletlo wa seheitane wa go keteka matsalo a Letsatsi ka tsela e e tlhapatsang jaana?
Malatsi a December a a neng a le makhutshwane thata a ne a dira gore baobamedi ba letsatsi ba tshoge ka ntlha ya tumelabotlhodi ya gore modimo wa bone o a swa. Ba ne ba tshuba dikhantlele le melelo e megolo go leka go tsosolosa modimo yo o lwalang yoo. Go ne go lebega go na le mosola. Morago ga nako ya mariga ya fa lefatshe le katogile ikweitha thata ka December 21, modimo letsatsi o ne o lebega o tlelwa ke nonofo gape fa malatsi a ntse a simolola go lelefala.
Church Christmas Tab e tlhalosa gore: “December e ne e le kgwedi ya botlhokwa thata mo meletlong ya seheitane, mme Dec. 25 e ne e le mmangmmang ya boitlhapediso jwa nako ya mariga. Bangwe ba dumela gore bishopo wa Roma o ne a tlhopha Dec. 25 go nna letsatsi la botsalo jwa ga Keresete gore a tle a ‘itshepise’ meletlo ya seheitane. Go ne ga felela ka gore meletlo ya seheitane le ya Sekeresete e tlhakane ka tsela e e gakgamatsang mme go nne se gompieno lefatshe le se bitsang Keresemose.” Setlhogo seo se dumela gore: “Lefoko ‘Keresemose’ ga le yo mo Bibeleng. E bile gape Dikwalo ga di laele gope gore go ketekwe matsalo a ga Jesu.”
Ga go gakgamatse go bo moithutabodumedi ebong Tertullian a ne a ngongorega jaana: “Rona, ba re neng re sa itse sepe ka Bosabata, le ngwedi yo o rogwang le meletlo, e e kileng ya bo e amogelwa ke Modimo, jaanong re keteka Saturnalia [le meletlo e mengwe ya seheitane] gangwe le gape, re abelana dimpho, . . . metshameko le mediro e ketekiwa ka loshalaba lo logolo.”
Mopapa Gregory I o ne a tsweledisa pele mokgwa ono o o leswefatsang. Go ya ka makasine wa Natural History, “go na le gore mopapa a leke go nyeletsa dingwao le ditumelo tsa batho, o ne a ntsha taolo ya gore, di diriseng. Fa setlhopha sengwe sa batho se obamela setlhare, go na le go se rema, se itshepise mo go Keresete mme o bo o ba lesa gore ba tswelele ba se obamela.”
Boammaaruri le Maaka Ga Di Kopane Gope
A mogopolo ono wa go tswakanya o ne o amogelwa ke Modimo? Ela tlhoko kafa Modimo o neng wa tlhagisa batho ba gagwe ka teng fa ba ne ba ya go tsena mo Kanana wa boheitane: “U itisè gore . . . u se ka ua botsa kaga medimo ea eōna, ua re, Ana merahe e, e tle e dihèle medimo ea eōna yañ? le nna ke dihè hèla yalo. U se ka ua dihèla Yehofa Modimo oa gago yalo: gonne señwe le señwe se se makgapha mo go Yehofa, se o se ilañ, ba bo ba se dihetse medimo ea bōnè.” (Duteronome 12:30, 31) Tlhagiso e e tshwanang le eno e boeleditswe mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale [ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW, Satane]? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?”—2 Bakorintha 6:14, 15.
Ke eng se se kgopisang Modimo thata ka medimo eno ya maaka le kobamelo ya yone? Saturn e ne e le modimo wa letsatsi wa Baroma o o neng o tlotliwa ka Saturnalia. A mme seo se ne se tshwanela? Simon Schama, yo e leng porofesa ya hisitori kwa Yunibesithing ya Harvard, a re “o rata go ja, le go nwa fela thata le mefuta e mengwe ya bosilo.” Makasine wa Lear’s o bitsa holotei eo o re ke “ya moletlo o o neng o itsege thata ka botlhapelwa jwa mofine mo motlheng wa bogologolo.”
Makoko a a neng a obamela modimo wa letsatsi ebong Mithra a ne a tletse kwa Asia. Go ya ka moithutamotho ebong Gabriel Seabrook, e ne e le “modimo wa lesole, o o neng o hula baba ba one ka metswi e e bolayang le ka malwetsi a a sa alafesegeng mo ntweng.”
Mo bathong ba Ba-Aztec kobamelo ya letsatsi e ne e tletse tshololo ya madi le go feta. Makasine wa Natural History o tlhalosa gore “fa batho ba ne ba sa isediwe medimo ya letsatsi setlhabelo, sengwe le sengwe se ne se tla a swa—le medimo ya letsatsi tota.”
