Kgopolo E E mo Bibeleng
Boikepo—Ke Mang Yo O Tshwanetseng go Bonwa Molato?
KA NAKO ya fa a tsena mo legaeng la gagwe, ka bofefo fela o ne a lemoga gore go na le sengwe se se phoso. Morago ga go gadima gabedi gararo mo legaeng la gagwe dipelaelo tsa gagwe di ne tsa lemotshega fa di le boammaaruri—thelebishene, seterio, diaparo dingwe, le dilo tse dingwe di ne di medile maoto. Gone fela foo, a tlelwa ke mogopolo ono o o gakgamatsang, ‘Go tweng fa e le gore magodu ao a santse a le teng mo ntlong?’ O ne a ngongoelela kwa legaeng la moagelani wa gagwe gore a leletse mapodise mogala teng. Ee, e ne e le mongwe wa ba ba ileng ba amiwa ke bokebekwa.
Fa e le gore wena ga o ise o angwe ke bokebekwa ka namana, o tshwanetse wa bo gongwe o itse mongwe yo bo setseng bo mo amile. Ke motshameko o o tshamekwang gantsi go dikologa lefatshe ke batshameki ba ba senang kgatlhego mo go one. Go ya ka tshekatsheko e e ileng ya dirwa ke Komiti ya Twantsho le Taolo ya Bokebekwa ya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, go begwa fa go oketsega ga bokebekwa go gola fela thata go feta go gola ga itsholelo ya merafe le batho ba teng.
Batho ba ba ikanyegang, ba ba dipelontle gongwe le gongwe ba tshwentswe ke bokebekwa le dipolaano tse di masisi, tshiamololo, le go dira dilo ka tshokamo mo go anameng mo lefatsheng mme ba rerisiwa ke go boifa bokebekwa jo bo gongwe le gongwe. Bontsi bo botsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa fedise seemo seno?’
Eo ke potso e e molemo, mme ebile Bibela e a e araba. Lefa go le jalo, gore re tle re kgone go lemoga karabo botoka, go botlhokwa gore re lemoge motswedi, modi, wa boikepo.
Ga Se Modimo Yo O Tshwanetseng go Pegwa Molato
“A go na le tshiamololō mo Modimoñ?” go botsa jalo mokwadi wa Bibela ebong Paulo. “A go ko go se tualo!” o araba jalo. (Baroma 9:14) Mme lefa go le jalo bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore ereka Modimo e le mothatayotlhe, o tshwanetse go ikarabela mo go sengwe le sengwe se se diragalang. Seno ga se a nna jalo. Tsaya ka sekai: Modiri wa dipolane tsa dikago o tlhama kago e ntle tota e e ka dirisiwang. E agiwa ka botswerere, le didirisiwa tsa kago ke tse di molemolemo go gaisa. Mme lefa go le jalo, ba ba nnang mo teng baa e senya ga ba e dirise sentle. Go ise go ye kae e setse e batla go baakanngwa fela mo gogolo. Ka phepafalo o tla dumalana gore ke banni eseng motlhami kgotsa moagi yo o ikarabelelang mo seemong se se maswe sa kago eno! Go ntse fela jalo ka batho le lefatshe gompieno. Fela jaaka Duteronome 32:4, 5 e tlhalosa, ditiro tsa ga Jehofa di itekanetse. “Gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamishō; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” Jaanong he, mathata a mantsi gompieno ke molato wa ga mang?
Temana eo e a tswelela: “Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwè . . . me ke sechubaba mo go bōnè.” Ee ka boammaaruri, bontsi jwa mathata a a mo lefatsheng gompieno a tsalwa ke go bo motho ka boene a na le makoa, kgotsa, gongwe le gone go dira ka bomo. Lefa go le jalo, go na le motswedi o mongwe gape o mogolo o o bakang boikepo.
Selo Se Segolo Se Se Bakang Boikepo Se Senotswe
Mo go Tshenolō 12:9, re bala gore Satane Diabolo “motsietse oa lehatshe,” o latlhetswe kwa tlase kwa lefatsheng. Diphelelo tsa seo e ne ya nna eng? Temana 12 ya kgaolo eo e a tswelela: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” Ka jalo, ke ene Mmaba yo mogolo yo o tlhotlheletsang ditshiamololo tse di tletsetletseng mo lefatsheng. Go boammaaruri gore, go na le batho ba ba dirisanang le ene mo maitekong a gagwe; mme lefa go le jalo ke ene a tlhalosiwang jaaka “mmolai ha e sale go cwa kwa tshimologoñ.” (Yohane 8:44) Dikwalo di re bontsha gore Satane Diabolo ke ene motswedi wa mathata a a apereng setho. Ga se fela gore ke motswedi wa mathata mme gape o ile a tswelela pele ka go nna a ntse a rotloetsa boikepo, mme o oketsa maiteko a gagwe mo “metlheñ (eno) ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1-5, 13) Ka jalo Jehofa Modimo ga se ene a bakang gore go nne le boikepo. A mme gone o tshwenyegile go ya bokgakaleng jwa gore a ka fedisa pogo eno eo setho se leng mo go yone?
A Modimo O Tla Fedisa Boikepo?
Ee, o a kgathala, mme ebile o tla fedisa boikepo le pogo. Ke Modimo o o lorato, mme jaaka Rre yo o lorato, o itse dilo tse bana ba gagwe ba di eletsang le tseo ba di tlhokang mme ebile o batla go ba kgotsofatsa ka tsone. (Pesalema 145:16; 1 Yohane 4:8-10) Go bo Modimo a ise a dire jalo ga se bosupi jwa gore ga a kgathale. Go na le moo, boikgapo jwa gagwe le bopelotelele jwa gagwe ke bosupi jwa gore ke mothatayotlhe le jwa gore o na le kitso eo eseng kana ka sepe. O itse nako e e tshwanetseng totatota ya go fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, mme ka nako e e tshwanetseng tota o tlile go dira jalo.
Seemo seno se ka tshwantshanngwa le sa mosadi yo o moimana. Le mororo a tlhologeletswe go tsholwa ga leseanyana la gagwe, o a itse gore ga go tlhokafale gore a nne le ditlhobaelo tse di sa tlhokafaleng. O tlhaloganya gore go tshwanetse ga tsaya nako e e rileng gore leseanyana la gagwe le gole mo sebopelong sa gagwe. Kwantle ga pelaelo, go tla nna le ditlhobaelo le go tshwenyega fa nako e ntse e tsamaya, mme go tsholwa ga leseanyana le le itekanetseng, le le godileng sentle, le le tshotsweng ka nako ya lone go tla dira gore go tshwenyega gope fela le go leta go se ka ga nna matsapatsapa a bophiri.
Ka jalo, go ntse fela jalo, le ka lefatshe je lesha la kagiso le lentle le le tlhalosiwang mo Bibeleng. Le tla goroga ka bonako morago fela ga gore Bogosi jwa Modimo bo tsenelele mo mererong ya setho, bo fedisitse lefatshe leno le le bosula. Go tsweng foo, go tla lebalwa ka boikepo jotlhe. Go boga, botlhoko, bolwetsi, le loso—dilo tseno tsotlhe di tla bo di ile. (Tshenolō 21:3, 4) Le botlhe ba ba bakang gore go nne le pogo eno yotlhe ba tla fedisiwa. Satane le badimona ba gagwe, le batho ka bongwe bao eleng gore ba ile ba itira karolo ya tsamaiso eno ya gagwe ya dilo, ba tla fedisiwa.—Malaki 4:1; Tshenolō 2:1-4.
Ga go kitla go tlhola go nna teng gore batho ba ba tshwanang le mmè yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno ba itewe ke letswalo fa ba tshwanetse go tla gae ba le bosi. Ke fela jaaka ene le monna wa gagwe ba ile ba bolela jaana: “Morago ga gore go thubiwe mo ntlong ya rona, re ile ra tsenya alamo. E setse e le dingwaga tse dintsi morago ga go utswiwa moo, ka jalo ga re tlhole re tshwenyega thata ka gone. Mme lefa go le jalo re a itse gore ke mo isagweng fela, tlase ga thulaganyo ya Bogosi jwa Modimo, koo re tla kgonang go itumelela kagiso ya boammaaruri le polokesego teng.”
Go fitlhelela mahube a letsatsi leo le le seng kgakala go tla a babela, re tlhoka go dirisa nako eo re nang le yone gompieno ka botlhale. Petere o re bolelela gore re tshwanetse go ela tlhoko gore ‘bopelotelele jwa Morena ke poloko ya rona.’ (2 Petere 3:15) Mme ebile ke poloka go ba bangwe, ka gonne fa re ka ba bolelela ka ga tsholofelo eno e e molemolemo, re ‘tla bo re ipoloka le go boloka ba ba re reetsang.’ (1 Timotheo 4:16) Eno ke nako he ya gore re bo re betla dinonofo tseo di tla kgonang go re dira gore re nne batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha leo, koo boikepo e tla bong e le selo se go lebetsweng ka ga sone teng. (Pesalema 37:9-11) Re tshwanetse go tlhatlhobisa Bibela eseng fela go batla dikarabo tsa dipotso tsa rona mme gape le go batla kaelo e le gore re tle re kgone go baakanya matshelo a rona go a dumalanya le thato ya Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Doré’s illustration of Lucifer for Dante’s Divine Comedy