Ista Kana Segopotso—Ke Ofe o o Tshwanetseng go o Keteka?
FA MAHUBE a hubila mo loaping ka April 7, dimilione tsa batho di tla itumelela letsatsi la bone le le boitshepo thata la ngwaga—Ista. Ka nako nngwe leina leno le ne le raya lobaka lwa malatsi a le 120 lwa mekete le go itima dijo lo lo neng lo simologa ka holetei e e neng e bidiwa Septuagesima mme go khutla ka se se bidiwang Letsatsi la Tharonngwe. Gompieno leina leo le raya letsatsi le le lengwe fela la go gopola tsogo ya ga Jesu—e leng Sontaga wa Ista.
Lefa go ntse jalo, mo maitseboeng mangwe a kwa tshimologong ya yone beke eo, dimilione tse dingwe tsa batho di tla kopana gore di keteke Segopotso sa loso lwa ga Keresete, se gape se itsiweng e le Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ke mokete o Jesu ka boene a neng a o simolola mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo a le mo lefatsheng. Morago ga moo o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.”—Luke 22:19.
Ke ofe o o tshwanetseng go o keteka?
Tshimologo ya Ista
Leina le le reng Ista, le le dirisiwang mo dinageng di le dintsi, ga le yo mo Baebeleng. Buka ya Medieval Holidays and Festivals e re bolelela gore “holetei eno e reeletswe ka Modimo wa sesadi wa seheitane wa Mahube le Dikgakololo, Eostre.” Mme modimo ono wa sesadi e ne e le mang? Buka ya The American Book of Days e araba jaana: “Tlhamane e bontsha gore Eostre ke ene yo o neng a bula dikgoro tsa Valhalla gore a amogele Baldur, yo o neng a bidiwa Modimo yo Mosweu, ka go bo a ne a le phepa mmogo le Modimo wa Letsatsi, ka go bo a ne a na le phatla e e nayang batho lesedi.” E oketsa jaana: “Ga go belaetse gore Kereke ya metlha eo ya bogologolo e ne ya amogela ditlwaelo tsa seheitane tsa bogologolo mme ya di tsenya mo Bokereseteng. E re ka mokete wa Eostre o ne o ketekelwa go shafadiwa ga botshelo ka nako ya dikgakololo go ne go le motlhofo go o dira mokete wa go tsosiwa ga ga Jesu mo losong, yo ba neng ba rera efangele ya gagwe.”
Go amogelwa ga tsone go tlhalosa kafa ditlwaelo tsa Ista, tse di jaaka mae a Ista, mmutla wa Ista le borotho jwa dibane tse di kgabisitsweng ka sefapaano sa aesing, di simologileng ka teng mo dinageng tse dingwe tse di rileng. Malebana le tlwaelo ya go dira borotho jwa dibane tse di kgabisitsweng ka sefapaano sa aesing, “tse di bewang sefapaano . . . fa godimo fa di se na go nna borokwa jo bo phatsimang,” buka ya Easter and Its Customs e bolela jaana: “Sefapaano e ne e le letshwao la seheitane bogologolo pele le tsewa gore le botlhokwa ka bosakhutleng mo ditiragalong tsa Good Friday wa ntlha, mme ka dinako tse dingwe borotho le dikuku di ne di tshwaiwa ka sone mo metlheng ya pele ga Bokeresete.”
Ga go na gope mo Lokwalong mo re fitlhelang go buiwa ka dilo tseno, le gone ga go na bosupi jwa gore barutwa ba bogologolo ba ga Jesu ba ne ba di dumela. Tota e bile, moaposetoloi Petere o re bolelela gore “[re] tlhologelelwe maši a semowa a a se nang boferefere, gore [re] tle [re] golele polokong ka one.” (1 Petere 2:2, mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka jalo ke ka ntlha yang fa dikereke tsa Labokeresete di ne di amogela matshwao ao a go neng go sa belaetse gore ke a boheitane mo ditumelong le mo mekgweng ya tsone?
Buka ya Curiosities of Popular Customs e araba jaana: “E ne e le mokgwa o o neng o sa fetoge wa Kereke ya bogologolo gore e dire gore meletlo ya seheitane e e neng e itsetsepetse mo e neng e sa kgone go fedisiwa e nne le bokao jwa Bokeresete. Go fetola mokete wa Ista go ne go le motlhofo thata. Go itumelela letsatsi le tlhaba, le go tsosolosiwa ga tlhago morago ga gore e swe ka nako ya mariga, go ne ga fetoga go itumelela go tlhaba ga Letsatsi la tshiamo, go itumelela tsogo ya ga Keresete mo lebitleng. Mekete e mengwe ya seheitane e e neng e diragala mo e ka nnang ka di 1 tsa May le yone e ne ya fetolwa gore e tsamaisane le mokete wa Ista.” Go na le gore baeteledipele ba bodumedi ba tile ditlwaelo tse dintsi tsa seheitane le ditirelo tsa masalamose, ba ne ba di tlodisa matlho mme ba di dira gore di nne le “bokao jwa Bokeresete.”
O ka nna wa ipotsa gore, ‘A mme go phoso go dira seo?’ Ba bangwe ba akanya gore ga go phoso. “Fa bodumedi jo bo tshwanang le jwa Bokeresete bo tla mo bathong bo tswa kwa setlhopheng se sengwe sa batho, bo amogela le go letlelela dingwe tsa ditlwaelo tsa batho ba lefelo leo tse di simologileng mo ditumelong tsa bogologolo,” go rialo Alan W. Watts, e bong moruti wa kereke ya Episcopal, mo bukeng ya gagwe ya Easter—Its Story and Meaning. “Bo tlhopha mekete ya kobamelo e e tlwaelegileng mo bathong bao e e lebegang e na le melaometheo e e tshwanang le e e sa feleng e e rutiwang mo Kerekeng bo bo bo e tsenya mo kobamelong ya jone.” Batho ba le bantsi ba tsaya gore fa kereke ya bone e letlelela go ketekwa ga mekete eno le go tsewa e le boitshepo ba bona e le lebaka le le utlwalang la go e amogela. Mme go tlodisiwa dipotso tse di botlhokwa matlho. Modimo o ikutlwa jang ka ditlwaelo tseno? A o re neile dikaelo tse re ka di latelang mo kgannyeng eno?
Go Nna le Pono ya Modimo
Christina Hole o ne a bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Easter and Its Customs: “Letsatsi la Ista, Mokete wa Tsogo ya Morena wa Rona, ke mongwe wa mekete e megolo thata ya Kereke ya Bokeresete.” Bakwadi ba bangwe ba a dumela. Robert J. Myers o bolela jaana mo bukeng ya Celebrations: “Ga go na letsatsi lepe le le boitshepo kana mokete ope mo ngwageng wa Bokeresete o o ka bapisiwang le tsela e Sontaga wa Ista o leng botlhokwa ka teng.” Lefa go ntse jalo, seo se tsosa dipotso. Fa e le gore go keteka Ista go botlhokwa thata, ke ka ntlha yang fa go se na taolo e e kgethegileng mo Baebeleng e e laelang gore go dirwe jalo? A go na le mo go kwadilweng ka barutwa ba bogologolo ba ga Jesu gore ba ne ba keteka Sontaga wa Ista?
Ga se gore Baebele ga e ntshe dikaelo tsa gore ke eng se se tshwanetseng sa ketekwa kana se se sa tshwanelang go ketekwa. Modimo o ne a bolelela setšhaba sa bogologolo sa Iseraele seno ka tlhamalalo tota, mme jaaka go boletswe pelenyana, ditaelo tse di phepafetseng di ne di neelwa Bakeresete gore ba tswelele pele ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete. (1 Bakorinthe 11:23-26; Bakolosa 2:16, 17) Kgatiso ya bogologolo ya The Encyclopædia Britannica e re bolelela jaana: “Ga go na bosupi jwa gore go ne go ketekwa mokete wa Ista mo Tesetamenteng e Ntšha, kana mo mekwalong ya Borara ba baaposetoloi. Go itshepisiwa ga malatsi a mekete e ne e le sengwe se se neng se sa akanngwe ke Bakeresete ba ntlha. . . . Tota le Morena le bone baaposetoloi ba gagwe ga ba a ka ba laela gore go ketekwe seno kana mokete ope o sele.”
Batho ba bangwe ba akanya gore tsela e batho ba ipelang ka yone mo meketeng eo le kafa e ba itumedisang ka gone ke lebaka le le utlwalang le le dirang gore e tshwanele gore e ketekwe. Lefa go ntse jalo, re ka ithuta sengwe ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba amogela mokgwa wa bodumedi wa Baegepeto mme ba o neela leina le lesha la “modiro wa ga Jehofa.” Le bone ba ne ba “dulela go ja le go nwa” mme “ba itse go nanoga ba tshameka.” Mme ditiro tsa bone di ne tsa galefisa Jehofa Modimo fela thata, mme o ne a ba otlhaya mo go botlhoko.—Ekesodo 32:1-10, 25-28, 35.
Lefoko la Modimo le phepafetse. “Lesedi” la ditumelo tsa boammaaruri le ka se dumalane le “lefifi” la lefatshe la ga Satane; go ka se nne le “kutlwano” fa gare ga Keresete le kobamelo ya seheitane. Re bolelelwa jaana: “‘Tswang mo gare ga bone, lo lomologane,’ go bua Morena, ‘lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; mme ke tlaa lo amogela.’”—2 Bakorinthe 6:14-18.
E re ka mokete wa Segopotso—e seng wa Ista—e le one fela o o laetsweng mo Baebeleng gore Bakeresete ba o keteke, o tshwanetse wa ketekwa. Ka jalo re ka o keteka jang ka tshwanelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
“Modiro wa ga Jehofa” wa Baiseraele o ne wa galefisa Modimo fela thata
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover: M.Thonig/H.Armstrong Roberts