Fa o sekaseka tshimologo ya mokete ono (bona lebokose le le fa tlase), go ka nna ga se ka ga go gakgamatsa go bo baloi le baobamedi ba ga Satane ba sa ntse ba sisimoga letsatsi la December 25 fela thata. San Francisco Chronicle ya December 21, 1991, e nopola moloi mongwe yo gape e leng mokwadi yo o itsegeng wa dilo tsa seheitane a re: “Ke nngwe ya diholotei tse re supang botlhaga jwa rona ka tsone. Re sesa masa re lebile.” Leloko la setlhopha sa Covenant of the Goddess le ne la re: “Re dira moletlo mongwe wa sedumedi. . . . Maloko a baruti ba rona a tshameka motshameko wa masaitseweng wa go tsholwa ga ngwana wa letsatsi.”
A Modimo kana Morwawe o ka amogela tlotlo e e ntseng jalo, e e tshwantshetsang kobamelo ya medimo ya maaka?
A Ke Isita—Kana Ke Asetarate?
Moletlo ono wa diholotei wa lelapa o simologa go sa ntse go le moso fela thata fa ba tsoga go ya go dumedisa tlhabo ya letsatsi ka tshisimogo e kgolo. Bana ba apesiwa diaparo tse disha, ba iteetse le ka dihutshe tse disha tota. Moletlo o akareletsa ditshwantsho tsa mebutla, bommanki ba tletse ka mae a a takilweng ka mebala e e kgatlhang, le dikuku tse di tshwantshitsweng sefapaano. E tshwanetse ya bo e le Isita. Kana jang?
Nako ya dikgakologo e ne e le boitshepo thata mo bathong ba Finikia ba ba neng ba obamela tlhakanelodikobo. Modimo wa bone wa tsalo, eleng Aseterate, kana Ishetara (yo Bagerika ba neng ba mmitsa Aphrodite), o ne a tshwantshediwa ke lee le mmutla. O ne a rata madi le boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo mo go maswe. Difikantswe tsa gagwe di ne di supa ka makgetlho a a farologaneng a na le dirwe tsa tsalo tse di godisitsweng ka tsela e e tsitsibanyang mmele kana a tshotse lee ka seatla le mmutla o le fa letlhakoreng la gagwe. Boaka jo bo itshepileng e ne e le karolo ya kobamelo ya gagwe. Kwa Kanana, modimo wa tlhakanelodikobo o ne o dirilwe mosadi wa ga Baale. O ne a tlotlwa ka moletlo wa tlhakanelodikobo, baobamedi ba ne ba tsaya gore go tlhakanela ga bone dikobo go thantsha Baale le go dira gore a tlhakanele dikobo le mosadi wa gagwe. Go ya ka buka ya Recent Discoveries in Bible Lands, “ga go na lefatshe lepe gape le go neng ga fitlhelwa palo e e kana mo go lone ya ditshwantsho tsa modimogadi ono wa tsalo a sa apara sepe, tse dingwe tsa tsone di neng di le makgapha tota.”
Kafa tlase ga digopotso tsa gagwe kwa Carthage, go ne ga fitlhelwa dinkgwana di na le marapo a a sheleng a bananyana. Batsadi ba bone, ba gantsi e neng e le batho ba maemo, ba ne ba kopela dikhumo le maemo a bone masego mo medimong. Go ne ga fitlhelwa masalela a bana ba dingwaga tse di farologaneng mo go dingwe tsa dinkgwana, gongwe e ne e le bana ba motho.
Fa o leba lebokose le le fa godimo o bona kafa mediro ya segompieno e farologanyeng fela go le gonnye le ya bogologolo ka teng. Tota le leina Isita ga le farologane thata le la bogologolo la seheitane. A mme jaanong, eno ke yone tsela ya go tlotla Morwa yo o boitshepo wa Modimo?
Halowine—Bosigo jwa Bogologolo Jo Bo Boifisang
Ke bosigo jwa bofelo jwa October. Setlhopha se se apereng ka go tshwana, se dirisa lesedi la ngwedi go tsamaya le matlo ba bolela se ba se batlang ba tshosetsa batho thata. Dikgoro di a bo di katilwe ke dipone tse di nang le difatlhogo tsa maphutshe tse di tshosang di phatsimisa lesedi ka dikhantlele tse di tukang—di dirilwe ka mafura a batho. Mabati a mangwe one a elela madi a batho. Ke bosigo jwa ga Samhain, morena wa baswi wa Ba-Celt.
E bile go ka nna ga bo go sena moletlo ope wa e e “dirilweng ya Bokeresete” o Satane a itlotlang a sa iphitlhe le go gopola balatedi ba gagwe ba ba suleng mo go one go gaisa ono. Mokwadi ebong J. Garnier a re meletlo eno ya pogo le loso e ka latedisiwa go ya fela ka nako ya go bolawa ga balatedi ba gagwe ba batho bogologolo, le ka nako ya fa go ne go bolawa bana ba baengele ba ba oleng, ka nako ya Morwalela. Dingwao tsotlhe mo lefatsheng di na le meletlo ya baswi, “yotlhe e tshwarwa ka letsatsi leo, mme go ya ka pego ya ga Moshe, Morwalela o ile wa tla ka lone, kana gaufi le lone, le e leng, letsatsi la lesomesupa la kgwedi ya bobedi—kgwedi e e batlileng e lebagana le ya rona ya November.”—The Worship of the Dead, ka J. Garnier.
Baperisiti ba seheitane le bone ba ne ba ntse fela jalo. Ka October 31, go ne go twe Samhain o ne a golola meya ya baswi gore e kopane le batshedi. Baperesiti ba seheitane ba ne ba gobeya le mekgwatha ba tshotse dipone, mme fa ba tla fa ntlong, ba ne ba batla madi a a ntshediwang Satane.
Halowine ke letsatsi le legolo la meletlo ya kobamelo ya ga Satane. Go ya ka setlhogo sa USA Today, “Ke holotei ya bodumedi jwa kobamelo ya baswi, e mo go yone baobamedi ba ga Satane ba ntshang ditlhabelo le baloi ba ketekang ka setu ba ntse ba refosana go rapela kana ba a ja dijo tsa baswi.” E ne ya nopola moloi wa Washington ebong Bryan Jordan a re, “[Bakeresete] ga ba lemoge, mme ba keteka le rona moletlo wa rona. . . . Re rata thata fa ba dira jalo.”
Batsadi, a lo batla bana ba lona ba etsa meletlo eno e e maswe ya kobamelo?
[Lebokoso mo go tsebe 20]
Ditshwantsho tsa Keresemose
Setlhare sa Keresemose “ga se amane thata le moletlo wa Bokeresete mme se amana thata le go nna teng ka dingwaga di le diketekete ga mekgwa ya kobamelo ya seheitane ya go keteka lesedi la mariga le go tsholwa sesha.” (The Boston Herald) “Ditlhare tse di nang le dilo tse di lepelelang mo go tsone e ne e le karolo ya meletlo ya seheitane ka makgolokgolo a dingwaga.”—Church Christmas Tab.
Setlhare se go tweng holly se ne se ratiwa thata ke Ba-Celt “go dira gore medimonyana ya lelapa e itshware sentle ka nako ya fa letsatsi le tla bo le le kgakala thata le ikweitha ka nako ya mariga. . . . Se ka sireletsa mo bosuleng, sa thusa mo go tlhaloganyeng ditoro, le go sireletsa ntlo gore e se ka ya rathiwa ke tladi.”—Beautiful British Columbia.
Boletswa “bo tlile le Baperesiti ba seheitane go tswa kwa Ennyelane ba ba neng ba bo dirisa mo kobamelong e e sa tlwaelesegang e e tsamaisanang le dinonofo tsa bodimona le tirisabadimo.”—Church Christmas Tab.
Ka December 25 “baobamedi ba ga Mithra ba ne ba keteka botsalo jwa ga Mithra . . . Ga go na le fa e le bosupi bope go tswa mo Bibeleng jo bo supelang gore December 25 e ne e le letsatsi la Botsalo jwa ga Jesu.”—Isaac Asimov.
Go aba dimpho e ne e le karolo ya moletlo wa Saturnalia. “Go ne go solofelwa gore o abele ditsala tsotlhe tsa gago dimpho mo moletlong ono.”—Ancient Italy and Modern Religion.
Naledi “e e mo setlhareng e ne e obamelwa kwa Botlhaba e le setshwantsho sa boitsheko, bomolemo le kagiso ka dingwaga di le 5 000 pele ga botsalo jwa ga Keresete.”—United Church Herald.
Khantlele “ga e a thaega . . . mo lefelong le le itshepileng la Bokeresete. Re e tsere mo sebesong se se tlileng pele, sa setlhare sa ouko sa Baperesiti ba baheitane.”—United Church Herald.
Santa o utswilwe “mo ditlhamaneng tsa Jeremane wa bogologolo: ‘Thor e ne e le monnamogolo, a le ditshegwana e bile a le botsalano, a le mokima a na le ditedu tse ditelele tse di tshweu. O ne a palame kara ya dipitse mme go ne go twe o nna ka kwa Northland . . . O ne a tshwantshediwa ka molelo, a le mmala mohibidu. Leiso la lelapa lengwe le lengwe le ne le le boitshepo mo go ene, mme go ne go twe o tsena mo go lone ka tšhimeni.”—United Church Herald.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Mekgwa le Meletlo ya Dikgakologo
Isita e ne e le “moletlo wa dikgakologo wa go tlotla Teuton yo e leng modimogadi wa lesedi le dikgakologo yo o neng a bidiwa Isitere ka Se-Anglo-Saxon kwa tshimologong.” (The Westminster Dictionary of the Bible) “Ga go na bosupi jwa go ketekiwa ga moletlo wa Isita mo Tesetamenteng E Ntšha.”—Encyclopædia Britannica.
Mmutla “e ne e le modisa wa modimogadi wa Sejeremane ebong Osetara.”—Funk & Wagnalls Standard Dictionary of Folklore, Mythology and Legend.
Mae “gatwe a ne a takiwa le go jewa mo meletlong ya dikgakologo kwa Egepeto, Peresia, Gerika, le Roma tsa bogologolo.”—Celebrations.
Hutshe ya Isita kwa tshimologong “e ne e le kgare ya dithunya kana matlhare. Korone eo e ne e emela letsatsi le le kgolokwe le tsela ya lone kwa magodimong e e neng e tlisa dikgakologo.” Diaparo tse disha tsa Isita di ile tsa nna teng ka gore “go ne go tsewa gore ke go tlhoka maitseo e bile e le go ipiletsa dikgaba go dumedisa modimogadi wa Scandinavia wa Dikgakologo, kana Isitere, fa motho a tla a sa apara diaparo tse disha, e re ka modimogadi a ne a apesa lefatshe diaparo tse disha.”—The Giant Book of Superstitions.
Dibanse tse di nang le sefapaano: “Fela jaaka go ne go ntse ka Bagerika, Baroma le bone ba ne ba a ja borotho jo bo neng bo tshwantshitswe sefapaano . . . ka nako ya ditlhabelo tsa botlhe.” Di ne di jewa ke Ba-Saxon ba baheitane ba tlotla Isita.—Encyclopædia Britannica.
Meletlo e e tshwanang ya ditirelo tsa fa letsatsi le tlhaba “e ne e dirwa ka nako ya fa bosigo le motshegare di lekana ka boleele mo lefatsheng lotlhe go amogelwa letsatsi le thata ya lone e kgolo ya go lere botshelo jo bosha mo dilong tsotlhe tse di tlhogang.”—Celebrations.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Medi E E Maswe ya Halowine
Megaga le go apara paka: “Ba-Celt ba ne ba tlogelela meya dijo, dino, le diamaleng tse dingwe mme go tsweng foo ba bo ba e tsietsa gore e tlogele go nna le batshedi ka go rwala megaga le go apara paka ba bo ba ya go ema kwa thoko ga motse.”
Melelo e megolo “totatota [e ne e le] ‘melelo ya marapo’” e mo go yone “baperesiti ba neng ba batla go itumedisa modimo wa letsatsi ka go ntsha diphologolo ditlhabelo, mme fa gongwe le batho tota.” (The Tampa Tribune) “Ka go lebelela kafa ditlhabelo di neng di e swa ka teng, Baperesiti ba baheitane ba ne ba etse tlhoko go bona gore go tlile go diragala eng mo isagweng.”—Beaumont Enterprise.
Mpha sengwe eseng jalo ke tlile go go sotla: “Kgoeletso ya Baperesiti ba baheitane e ne tshwantshanngwa le ‘mpha sengwe eseng jalo ke tlile go go sotla’ wa malatsi ano.”—Central Coast Parent.
Dipolelo tse di tshosang: “Meletlo le mekgwa e e neng e tletse tshololo ya madi ya Baperesiti ba baheitane e tsweledisiwa mo mainaneng a basha a a buang thata ka dipoko le meya. . . . Diphathi tsa Halowine le go bolelwa ga mainane a a tshosang le gone go simologile ka dinako tsa Baperesiti ba baheitane fa go ne go dumelwa gore meya e kgarakgatshega le naga.”—The Tampa Tribune.
Lefa gone diholotei tseno di simologile kwa boheitaneng, bangwe ga ba kake ba dumelana le go rontsha bana go ja monate wa mekete ya segompieno. Gone e bile, ke eng se bana ba ba nang le kitso ba se itseng ka Saturn, Asetarate, le Samhain? Bangwe ba itse go le gonnye fela. Gape ba itse gore ga ba batle go nna le seabe mo tsone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Mithra
Thor
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Mithra: Musée du Louvre, Paris
Thor: The Age of Fable by T. Bulfinch, 1898
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Asetarate
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]
Skull: U.S. Forest Service Photo