LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 4/8 ts. 5-9
  • Modimo O Leba Jang Paseka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo O Leba Jang Paseka?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hisitori E A Tlhalosa
  • A E Simologile kwa Boheitaneng?
  • Go Sokamisiwa ga Thuto ya Bibela
  • Bibela E Ntsha ka Tlhaa
  • Kobamelo E E Phepa le E E sa Leswafadiwang
  • Segopotso sa Loso lwa Gagwe
  • Ista Kana Segopotso—Ke Ofe o o Tshwanetseng go o Keteka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Wena Paseka O E Leba Jang?
    Tsogang!—1992
  • Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Ista?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Baebele ya Reng ka Ista?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 4/8 ts. 5-9

Modimo O Leba Jang Paseka?

PASEKA—“moletlo gareng ga meletlo!” festum festorum!—ga twe e direlwa go keteka tsogo ya ga Keresete. Mme lefa go le jalo Jesu ene o ne a reng mabapi le go ketekwa ga segopotso sa tsogo ya gagwe? A baaposetoloi ba ne ba re laela gore re e keteke? A go ketekiwa ga Paseka ke taelo e e tswang kwa Modimong kgotsa ke dingwao tse di iteretsweng ke batho? O ka bona dikarabo tsa dipotso tseno motlhofo fela ka go sekaseka metswedi e mebedi ya tshedimosetso—hisitori le Bibela.

Hisitori E A Tlhalosa

Santlha, hisitori yone e a reng? Raditiragalo eleng Socrates Scholasticus, yo o neng a kwala mo lekgolong la botlhano la dingwaga la motlha wa rona o o tlwaelegileng o ne a bega jaana mo bukeng ya gagwe e go tweng Ecclesiastical History: “Mo go nna go lebega okare moletlo ono wa Paseka o tsentswe mo kerekeng o tsewa mo tirisong nngwe ya bogologolo, fela jaaka go ile ga nna ka dingwao tse dingwe tse dintsi.”

Buka ya Curiosities of Popular Customs e tlhalosa gore e ne e le mokgwa wa “Kereke go kgomaretsa meletlo eo e neng e le teng ya boheitane Bokeresete ka tsela eo eleng gore go ne go se motlhofo go di kgaoganya. Fa e le ka go fetolelwa ga Paseka gone go ne go le motlhofo ka tsela ya gone go le nosi. Go ipelela tlhabo ya letsatsi la tlholego, le go tsogologa ga tlholego go tswa mo losong lwa mariga, go ne ga fetoga go ipelela go tlhaba ga Letsatsi la tshiamo, ka tsogo ya ga Keresete go tswa mo lebitleng. Mengwe ya meletlo ya boheitane e e neng e dirwa mo malatsing a a seng kgakala le letsatsi la ntlha la May e ne ya sutisiwa gore e lebagane le mokete wa Paseka. Mekgwa e mesha le yone e ne ya tlalelediwa mo teng.”

Mo bukeng ya gagwe ya Celebrations, Robert J. Myers o dumalana le seno, a tlhalosa gore “mekgwa ya mediro ya go tsalwa sesha ya seheitane, e e neng e ketekwa ka nako ya go ipelela nako ya dikgakologo eo bosigo le motshegare di lekanang ka botelele gongwe le gongwe, e ne ya fetoga karolo ya moletlo oo.” Dipolelo tseno di engwa nokeng ke The New Encyclopædia Britannica, e e reng: “Fela jaaka go ntse ka Keresemose, go ntse fela jalo le ka Paseka, dingwao tseo di tlotlomadiwang ka nako eo di bontsha fela thata masalela a dingwao tsa bogologolo tsa boheitane—mme mo kgannyeng eno ya [Paseka], di amana le mekgwa ya mediro ya go ungwa e e dirwang ka nako ya dikgakologo, jaaka setshwantsho sa lee la Paseka le sa mmutla wa Paseka.”

A E Simologile kwa Boheitaneng?

Go papametse he, gore meletlo ya Paseka jaaka e ntse mo metlheng eno e tletsetletse ka mekgwa le dingwao tsa boheitane. Legale, seno ga se reye gore go ketekiwa ga Paseka ga go na kamano epe le dingwe tsa ditiragalo tse di mo Bibeleng.

Ka sekai, go ile ga kaiwa fa Paseka e eme mo maemong a Tlolaganyo ya Bajuda, eo eleng tiragalo e e mo Bibeleng. Buka ya Curiosities of Popular Customs e re bolelela gore “mo Kerekeng ya pele Paseka e ne e ketekiwa ka letlha le le lengwe fela le Tlolaganyo ka ebile meletlo e mebedi eno e na le ditso tse di tshwanang.” Ga go gakgamatse he, go bo mo dipuong di le mmalwa, jaaka Sefora, Segerika, Setadiana, Sepanishe, le tse dingwe, lefoko Paseka le lefoko Tlolaganyo a tshwana kgotsa a le mabapi.

Lefa go le jalo, Bakeresete ba pele ba ne ba sa keteke moletlo wa ngwaga le ngwaga wa Tlolaganyo ya Bajuda o o neng o tswaisitswe ka Sekeresete. Abingdon Dictionary of Living Religions e tlhalosa jaana mabapi le Paseka: “Moletlo ole wa bogologolo totatota o ne o ketekiwa mabapi le go bapolwa ga ga Jesu (Nisane 14, go ya ka khalendara e e dirisang ngwedi ya Sejuda).”

Bibela e re bolelela gore mo maabanyaneng a pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a kopanela le barutwa ba gagwe mo kamoreng nngwe e kgolo go keteka moletlo wa Tlolaganyo wa Sejuda. (Mareko 14:12-16) Erile morago ga, Tlolaganyo eno ya gagwe ya bofelo, ke gone Jesu a ileng a tlhoma se se itsiweng ka leina la Selalelo sa Morena. Go tsweng foo o ne a laela barutwa ba gagwe a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.”—Luke 22:19.

Selalelo seno sa Morena, seo se neng se tshwanetse go ketekiwa gangwe fela ka ngwaga, e ne e le segopotso sa loso lwa ga Jesu. Moaposetoloi Paulo o ne a re mabapi le segopotso seno: “Gonne ka galè ea re lo ya senkgwè se, le go nwa senwelō, lo bo lo bolèla losho loa Morèna.”—1 Bakorintha 11:25, 26.

Go Sokamisiwa ga Thuto ya Bibela

Ka go utlwa taelo eno ya Dikwalo, Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba keteka moletlo ono ngwaga le ngwaga ka di 14 tsa Nisane. Lefa go le jalo, fa nako e ntse e ya, batho ba ne gape ba simolola go keteka tsogo ya ga Jesu. The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore “Bakeresete ba pele ba ne ba keteka Tlolaganyo ya Morena ka nako e e tshwanang le ya Bajuda, mo bosigong jwa Ngwedi wa ntlha yo o tletseng (paschal) wa kgwedi ya ntlha ya dikgakologo (Nisane 14-15). Mme erile mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, dikereke ka bontsi tsa bo di setse di sutiseditse moletlo ono go o isa kwa go Sontaga yo o tlang morago ga moletlo wa Sejuda.”

Buka ya Seasonal Feasts and Festivals e a re: “Go lemotshega fa Labotlhano yo o Molemo le Letsatsi la Paseka di ile tsa simolola go ketekiwa mo malatsing a a farologaneng go ya bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga kwa Jerusalema.”

Bakanoki bangwe ba dumela gore ka ntateng ya kilano e e neng e golela pele gareng ga ba ba neng ba ipitsa Bakeresete le Bajuda, bangwe ba baeteledipele ba Labokeresete ba ne ba sa batle gore letsatsi la bone la boikhutso le le botlhokwatlhokwa le tsamaelana ka letlha le la botlhokwatlhokwa la Bajuda. Boikutlo jono bo ile jwa felela ka gore go dirwe diphetogo. Fa nako e ntse e ya bontsi jwa Labokeresete bo ne jwa simolola go keteka tsogo ya ga Jesu ka Sontaga wa ntlha morago ga ngwedi yo o tletseng yo o salang morago nako eo ka yone bosigo le motshegare di lekanang ka yone ka botelele gongwe le gongwe mo go diragalang ka dikgakologo mme ba ile ba dira seno moletlo wa bone o mogolo wa sedumedi. Mme ka go dira jalo ba ile ba nyenyefatsa moletlo wa loso lwa ga Jesu ba o fetola o o seng mosola go le kalo.

Ka jalo, go ya ka metswedi eno ya tshedimosetso, totatota seo Paseka ya Labokeresete e se dirang ke go tseela go ketekiwa ga loso lwa ga Jesu mo go neng go dirwa kwa tshimologong maemo.

Bibela E Ntsha ka Tlhaa

Bibela yone ya reng ka Paseka? Ke boammaaruri, Dikwalo di re fa bosupi jo bo tletseng mabapi le gore Jesu o ne a tsoswa. Go tsosiwa ga ga Keresete ke yone thuto ya konokono ya Bokeresete jwa boammaaruri. Kwantle ga pelaelo moaposetoloi Paulo o ne a dumela seno. O ne a re: “Me ha Keresete a sa cosiwa, hoñ thèrō ea rona ke lehèla; tumèlō ea lona le eōna ke lehèla. Me ha Keresete a sa cosiwa, tumèlō ea lona ke lehèla; lo sa nntse lo le mo dibiñ tsa lona.”—1 Bakorintha 15:14, 17.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ga go na gopegope mo Bibeleng fa go umakiwang ka mokete wa ngwaga le ngwaga wa tsogo ya ga Jesu gone. Raditiragalo ebong Socrates Scholasticus o ne a dumalana jaana: “Mmoloki le baaposetoloi ba gagwe ga baa ka ba re patika ka melao epe ya gore re boloke moletlo ono: Tota le gone mo Tesetamenteng E Ntšha ga re tshosiwe ka katlholo, kotlhao, kgotsa le yone phutso epe fa re o tlhokomologa.” Bosheng fela jaana makasine wa The Christian Century o ne wa tlhalosa jaana mo setlhogong se se neng se bua ka Paseka: ‘Bakeresete ba pele ba ne ba simolola go keteka tsogo mo lekgolong la bobedi la dingwaga.’ Ka jalo, Paseka e ne ya simololwa dingwaga tse dintsintsi morago ga gore baaposetoloi ba swe le morago ga gore go fediwe go kwalwa ga Bibela. Ga se sephiri gore dilo tse di dirwang ka Paseka ke tse di itiretsweng ke batho go na le go tswa kwa Modimong.

Lefa go le jalo, bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Se se phoso ke eng ka go gopola tsogo ya ga Jesu?’ Ke boammaaruri gore, Bibela ga e re Bakeresete ba keteke Paseka. Mme lefa go le jalo a go na le sengwe mo Bibeleng se se thibelang go e keteka?

Kobamelo E E Phepa le E E sa Leswafadiwang

Go boammaaruri gore, ga go na thibelo epe e e papametseng mo Bibeleng mabapi le go ketekiwa ga tsogo ya ga Jesu. Lefa go le jalo, Bibela e tlhagisa Bakeresete kgatlhanong le go tswaka kobamelo e e phepa ka dingwao tsa batho. Seno se tla dira segolo jang mo ngwaong, e e jaaka Paseka, e e tswakantsweng le dingwao tsa boheitane le mekgwa ya bogologolo ya bodumedi jwa maaka.

Alan W. Watts o ne a tlhalosa jaana mo ketapeleng ya buka ya gagwe ya ditsebe tse 123 e e buang ka Paseka: “Polelo e e tletseng eo eleng mabapi le Paseka ke motswako o o raraaneng fela thata wa hisitori le ditlhamane—o raraane fela thata mo eleng gore go leka go o rarabolola ke tiro e e thata go ka dirwa mo bukeng e khutshwane jaaka eno.” Jaanong fa go ntse jalo ka Paseka, a Modimo o ne o ka amogela kobamelo ya rona fa e le gore e akaretsa motswako wa dingwao tse di ntseng jalo tsa boheitane? Le eseng. Modimo o amogela fela “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ.” Mme seno se raya go “sa mathwe gopè ke lehatshe,” go kopanyeletsa le dingwao tsa lefatshe leno tse di amanang le Paseka.—Yakobe 1:27.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete kgatlhanong le go tsenya dingwao tsa batho mo phuthegong fa a ne a re: “Lo itisè e se be kgotsa go bo go le moñwe eo o lo thopañ ka botlhayana yo eleñ yoa gagwè le ka tsieco e e ithamakañ, kaha melaōneñ ea batho, le kaha ditlhakeñ tsa kicō ea lehatshe, me e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete.”—Bakolosa 2:8.

Jesu ka boene o ne a bua kgatlhanong le dingwao tsa Bajuda tseo di neng di sokamisa boammaaruri jwa Dikwalo mme di tswaka kobamelo ya boammaaruri. Pego ya mafoko a ga Jesu a a neng a a lebisitse kwa baeteledingpele ba bodumedi ba motlha wa gagwe a a kwadilweng mo go Mareko 7:6-8 a re: “Isaia o boletse sentlè kaga lona baitimokanyi, yaka go kwadilwe, ga twe, Ba chaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bōnè, me dipelo tsa bōnè di kgakala le nna. Ba nkōbamèlèla lehèla, ka ba ruta ka dithutō tse e leñ melaō ea batho hèla. Le tlogèla taolō ea Modimo, lo tshegeditse mekgwa ea batho hèla.”

Bibela e re tlhagisa jaana mo go 2 Bakorintha 6:14-17: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamolōlō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō ehe le Beliale? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologane, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekogileñ.”

Segopotso sa Loso lwa Gagwe

Mo godimo ga moo, go ya ka thuto ya Bibela, thulaganyo ya poloko ya rona e kopanyeletsa go re ntshetsa setlhabelo ga ga Jesu sa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, tsogo ya gagwe, le go isa boleng jwa setlhabelo sa gagwe kwa Modimong kwa legodimong. Dintlha tseno tsotlhe di botlhokwa. (Bahebera 7:25; 9:11-14) Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba keteke segopotso sa loso lwa gagwe. Ke yone fela tiragalo e Dikwalo di laelang gore e gopolwe ke Bakeresete.

Monongwaga dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa ba tla kopana morago ga letsatsi le sena go phirima, ka April 17 (Nisane 14), 1992, go keteka segopotso sa loso lwa ga Jesu. Mokete ono o tla akaretsa polelo e e tlhalosang ka se se kaiwang ke loso lwa ga Keresete lwa setlhabelo. E tla go thusa go anaanela kafa lorato lwa ga Jehofa Modimo lo leng logolo ka teng mo sethong ka go ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi e le gore o ke o nne le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Kopanela le rona mo letsatsing le le botlhokwatlhokwa go gaisa otlhe la 1992!

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]

Meletlo ya seheitane e ne ya sutisiwa gore e tsamaelane le go ketekiwa ga Paseka

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]

Ga gona gope mo Bibeleng fa go umakiwang ka go dirwa ga mokete wa ngwaga le ngwaga wa tsogo ya ga Jesu

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Lefoko “Easter” (Paseka) le Simologile Kae?

▪ “Leina, le le dirisiwang ke Maesemane le Majeremane, kwantle ga pelaelo le tshwanetse go bo le tswa mo go la modimogadi wa Ba-Saxon ba baheitane, eleng Ostara, Osterr, kgotsa Eastre. E ne e le mothofatso ya Botlhabatsatsi, moso, le dikgakologo.”—Curiosities of Popular Customs, e e kwadilweng ke William S. Walsh.

▪ “Re bolelelwa jaana ke raditiragalo wa bogologolo wa Moesemane, Motlotlegi Bede, gore lefoko ‘Easter’ [Paseka] e ne e le leina la modimogadi wa Anglo-Saxon wa mahube, yo o neng a bidiwa Eostre kgotsa Ostara, yo go ketekwa ga moletlo wa gagwe o mogolo go neng go dirwa ka nako ya dikgakologo eo ka yone bosigo le motshegare di lekanang gongwe le gongwe. Bede ke ene fela a re bolelelang seno, ereka go sena pego epe gape ka modimogadi yono gopegope, mme lefa go le jalo ga go lebege fa Bede yo e neng e le Mokeresete yo o tiileng, a ne a ka bo a ile a bua gore Paseka e simologile kwa boheitaneng fa e le gore go ne go sa nna jalo. Mme lefa e ne e le gore gongwe ga go ise go ko go nne le modimogadi wa mofuta oo, go lebega go na le go amana gongwe ka hisitori ga mafoko ‘Easter’ le ‘East,’ eleng kwa botlhabatsatsi.”—Easter—Its Story and Meaning, e e kwadilweng ke Alan W. Watts.

▪ “Go ntse go tumile thata gore tshimologo ya lefoko le le tlhalosang moletlo wa Tsogo ya ga Keresete le tswa mo go la modimogadi wa dikgakologo ebong Anglo-Saxon Eastre. Lefa go le jalo, ditshekatsheko tsa bosheng jaana ka Knobloch . . . di neela tlhaloso e nngwe e e farologaneng.”—New Catholic Encyclopedia.

▪ “Leina la Seesemane ebong Easter, fela jaaka la Sejeremane ebong Ostern, go lebega a tswa mo go Eostur, eleng lefoko la Se-Norse le le rayang paka ya dikgakologo, mme eseng go tswa mo go Eostre, eleng leina la modimogadi wa Anglo-Saxon.’—The Encyclopedia of Religion.

[Tšhate mo go tsebe 8]

PASEKA TLOLAGANYO

Se-Denmark påske påske

Se-Dutch Pasen joods paasfeest

Se-Finland pääsiäinen pääsiäinen (juutalaisten)

Sefora Pâques La Pâque

Segerika Paskha Paskha

Sejeremane Ostern Passah

Sentadiana Pasqua Pasqua ebraica

Sepanishe Pascua florida Pascua

Seswahili Pasaka Pasaka

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mekgwa ya mediro ya bogologolo e e tswang mo boheitaneng e ne ya tswaisiwa ka Bokeresete mme ya tsenngwa mo meletlong ya Paseka

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Mantsiboa a na le barutwa ba gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela