Ke Mang Yo O Ka Nthusang Go Rarabolola Mathata A Me?
“MOTHO o tsalecwe khuduègō.” Monna yo o neng a hutsafetse ebong Jobe o ne a rialo mo e ka nnang dingwaga tse di dikete tse nnè tse di fetileng. (Yobe 5:7) Gongwe botshelo jwa gago ga bo a tlala ka matshwenyego jaaka jwa ga Jobe. Mme kwantle ga pelaelo le wena o na le mathata le dilo dingwe tse di go imelang.
Fa setlhopha sengwe sa basha ba kwa Amerika se bodiwa gore, “Ke selo sefe se se lo tshwenyang go feta?” ba le bantsi ba ne ba umaka fa sekolo, batsadi, madi, ditsala, le bomonnaabone kgotsa bomogoloabone e le tsone dilo tse di ba tlhobaetsang. Go tweng ka wena? A o lebanwe ke tlhotlheletso ya balekane, go tshwenyega ka madi, kana mathata a sekolo? A ke selo se se boima mo go wena go itshokela go sa tlhomamang ga mo mmeleng le ga maikutlo go go bakwang ke go tsena mo bonneng kana mo bosading? A o tshwenyegile ka isagwe ya gago?
Fa o faraferwe ke mathata ano otlhe, go ka nna bonolo gore a go imele le go go ngomola pelo. Totatota, fa o ne o ka itebaganya le matshwenyego ao o le nosi, maikutlo a gago a ne a tla go dira gore o iphitlhele o itomolotse mo bathong ba bangwe. (Bapisa Diane 18:1.) Ka jalo, o ka dira eng go rarabolola mathata a a go amang ka namana? A ruri o tshwanelwa ke go a itharabololela o le nosi?
Nnyaa, lebaka ke gore mathata a gago—lefa a ka lebega a le magolo go le kana kang—ga se a mofuta wa one fela. Morago ga gore Kgosi Solomone yo o botlhale a ithute maitsholo a motho ka kelotlhoko, o ne a swetsa ka gore, “ga go na sepè se sesha tlhatse ga letsatsi.” (Moreri 1:9) Ee, batho ba bangwe le bone ba ile ba lebana ba bo ba fenya mathata a a tshwanang kgo le a gago. Ka jalo, ga se gore o tshwanetse go ipona ka go fetsa ka metlha; ka dinako tse dingwe o ka bona thuso mo mothong yo o setseng a kile a feta foo. E bile gape, fa o ne o ka etela kwa lefelong le o sa le itseng, a o ne o se kitla o kopa mongwe yo o setseng a kile a ya koo gore a go kaele ditsela? Potso ke gore, O ka kopa thuso eo kwa go mang?
A Balekane Ke Motswedi O O Molemolemo wa Kgakololo?
Basha ba le bantsi ba bona go le botoka go bolelela balekane ba bone mathata a bone. Anita yo mmotlana o tlhalosa jaana: “Ke tle ke akanye gore dingwe tsa diphetogo tse di ntiragalelang ga di tshwane le dipe. Ke ipotsa gore, ‘A batho ba bangwe le bone ba diragalelwa ke tse di ntiragalelang?’ Ke tle ke ipotse gore a ga se botsenwa jo bo ntirang gore ke ikutlwe jalo.” O ka nna wa akanya gore motho yo o lekanang le wena a ka tlhaloganya maikutlo a gago le gore motho yo o godileng—segolobogolo motsadi wa gago—a ka go baya molato, kana a go tshwaya diphoso bobe.
Lefa gone balekane ba gago ba ka go tlhaloganya, ba ipaya mo maemong a gago le go go utlwela botlhoko, ga se ka metlha ba ka go nayang kgakololo e e molemo. Jaaka Bibela e tlhalosa, “nonofo ya go ela dilo tlhoko ya batho ba ba godileng sentle . . . e thapisitswe gore e kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.” Jang? Bibela e araba jaana: “Ka ntlha ya go dirisiwa ka lobaka lo loleele,” ke gore, maitemogelo! (Bahebera 5:14; The New English Bible) Ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo ao, ke ka sewelo batho ba basha ba ka nnang le “botlhale yo bo itekanetseñ le pharologanyō” e e lekanang le ya batho ba ba godileng. (Diane 3:21) Ka gone, go reetsa kgakololo ya motho yo mosha jaaka wena go ka nna ga nna kotsi. Diane 11:14 e tlhagisa jaana: “Kwa go senañ kgōgō ea botlhale gōna, batho baa we.”
Molemo wa Batsadi Ba Ba Boifang Modimo
Gantsi bagolo ke bone ba nang le bokgoni jwa go ntsha kaelo e e molemo. Mosiami Jobe o ne a baya kgang eno jaana: “Botlhale bo na le bacohe, le mo bontsiñ yoa malatsi go na le tlhaloganyō.” (Yobe 12:12) Gongwe e bile batho ba ba tshwanelang tota ba ba ka go thusang mo go seno ke batsadi ba gago ba ba boifang Modimo. Kgang ke gore, ba go itse go gaisa motho ope o sele. Ka gonne ba ile ba kgatlhana le mangwe a maemo a a tshwanang le a a go lebaneng, ba ka go ntsha mo nakeng tsa kukama. Fa a ne a bua jaaka motsadi, Solomone o ne a gakolola jaana: “Bomorwaaka, utlwañ thutō ea rra batho, lo tlhōkōmèleñ go itse tlhaloganyō. Gonne ke lo naea thutō e e itekanetseñ.”—Diane 4:1, 2.
Akanya ka lekawana lengwe la kwa Ghana le le bidiwang Samuel. Fa a ne a le mo sekolong se segolo, o ne a lebanwa ke go dira tshwetso ya gore a o tla tswelela ka thutego ya sekolo kgotsa a tsenele tiro ya botshelo jotlhe e le modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosa a re: “E re ka lelapa la gaetsho le utlwana thata e bile le na le ditsela tse di molemo tsa puisano, go ne go le bonolo gore ke bulele batsadi ba me mafatlha ka seno.” Batsadi ba ga Samuel ba ne ba mo tlhotlheletsa go tsenela bodihedi jwa nako e tletseng—tiro ya botshelo jotlhe e le jaanong a santseng a e itumelela. Samuel o dumelana le gore basha ba akaretse batsadi ba bone mo go rarabololeng mathata a a ba amang ka namana gonne “ba na le maitemogelo mo botshelong e bile ba ka tswa ba ile ba rakana le mathata a a tshwanang . . . mme gape, ba na le bokgoni jwa go ka go thusa go lemoga kgang yotlhe sentle.”
Se se kgatlhang ke gore, go ya ka patlisiso nngwe ya Gallup, basha ba le bantsi ba batla kgakololo ya batsadi—tota le mo dilong tse di jaaka diokobatsi, sekolo, le tlhakanelodikobo.
‘Ga Ba Ntlhaloganye!’
Lefa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore basha ba le bantsi ba furalela batsadi ba bone fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome. Basha bangwe ba ikutlwa jaaka mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o ileng a re: “Ke lekile go bua le batsadi ba me ka tsela e ke tshwentsweng ke maduo a me a sekolo ka teng le gore ke akanya gore sekolo se boima, mme ba nthaya fela ba re ke bobodu le gore ke tshwanetse go ithuta thata.” Mosetsana mongwe wa Mokeresete mo Afrika o ne a itlhalosa a tshwenyegile ka tsela e e tshwanang, a re: “Nna ke a ikitse gore ke na le mathata a a nkamang ka namana a ke tlhokang thuso mo go one, mme fela ke tshaba gore batsadi ba me ga ba kitla ba ntlhaloganya.”
Ke boammaaruri gore, le batsadi ba ba boifang Modimo ba ka retelelwa ka dinako tse dingwe. Ba ka nna ba feteletsa dilo, ba palelwa ke go go reetsa, ba seka ba go tlhaloganya ka tshwanelo, kana ba go baya molato. Lefa go ntse jalo, seno ga se bolele gore o ba furalele. Jesu Keresete o ne a godisiwa ke batsadi ba ba neng ba sa itekanela. Go ntse go le jalo, Bibela e bontsha gore Jesu o ne “a nna a ba utlwa.” Kwantle ga pelaelo tlhotlheletso ya bone e ne ya mo thusa gore a kgone go “cwèlèla mo botlhaleñ . . . le mo go ratweñ ke Modimo le batho.”—Luke 2:51, 52.
A o solegelwa molemo ke botlhale le maitemogelo a batsadi ba gago? Fa go sa nna jalo, akanya ka se buka ya Adolescence, ya ga Eastwood Atwater, e se buang fa e re: “Fa batho ba dingwaga tsa bolesome ba tlhotlhelediwa thata ke balekane ba bone, gantsi go ka direga gore e bo e le ka gonne go tlhaela sengwe mo kamanong ya mosha le motsadi e seng ka gonne ba kgatlhiwa thata ke balekane ba bone.” Wena o na le kamano e e ntseng jang le batsadi ba gago? (Balagatia 6:5) A e ka tswa e le gore morago jaana o ntse o tila go buisana le bone? Mme gone ke eng o sa leke ka natla gore o tokafatse dilo?a Go dira jalo ke karolo ya se Solomone a neng a re ke go nna “morwa wa mmatota” kana morwadi mo batsading.—Diane 4:3, NW.
Malcolm, mosha wa kwa Ghana yo jaanong a nnang kwa United States, o kile a ne a akanya gore batsadi ba gagwe ga ba tlhaloganye maikutlo a gagwe. Lefa go ntse jalo, ba ne ba nna ba mo fatlhosa go ya ka maitemogelo a bone a botshelo le go mo simega ka Lefoko la Modimo. Mo lekwalong la gagwe la bosheng le a le kwaletseng batsadi ba gagwe, Malcolm o ne a kwala jaana: “Ke a itse gore mo nakong e e fetileng re ne re tle re nne le go sa utlwane. Lefa go ntse jalo, fa ke ikgopotsa tse di fetileng, ke kgatlhiwa ke ka tsela e lo neng lo itshokela botlhogoethata jwa me ka yone e bile lo tla lo amogela dingwe tsa ditshwetso tse ke neng ke di dira. Ruriruri ke tlhaloganya se se diregang mo malapeng a mangwe, mme tota Bibela e ne ya dira gore lelapa [la rona] le farologane le a mangwe. Ke boa ke lo leboga gape.”
Itseele Botlhale jo bo Molemo!
Go amogela kaelo ya batsadi ba gago e ka nna tsela e e bonako ya gore o nne mogolo yo o godileng sentle go na le gore go go nyenyefatse. Fa nako e ntse e ya o ka nna le ‘matseba, kitso, le pharologanyo.’ (Diane 1:4) Go tla go dira gore o nne le bokgoni jwa go sekaseka mathata le go dira ditshwetso tse di nang le tlhaloganyo malebana le kafa o ka a rarabololang ka teng.
Ee gone, ga se basha botlhe ba ba nang le lesego la go nna le batsadi ba ba boifang Modimo. Lefa go ntse jalo, e tla bo e le phoso go swetsa ka gore o ka se reetse batsadi ba gago fela ka gonne e se Bakeresete. E santse e le batsadi ba gago mme ka gone ba tshwanelwa ke tlotlo. (Baefesia 6:1-3) E bile gape, fa o ka ba naya sebaka, o ka nna wa lemoga gore ba ka go naya kgakololo e e molemo thata. Fa o tlhoka kaelo ya semoya, leka go bulela motho mongwe yo o ikanyegang mo phuthegong ya Bokeresete mafatlha a gago. Gone koo, go ka se nne thata go bona mogodi mongwe yo o boifang Modimo yo o ka go sekegelang tsebe ka botlhale, a na le pelo e e tlhaloganyang le e e go akanyetsang.
Gopola gape gore, moya wa ga Jehofa ke motswedi wa letsatsi le letsatsi wa thuso le maatla mo go ba ba o kopang. (Luke 11:13) Jehofa gape o re tlamela ka letlotlo la tshedimosetso e o ka iponelang yone mo Bibeleng le mo dikgatisong tsa Bibela tsa Mokgatlho wa Watch Tower. Ee, yone metseletsele eno ya ditlhogo e thusitse basha ba le diketekete go bona thuso e e molemo go rarabolola mathata a bone! Fa o ka ithuta go e rafa le go dira dipatlisiso ka yone, o ka nna wa kgona go itharabololela mathata a le mantsi ka bowena.—Diane 2:4.
Ke boammaaruri gore go rakana le mathata ke karolo ya botshelo. Mme go a thusa go leba dilo ka tsela e e molemo jaaka mopesalema. O ne a kwala jaana: “Go ntihetse molemō ha ke nntse ke patikwa; gore ke tlè ke ithutè ditaō tsa gago.” (Pesalema 119:71) Ee, go rarabolola mathata go ka go aga le go go thapisa. Mme seo ga se reye gore o lwe le one o le nosi. Batla thuso. Gantsi e teng fa o e kopa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gore o tle o bone dikgakololo tse di ka go thusang mo go seno, bona kgaolo 2 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang Le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go amogela kaelo ya batsadi e ka nna tsela e e bonako ya gore o nne mogolo yo o godileng sentle