Wena Paseka O E Leba Jang?
NAKO ke 8:30 mo maitseboeng. Batiakone ba ba ka tshwarang 20 ba ba itlamileng ka megala e mesweu baa opela le go letsa meropa, mo kerekeng e e letobo e e saleng e agilwe jale mo dingwageng tse 300 tse di fetileng kwa Bophirima jwa Aferika. Lonko lwa motu o o nkgisang monate le anama go tswa mo dikgamelong tse go fisetswang motu mo go tsone. Baruti jaanong le bone ba tsena mo moletlong, ba bala Bibela ka Se-Geez eo eleng puo ya bogologolo e e dirisiwang mo kobamelong. Baobamedi ba tlhwaya tsebe. Ke ba sekae fela mo go ba ba leng teng ba ba tlhaloganyang se se buiwang. Moletlo o tswelela go fitlhelela nako ya boraro mo mosong.
Kwa Vatican City mopapa o tshwere Mmisa o o kgethegileng. Bareetsi ba gagwe ba ba tlileng kokoanong eno e e kgethegileng ba kopanyeletsa baemedi ba mafatshe a sele botlhe ba ba kwa Vatican, le makgolokgolo a bakadinale, bobishopo ba bagolo, baruti, le baitlami le diketekete tsa baeti ba baineedi.
Go kgabaganya Atlantic, kwa New York City, mapodise a beile dikganedi go kgoreletsa dikoloi go tsena mo mokgwatheng wa maratagolejwa wa Fifth Avenue. Mokoloko wa batho ba New York ba ba apereng ka matsetseleko—banna ba rwele ditlhoro tse ditelele le dibaki tse di megatla le basadi ba ba apereng ditlhoro tse di phaphaselang—ba gata ka borepe mo mokgwatheng ono ka mekgabiso e e feteleditsweng.
Ke eng se se diragalang fano? Ke moletlo wa Paseka. Mo lefatsheng ka bophara, go na le batho ba le bantsi ba ba tseelang moletlo ono wa bodumedi kwa godimo thata. Bangwe ba bile ba o bitsa mmameletlo le festum festorum—mafoko a Selatine a a rayang “moletlo gareng ga meletlo.”
E Botlhokwa go le Kanakang mo go Wena?
O akanya eng ka Paseka? A o itse gore ke ka ntlha yang fa e ketekiwa? Bontsi ga bo itse. Patlisiso nngwe eo e ileng ya dirwa kwa Borithane e ne ya bontsha gore motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba bararo ba Borithane ga a itse gore ke ka ntlha yang Paseka e ketekiwa. Lefa go le jalo, kwa Borithane, fela jaaka go ntse kwa dinageng di le dintsi mo lefatsheng, Paseka e santse e le yone moletlo o o tseelwang kwa godimo go e gaisa wa bodumedi mo go Labokeresete.
Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, Paseka ke “moletlo wa konokono mo Ngwageng wa Kereke ya Bokeresete, oo ka one go ketekiwang Tsogo ya ga Jesu Keresete mo letsatsing la boraro morago ga Papolo ya gagwe.” Buka ya Easter—Its Story and Meaning e tlhalosa gore Paseka ke “moletlo o mogolo thata mo Ngwageng ya Sekeresete, o o ketekiwang ka boipelo jo bogolo, ka gonne o solofetsa tsogo ka tsela e e tshwanang go botlhe bao ba nang le Tumelo mo go Keresete.” A o tsaya go ketekiwa ga Paseka ka masisi jalo? A ka boammaaruri o dumela gore Paseka e na le kafa e amanang ka teng le tsholofelo ya gago ya botshelo mo isagweng?
Bontsi ga bo tlotle Paseka ka tsela e e ntseng jalo. Pampiri nngwe ya dikgang e ile ya akgela jaana mabapi le kafa papadi e ntsifalang ka gone ka nako ya Paseka, e ne ya e bitsa “Polelo E Kgolo go di Gaisa Eo E Kileng ya Tsamaya ya Rekisiwa.” E ne ya tlatsa ka gore: “Badiri ba dilo tse di tshamekisang bana ba re, Paseka, eo eleng malatsi a boikhutso a a botlhokwa thata a Bokeresete, jaanong e fetogile go nna a a tsayang maemo a bobedi mo malatsing a boikhutso a mo go one go abalanwang dimpho fela thata.” Ee ka boammaaruri, letsatsi la boikhutso le legolo go a gaisa otlhe ke Keresemose, mme ebile bangwe ba bagogi ba kereke ba ikutlwa gore go ikgatholosa bodumedi mo go dirwang ka Paseka go etsa go ikgatholosa bodumedi mo go dirwang ka nako ya Keresemose.
Ka sekai, ka nako ya Paseka ka 1989 badiri ba disubitsi kwa United States ba ne ba ipaakanyetsa go lepalepana le theko eo ba neng ba e solofetse gore e tla tshwara diranta di le dimilione di le dikete tse 2,2. Paseka e tsaya maemo a bobedi ka bogolo mo thekisong ya disubitsi kwa United States morago ga Keresemose. Khamphani nngwe e dira mefuta e e farologaneng e e fetang lekgolo ya disubitsi tse di dirilweng go tshwana le mebutla ya Paseka.
Go ya ka The Detroit News, Jack Santino yo eleng porofesara wa ditso le dingwao kwa Bowling Green State University kwa Ohio, o ne a dumalana gore go ikgatholosa bodumedi mo go dirwang ka nako ya Paseka ‘ke “letshwao” la mokgatlho wa setho wa segompieno o o tshwaregileng fela thata mo thekong le mo thekisong.’ Pampiri eo e ne ya tlatsa ka gore “mmutlana wa Paseka—eseng tsogo—ke one eleng selo sa konokono ka nako ya Paseka.”
Ke Malatsi a Boitapoloso Fela Jaaka a Mangwe
Kwa Karolong ya Bokone ya Lefatshe, Paseka e tshwaya tshimologo ya dikgakologo mme ka tlwaelo dikolo le dikholetšhe di tswala beke. Ka jalo kwa go kgonegang teng, basha ba le bantsi ba mokanela kwa mafelong a boitapoloso a a bothitho go ya go dira meletlo e e sa laolesegeng e e tletseng ka boitlhapediso teng. Ba bangwe ba tsaya paka ya Paseka fela jaaka bowelo jwa go tshameka motshameko wa go relela mo godimo ga kapoko—sebaka sa bone sa bofelo sa go relela mo kapokong.
Kwa Norway, kwa palo e e ka tshwarang 88 lekgolong ya batho ba teng eleng maloko a kereke ya semmuso ya Lutere ya Boefangedi, ke ba ba ka nnang 14 lekgolong fela mo go ba ba ileng ba botsolotswa mo patlisisong ya bosheng jaana bao ba ileng ba re ba tla bona gore a ba tla ya kerekeng ka nako ya Paseka. Batho ba ba ka tshwarang 75 lekgolong ba koo ba ile ba re ke boammaaruri gore ga ba sa tlhole ba tsaya Paseka jaaka malatsi a boitapoloso a bodumedi. Go na le moo ba kampa bogolo ba ya go relela mo kapokong.
Mo go ba le bantsi, dingwe tsa ditshwantshetso tsa botlhokwa tsa Paseka di ile tsa fetoga go nna ditshwantsho tsa go itlosa bodutu. Ka sekai, lee, le tshwanetse la bo e le setshwantsho sa mmamoratwa sa Paseka mo mafatsheng a le mantsi. Lee ke setshwantsho se se amanang fela thata le bodumedi. Ka fa go buiwang ka teng, tsogo ya ga Jesu Keresete e emelwa ke botshelo jo bosha jo bo tswang mo leeng le le lebegang okare ga le na botshelo bope. Ke gone ka moo, mokgwa wa go kgabisa mae ka mebalabala e mentle le e e dirilweng sentle eleng karolo ya botlhokwa thata mo meletlong ya Paseka.
Mme lefa go le jalo mo go ba bangwe, selo sa konokono ka lee la Paseka ke go tlosa bana bodutu. Kwa toropong nngwe motshameko wa bana wa tlwaelo wa go batla mae a Paseka a a fitlhilweng ke ba bangwe mo kerekeng ya lefelo leo o felela ba tikana ka mae! Mo bukeng ya gagwe e go tweng Celebrations, Robert J. Myers a re, “mo baneng, Paseka e raya go ja monate, dimpho tseo ba neng ba sa di lebelela, gongwe le gone go nna le disubitsi le dimonamone tse di lekaneng go fitlhelela nako ya Halloween [moletlo wa go ja mokaragane]!”
Ka puo ya molomo, Paseka e santse e tsweletse ka go tseelwa kwa godimodimo thata mo malatsing a boikhutso a Labokeresete. Lefa go le jalo, boammaaruri ke gore, go lebega fa palo e e oketsegang ya batho ba e leba e sa kaye sepe se se kalo kgotsa e le e e tshwanang fela le malatsi a mangwe a boikhutso. Go tweng ka wena? Wena Paseka o e leba jang? Legale, a ga se gore pele ga o araba potso eno, o ipotse jaana: ‘Modimo o leba jang Paseka? A moletlo ono o a mo itumedisa? A totatota Bakeresete ba tlhoka gore ba keteke Paseka?’
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]
Ditshwantshetso tsa Paseka di fetogile go nna ditshwantsho tsa go itlosa bodutu