LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 1/8 ts. 18-20
  • A Lefatshe le Tla ko le Utlwane?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Lefatshe le Tla ko le Utlwane?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgaogano Di Gongwe le Gongwe
  • Maiteko a Magolo a Batho
  • Mabaka A A Bakileng Seo
  • Tsholofelo E Teng
  • A go Siame go Tlhoa Batho ka Ntlha ya Lotso Lwa Bone?
    Tsogang!—2003
  • Tharabololo Ya go Se Batle go Itshokela Ditso Tse Dingwe ke Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Kilo e Tla Tsamaya e Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Sarajevo—Go Tloga ka 1914 go Fitlha ka 1994
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 1/8 ts. 18-20

A Lefatshe le Tla ko le Utlwane?

‘Gangwe le gape go ne go lebega e kete ila moagisani wa gago e ne e le one moono wa 1992.’

EO KE tsela e Newsweek e neng e bona dilo ka yone. Makasine oo o ne wa tlatsa ka gore: “Go kgaogana mo go ntseng jaana—moagisani a tsogologela moagisani, lotso lo tsogologela lo longwe, setšhaba se tsogologela se sengwe—ke dilo tse di ntseng di re diragalela motlhofo fela, mme ditiragalo tsa monongwaga di dira gore go belaetse gore a ruri go na le sengwe se re ka se dirang go baakanya seemo.”

Bosheng jaana, go dikanyediwa, kganyaolo ya batho, le dipetelelo kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia, di ne tsa begwa thata mo lefatsheng. Kwa Bosnia le Herzegovina fela, ba ba ka tshwarang 150 000 ba bolailwe kana ga ba bonwe. Mme ba ba ka tshwarang 1 500 000 ba ile ba tlogedisiwa magae a bone. A wa re ditiragalo tseno tsa bosetlhogo ga di ka ke tsa diragala kwa o nnang teng?

Modiredi wa UN e bong José-María Mendiluce o ne a tlhagisa jaana: “Batho ba ka fetoga go nna didirisiwa tsa kilo le polao kwantle ga bothata bope. . . . Kwa Bophirima go na le boikutlo jwa gore ntwa e lowa sekgala sa diura di le tharo go tswa kwa Venice go lwelwa fela gore batho ba Balkan ba farologane le batho ba bangwe ba Yuropa. Eo ke phoso e e diphatsa thata.”

Morago ga gore Soviet Union e phatlalale ka 1991, go ne ga nna le thubakanyo ya semorafe. Batho ba ka nna 1 500 ba ne ba bolawa, mme ba ba ka nnang 80 000 ba ne ba tlogedisiwa magae a bone kwa repaboliking e e kileng ya bo e le ya Soviet ya Georgia. Makgolokgolo a ne a swa, mme diketekete di ne tsa tlogedisiwa magabone ke ntwa kwa Moldova. Go ile gape ga swa batho mo dintweng tsa Armenia le Azerbaijan, le direpaboliki tse dingwe gape tsa se e kileng ya bo e le Soviet.

Repaboliki e e di fetang tsotlhe ya se e kileng ya bo e le Soviet ke Russia. Mme le gone koo ditlhopha di le dintsi tsa semorafe di batla go nna le dinaga tsa tsone tse di ipusang. Ka jalo, The European e ne ya bega jaana ka July ngwaga e e fetileng: “Naga ya Russia e ka nna ya phatlalala.” Pampiri eo ya dikgang e ne ya re: “Mo dibekeng di sekae tse di fetileng, dikgaolo di le tharo di ne tsa tshwara ditlhopho tsa go ipolela fa e le direpaboliki . . . Tse dingwe di le tharo le tsone di boletse mo bekeng e e sa tswang go feta gore le tsone di tla dira jalo.”

Fa go ka nna dinaga tse disha, o ka nna wa simolola go lwa le go bitsa maina a a sa tlwaelwang, jaaka Kaliningrad, Tatarstan, Stavropolye, Chechnya, Vologda, Sverdlovsk, Bashkortostan, Yakutiya, le Primorye. A seno ga se utlwale se tshwana le se se diragetseng kwa se e kileng ya bo e le Yugoslavia—koo go ileng ga bopiwa Serbia, Croatia, le Slovenia mme e bile go santse go ka nna ga nna le dinaga tse dingwe gape teng?

Tona ya merero ya dinaga di sele ya United States e bong Warren Christopher o ne a bua ka “go tlhagoga gape ga dikgotlhang tse di sa leng di ntse di hupeditswe tsa semorafe, bodumedi le makoko” mme a bo a botsa jaana: “Fa re ka se ka ra bona tsela e ka yone merafe e e farologaneng e ka kgonang go tshela mmogo ka yone mo nageng e le nngwe fela, re tlile go nna le dinaga tse kae?” O ne a re di tlile go nna diketekete.

Dikgaogano Di Gongwe le Gongwe

Fa o akanya ke dikgotlhang di le kae tsa semorafe, bodumedi, le tsa makoko tse di neng di le teng fa ngwaga e e fetileng e simologa? A o ne o ka re 4, 7, 9, 13, gongwe 15? Ka February, The New York Times e ne ya bega di le 48! Thelebishene e ka nna ya se ka ya kgona go go bontsha ditshwantsho tsotlhe tsa ditopo tse di tletseng madi kana bana ba ba tsenweng ke letshogo fela thata mo go tsotlhe tse 48, mme potso ke gore a seo se raya gore matlhotlhapelo ao ga a utlwise ba a ba welang botlhoko? Ka tsela e e tshwanang naga ya Afrika Bophirima ya Liberia e ntse e kgautlhantswe ke thubakanyo ya semorafe. Moeteledipele mongwe wa diingaodi o ne a engwa nokeng ke merafe ya Gio le Mano go thankgola tautona, yo o neng a tswa mo morafeng wa Krahn. Batho ba ba fetang 20 000 ba ne ba bolawa mo ntweng ya selegae e e neng ya tlhagoga, mme ba le dikete di le makgolo ba ne ba tlogedisiwa magae a bone.

Mo Afrika Borwa, basweu le bantsho ba itaana ka noga e utlwa ba lwela thata ya sepolotiki. Mme lefa go ntse jalo ga se gore ntwa e magareng a bantsho le basweu fela. Ka 1992 fela, batho ba le 3 000 ba ne ba swa mo dintweng magareng a ditlhopha tse di sa utlwaneng tsa bantsho.

Kwa Somalia batho ba ka tshwara 300 000 ba ne ba swa mme ba le milione ba ne ba sala ba se na magae fa ntwa ya semorafe e felela e le ya selegae. Kwa Burundi le kwa Rwanda, dintwa tsa semorafe magareng ga Bahutu le Batutsi di ne tsa baka dintsho tse di diketekete mo dingwageng tsa bosheng.

Ga go lebege ntwa magareng ga Bajuda le Baarabea kwa Iseraele, Bahindu le Bamoselema kwa India, le Maporotesetanta le Makatoliki kwa Ireland e tla bepa. Ka 1992 go ne ga tlhagoga thubakanyo fa gare ga ditso kwa Los Angeles, kwa California, mme go ne ga swa batho ba le 40. Gongwe le gongwe kwa batho ba ditso, ditšhaba, kana bodumedi jo bo farologaneng ba nnang mmogo teng, gantsi go nna le dintwa tse di setlhogo.

A batho ba ka rarabolola mathata ano a dikgotlhang tsa semorafe?

Maiteko a Magolo a Batho

Tsaya ka sekai matsapa a a ileng a dirwa mabapi le se e kileng ya bo e le Yugoslavia le se e kileng ya bo e le Soviet Union. Ka 1929, go ne ga dirwa Yugoslavia ka maiteko a go kopanya merafe e e neng e nna mo borwabotlhaba jwa Yuropa go e dira setšhaba se le sengwe fela. Ka tsela e e tshwanang Soviet Union le yone e ne ya bopiwa ka go kopanya batho ba ditso, bodumedi, le ditšhaba tse di farologaneng. Dinaga tseo ka bobedi di ne di na le dipuso tse di nonofileng tse di neng di di tshwaragantse ka masomesome a dingwaga mme kgabagare go ne ga lebega e kete batho ba tsone ba ne ba ithutile go tshela mmogo.

Mo-Serbia mongwe wa maemo o ne a tlhalosa jaana: “Mmapa wa Bosnia, tota le Yugoslavia pele ga ntwa, o ne o tshwana le letlalo la nkwe. Batho ba ne ba kopane fela thata.” Tota e bile, 15 lekgolong ya manyalo a kwa Yugoslavia e ne e le a batho ba merafe e e farologaneng. Seemo se se tshwanang se se neng se dira gore go lebege o kare go na le kutlwano se ne sa dirwa ka go tswakanya merafe e e farologaneng kwa Soviet Union.

Ka jalo, go ne ga tshosa thata gore e re morago ga masome a dingwaga a go neng go lebega go na le kagiso, go bo go tlhagoga mekubukubu mo merafeng eo. Gompieno, jaaka mmegadikgang mongwe a ile a bolela, batho ba “kgaoganya mmapa wa se e kileng ya bo e le Yugoslavia ka ditso, bodumedi le bosetšhaba.” Ke eng fa dinaga tseno di ile tsa kgaogana fa dipuso tseno tse di nonofileng, di se na go phutlhama?

Mabaka A A Bakileng Seo

Ka tlholego fela batho ga ba ile batho ba merafe e mengwe. Ke fela jaaka pina nngwe e e rategang thata e ile ya bolela gore o tshwanetse ‘go rutwa ka kelotlhoko go ila batho ba masika a gago a ba ilang pele go nna thari, pele ga fa o nna le dingwaga tse thataro kana tse supa kana tse robedi.’ Pina eno e ne e bua ka banyalani ba basha ba ba neng ba tswa mo ditsong tse di farologaneng. Mme lefa go ntse jalo, go ya ka moitseanape wa boitekanelo jwa tlhaloganyo e bong Zarka Kovac, batho ba kwa go se e kileng ya bo e le Yugoslavia ga ba “farologane ka sepe mo popegong ya mmele.” Lefa go ntse jalo, thubakanyo e maswe fela thata ka tsela e e senang bolekanngo. Kovac o ne a re: “O kgebetlela motho yo o mmolaileng gore o se ka wa iphitlhela o bolaile morwarraago.”

Go itshupa sentle gore, motho ga a tsholwe a na le kilo eo ya lotso le semorafe. Batho ba ile ba rutwa ka kelotlhoko ke ba ba anamisang dikgopolo tse di phoso ka bangwe le ba masika ba ba ileng ba boaboeletsa dikgang tsa bosetlhogo jwa nako e e fetileng. Ke mang yo tota a ka tswang a rotloetsa seno? Ka ntlha ya go leka go tlhaloganya matlhotlhapelo a ntwa, rakgwebo mongwe wa Sarajevo o ne a swetsa ka gore: “Morago ga ntwa e e tsereng ngwaga otlhe ya Bosnia ke dumela gore Satane ke ene tshosoerweleng. Mo ke botsenwa fela.”

Le mororo bontsi bo sa dumele gore Satane Diabolo o teng, Bibela e bolela gore go na le setshedi sengwe se se fetang batho se se sa bonaleng se se nang le tlhotlheletso e e maswe fela thata mo boitshwarong jwa batho. (Mathaio 4:1-11; Yohane 12:31) Fa o akanyetsa kgang eno sentle—fa o akanya ka letlhoo, kilo le thubakanyo e e senang tlhaloganyo eno yotlhe—gongwe o ka nna wa dumalana gore ruri Bibela e ne e bua mafoko tota fa e re: “[Yo o] bidiwañ Diabolo le Satane, [ke] motsietsi oa lehatshe yeotlhe.”—Tshenolō 12:9; 1 Yohane 5:19.

Tsholofelo E Teng

Fa re leba tlhakatlhakano ya bosheng e e mo lefatsheng, toro ya gore batho ba ka utlwana e lebega e ka se diragale mo bogautshwaneng. Dikgotlhang tsa bosetšhaba le semorafe di lebega di tshosetsa go nna teng ga motho go gaisa lefa e le leng pele. Mme lefa go ntse jalo, mo gare ga lefifi leno la lefatshe, go na le tsholofelo. Ka selemo sa 1993, setlhopha sa batho ba ba tswang mo merafeng e e lwantshanang ba ne ba supa fa ba kopantswe ke sebofo se se ileng sa ba dira gore ba se ka ba itewa tsebe ke dikgotlhang tsa semorafe mme ba dira mmogo ka lorato le ka kutlwano.

Se se gakgamatsang ke gore, sone sebofo seno e ile ya nna sone se ileng sa kgaoganya batho—e leng bodumedi. Makasine wa Time o ne wa bega gore: “Fa o ka sekaseka bomorafe sentle, kana bosetšhaba bope fela, gantsi o fitlhela bodumedi e le jone modi wa jone . . . Dikilano tsa bodumedi di na le go nna setlhogo le go fetelela fela thata.” Mo kgannyeng e e tshwanang, India Today e ne ya re: “Bodumedi e ile ya nna selo se se ileng sa dira gore go dirwe masula a a a gaisang otlhe. . . . Bo baka thubakanyo e kgolo thata mme ke selo se se senyang fela thata.”

Ka boammaaruri, bodumedi gantsi e nna karolo ya bothata, e seng tharabololo. Mme setlhopha se se umakilweng fa godimo sa bodumedi—se se nang le palo e ntsi ya batho—se supile gore bodumedi bo ka lere kutlwano, e seng go kgaogana. Maloko a setlhopha seno ke bomang? Mme go tla jang gore ba atlege thata jaana fa ba bangwe ba paletsweng teng? Re go kopa gore o bale ditlhogo tse di latelang go bona karabo. Go dira jalo go ka nna ga go dira gore o lebe isagwe ya motho ka leitlho le sele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Graveyard in Bosnia. Haley/Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela